FA MOTHO A SWA… GO LATELA ENG?

Re a tsitsibana fa ngwana a ka tshogana a botsa go re, "Go swa go raya eng?" Re tila ka poifo go bua lefa e le go akanya ka mongwe yo re mo ratang a a swa. Loso ke mmaba yo mogolo wa batho gongwe le gongwe.

Dikarabo tsa dipotso tse di thata kaga loso ke dife? A go na le botshelo morago ga loso? A re tla bona baratwa ba rona ba ba suleng gape?

1. GO LEBAGANA LE LOSO KWA NTLE GA POIFO

Rotlhe fela ka dinako dingwe, gongwe fela morago ga loso la tsala kgotsa moratwa, re kile ra utlwa bomotlhofo ja bosenasepe mo maleng a rona, maikutlo a le a bodutu a a nnang teng, a re hekeetsa, fa re leba ka bokhutshwane bokhutlo ja botshelo.

Mo kgannye e e botlhokwa e, e e amang maikutlo, re ka ithuta kae boammaaruri ka ga se se dirafalang fa re e swa? Ka lesego, bontlhabongwe ja thomo ya ga Keresete mo lefatshing e ne e le go "golola ba e leng gore matshelo a bone otlhe a ne a le mo bokgobeng ja poifo ya bone ya loso" (Bahebera 2:15). Mme mo Baebeleng, Jeso O re naya melaetsa e e gomotsang, A bo A araba sentle dipotso tsotlhe tsa rona ka ga loso le botshelo ja isago.

2. KAFA MODIMO A RE DIRILENG KA TENG

Go tlhaloganya mo Baebeleng boammaaruri jo bo tlhomameng ka ga loso, a re simololeng kwa tshimologong re bone ka fa Motlhodi wa rona A re dirileng ka teng.

"Jehofa Modimo A bopa motho (ka Sehebera, adam) ka LOROLE LWA MMU (ka Sehebera, adamah), mme a budulela MOYA WA BOTSHELO mo dinkong tsa gagwe, mme motho a direga MOYA O O TSHEDILENG." - Genesise 2:7.

Kwa Tlholong Modimo O ne A dira Adamo ka "lorole la mmu". O ne a na le boboko mo tlhogong ya gagwe jo bo siametseng go akanya; madi mo ditshikeng tsa gagwe a a siametseng go elela. Mme Modimo A budulela mo dinkong tsa gagwe "moya wa botshelo," mme Adamo a nna "moya o o tshedileng." Elatlhoko, Baebele ga e re Adamo o ne a amogela moya; mo boemong, ya re "motho o ne a direga moya o o tshedileng." E ne ya re fa Modimo A budulela moya mo go Adamo, botshelo ja simolola go elela go tswa mo Modimong. Go kopana ga mmele le "moya wa botshelo" go ne ga dira Adamo "sebopiwa se se tshedileng." "moya o o tshedileng." Ka jalo re ka kwala tekanyo ya motho jaana:

"Lorole lwa Mmu" + "Moya wa Botshelo" = "Moya o o Tshedileng."

Mmele o o senang botshelo + Moya o o tswang Modimong = Sebopiwa se se Tshedileng.

Mongwe le mongwe wa rona o na le mmele le tlhaloganyo e e akanyang. Fela fa re tsweletse re hema, re tla bo re le dibopiwa tse di tshedileng, moya o o tshedileng.

3. GO DIRAFALA ENG FA MOTHO A SWA?

Kwa losong go boela kwa morago thulaganyo ya tlholo e e tlhalositsweng mo go Genesise 2:7:

"Mmele kana LOROLE lo boela mo mmung o lo duleng mo go one, le MOYA (MOYA WA BOTSHELO) o boela kwa Modimong o o o abileng." - Moreri 12:7.

Baebele e tle e dirise mafoko a Sehebera a le mabedi a a rayang "moya" ka go a amoganya (breath,spirit). Fa batho ba a swa, mebele ya bone e nna "lorole" mme "moya" (spirit) ("moya [breath] wa botshelo") o boela kwa Modimong, kwa o duleng gone. Mme jaanong moya (soul) one o dirafalelwa ke eng?

"Jaaka ke tshedile, go bua MORENA Modimo… MEWA yotlhe ke ya Me…. MOYA O O LEOFANG, GO TLA SWA ONE." - Esekiele 18:3-4.

Moya (o o neng o tshedile) o a swa! Gompieno ga o ise o nne le bosasweng - o ka nyelela.

Tekanyo e e tserweng mo go Genesise 2:7, fa Modimo A ne A re bopa, e boa ka morago kwa losong.

"Lorole la Mmu" - "Moya (breath) wa Botshelo" = "Moya (soul) o o suleng"

"Mmele o o senang Botshelo - Moya (breath) o o tswang mo Modimong = Sebopiwa (moya-soul) o o suleng

Loso ke bokhutlo ja botshelo. Mmele o tlhotlhoregela mo mmung, mme moya (breath,spirit) o boela kwa Modimong. Re nna moya (soul) o o tshedileng mo botshelong, mme mo losong re nna setoto, moya (soul) o o suleng, sebopiwa se se suleng. Ka jalo baswi ga ba lemoge sepe. Fa Modimo O busa moya wa botshelo O A neng A re o neile, moya (soul) wa rona o a swa. Mme jaaka re tlaa bona kwa pele mo thutong e, mo go Keresete go na le tsholofelo.

4. MOTHO YO O SULENG O ITSE GO LE KAE?

Morago ga loso boboko bo a tlhotlhorega; ga bo kake ja itse kgotsa ja gakologelwa sepe. Maikutlo otlhe a setho a a fela kwa losong.

"Lorato lwa bone, le kilo, le bopelo - tshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela." - Moreri 9:6.

Baswi ga ba lemoge sepe, ka jalo ga ba itse sepe se se dirafalang. Ga ba na tshwaragano gotlhelele le ba ba tshedileng.

"Gonne batshedi ba itse fa ba tla swa, mme BASWI GA BA ITSE SEPE." - Moreri 9:5.

Loso lo tshwana le boroko jo bo senang toro - tota, Baebele e bitsa loso "boroko" dipaka tse 54. Jeso O ne A ruta gore loso lo tshwana le boroko. O ne A raya barutwa ba Gagwe A re:

"Tsala ya rona LASARO O ROBETSE; mme ke tla ya go mo tsosa. Mme barutwa ba araba ba re, 'Morena, fa a robetse, o tla tsoga (fola).' Jeso O ne A bua ka loso mme barutwa ba Gagwe ba akanya ka boroko ja tlwaelo. Ke gone A ba tlhalosetsa sentle, 'LASARO O SULE'." - Johane 11:11-14.

Lasaro o ne a na le malatsi a mane a sule pele ga Jeso A goroga. Mme e ne ya re Jeso A ya kwa phuphung ya gagwe, A supa gore go motlhofo mo Modimong go tsosa baswi fela jaaka go le motlhofo mo go rona go tsosa tsala e e robetseng.

Ke kgomotso e kgolo go itse gore baratwa ba rona ba ba suleng ba "robetse," ba ikhuditse ka kagiso mo go Jeso. Molete wa loso, o le rona e tla reng nako nngwe re tsene mo go one, o tshwana le boroko ja tuulalo le kagiso.

5. A MODIMO O LEBALA BA BA ROBALANG MO LOSONG?

Boroko jwa loso ga se bokhutlo jwa polelo. Kwa phupung, Jesu O ne A raya Maretha, kgaitsadia Lasaro:

"KE NNA TSOGO le botshelo. Yo o DUMELANG MO GO NNA, lefa a swa…. O TLA TSHELA." - Johane 11:25.

Ba ba swang "mo go Keresete" ba robala mo phuphung - mme ba santse ba na le isago e ntle. Ene yo O balang meriri yotlhe mo ditlhogong tsa rona A bo A re tshola mo patlong ya seatla sa Gagwe, ga A ke tla A re lebala. Re ka swa ra bo ra boela mo mmung, mme pego ya boleng jwa rona ka bongwe e santse e tlhalosegile mo tlhaloganyong ya Modimo. Mme fa Jesu A tla, O tla tsosa baswi ba basiami mo borokong jwa bone, fela jaaka A dirile ka Lasaro.

"Ga re rate lwa tlhoka go itse kaga BA BA ROBALANG, GORE LO SE FUTSAFALE JAAKA BA BANGWE BA BA SENANG TSHOLOFELO…. Gonne Morena ka esi o tla fologa kwa legodimong, ka loshalaba, le ka lentswe ja moengele yo mogolo, le ka go galaotega ga lonaka lwa Modimo; mme BASWI BA BA SWETSENG MO GO KERESETE BA TLA TSOGA PELE. (Morago), RONA BA RE TLA BONG RE TSHEDILE re tlogetswe, RE TLA TSHOLEDIWA MMOGO NABO MO marung, re ya go kgatlhantsha Morena mo loaping; mme jalo re tla nnela ruri le Morena. KE GONE, GOMOTSANYANG KA MAFOKO A." - 1 Bathesalonia 4:13, 16-18.

Mo letsatsing la tsogo, molete wa loso o tla nna jaaka boitapoloso jo bo khutshwane. Baswi ga ba lemoge fa nako e feta. Ba ba amogetseng Keresete jaaka Mmoloki wa bone, ba tla tsosiwa mo borokong ke lentswe la Gagwe le le gakgamatsang le fologela mo lefatshing.

Tsholofelo ya tsogo e na le molekane: tsholofelo ya legae la selegodimo kwa Modimo O tla "phimolang dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone. Ga go ketla go tlhola go le loso lefa e le bohutsana le selelo, lefa e le botlhoko (Tshenolo 21:4). Ba ba ratang Modimo ga ba tlhoke go boifa loso. Kwa pele ga lone go na le bosakhutleng jwa botshelo jo bo itumedisang le Modimo. Jesu O tshotse dikopololo tsa loso" (Tshenolo 1:8). Kwa ntle ga ga Keresete, loso lo ne lo tla nna mmila o o yang ntlha e le nngwe fela o felela mo bobipong, mme mo go Keresete go na le tsholofelo e e phatsimang ya lesedi.

6. A RE NA LE BOSASWENG GOMPIENO?

Fa Modimo A ne A tlhola Adamo le Efa, ba ne ba tlhodilwe ba na le bosasweng, ke gore, mme go ka kgonega gore ba swe. Fa ba ne ba tsweletse ba le kutlo mo Modimong, ba ka bo ba ne ba se ka ba swa gope. Mme e ne ya re fa ba leofa, ba latlhegelwa ke tshwanelo ya bone ya go tshela. Ka go tlhoka kutlo ba ne ba tshwanelwa ke loso. Boleo jwa bone bo ne jwa fetela mo lotsong lotlhe lwa setho, mme ka botlhe ba leofile, rotlhe re a swa, re tshwanetswe ke loso (Baroma 5:12). Mme ga go na lefa e le kumako epe mo Baebeleng ya gore moya (soul) wa motho o ka tshela jaaka sepe se se lemogang morago ga loso.

Ga go gope fa Baebele e tlhalosang moya (soul) o le mo bosasweng - ke gore, o sa angwe ke loso. Mafoko a Sehebera le Segerika a "soul", "spirit", le "breath" (ka setswana otlhe ke "moya") a fitlhelwa mo Baebeleng ga 1700. Mme ga go na gope fa go buiwang ka moya wa motho (soul, spirit, breath) o na le bosasweng. Mo lobakeng lono Modimo A le Esi ke Ene Yo O nang le bosasweng.

"Modimo…. Ke ene YO O NANG LE BOSASWENG A LE ESI." - 1 Timotheo 6:15, 16.

Dikwalo di tlhalosa sentle gore batho mo botshelong jono ba tla a swa: ba angwa ke loso. Mme fa Jeso A boa, popego ya rona e tla nna le phetogo e e gakgamatsang.

"Bonang, ke lo bolelela bosaitsiweng: GA RE KETLA RE ROBALA ROTLHE, mme RE TLA FETOLWA ROTLHE - Ka gangwe fela, ka ponyo ya leitlho, KA LOBAKA LWA LONAKA LA BOFELO. Gonne lonaka lo tla gelebetega, MME BASWI BA TLA TSOSIWA ka mo go sa boleng, MME RONA RE TLA FETOLWA. Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le MO GO SWANG MO, GO TLA APARA BOSASWENG." - 1 Bakorintha 15:51-53.

Jaaka batho, gompieno ga re na bosasweng. Mme tlhomamiso ya Mokeresete ke gore re nna le bosasweng fa Jeso A tla gape la bobedi. Boammaaruri ja tsholofetso ya bosasweng bo ne ja supiwa fa Jeso A ne A phatlola phupu ya Gagwe mme A:

"NYELETSA LOSO, mme A BAYA BOTSHELO LE BOSABOLENG MO LESEDING ka Mafoko a a Molemo." - 2 Timotheo 1:10.

TEBO YA MODIMO mo bofelelong ja motho e tlhalosegile: loso lo lo sa khutleng mo go ba ba ganang Keresete ba bo ba ngaparela maleo a bone, kgotsa bosasweng e le neo fa Jeso A tla go tsaya ba ba Mo amogetseng jaaka Morena le Mmoloki.

7. GO LEBAGANA LE LOSO LA MORATWA

Dipoifo tse ka tlholego re tlhabanang natso fa re lebaganye le loso di nna bogale segolo fa go ka swa moratwa. Bodutu le maikutlo a tatlhegelo a re hupetsa. Tharabololo e e yosi ya kutlobotlhoko e leriweng ke go kgaogana le moratwa ke kgomotso ya gore Keresete A le Esi ke Ene yo O nayang. Gakologelwa gore moratwa wa gago o robetse, mme baratwa ba gago ba ba robaletseng mo go Jeso ba tla a tsoga mo "tsogong ya botshelo" fa Jeso A tla.

Modimo O baakanyetsa dikopano tse di gakgamatsang. Bana ba tla busediwa kwa batsading ba bone ba ba itumetseng. Banna le basadi ba ba neng ba nyalane ba tla tlamparelana. Dikgaogano tse di botlhoko tsa lefatshe di tla bo di fedile. "Loso lo meditswe ke phenyo" (1 Bakorintha 15:54).

Bangwe ba utlwa kgaogano le moratwa segolo mo ba ba lekang go ikopanya le baratwa ba bone ba ba suleng ka mmueledi wa, kgotsa molomaganyi wa New Age. Mme Baebele e re tlhagisa sentle ka go leka go fokotsa botlhoko ja go swelwa ka tsela e:

"Mme e re fa ba lo raya ba re botsang ba ba buang le badimo, le mo go ba e leng baloi, ba ba tswirinyang, le ba ba pepedumang; a chaba ga e ka ke ya lopa mo Modimong wa yone? A go ka bodiwa baswi kaga ba ba tshedileng?" - Isaia 8:19.

Tota, ka go reng? Baebele e senola sentle gore baswi ga ba itse sepe. Tharabololo ya boammaaruri ya bofutsana jo bo lerweng ke go kgaogana le moratwa ke kgomotso ya gore Keresete A le Esi ke Ene Yo O enayang. Go senya nako o buisanya le Keresete ke tsela e e itekanetseng ya go gola mo selelong. Gakologelwa ka dinako tsotlhe, temogo ya nnete e e latelang e e tlang mo go ba ba robetseng mo go Keresete e tla nna medumo ya go tla ga bobedi ga ga Keresete go tla go tsosa baswi!

8. GO LEBAGANA LE LOSO KWA NTLE GA POIFO

Loso lo re gapela e batla e nna sengwe le sengwe. Mme selo se se nosi se lo se kakeng lwa se re tseela ke Keresete, mme Keresete O ka buseletsa sengwe le sengwe mo maemong gape. Loso ga lo ketla lo aga lo busa mo lefatshing le. Diabolo, baikepi, loso, le lebitla ke mo go tla nyelelang mo "bodibeng ja molelo" jo e leng "loso la bobedi" (Tshenolo 20:14).

Megopolo ke e e mene e e motlhofo ya go lebagana le loso kwa ntle ga poifo:
(1)
Tshela botshelo ja tsholofelo ya ikanyo mo go Keresete, mme o tla bo o ipaakanyeditse loso ka nako nngwe le nngwe.
(2) Ka nonofo ya Moya O O Boitshepo, o nne kutlo mo ditaolong tsa ga Keresete, mme o tla bo o iketleeleditse botshelo ja bobedi jo o se ketlang o swa mo go jone.
(3) Akanya ka loso e le boroko jo bo khutshwane jo o tla tsosiwang mo go jone ke lentswe la ga Jeso fa A tla la bobedi.
(4) Itumelele tlhomamiso e Jesu O re e nayang ya legae la selegodimo mmogo Nae ka bosakhutleng.

Boammaaruri ja Baebele bo golola motho mo poifong ya loso ka go bo bo senola Jeso, Ene Yo le loso lo neng lo se kake la Mo fenya. Fa Jeso A tla mo matshelong a rona, O tlatsa dipelo tsa rona ka kagiso:

"Kagiso ke e tlogela le lona; kagiso ya Me ke a e lo naya…. A dipelo tsa lona di se fuduege, le gone a di se boife." - Johane 14:27.

Jeso gape O dira gore re kgone go emelana le botlhoko ja go latlhegelwa ke moratwa. Jeso O ne A ralala "mogogoro wa moruti wa loso"; O itse kaga masigo a a lefifi a re a ralalang.

"Ere ka bana ba tlhakanetse nama le madi, le Ene ka Esi A itlhakanya natso jalo; gore e tle e re KA LOSO (la Gagwe) a nyeletse ene yo o neng a na le nonofo ya loso - ebong Diabolo - le gore A GOLOLE BOTLHE BA E RILENG KA POIFO YA LOSO BA BO BA NTSE BA LE MO KGOLEGONG MO BOTSHELONG JOTLHE JA BONE." - Bahebera 2:14, 15.

Dr. James Simpson, ngaka e kgolo e e neng ya dira molemo o o thulametsang, o ne a nna le tatlhegelo e kgolo fa ngwana wa gagwe yo mogolo a ne a swa. O ne a futsafala go le go golo fela jaaka motsadi mongwe le mongwe. Mme a tloga a bona tsela ya tsholofelo. Fa phuphung ya ngwana wa gagwe yo o rategang a tlhoma letshwao le a neng a gaba mafoko a a builweng ke Jeso mabape le tsogo ya Gagwe: "Lefa go ntse jalo, Ke tshedile."

A bolela gotlhe. Pitso ya sebele e ka bonala ekete e khurumetsa loapi ka dinako dingwe; lefa go ntse jalo, Jeso O tshedile! Dipelo tsa rona di ka tswa di thubega, lefa go ntse jalo, Jeso O tshedile!

Mo go Keresete re na le tsholofelo ya botshelo morago ga loso. Ke Ene "tsogo le botshelo" (Johane 11:25), mme O solofetsa gore, "Ka go bo ke tshedile, le lona lo tla tshela" (Johane 14:19). Keresete ke Ene tsholofelo yosi ya rona ya botshelo morago ga loso. Mme fa Keresete A tla gape, O tla re naya bosasweng. Ga re ketla re tlhola re tshela mo moriting wa loso, ka re na le botshelo jo bo sa khutleng. A o itemogetse tsholofelo e lekgolo e, e re ka e tshegetsang ka metlha ya re ntshofaletswe thata? Fa o ise o ke o amogele Jeso jaaka Morena le Mmoloki Wa gago, a o ka dira jalo gone jaanong?

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy