BOBIPO KE ENG EBILE BO KAE?

Polao e e senang tlhaloganyo e ne ya dirafala fa moithuti mongwe a tsenna mo sekolong sa bone a bo a ganyaola baithuti ka ene ba le mokawana. Rre mongwe yo o neng asa itumela a tsena mo lifelong le a kileng a bo a direla mo go lone, mme a fula yo e neng ele mogolwane mo go ene fa a ne a santse a dira. Mme mongwe, one a kgarameletsa koloi ya gagwe mo nokeng e tletse metsi mo go yone go le bana ba gagwe ba babedi a bo a ba betisa metsi.

Bontsi jwa batho mo Mafatsheng, bo bolailwe go dira ditlhabelo, kgotsa go ntsha senyama mo go one. Mo go bakiwa ke dikgotlhang tse do mo ditshabeng. Banna, basadi, bana le masea ba hudilwe, ba segakwa, ba betswa ba bo ba betelelwa. Go othaya batho ba ba dirang ditiro tse ka polao, go kgalwa ke ba le bantsi. Ditlhopha tse di kgatlhanong le katlholelo loso di ganeletsa kwa godimo ba go bitsa setlhabelo se se bosula se e seng sa setho. Ba botsa gore a babolai ba, ga ba kake ba bolokwa?

Tsela ya setho ya go otlhaya babolai ke efe? Setilo sa motlakase? Bangwe ba akanya mokento o o nang le botlhole e le one o ka sekeng o bake botlhoko. Bangwe ba santse ba bona fa go kalediwa, go ka dira tiro ka bofefo.

Mo puisanong e ya katlholelo loso, go na le tsela nngwe e go senang ope yo o e lemogang. Ga gona ope yo o abelelang gore babolai ba, ba ba fedisitseng matshelo a batho, ba duela go le botlhoko ka go sotlakwa go ya losong. Ga go na ope yo o kileng are bogolo ba she ba iketlile go fitlhela ba swa.

Mme Bakeresete ba le bantsi ba tsaya gore Rraetsho yo o kwa legodimong o tlile go dira mo go gaisang mo. Ba ba boikepo, ba tshwanetse ba kgojwa go duelela dibe tsa bone. Eble ba bona ka fa ba tla atlholwang ka teng ke Modimo, e le pogiso e e sa feleng.

Tota go dirafala eng ka ba ba boikepo? Ba tsena jang mo loratong lwa Modimo le katlholo? A re battle karabo ya Baebele.

1. PHATLOGO - PELO YA BOFELO YA GA JESU

Mo dingwageng tse di dikete tse thataro, Modimo o tse a kopa banna le basadi:

"Jaaka ke tshela, go bua Morena wa Mashomoshomo, ga ke ipelafatse ka loso lwa moikepi, fa e se gore a fetoge mo ditseleng tsa gagwe tsa boikepo, a tshele." - Esekile 33:11.

Mokgoro o supa ka fa Modimo o batlang go golola setho. Fa Jesu a goa mo mokgorong, "Rra baitshwarele go nne ga baitse se ba se dirang", o ne a senola pelo ya gagwe e e ubang. (Luke 23:34) Morago Jesu a neela moya, mme bangwe ba dumela fa a sule ka pelo ee phatlogileng (Johane 19:30, 34).

Mme le ka tshupelo e e nonofileng ya lorato ba le bantsi ga ba kitla ba sala Jesu morago. Fela fa sebe se santse se busa mo lefatsheng, se tla tswelela se oketsa kutlobotlhoko ya setho. K jalo, sebe se tshwanetse go nyelediwa. Modimo o rulaganya go fedisa sebe jang?

"Letsatsi la Morena le tlatla … Magodimo a tla nyelela ka loshoa lo lo golo, mme gotlhe go tla nyelediwa ke bobipo/molelo mme LEFATSHE LE TSOTLHE TSE DI MO GO JONA DI TLA TSHUBIWA." - 2 Petere 3:10, Bokhutlo.

Modimo o tshwanetse go tlhatswa lobopo a bo a nyeletse sebe. Bao ba ba ganelelang mo boleong, ba tla felela ba nyeleditswe ke molelo o, o o baakanyeditsweng go nyeletsa mmaba Diabolo le baengele ba gagwe le boleo mo lefatshing ja rona. A nako e e phatlolang pelo mo go Jesu, go bona molelo o nyeletsa batho ba ba suleng gore a tle a ba boloke.

2. KAE, LENG FA BOBIPO BO SHA?

Kgatlhanong le dikakanyo dingwe, Modimo ga a na felo gongwe kwa go shang jaanong e leng dihele, kwa baleofi ba shang teng ba bo ba ya teng fa ba swa. Bobipo bo nna fa lefatshe leno le fetolwa go nna molapo wa molelo. Modimo o emetse go dirafatsa katlholo mo baikeping go fitlhela katlholo ya bofelo kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di dikete tse di lekgolo. (Tshenolo 20:9-15).

"Modimo o itse go goloa ba gagwe mo ditekong le go tshegetsa ba ba tshiamololo, go emela katlholo go fitlhela LETSATSI LA KATHOLO." - 2 Petere 2:9.

O tlhatswa lefatshe la rona ka molelo wa gagwe o o itshekesang.

"Legodimo la gompieno le lefatshe, di beetswe molelo, di beetswe letsatsi la katlholo le go nyelediwa ga batho ba ba tshiamololo." - 2 Petere 3:7.

Modimo ga o a rulaganyetsa motho ope go sha mo bobipong. Mme fa batho ba gana go kgaogana le mmaba Satane, mme ba ngangatlela maleo a bone, ba tshwanetse go amogela maduo a bone ka botlalo.

"Mme o tla raya bao ba ba mo letsogong la gagwe le le botlana are, 'tlogang fa lona ba lo hutsitsweng, lo ye go sha kwa Molelong o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe.'" - Mathaio 25:41.

Go ya ka Jesu, bobipo bo a go sha leng?

"Jaaka fa mhero o tlhogolwa, o bo o fiswa, go tla nna fela jalo ka bofelo jwa dingwaga. Morwamotho otla romela baengele ba gagwe, mme ba tla tlhagola bogosi jwa gagwe sengwe le sengwe se se dirang loleo le ba ba dirang bosula. Ba tla ba latlhela mo moleting kwa go tla nnang selelo le khuranyo ya meno." - Mathaio 13:40-42.

Mhero, badirabosula, ga di she go fitlhela lefatshe le ya bokhutlong. Pele ga katlholo e e dirafadiwa, lobopo lotlhe lo tshwanetse go rurifalediwa gore Modimo o nnile tshiamo mo tirisanyong ya gagwe le batho. Jaaka fa go tlhalositswe mo kaelo 22, mo ntweng e kgolo e e tsweletseng fa ga re ga ga Jesu Keresete le Saatane, Saatane o ntse a leka go supegetsa lefatshe gore botshelo jwa boleo ke jone jo bo siameng. Jesu o ntse a kaya fa botshelo jwa kutlo e le jone jo bo gogelang kwa botshelong jo bo kgotsofatsang.

Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete tshupegetso e, e tla dirafala mo katlholong ya ga diabolo, baengele ba gagwe le ba ba boikepo. Fa dikwalo di sena go bulwa, tse di supang karolo e mongwe le mongwe a e tsereng mo botshelong Modimo o tla latlhela Saatane, Leso, lebitla le mongwe le mongwe yo leina la gagwe le sa fitlhelwang mo bukeng ya botshelo mo moleting wa molelo (Tshenolo 20:14-15). Go ya ka temana e latelang, (Tshenolo 21:1), fa Modimo a sena go ntlafatsa lefatshe mo boleong ka molelo, "o tla tlhola legodimo le lesha le lefatshe le lesha."


3. BOBIPO BO TLA SHA LOBAKA LO LO KAE?

Badumedi ba le bantsi ba amogea mogopolo wa gore molelo wa bobipo o tla nnela ruri, mo go raya gore batho ba tla boga go ya go ile. A re lebe sentle mo dikwalong tse di tlhalosang ka fa Modimo o tsayang baleofi le sebe ka teng.

"O tla otlhaya ba o ba ba saitseng Modimo, gape ba sa obamele efangele ya Morena wa rona Jesu. Ba tla otlhaiwa ka mo go sa khutleng e be ba tswalelwa kwa ntle ga Modimo le mo nonofong ya gagwe." - 2 Bathesaloni 1:8, 9.

Tswee-tswee ela tlhoko gore "katlhao e e sa khutleng" ga e tshwane le "go boga mo go sa khutleng". Go raya gore go senyega mo go nnelang ruri. Poelo ya teng ke loso lo lo sa khutleng. Petere o ne a bua ka letsatsi la katlholo le "gonyelediwa ga batho ba ba ba senang bomodimo" (2 Petere 3:7).

Ka fa Jesu a baying kgang e ka teng, Moya le mmele di nyelediwa mo bobipong. (Mathaio 10:28). Mo therong ya gagwe fa ale kwa Thoteng ya Lotlhware, Jesu o buiel ka kgoro e tshesane " e e isang botshelong", le tsela e sephara e isang kwa go nyeleleng. (Mathaio 7:13, 14) Mo go (Johane 3:16), jesu o tlhalosa gore Modimo o" ntshitse morwawe yo o tsetsweng a le esi", gore lefa e le mang yo o dumelang mo go ene, a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o tshwantshanya dilo tse pedi e bong go tshela ka bosakhutleng le go nyelela - eseng go sha ka bosaengkae. Re tshwanetse ra akanya fa bobipo bo na le kwa bo felelang teng, se se baka loso le go nyelediwa ga ba ba boikepo.

Ditshetlana dingwe mo Beebeleng di re bolelela fa baikepi ba nyelediwa. "Baikepi ba tla kgaolwa (Pesalema 37:28), ba "tla nylela" (2 Petere 2:12), ba tla nyelela jaaka mosi" (Pesalema 37:20). Molelo o tla ba dira Molora (Malaki 4:1-3)" Maduo a boleo loso" e seng botshelo jo bo sakhutleng mo molelong wa bobipo, "Mpho ya Modimo ke botshelo jo bo sakhutleng" (Baroma 6:23).

Mosola wa katlhao ya bofelo mo molelong wa bobipo ke go tlosa lefatshe la sebe, eseng go babalela sebe go ya go ileng. Go thata ya lentswe go akanya gore Keresete yo a ledileng, a lelela Jerusalema yo o bogoma, le yo o itshwaretseng ba ba mmolaileng o tla kgona go nna ka bosakhutleng a lebeletse matlhotlhapelo a ba ba hutsitsweng.

Bobipo bo na le bokhutlo e le ruri. Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, Modimo o nesa. Pula ya molelo a bo a tlosa Diabolo le baengele ba gagwe, le ba ba boikepo ba ba batlang go nna ba ngangatletse maleo a bone. "Molelo" o tla mo "Lefatshing go tswa kwa Legodimong o bo o ba kometsa (Tshenolo 20:9).

Go ya ka Jesu, Molelo o ga o "timolege" (Mathaio 3:12). Ga gona setimamolelo sepe se se ka o timang go fitlhela o wetsa tiro ya one ya go nyeletsa. Modimo o solofetsa gore, go tswa mo molelong wa gagwe o o ntlafatsang, otla dira "lefatshe le lesha", kwa e leng gore "mathata a pele a tla lebalwa" mme ga go kitla go utlwala go lela mo go jone (Isaiah 65:16-19).

A letsatsi le le monate! Sengwe le sengwe se se phatlolang pelo se tla nyelediwa. Modimo o tla phimola dintho tsa boleo mo pelong nngwe le nngwe, mme boitumelo jwa rona bo tla abo bo feletse.

4. BOSAKHUTLENG MO DIKWALONG

Mo go (Mathaio 25:41), Jesu o bua ka molelo o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe. Ka bosakhutleng. A bosakhutleng fa, ba abelela gore bobipo ga bo na bokhutlo? (Jude 7) e emetse Sotoma le Gomorrah, e le sekai sa ba ba bogang ba bogisiwa ke katlholo ya molelo o o sa khutleng. Go boammaaruri, metse e o ga e sa tlhole e sha, molelo o o ne o le o o sa khutleng ka gore o bakile tshenyo e e nnetseng ruri.

Mo go (2 Petere 2:6), re boa gape re bala ka molelo o o sakhutleng. Mmme temana e go boa go papametse gore Modimo "o kgadile diteropo tsa Sotoma le Gomorah, ka go difisa di bo di sala dile melora, mo e le go dira sekai sa sese tla dirafalelang baikepi. Boikepo jwa Sodoma le Gomorrah, ga bo ise bo tlhole bo le botlhoko ka metse e e sale e nyeleditswe bogologolo. Molelo o o e nyeleditseng o ntse "ka bosakhutleng" ka maduo a one, ga baka go senngwa ka bosaengkae.

Bosakhutleng go raya go senyetsa ruri go sala go seo, e seng go otlhaya. Ka go nne lokwalo lwa ga Tshenolo lo dirisa puo e e thata le go tlhaloganyesega, dikarolo dingwe tsa lokwalo lo ga di a ulwala sentle. Sekai, (Tshenolo 14:11) e bua jaana ka ba ba timetseng "mosi wa go sha ga bone o tlhatloga go ya ka bosaengkae." Mo go bonala ele pogo e e sa feleng. Mme, gape, a re letleng temana e e ranole temana" (Ekesodo 21:6). Re fitlhela lelata le le neng la kgaolwa tsebe e le sesupo sa gore le ne le tshwanetse go direla Morena wa lone, ka bosakhutleng. Mo kgannyeng e, bosakhutleng bo ka nna go fitlhela botshelo jwa lelata bo fela. Jona, yo o nnileng malatsi a le mararo le masigo a le mararo mo mpeng ya leruarua (Mathaio 12:40) o bolela fa a ne ale moo ka "bosakhutleng." (Jona 2:6) Ga go belaesege gore malatsi a le mararo mo lefifing a ne a bonala e kete ke bosakhutleng.

Ka jalo re tshwanetse ra nna kelotlhoko go tlhaloganya gore ke fa kae le leng, fa ditemana di bapisetsang go tswa mo moleting wa molelo ke tsela e e looto ya go tlhalosa gonyelela ka bosakhutleng. (Tshenolo 21:8) e re bolelela go tlhamaletse gore noka ya molelo ke loso lwa bobedi. Bobipo bo na le bokhutlo. Baikepi ba a nyelediwa.

5. KE ENG GO TSHWANETSE GO NNA LE BOBIPO

Mo tshimologong, Modimo o tlhodile lefatshe le le senang selabe. Boleo bo ne jwa tsena mme mo ga tlisa matlhotlha pelo, go bola le loso. Fa e kare o tsena ko lapeng mo phirimaneng, o bo o fitlhela ntlo ya gago e thukuthilwe, e thubilwe, a o ka e tlogela e tse jalo ruri? Nnnya, o ka e feela o ntsha leswe o bo o phephafatsa gotlhe, o bo o latlha dilo tse di senyegileng di sena bobaakanyo. Modimo o tla dira mo go tshwanang. O tla tlhokomela tshenyo le kgotlelo ya sebe gangwe fela a dira lefatshe le lesha mo boemong jwa sone. Leano la Modimola go ntlafatsa lefatshe le ka molelo, ke go baakanyetsa lefatshe le le itshekileng le ba ba bolokilweng ba tla nnang mo go jone.

Modimo o lebaganye le mathata a a tlhwaafetseng, ka gore sebe ga se a senya lefatshe ka namana, se amile le batho. Sebe se sentse botsalano jwa rona le Modimo le bangwe ka rona. Setho se tselela ka go tshwenngwa ke mathata a a tshwanang go kgokgontsha bana, dikankere tse di farologanyeng tsa moya le tse dingwe jalo. Modimo o tshwanetse gore tsatsi lengwe a nyeletse sebe, ka gore sone se nyeletsa batho.
Mathata a Modimo o nang le one ke a: O ka nyeletsa sebe jang mme a sa nyeletse batho botlhe ba ba amilweng ke sebe? Tshwetso ya gagwe e ne ya nna go tsaya mogare wa sebe mo mmeleng wa gagwe. O ne a letlelela kankere ya sebe go mo nyeletsa kwa mokgorong. Maduo a se:

"Fa re ipolela dibe tsa rona, o boikanyego le boammaaruri go re itshwarela dibe tsa rona a bo a re ntlafatsa mo tshiamololong yotlhe." - 1 Johane 1:9.

Modimo o re fa tharabololo ya gagwe mo mathateng a boleo, e sena tuelo mo go mongwe le mongwe. Mo go utlwisang botlhoko, bangwe ba lwela go ngaparela bolwetse jo ja sebe. Mme Modimo ga o kitla o pateletsa ope go tlhopha tsela ya gagwe ya botshelo jo bosakhutleng. Ba ba gananang le tharabololo ya gagwe, e tla re kwa bokhutlong ba nyelediwe ke bolwetse(jwa sebe). Mabaka a a tiileng a bobipo ke a:

"gonne ke biditse, mme ga o a araba, ke buile, mme ga o a reetsa. O dirile bosula mo ponong yame, mme wa tlhopha se se sa intumediseng." - Isaia 65:12.

Ka maitlhophelo a rona a re kgaogantse le Jesu, ba ba boikepo, ba tla lemoga fa tsela e le nngwe fela e leng ya go swa ka bosakhutleng.

6. GO TLA LOPA ENG GO LATLHEGA?

Le ntswa dikwalo di sa rute fa molelo wa bobipo o felela mo go bogeng ka bosaengkae, di re fa lesedi la gore ke maiphitlhelo a a ntseng jang go latlhega. Baikepi ba ya go tlhoka lesego la botshelo jo bosakhutleng. A kutlobotlhoko e kgolo go lemoga fa boitumelo jwa botshelo jo bosakhutleng le Modimo bo ba dule diatleng, me e leng gore ga ba kitla, gope hela ba nna le maitemogelo a botsalano jo bo tletseng lorato ka dingwaga tsotlhe.

Fa Keresete a le mo Mokgorong, sebe sa lefatshe se mo kgaoganya le Rara, o tshwanetse a bo a utlule botlhoko jwa ba o ba ba latlhegetseng ruri. Jaaka fa baikepi ba leba botshelo jo bo letobo jo bo fa pele ga bone, ba bona go nyelela ka bosakhutleng fela. Batshwanetse go swa ba sena tsholofelo ya tsogo ya bobedi. Gape ka nako e tshwanang, ba bona ka fa ba kgarameditseng Jesu Keresete, ba mo kgophela ntle nako le nako fa a ne a ba atamela ka lorato lo lo golo. Kwa bokhutlong ba wa ka mangole ba bo ba lemoga tshiamo ya Modimo le lorato lwa gagwe (Bafilipi 2:10, 11).

Ke sone se bakwadi ba Baebele ba re kgothatsang ka maitlhophelo a rona le go batla Keresete.

"Re lo kgothatsa gore lo seka lwa amogelela tshegofatso ya Modimo lefela. Go nne are "mo nakong ya kutlobotlhoko ya me ke go utlwile, le ka letsatsi ja poloko ke go thusitse." Ke a lo bolelela, Jaanong ke letsatsi ja poloko." - Bakorintha 6:1-2.

Ke kgona go akanya go sena tirafalo e e fetang ya motho yo o tshamekisang setlhabelo se se senang tlhwatlhwa sa ga Jesu ka go itlhophela go latlhega. Ditlamorago tse di re lebaganyeng di tlhamaletse: go nyelela ka bosakhutleng-bosakhutleng jo bo senang boleyong jwa Modimo, kgotsa botsalano jo bo emeng ka bosakhutleng le Keresete jo bo rurifatsang dikeletso tsa rona tse dikgolo. O itlhophela eng wena ka esi? Ke eng o sa ipatlele bokamoso jwa gago mo Keresete gompieno?

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy