A NKA BONA PHUTHEGO YA MODIMO GOMPIENO?

Mo makgethong a le mantis Modimo o ntshitse melaetsa e e faphegileng go kgotofatsa dikeletso tsa dikokomana tse di farologanyeng: molaetsa wa go thusa Adamo le Efa, fa sebe se sena gosenya lefatshe la bone, molaetsa mo lefatshing pele ga morwalela, molaetsa kwa lefatshing la Iseraela fa Axsiria kgotsa baebelona e ne e kgokgontsha . Jesu o ne atlisa molaetsa o o faphegileng mo kokomaneng ya gagwe, mme Modimo o utlwaditse molaetsa o o faphegileng mo malatsing a rona. Dikgaolo 12 le 14 tsa ga Tshenolo di soboka molaetsa wa Modimo o o faphegileng mo go rona. Mo Tlhotlomisong e le e e latelang, re tla leba/ithuta ka molaetsa o.

1. PHUTHEGO E E TLHOMILWENG KE JESU

Botshelo le dithuto tsa ga Jesu di bonatsa kopano ya tumelo le kobabelo mo phuthegong ya aposetoloi e a e lemogileng. Maaposetoloi ba dirile botsalano le Keresete yo o tsogileng. Paulo o tshwantsha botsalano joo le lenyalo.

"Ke go solofeditse Monna a le mongwefela, mo go Keresete, gore ke tle ke lo neele lekgarebe le le itshelelang." - 2 Bakorintha 11:2.

Go yeng ka Paulo, phuthego ya Sekeresete ke mme yo o itshekileng. Mohumagadi wa ga Keresete, sesupo sa kereke e e rategang ya ga Keresete.

Go dirisitswe tsela e e tshwanang go tlhalosa Iseraele mo Kgolaganong e Kgologolo. Batho ba Modimo ba ba ithopetseng Modimo o ne a raya Iseraela mo go (Jeremia 2:2) a re "jaaka mohumagadi lo a nthata; ke monna wa lona, (Jeremia 3:14). Lokwalo lwa ga Tshenolo le supa fa kereke e le mosadi.

"Mme ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, e bong mosadi a apere letsatsi, kgwedi e le ka fa tlase ga dinao tsa gagwe mme mo tlhogong ya gagwe ga bo gole dinaledi di le lesome le bobedi." - Tshenolo 12:1.

(1) Mosadi o apere Letsatsi: se se supa phuthego e galalela jaaka letsatsi, ka go bo e apesitswe ka boleng jwa kgalalelo ya ga keresete. Jesu ebong Lesedi la lefatshe (Johane 8:12) o phatsimela maloko a phuthego ya gagwe. Maloko a bo a phatsimela lefatshe (Mathaio 5:14).
(2) Mosadi o "na le kgwedi ka fa tlase ga dinao tsa gagwe" kgwedi e emetse marang a lesedi la mafoko a a molemo ka dithabelo mo kgolaganong e kgologolo. Go nna ga kgwedi ka fa tlase ga dinao tsa gagwe go kaya marang a lesedi la mafoko a a molemo le gaisitswe ka nthaya bodiredi jwa ga Keresete.
(3) Mosadi o "Na le serwalo sa dinaledi di le lesome le bobedi
Tlhogong ya gagwe"
Dinaledi tse di kaya Baaposetoloi ba le lesome le bobedi. Banna ba eleng gore ba na le bopaki ka ga Keresete jo bo phatsimelang lefatshe gompieno.

Boleng jwa mosadi yo bo supa fa johane a na le tlhaloganyo e e tlhatlogang le bana ba Modimo, e leng iseraele, mo kgolaganong e kgologolo go ya mo phuthegong ya Sekeresete mo kgolaganong e ntsha. Letsatsi, kgwedi le dinaledi di gatelela go naya lesedi ka bodiredi jwa Sekeresete mo kgaoganong ya mafoko a a molemo.

2. SETSHWANTSHO SA PHENYO YA GA SATANE

Go tsena ga mosadi go supa kgato e kgolo ya setshwantsho.

"Mme a bo a le moimana: mme a goa ka go iteka mo pelegong, mme a le mo botlhokong jwa go gololwa. Mme boning ga bo go le kgogela e kgolo e le khibidu, e na le ditlhogo ga bo go le dirwalo di le supa. Mme mogatla wa gone wa bo o goga ntlha ya seraro ya dinaledi tsa legodimo. Mme ya di latlhela kwa lefatshing, mme kgogela ya ema fa pele ga mosadi yo o tla tlogang a belega gore e tle e re a sena go belega e bo e ja ngwana, ngwana wa Mosimane yo e leng ene yo o tla busang ditshaba tsotlhe ka tsamma ya tshipi kwa Modimong, le kwa sitilong sa yona sa bogosi." - Tshenolo 12:2-5.

GO TLHAGELELA DITSETLA DI LE THARO MO SETSHWANTSHONG SE:
(1) Mosadi o setse a boletswe fa e le phuthego ya Modimo.
(2) Ngwana wa mosimane a tshotswe ke mosadi yo, o isiwa kwa modimong le bogosi. Mmme ka letsatsi lengwe o tla busa lefatshe" Jesu ke ene ngwana fela yo o tshotsweng mo lefatsheng le yo o ileng a tseelwa kwa legodimong mme ka letsatsi lengwe o tla busa ditshaba.
(3) Kgogela: e e emetseng Diabolo kana Satane mme ga nna ntwa kwa legodimong Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela ba ya go tlhabana nayo, mme ba seka ba fenya le gona ba seka ba tlhola ba na le bonno mo legodimong. Kgogela e e kgolo, naga ya bogologolo ya piriganngwa yona e e bidiwang DIABOLO le SATANE motsietsi wa lefatshe lotlhe ya piriganyediwa kwa lefatshing le baengle ba gagwe (Tshenolo 12:7-9).

Setshwantsho se bonala sentle fa re tlhaloganya diemedi. Erile fa Diabole le baengele ba gagwe ba latlhegelwa ke bonno jwa bone kwa legodimong ba ne ba piriganyadiwa mo lefatshing. E rile fa jesu a tsholwa mo lefatshing le, Diabolo o ne a leka go mmolaya, ngwana wa mosimane, fela jaaka a ne a tsholwa. O ne a palelwa mme Jesu a tseelwa kwa legodimong kwa bogosing jwa Modimo.

Satane a bo a ikaelela go kgokgontsha phuthego ya Sekeresete e Keresete a e agileng. Moapostoloi johane yo o kwadileng Tshenolo a bona kgogakgogano magareng ga ga Keresete le Satane yo a leng mo lefatshing. Fa ntwa e ya kwa setlhoeng kwa papolong ya ga Keresete, Johane a utlwa lentswe le goa go tswa kwa legodimong:

"Gompieno go tsile poloka le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa rona, gone Mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona bosigo le motshegare o piriganyeditswe kwa tlase." - Tshenolo 12:10. (Tshwantsha Johane 12:31, le Luke 10:18.)

Jesu o fentse Satane kwa Mokgorong. A bo a galalela nnete ya lenaneo la poloko a bo a naya nonofo go fenya Satane. Bogosi jwa Modimo bone jwa sirelediwa le nonofo ya Mmoloki go nna Moperisiti yo Mogolo le kgosi.

"Jaanong go tlile poloko" Go supa gore tirafalo ya ditso e setse e gorogile. Botsalo jwa ga Keresete, Mmoloki wa lefatshe, go tsere maemo(temana 5). Go sa kgathalesege ka diteko tsa ga Satane, jesu o ne a tshela botshelo jo bo senang boleo. A swa mme a tsogela phenyo ya sebe le loso(temana 10) Satane o fentswe ka bosakhutleng (temana 7-9). Mokgoro o bonadiwa ka nonofo ya one.

Kitsiso e e reng "Go tsile Poloko" ga e kgatlhise Johane fela, e kgatlhisa le lefatshe ka kakaretso.

"ke gone a lo ko lo itumele. Lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle. Ka gobo Diabolo a
gologetse kwa go lona a tletse bogale. Ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo lo lokhutshwane." - Tshenolo 12:12.

Magodimo otlhe ane a itumelela penyo ya ga Keresete. Keresete one a nyeletsa maikaelelo a Satane a ne a batla go a dira kwa legodimong. Ka jalo Satane yo o fentsweng o fenyeditswe bosakhutleng le maikaelelo a gagwe a go ikgapela lefatshe.

3. KEREKE YA SEKERESETE KGOTHANG LE SATANE

Pele ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong o ne a netefatsa Kereke ya Sekeresete. (e e emetsweng ke Mosadi). Loso lwa gagwe mo mokgorong lo neile Bakeresete nonofo ya go fenya Satane.

"Mme ba mo fenya ka ntha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone, mme ba seka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong." - Tshenolo 12:11.

Keresete o kgona nonofo ya gagwe, leungo la phenyo ya gagwe go phuthego ya gagwe. Dintlha tse tharo di supa phuthego e e fentseng ka dingwaga tse di lekgolo tsa Sekeresete.

(1) BA NE BA MO FENYA (SATANE) KA NTLHA YA MADI
A KWANA.
Jesu o ne a isiwa kwa bogosing jwa Modimo gore a tle a kgone go nonotsha madi a gagwe mo balateding ba gagwe. O kgona go phimola mekwalo ya maleo a rona. A re boloka ka ntlha ya madi a gagwe a a tshologileng (Johane 1:7) a ba a re neela nonofo ya go tshela re itekanetse botshelo jwa Sekeresete.

(2) BANE BA SA RATE MATSHELO A BONE GO NYELELA
MO LOSONG.
Madi a kwana a ne a ba dira go eletsa go swela Keresete: ba ne ba sa nyelelela go swa. Modimo o ne a sotlega mo go golo. Gore Bakeresete le bone ba eletse go ssotlega le go swa. Le bana tota bane ba intsha setlhabelo. Polelo e a bolelwa ya mme wa Mokeresete yo a neng a tikelwa ditau kwa Roma ka gobo a bo a neetse botshelo jwa gagwe Keresete eseng puso. Morwadie ka go tsena mo dikgoberegong a inelea. Jaaka ditau di ne di tlhasela mmaagwe, a ema, a lela."Le nna ke Mokeresete" Baeteledipele ba Roma ba mo tshwara babo ba mo neela dikgogela.

(3)"BA NE BA FENYA[SATANE] KA LEFOKO LA BOPAKI
JWA BONE."
E seng mafoko fela mme mafoko a bopaki jwa bone. Bopaki jwa matshelo a bone. Bosupedi jo bo tshelang jwa nonofo ya ga Jesu le mafoko a gagwe a a molemo. Ka dioura tsa phihalo tsa Bakeresete mophato wa Bakeresete go tsweng kwa borre ba Kereke ya tshimologo go ya kwa bafetoding ba Bathanogi. Ba ne ba fenya tsotlhe tse Diabolo a ba lekang ka tsone, e le ka ntlha ya bopaki jwa bone jo bo nonofileng.

(Tshenelo 12:11) e tshwantsha phuthego e e tletseng kgalalelo e tletse bafenyi baapasetoloi, baineedi le Bakeresete ba bangwe ba ba boikanyo. Kutlo ya bone, boikanyo, kgotlatsego e digetse dikgolo fa fatshe e bo e sutisa lefatshe.

Ka Satane a paletswe ke go fenya Keresete a setse a le mo lefatshing, jaanong o batla go nyeletsa Keresete yo a tshelang mo phuthegong ya gagwe.

"Mme e rile fa kgogela e lemoga fa e latlhetswe kwa tlase kwa lefatshing ya bogisa mosadi yo o belegeng ngwana wa mosimane. Mme mosadi a newa diphuka tsa ntsu yo motona gore a nanogele kwa nageng, kwa bonnong jwa gagwe. Kwa o utlwang gona ka motlha le metlha, le ntlha engwe ya motlha, a e tshabisa sehatlogo sa noga. Mme noga ya tshabanya metse ka legano sehularong sa mosadi, a nna jaaka noga; e le gore noka e tle e mo tsee:
Mme lefatshe la thusa mosadi mme lefatshe la atlhamologa, la metsa noka e kgogela e e tshabetseng kwa leganong la yone." - Tshenolo 12:13-16.

Jaaka go boletswe pele ka metlha ya lefifi la bakeresete, Satane o ne a romela noka ya pogiso go nyeletsa phuthego. Satane o batla go nyeletsa thotloetso ya ga Keresete ka go nyeletsa phuthego ya gagwe ka go dirisa maretshwa a bosula . kgogela e emetse Satane mme gakologelwa gore Satane o dirisa ditsela tsa setho mo seemong sa gagwe sa kgogela go tlhasela bathoba Modimo. O dirisetse kgosi ya Roma ebong herode mo tekong ya go bolaya Morwa Modimo keresete mo go tsholweng ga gagwe. O ne a le kgatlhanong le tumelo ya ga keresete gore a kgokgontshe Mmoloki, kwa bofelong a bo a sireletsa polao ya Gagwe mo Mokgorong. Phenyo ya ga Satane e ne ya tloga ya fetoga phenyo e kgolo ya ga Keresete.

Satane one a tenega ka a ne a fentswe kwa mokgorong mme a fetogela mo Kerekeng ya ga Keresete. Mo nakong ya morago ga papolo ya ga Keresete, dikete di ne tsa swa kwa metseng megolo ya Roma, le mo dikakeng.

Kwa tshimologog boeteledipele bo ne jwa buisana ka dipogiso. Mme morago ga loso lwa Baaposetoloi go ne ga nna le phetogo mo phuthegong. Mo dingwageng tsa bobedi le tsa boraro le tsa bone tse di dikete, ba le bantsi mo Kerekeng ba tlhwatswa nnete e Keresete le Baaposetoloi ba e rutieleng. Bangwe ba baaposetoloi ba simoloa go bogisa Bakeresete ba ba neng ba ntafatsa kgolagano e ntsha ya tumelo.

Baithuti ba akanyetsa gore didikadike di le masome a matlhano tsa batho ba ba boikanyego di ne tsa nyelela. Mo tekong ya go nyeletsa phuthego, Satane a romela "noka" ya dipogiso go nyeletsa Phuthego. Mme lefatshe la thusa mosadi ka go metsa noka ya dipogiso le dithuto tse e seng tsa nnete.

Mo nakong e ya dipogiso, Kereke ya nnete ene ya ikgogela morago mo boeeteledipeleng jwa maaposetoloi mme ba tsaya boagedi mo sekakeng go ya kwa lifelong le Modimo a le mmaakanyeditseng, kwa a tla tlhokomellwang teng malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a le marataro.(temana 6). Kakanyetso e e ne ya rurifadiwa mo dingwgageng tse di sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro tsa dipogiso go simolola kwa ngwaga wa 538 morago ga loso lwa ga Keresete go fitlhela 1798 (letsatsi le emetse ngwaga wa perofeso ya Baebele, bona (esekiele 4:6).

Mo dingwageng tse badumedi na baebele e bile ba le boikanyo ba ne ba batla boagedi gongwe le gongwe fa ba ka boning teng. Sekai mo metsweding ya Waldension le mo Kerekeng ya Celtic mo ditlhakatlhakeng tsa British!

4. KEREKE YA MODIMO MO MALATSING A RONA

Se se re tlisa mo nakong ya gompieno kwa kerekeng ya ga keresete ya nnete go simolola ka 1798. jaaka go ka nna, kgogela e setse e shakgaletse batho ba Modimo. Ntwa e kgolo ya bofitlha e setse e tswelete. Satane o tlhasetse Kereke pele ga Kersete a tla.

"Mme kgogela ya nna bogale le mosadi ya feta ya mo tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa modimo ba dumetse tshupo ya ga Jesu." - Tshenolo 12:17.

Perofeso e, e remeletse mo malatsing a gompieno. Satane o dirisa madu a ntwa mo kokomaneng ya mosadi- Batho ba gompieno ba Modimo. Ela tlhoko matshwao a go ba lemoga:
(1) BADUMEDI BA MALATSI A BOFELO"TSHWARELELA BOPAKI JWA GA JESU.
Go itshwarelela mo dithutong tse di phepha tsa mafoko a modimo, di pakela jesu ka ditseta tse di nonofileng tsa go tshela ga Sekeresete.

(2) MO MALATSING ANO A BOFELO, BAKERESETE KE BATHO BA PEROFESO.
Go amogela bopaki ka Jesu Keresete, go ne ga thusa Johane go kwala buka ya Tshenolo(Tshenolo 1; 1-3) Setlhopha sa bofelo sa badumedi se amogela mpho e e tshwanang. Dimpho tsa bone tsa perofeso di remeletse mo tshenolong ya Modimo ya bodiredi le bokhutlo jwa bone.

(3) MO MALATSING ANO A BOFELO BAKERESETE LE BONE BA BONWA E LE BA BA OBAMELANG DITAOLO TSA MODIMO.
Ga ba sireletse boleng jwa ditaolo tse some, ba a di obamela. Lorato lwa modimo lo tlisa boipelo jwa boikabo mo dipelong tsa bone (Baroma 5:5, 13:8-10).

Mo malatsing ano a bofelo, Bakeresete ba sala morago sekai sa ga Keresete le Kereke ya pele mo go obameleg ditaolo tsa Modimo. Se se kgala kgogela -Diabole o simolola ntwa le dikokomane tsa Mosad, ka gobo di na le bosupi jwa gore lorato lwa modimo lo tsala barutwa baba boikanyo. Jaaka Jesu a laotse:

"Fa lo nthata lo tla tshegetsa ditaolo tsa me." - Johane 14:15.

Botshelo jwa Bakeresete ba malatsi a bofelo a gompieno bo supaa gore go motlhofo go rata Modimo ka elo ya gago yotlhe le bangwe ka rona jaaka re ithata. Go yeng ka Jesu ditshetla tse, go rata Modimo le go rata batho, di soboka ditaolo tse some tsa Modimo. (Mathaio 22:35-40).

Taolo ya bone e re gwetlha go obamela letsatsi la bosupa la beke jaaka Sabata. Ka gobo lorato lwa ga Keresete lo tlhomile ditaolo tsotlhe tse some mo dipelong tsa bone, mo malatsing ano a bofelo, Bakeresete ke batshegetsi ba letsatsi la bosupa.

Sabata ke pelo ya molaetsa wa Modimo wa bofelo mo bathing mo go Tshenolo ya lesome le bobedi le ya lesome le bone, temana ya borataro go yeng kwa go ya lesome le botlhano.
Meamuso yotlhe ya legodimo e neilwe Bakeresete ba notlha wa bofelo. Mmoloki yo o shelang ke mongwe ka bone ka dinako tsotlhe, le Moya o o Boitshepo o a bereka go ba nonotsha mo botenyeng jwa setho.
Tsholofelo e rurefetse. Ba tla fenya Satane "Ka madi a Kwana le ka lefoko la bopaki (Tshenolo 12:11).

A o eletsa go nna mongwe wa Bakeresete ba malatsi a bofelo, ba ba obamelang ditaolo tsa Modimo, ba bo ba tshwarelela bopaki jwa ga Jesu? Ke eng o sa tseye thwetso eo gompieno?

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy