A MODIMO O NALE MOLAETSA O O FAPHEGILENG WA MOTLHA WA RONA?

Ramon Umashankar o tshotswe e le Mobrahim. Bomogolowe ba mo rutile go tswa bonnyennyaneng gore o ne a le 'modimo' le gore go lemoga bo masisi ja gagwe, o tshwanetse go ithutuntsha ka "yoga". Mme ka a ne a le lekawana, Ramon a simolola go gakgamala, gore a o kgona go bona Modimo ka go obamela disetwa mo tempeleng ya Sehindu.

O ne a bula Baebele a batla ditsholofetso tsa ga Keresete. O ne a tlwaetse go tlotlela Jesu boikobo ja gagwe, mme jaanong Ramon a utlwa fa Jesu yo A ne A re ke Morwa yo o faphegileng wa Modimo. Mme a lemoga fa Bakeresete ba le bantsi ba na le kagiso e e leng gore dingwaga tse dintsi tsa ka fa ba neng ba obama ka teng di ne di palelwa ke go e lere. Lefa gontse jalo, Ramon o ne a ikaelela go batla boammaaruri mo tumelong ya gagwe ya Sehindu. Mme o ne a bona motshameko wa motshikinyego ka botshelo ja ga Jesu. E ne ele lantlha fa a lemoga gore Jesu o bogile, A bo A boifa fela jaaka motho. Pele ga se, o ne a akanya gore Jesu O ka bo A ne A dirisitse dinonofo tsa Gagwe go tshaba botlhkoko ja papolo. Mme jaanong, o ne a palelwa ke go tlhalosa mokgoro. O ne a akabala: a ipotsa gore Jesu O raletse mathata a jang - ka ntata ya motho yo o leofileng?

Fa Ramon a tsweletse ka go tlhatlhanya ka ga loso la ga Keresete, O ne a itumediswa ke sesupo se se kalo sa lorato. O ne a ikaelela go tlogela maemo a gagwe a a neng a elediwa thata ke batho a se Brahim, a bo a fetolela botshelo ja gagwe mo go Jesu Keresete, Mmoloki. Mo tshwantshanyong ya lorato lo lo ntshiwang setlhabelo lwa ga Keresete, Ramon a re, "Sengwe le sengwe se ne sa wela fa go tshwanetseng."

Mobrahim yo, o ne a bona bogare ja tumelo ya Sekeresete: Jesu, Mmoloki wa lefatshe.

1. KE TUMELO EFE E E BOLOKANG?

Jesu ke tsela - tsela e e yosi - ya poloko.

"Poloko ga e bonwe mo go ope gape, gonne ga gona leina lepe ka fa tlase ga legodimo le le neelwang motho fa e se le re tshwanetseng go bolokwa ka lone." - Ditiro 4:12.

Baebele e ruta go tlhamaletse gore re latlhegetse mo boleong, e bile re lebaganywe ke kwatlhao ya sebe: loso (Baroma 6:23). Gonne botlhe ba leofile (Baroma 3:23) ka jalo, botlhe ba tshwanetse go swa. Jesu ke Ene fela A le esi Yo O ka re gololang mo phutsong ya loso.

"Mongwe le mongwe yo o lebang Morwa, a bo a dumela mo go Ene, o tla nna le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tla mo tsholetsa ka letsatsi la bofelo." - Johane 6:40.

Go na le tumelo e le nngwefela e e boammaaruri

"Modimo o mongwe, TUMELO E NNGWE, kolobetso e nngwe." - Baefesia 4:5.

2. A MODIMO O NA LE MOLAETSA O O FAPHEGILENG WA BAKERESETE BA MALATSI A BOFELO?

Ee. Molaetsa o o gararo o, o bonwa mo lokwalong la ga Tshenolo 14:6-16. Kitsiso ya melaetsa e e filweng ke baengele ba bararo e mo setlhoeng jaaka go tla ga bobedi ga ga Keresete (temana 14-16).

(1) Molaetsa wa Moengele wa ntlha.
"Mme ka bona moengele yo mongwe a fofa fa gare ga magodimo, a tshotse mafoko a molemo go a bolelela ba ba mo lefatsheng, le tshaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo le batho. A goa ka lentswe je le kwa godimo a re "Boifang Modimo lo o neye kgalalelo, go nne motlha wa katlholo ya One o tlile. Mo obameleng Ene yo O dirileng Magodimo, le lefatshe, lewatle le metswedi ya metsi." - Tshenolo 14:6, 7.

Lefa etswa dikwalo di supa melaetsa e meraro ka ditshwantsho tsa baengele ba bararo, batho ba Modimo ke bone barongwa ba ba isang molaetsa o mo lefatsheng. Ga ba bue ka molaetsa o mosha, mme ba bua ka "mafoko a bosakhutleng" mo lefatsheng lotlhe - "go tshaba nngwe le nngwe, lotso, puo le batho". "Molaetsa o wa bosakhutleng" wa ga Jesu, o tshwana le molaetsa wa poloko e batho ba kgolagano e kgologolo ba e amogetseng "ka tumelo" (Bahebera 3:16-19;4:2, 11:1-40); dithuto tse Jesu ka boene O di rutileng; molaetsa o barutwa ba o rerileng go fenyetsa Keresete lefatshe; molaetsa o o santseng o tsweletse go tswa kokomaneng e nngwe ya Sekeresete go ya ko go e nngwe.

Molaetsa o o motlhofo, o o bolokang wa ga Jesu Keresete, o ratile go nyelela mo phuthegong lobaka lo lo fetang dingwaga tse di sekete tsa metlha e e lefifi; mme go fetoga mo go tseneletseng, go ne ga tsosolosa molaetsa o, mme batho ba Modimo ba o rera lefatsheng gompieno.

Moengele wa ntlha o bolela molaetsa o, mme o setse o bewa ka go sele - ka tsela e e akaretsang lefatshe ka kakaretso, go batho ba ba tshelang pele ga Jesu a tla la bobedi. Ba o ba ba amogetseng molaetsa, ba iphitlhela ba bileditswe "go boifa Modimo le go o naya kgalalelo [go senola popego ya One]". Ba supegetsa lefatshe popego ya Modimo ya lorato, e seng fela ka mafoko a bone, mme gape le ka matshelo a bone a bosupedi. Ba supa tshenolo e e gakgamatsang ya se Modimo O ka se dirang ka batho ba ba tletseng Moya wa ga Keresete.

Melaetsa ya baengele ba bararo ba, e ya go gasiwa leng mo lefatsheng ka bophara? Fa nako ya "Katlholo ya Modimo e a atametse." Kaelo 13 e tlhalosa fa Jesu a simolotse tiro ya Gagwe ya go ipaakanyetsa katlholo ka 1844. Mo ngwageng oo, 1844, Jesu o ne a tlhotlheletsa batho mo lefatshing go simolola go rera molaetsa wa lokwalo lwa Tshenolo 14.

Molaetsa o, o re biletsa go "mo obamela Ene yo o dirileng magodimo le lefatshe" (Tshenolo 14:7) Modimo o re kopa go "gakologelwa letsatsi la Sabata go le itshephisa" ka gonne "mo malatsing a le marataro, Modimo o dirile magodimo le lefatshe" (Ekesodo 20:8-11). Ka 1844 fa Darwin o ne a tswa ka mogopolo go itlhagogela fela ga dilo, Modimo O ne A bitsa batho go boa ba Mo obamela jaaka motlhodi. Mo nakong e, ba ba neng ba rera molaetsa wa baengele ba bararo, ba lemoga letsatsi ja bosupa ja Sabata wa lefoko la Modimo, mme ba simolola go le tshegetsa e le go tlotla Motlhodi wa legodimo le lefatshe.

(2) Molaetsa wa moengele wa bobedi.
"Moengele wa bobedi a latela a re" O ole! O ole Babelona yo mogolo, yo o nositseng ditshaba bojalwa jwa kgokahalo ya gagwe." - Tshenolo 14:8.

Moengele wa bobedi o tlhagisa "Babelona yo mogolo o ole! Tshenolo 17 e nankola "Babelona" wa semoya - Bokeresete jo e seng jone - jaaka mosadi yo o sa itshekang (temana 5). O ema kgatlhanong le mosadi yo o itshekileng mo go Tshenolo 12, yo o emetseng phuthego ya Sekeresete ya boammaaruri. Mosadi yo o emetseng Babelona ke mosadi yo o oleng yo "o nositseng ditshaba bojalwa ja kgokahalo ya gagwe." Mofine wa dithuto tse eseng tsone o tseneletse mo Sekereseteng. Molaetsa wa moengele wa bobedi o bitsa batho ba Modimo go ganana le dithuto tse e seng tsone tsa bokeresete jo e seng ja boammaaruri. Babelona o emetse tlhakatlhakano ya bokeresete jo bontsi ja mefuta. O borai ka gore o senya tebego ya Modimo a e dira dilo tse dinnye. Modimo ka go supa go ipusolosetsa le go batla, kgotsa Modimo jaaka motsadi yo o kutlwelo botlhoko, yo ebileng A le bori, ga A batle go tshwenya ope ka sebe. Phuthego e e itekanetseng e ka supa setshwantsho sa Modimo le dipopego tsotlhe tse a ditlhokang, e bo e boa e supa ka fa katlholo ya Gagwe le boutlwelo botlhoko di kopanang mo boammaaruring ja gore Modimo o lorato.

Modimo o biletsa batho go "tswa" mo Babelona (Tshenolo 18:4), go kgala dithuto tse e seng tsone le go sala dithuto tsa ga Keresete Morago.

(3) Molaetsa wa Moengele wa boraro.
"Moengele wa boraro a ba latela, a goa ka lentswe je legolo: Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a bo a amogela letshwao mo phatleng kgotsa mo seatleng, le ene fela jalo, o tla nwa bojalwa ja tshakgalo ya Modimo, jo bo tshetsweng ka nonofo mo senwelong sa tshakgalo ya gagwe…. Ga go na letsatsi kgotsa bosigo mo go bao ba ba obamelang sebatana le setshwantsho sa sone, kgotsa lefa e le mang fela yo o amogelang letshwao la leina la sone. Mo ke pitso ya go nna bopelotelele mo baitsheping ba ba obamelang ditaolo tsa Modimo ebile ba na le tumelo mo go Jesu." - Tshenolo 14:9-12.

Molaetsa wa moengele wa boraro, o kgaoganya lefatshe lotlhe ka dikarolo tse pedi. Mo letlhakoring le lengwe ke Bakeresete ba ba sa itlhaloganyeng, ba ba "obamelang sebatana le setshwantsho sa sone ba bo ba amogela letshwao la sone mo phatleng kgotsa mo seatleng." Mo go le lengwe, ke bao ba ba ikgatholosang taolo ya Sebatana, "Baitshepi ba ba obamelang ditaolo tsa Modimo, ebile ba na le tumelo mo go Jesu."

Lemoga kgotlhang e e fa gare ga ditlhopha tse pedi tse. Ba ba amogelang letshwao, ke ba obami ba ba mpampetsang, ba ba yang le dikgatlhego tsa setho mo ditirong tsa bone. "Baitshepi" go na le kafa ba lemogiwang ka teng. "Bopelotelele jo bo feteletseng", go nna kutlo mo "ditaolong tsa Modimo," ba bo ba nna le "tumelo mo go Jesu." Morago ga kgaso ya melaetsa e meraro e, e sena go gasiwa mo lefatshing lotlhe, Jesu o tla tla go "roba" ba ba bolokilweng:

"Ka leba, mme fa pele game ga bo go le leru le lesweu, mme mo go lone ga bo go ntse mongwe "jaaka Morwa Motho" a rwele serwalo sa gouda mo tlhogong, a tshwere thipa mo seatleng sa gagwe. Mme moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng a goa ka lentswe je legolo a goeletsa yo o ntseng mo lerung a re: "tsaya thipa o robe, gonne nako ya go roba e gorogile, gonne mabele a lefatshe a omeletse." Jalo he, e ne yo o neng a ntse mo lerung, a latlhela thipa ya gagwe mo lefatshing jotlhe, mme lefatshe ja rojwa." - Tshenolo 14:14-16.

3. PHUTHEGO YA MALATSI A BOFELO YA GA KERESETE

A o kile wa kgatlhegela Mokeresete yo o tsepameng a le tlhaga, o kgatlhegela ka fa a obamang ka teng, bopelotelele, tumelo, o bo o eletse go nna jaaka ene mo semoyeng? Modimo o ntshitse molaetsa wa Gagwe o o faphegileng mo nakong ya rona mo go Tshenolo 14 ka gonne o kgona go ntsha maiphitlhelo a a ntseng jalo.

Jaaka fa go boletswe mo go kaelo 25, Tshenolo 12:17 e nankola Bakeresete ba malatsi a bofelo e le "ba ba obamelang melao ya Modimo ba bo ba nna basupedi ba ga Jesu." Tshenolo 14:12 e tlhalosa setlhopha se se tshwanang jaaka "baitshepi ba ba obamelang Modimo, ba na le tumelo mo go Jesu."

A re sobokanyeng dipopego dingwe tsa Bakeresete ba malatsi a bofelo.
(1) Ba "nna basupedi ba ga Jesu." Lefa Satane a ntsha bogale ja gagwe kgatlhanong le bone, ba nna ba ikanyegile mo go Jesu." Tumelo ya bone ga se e ba e itirelang, ke neo e e tswang Modimong (Baefesia 2:8). Phuthego ya bofelo ya ga Keresete, e bona Keresete a senogile mo go feletseng ka setho sa Gagwe, le ka tshegofatso e e tlang ka tumelo, ba nna dikai tsa nonofo e e ntseng ka bosaengkae mo go Keresete.
(2) Ba "tshegetsa… tumelo mo go Jesu" (Tshenolo 14:12). Tumelo e Jesu o neng A na nayo le tumelo A neng A e ruta, tumelo e A neng A e tshela, jaanong o tlatsa dipelo tsa bone. Ga bana boammaaruri fela, ba "tshegetsa" boammaaruri, ba bosala morago. Mo go bone tumelo ke botshelo, tumelo e pataganngwa le ikatiso, e bo e tshwaragana le kutlwisiso. Ba tshela yone "tumelo ya ga Jesu". Ba lemogile gore dithuto tse dikgolo tsa Baebele, fa di balwa malatsi otlhe a botshelo, di ntsha maduo a magolo a botshelo ja Sekeresete. Ba lemogile fa dithuto tse dikgolo tsa boammaarui ja Baebele di tsosolosa lorato le boineelo mo go Keresete go kgotsofatsa letlhoko lengwe le lengwe le dikeletso tsa pelo ya setho.
(3) Ba "obamela ditaolo tsa Modimo" - Melao e e some ke ya Modimo. Ba tla go obamela dikeletso tsa Modimo go gaisa dilo tsotlhe, Yone tota taolo ya Gagwe. Ba supa lorato lwa bone la Modimo le batho ka go sala morago ditaolo tsothe, go akaretsa le ya bone e e re laolang go obamela mmopi wa rona ka go tlotla letsatsi ja bosupa ja Sabata.
(4) Ba abelana molaetsa wa "mafoko a a molemo a bosakhutleng" mo lefatshing jotlhe (Tshenolo 14:6). Mafoko a a molemo a bolela fa Jesu A swetse dibe tsa rona, A tsoga mo lebitleng gore re lemoge botsalano jo bo bolokang mo go Ene. Phuthego ya malatsi a bofelo ya ga Keresete e bitsa batho gongwe le gongwe go tswa mo tlhakatlhakanong ya tumelo, gore ba age botsalano le Jesu jo bo thaetsweng mo boammaaruring ja Baebele.
(5) Ba kgaramediwa ke letlhoko la potlako ka gonne "nako ya go roba e tsile, go nne go rojwa ga lefatshe go fitlhile (Tshenolo 14:15), mme bontsi, bontse ga bo ise bo bone Keresete.
(6) Ba tsenelela thata mo tirong e ba e filweng ke Modimo. Ka go nne "Babelona yo mogolo o ole", ba buisanya le ba ba santseng ba nna mo tobekanong ya tumelo, "tswang mo go ene batho ba Me" (Tshenolo 18:4). Ba eletsa go abelana botsalano ja bone le Keresete le mongwe le mongwe.

Tsotlhe tse, le tse dingwe tse dintsi di golaganya dipelo tsa boidiidi ja Bakeresete ba malatsi a bofelo ba ba bidiwang ke molaetsa wa baengele ba bararo. Botshelo ja bone ja boitumelo bo ba isa ko go kopaneng le moapostoloi Johane mo go lereng taletso go wena:

"Re lo leretse se re se bonyeng le se re se utlwileng, gore le lona lo nne le botsalano le rona. Mme botsalano ja rona bo mo go Rara le Morwawe Jesu Keresete. Re kwala se go feleletsa boitumelo ja lona." - 1 Johane 1:3, 4, bokhutlo.

Ka moya wa Gagwe le ka phuthego ya Gagwe, Jesu O go laletsa go tla go neela sengwe le sengwe mo go Ene.

"Moya le monyadi (phuthego) ba re "tla!" Mme a yo o utlwang a re "tla!" "Yo o nyorilweng, a a tle, mme yo o eletsang a a tseye neo e e senang theko ya metsi a botshelo." - Tshenolo 22:17.

4. THOBO TSE PEDI

Molaetsa wa baengele ba bararo o tla dira fa Jesu a boa go tla go roba, ba ba bolokilweng (Tshenolo 14:14-16). Jesu o phutha botlhe ba ba bolokilweng a bo a ba isa kwa "mannong" a Gagwe a mantsi" kwa legodimong (Johane 14:1-3). O nyeletsa boleo, bolwetse tshotlego le loso. Baitshepi ba simolola matshelo a masha le Ene go ya ka bosakhutleng. (Tshenolo 21:1-4).

Jesu o tla boa a "roba" baikepi fa atla.

"Moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng kwa legodimong, mme le ene a bo a tshotse thipa e e bogale. Gape moengele yo mongwe… a bitsa ka lentswe je legolo a bitsa yo o tshotseng thipa a re tsaya thipa ya gago, o kgobokanye dingata tsa moretlwa wa mofine mo lefatsheng, gonne o budule. Moengele a tsamaisa thipa mo lefatsheng, a phutha moretlwa, mme a o latlhela mo bogaleng jwa Modimo. O ne wa gatakwa kwa ntle ga motse mogolo, mme madi a tshologa." - Tshenolo 14:17-20.

E e tla bo e le nako e e utlwisang botlhoko ya go nyelediwa ga bofelo, tirafalo e e masisi fa Keresete a tshwanetse go nyeletsa ba ba ganneng go bolokwa. Jesu "o pelotelele mo go lona, ga A batle ope a nyelela, mme O batla mongwe le mongwe a ikwatlhaya"! (2 Petoro 3:9).

Fa Jesu a tla go roba thobo ya lefatshe, o tla bo o le mo thobong efe? A o tla bo o le mo mabeleng a a buduleng le ba ba rekolotsweng ba dingwaga tsotlhe (Tshenolo 14:13-16)? Kgotsa o tla bo o le mongwe wa meretlwa e e buduleng e bo e latlhiwa (temana 17-20)?

Kgang e, e beilwe mo lebaleng. Mo le tlhakoreng le lengwe, Jesu o eme ka mabogo a a butsweng a a tlhabilweng ke dimapo, a go kgothatsa go tsaya maemo a gago le "baitshepi ba ba tshegetsang ditaolo le tumelo ya ga Jesu" (temana 12) Mo ntlheng e nngwe, go mantswe a batho, a a bolelang fa kutlwisiso ya Baebele ka bophara le ditaolo tsotlhe tsa Modimo e se botlhokwa. Morafe o o neng o le teng fa Pilatwe a ntsha katlholo mo ntlong ya tshekelo, o kile wa lebagana le mo go tshwanang. Mo letsogong lengwe ga bo go le Jesu, motho yo o itshepileng wa Modimo. Mo go le lengwe go le Barabase, motho yo o senang thuso epe, yo o neng a sa kgone go ithusa kgotsa go thusa ope mo boidiiding jo bo neng bo lebeletse pono e masisi eo. Mme fa mafoko a taolo a ga Pilatwe a utlwala mo go jone (boidiidi jo), "Ke ofe wa ba babedi ba yo ke ka mo gololang?" boidiidi ja fetola ka tshakgalo bore "Barabase!"

"Ke eng gape," ga botsa Pilatwe, "se ke ka se dirang ka Jesu, yo go tweng ke Keresete?"

Ka lentswe le le lengwe ba goa bare "a a bapolwe!" Ka moo, Jesu yo o senang molato a bapolwa, mme Barabase, yo o molato, a gololwa. (Bona Mathaio 27:20-26.)

O tlhopha mang gompieno, Barabase kgotsa Jesu? A o itlhophela go sala morago dikakanyo tse di itiretsweng ke motho, le dithuto tse di kgatlhanong le ditaolo tsa Modimo le mafoko a molemo a ga Jesu a a sa khutleng? Kgotsa o eletsa go obamela ditaolo tsa Modimo o bo o nna ka boikanyego mo go Jesu? Gakologelwa Jesu ke Ene yo o solofetsang go romela Moya wa Gagwe O O Boitshepo go rarabolola mathata otlhe a gago, go alafa kutlo-botlhoko yotlhe ya gago, le go kgotsofatsa dikeletso tsotlhe tsa gago.

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy