A MODIMO O TSHIAMO?

Mosimanyana mo toropong-kgolo nngwe, o bolailwe ke lerumo le le neng le tswa mo tlhobolong e e fudilweng ke segopa sa dirukuthi, fa a ntse a tsweletse le go dira tiro ya gagwe ya sekolo mo tafoleng lapeng la bone.

Mme mongwe o fitlhela fa ngwana wa gagwe a na le mogare wa AIDS a o tsere mo go thelweng madi a a amegileng.

Ditiragalo di a tswelela mo lefatsheng la rona. Mme re eletsa thata go utlwa dikarabo tsa mo gotlhe. Modimo o kae mo lefatsheng le le senang pelotlhomogi le tletse tshotlego le loso? Mopesalema o re rurifaletsa gore "lefatshe le tletse lorato lwa gagwe lo lo sa palelweng" (Pesalema 33:5). Mme fa e le gore se ke boammaaruri, ke eng a sa fedise tshotlego le ditiragalo tse? Kgaolo ya bo 20 ya lokwalo lwa ga Tshenolo e supa gore ke jang le leng fa Modimo a tla tlisang bokhutlo jwa sebe le go boga.

1. DINGWAGA TSE DI SEKETE DI BIPOLOTSWE

Tshenolo 20 e simolola ka dingwaga tse di sekete tse di latelang go tla ga ga Keresete ga bobedi. Ditirafalo tse di amang sebaka sa dingwaga tse di sekete ke tirafalo ya bofelo ya kgothang fa gare ga ga Keresete le Satane tse di ntseng di tsweletse fa esale sebe se tsena mo lefatshing.

Tirafalo e e simolotse kwa legodimong fa Lusefera a fufegela Keresete, a simolola ntwa le baengele ba ba sa wang, a kobiwa - a kobelwa mo lefatshing la rona. Tirafalo ya tswelela mo tshimong ya Edene, ya fologela le metlha go fitlhela e fitlha mo setlhoeng fa Satane a gatelela batho go bapola Keresete. (O ka eletsa go seka-seka polelo e e botlhokwa e mo kaelong ya boraro).

Tirafalo e tla fitlhelela setlhoa sa yone sa bofelo mo bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete fa lefatshe la rona le le bosula le phephafadiwa le bo le bewa ka fa tlase ga taolo ya ga Keresete. Tshenolo 20 e re bontsha gore lo baka lwa dingwaga tse 1000 lo farologangwa ke ditsogo tse pedi.

Modimo o tsosa bomang mo baswing mo tsogong ya ntlha e e dirafalang mo tshimologong ya dingwaga tse 1000?

"Gosego e bile go boitshepo ba ba tlaa nnang le karolo mo tsogong ya ntlha. Loso lwa bobedi ga lo na nonofo mo go bone, mme ba tlaa nna baperesiti ba Modimo gape ele ba ga Keresete mme ba tlaa busa le ene mo dingwageng tse di sekete." - Tshenolo 20:6. (fa ese go tshwaetswe dinopolo tsotlhe tsa lefoko mo kaeding ya TLHOTLHOMISA - a tswa mo go New International Version ya Baebele ya [NIV].)

Ba "ba sego le boitshepo", ba ba amogetseng Jesu jaaka Mmoloki, ba tla mo "tsogong ya ntlha." Fa basiami ba ka "busa le" Keresete mo dignwageng tse 1000, ba tshwanetse go tsosiwa mo tshimologong ya dingwaga tse di 1000.

Ke bafe ba ba tsosiwang mo tsogong ya bobedi mo go tswalweng ga dingwaga tse di sekete?

"Bangwe ba baswi ga baaka ba tla mo botshelong go fitlhela dingwa tse di sekete di khutlisiwa." - Tshenolo 20:5.

"Bangwe ba baswi" ka gore basiami, "Ba ba sego le boitshepo" ba tsosiwa mo tshimologong ya dingwaga tse 1000 go tshwaiwa ke tsogo tse pedi.

Ye ke tsogo ya basiami mo tshimologong ya tsone, le ya baikepi mo tswalong ya tsone.

2. GO TSOSIWA KWA GO TLENG GAGA KERESETE

Tsogo ya ntlha, ya basiami e dirafala mo go tleng ga bobedi ga ga Keresete.

"Ka gore Morena ka sebele o tla fologa kwa legodimong, le…. Pitso ya Modimo ka terompeta, mme baswi mo Moreneng ba tla tsoga pele. Morago ga moo, rona ba re santseng re tshela mme re setse re tlaa kopana le bone momarung go kopana le Morena mo lowaping mme re tlaa nna le Morena ka bosakhutleng." - 1 Batheselonia 4:16-17.

Fa Jesu a tla mo lefatshing le gape, O tsosa "baswi mo go Keresete" a bo a ba tsaya, ga mmogo le basiami ba ba tshelang, go ya legodimong ka gore baikepi ba setse ba ngaparetse sebe, ga ba kake ba tshela mo boleyong jwa Modimo mme ba senngwa mo go tleng ga ga Keresete (Luke 17:26-30). (O ka eletsa go sekaseka mo kaelong ya 8, ditirafalo tsedi amanang le go bowa ga ga Jesu).

3. SATANE A BOFILWE KA DIKEETANE MO LEFATSHING MO LOBAKENG DINGWAGA TSEDI SEKETE

Fa dingwaga tse 1000 di simologa, basiami botlhe ba ile legodimong mme baikepi ba sule botlhe go tla dirafala eng mo lefatshing le mo dingwageng tse 1000?

"Mme ka bona moengele a fologa ko legodimong a tshotse sekopolo sa molete mme a tshotse mo seatleng sa gagwe keefane e kgolo mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, eleng Diabolo kgotsa Satane, a mmofa ka lobaka la dingwaga tse di sekete. A mo latlhela mo moleteng, mme a lotela, a khurumetsa fa godimo fa gagwe, go mo itsa go raela dichaba go fitlhelela bokhutlo jwa dingwaga tse di sekete." - Tshenolo 20:1-3.

Mo go tleng ga ga Jesu Satane o a tshwarwa mme o tla sala mo diketaneng mo lobakeng lwa dingwaga tse 1000. Satane o ya go bewa mo botshwarang kae? Mo "moleteng", lefoko la segerika le le rayang "boteng-feng" kgotsa "boteng jo bo senang bolekeletso". Mo go Genesise 1:2 kgolagano ya segerika mo kgolaganong e kgologolo e dirisa lefoko "Klolete" go tlhalosa lefatshe le le mo seemong se se tobekanyeng pele ga malatsi a tlholo a simologa. Jaanong lefatshe la rona ke molete o Modimo a tshwarelang Satane mo go one.

Dikwalo di tlhalosa Satane a tshwerwe ka "keetane e kgolo." A se ke keetane ya boammaaruri? Nyaa, ke setshwantsho, keetane ya diemo. Satane o ka eletsa go tswelela a raela batho mo dingwageng tse 1000, mme ga a kake a bona basiami ba a ka ba raelang, ka gore ba kwa legodimong. Mme ga a kake a bona moikepi yo o ka mo etelelang ka gore botlhe basule ba robetse mo leroleng lwa lefatshe. Ga go kgonege gore a raele ebile a tsietse ope, o tsamaya mo lefatsheng le le senang sepe a gatelelwe ke go tsenelela matlhoko otlhe a pelo, le dikutlobotlhoko tse a di bakileng.

4. BASIAMI BA ATLHOLA BAIKEPI

Lobaka lwa ngwaga tse di sekete gape ke nako ya katlholo. Mme gakologelwa gore katlholo e na le dikgaolo tsa konokono dile nne.
1) Katlholo pele ya Masala a basiami pele ga gotla ga bobedi ga ga Keresete.
2) Maduo a basiami mo go tleng ga bobedi.
3) Katlholo ya baikepi mo dingwageng tse di sekete.
4) Maduo a ga Satane le baikepi mo bokhutlong jwa sebaka seo. (O ka eletsa go sekaseka kaelo 13 le kgato 1 le 2 ya katlholo tsheka-tsheko le maduo a basiami). Re tla lebelela kgato 3 le 4, tsheka-tsheko le maduo a baikepi.

Re bonye gore baswi ba ba tshiamo ba ba tsositsweng le basiami ba ba tshelang ba tseelwa kwa legodimong mmogo mo go tleng ga bobedi ga ga Keresete. Ba kwa gae kwa legodimong mo lobakeng lwa dingwaga tse 1000. Ba tla bo ba dira eng?

"A o itse gore BAITHEPI [ba bolokwa] BA TLA ATLHOLA LEFATSHE? … A o itse gore re tla atlhola baengele?" - Bakorintha 6:2-3.

"KA BONA DITERONE TSE MO GO TSONE GONENG GO NTSE BA BA FILWENG TETA YA GO ATLHOLA… BA TLA MO BOTSHELONG BA BUSA LE KERESETE DINGWAGA TSE DI SEKETE." - Tshenolo 20:4.

Mo sebakeng sa dingwaga tse 1000, basiami ba tla seka-seka ditsheko tsa baikepi ba setho le baengele ba ba oleng, go balelwa le moeteledipele wa bone Satane. Go tshwanela jang bagaka, bafenyi le batshabi ba ntwa ba ba ngaparesteng lefoko le le boitshepo go seka-seka le go tlhaloganya katlholo ya Modimo mo baikeping.

Modimo o neetse setho tshegofatso le sebaka sa go ganela tirisanyo ya gagwe le baikepi. Re ka nna le dipotso tse dintsi, jaaka: "Ke eng fa rakgadi a se fa? O ne a lebega e kete ke motho yo o molemo." Fa re boelela dipego re atlhola baswi "go ya ka fa ba dirileng ka teng go begilwe mo Dikwalong" (temana 12). Re tla iponela ka sebele gore mo go direng ga Gagwe le batho, Modimo o ne a le tshiamo le mongwe le mongwe. Re tla bona ka fa Moya o Boitshepo o neileng batho sebaka morago ga sebaka go ikanya mo Modimong, mme tshiamo ya sengwe le sengwe e tla papamala.

5. SATANE A GOLOLWA FA DINGWAGA TSE DI SEKETE DI FELA

Mo go tswalweng ga dingwaga tse 1000, Baebele e tshwaela jaana:

"Ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema yo mosha, o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadi yo o kgabetseng monna wa gagwe." - Tshenolo 21:2.

Motse mogolo o montle o ntse ele legae la rona mo dingwageng tse di sekete. Jaanong toropo-kgolo e e boitshepo - le Keresete le batho botlhe ba a ba bolokileng moteng - ba fologa legodimong go tla mo lefatshing la rona.

Satane o dira eng mo tswalong ya dingwaga tse 1000?

"Fa dingwaga tse di sekete di sena go fela, Satane o tlaa gololwa mo kgolegelong ya gagwe mme o tla tswa a ya go raela dichaba mo dikhutloeng tse nne tsa lefatshe… go ba phuthela ntwa. Mo palong batho, ba kana ka moshawa o o mo lotshitshing la lewatle. Ba gwanta mo lefatshing ka bophara. Badikologa kampa ya batho ba Modimo, le motse o mogolo o A o ratang." - Revelation 20:7-9.

Baikepi ba tsosiwa mo tsogong ya bobedi mo tswalong ya dingwaga tse 1000 (temana 5). Fa basiami ba fologela mo lefatshing mo toropong-kgolo e e boitshepo, mme baikepi ba bo ba tsoswa, Satane, o tla gololwa ka sebakanyana" (temana 3). Ene gape a na le baikepi go ba etelela kgatlhanong le basiami jaaka se a se ikaeletseng, a sa senye sebaka o simolola go rulaganya baikepi mo mophatong o mogolo. Satane o fa taolo ya go gwanta kgatlhanong le motse-mogolo. Jaaka baikepi ba ipaakanya go ya ka maemo ba dikologa Jerusalema yo mosha (verse 9) ba lemoga ka tebo e bofefo ka ga letshogo le le boifisang la go latlhega go latlhega ka bosakhutleng.

6. SESUPO SA KATLHOLO YA BOFELO

Fa, lantlha, setho sotlhe se kopana difatlhogo di lebanye. Jesu O etelela bana ba Modimo ba ba rekolotsweng ba ba mo teng ga motse-mogolo. Satane a bo a etelela boidiidi jwa baikepi ba ba kontle ga makotswana. Mo sebakeng se se pitlaganyeng se, Modimo o tla bo a simolola kgaolo ya bofelo ya katlholo mme baikepi ba bo ba amogela letsatsi la bone mo kgotla-tshekelong.

"Mme ka bona setulo se segolo sa bogosi… le yo o neng a ntse mo go sone… mme ka bona baswi, bagolo le bannye ba eme fa pele ga terone, mme… baswi ba atlholwa go ya fa ba dirileng ka teng jaaka go kwadilwe mo dikwalong." - Tshenolo 20:11, 12.

Jaaka baikepi ba ema fa pele ga terone ya tshekiso, botshelo jotlhe bo bulega fa pele ga bone. Go tswa mo mekwalong e e kwa legodimong, Jesu, moatlhodi yo o tshiamo, O phuthulola polelo e tletseng ka go dira ga gagwe le banna, basadi le baengele ba ba oleng. Lebopo lotlhe le lebelela ka kgathego e e tseneletseng. Ba eme fa pele ga terone ya Modimo, Jesu o neela mongwe le mongwe tebo e eletsegang ka tiro ya Gagwe ya thekologo. O tlhalosa gore o tsile go batla le go boloka ba ba timetseng. O tsenye mo lefatsheng la rona ka nama ya setho, a tshela botshelo jwa sebe fa gare ga tielo le diteko, mme a tswa setlhabelo mo mokgorong, a dira jaaka Moperesiti wa rona mo legodimong. Kwa bokhutlong fa ka kutlobotlhoko Keresete a gatela pele abo a fetisetsa katlholo mo go ba bai tlhophetseng go gana tshegofatso ya Gagwe, se tshedi sengwe le sengwe mo lefatshing se tla amogela tshiamo le botlhokwa jwa tiro ya katlholo ya selegodimo.

"Re tla ema rotlhe fa pele ga setilo sa Modimo sa katlholo". Go kwadilwe: "Fela jaaka ke tshela; go bua Morena, 'lengole lengwe le lengwe le tla obama fa pele ga Me; leleme lengwe le lengwe le tla ipolela fa pele ga Modimo." - Baroma 14:10-11.

"Keresete Jesu… One a nna boikobo go fitlhela kwo losong - le eleng loso mo mokgorong!… ka leina la ga Jesu mangole otlhe a tla khubama, kwa legodimong le mo lefatsheng, … le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete ele Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara!" - Bafilipi 2:5-11.

Go simolola fela fa sebe se simologa, Diabole o ntse a senya popego ya Modimo, a mo tshwaya phoso ya go tlhoka tshiamo. Mme jaanong dipotso tsotlhe di arabilwe ditlhakatlhakano tsotlhe di rarabolotswe. Jaanong setshedi sengwe le sengwe mo lobopong se amogela gore Jesu, Kwana ya Modimo, O tshwanelwa ke lorato lwa rona le kobamelo. Leano lotlhe le maikaelelo a Modimo a senotswe ka botlalo, mme popego ya Modimo e eme ka boammaaruri.

E seng fela babolokwa, le baengele ba ba bosula le Satane ka sebele ba tla bolela gore ditsela tsa ga Satane dine di sa siama le gore ditsela tsa Modimo di tshiamo le boammaaruri. Botlhe ba bona gore bosula le bopelotshetlha di gogetse fela kwa kutlobotlhokong le go tlhoka go kgotsofala mme ga gona mosola wa go tswelela.

7. SEBE SE KOPANA LE BOKHUTLO JWA SONE

Lefa Satane le boidiidi jwa batho ba ba boikepo ba dumela gore ditsela tsa Modimo di tshiamo, dipelo tsa bone ga di fetoge, dipopego tsa bone di sala di ntse di le bosula. Mme fa katlholo e sena go fetisiwa, baikepi:

"Mme ba saila fela ba ralala boatlhamo jwa lefatshe, mme ba dika botlhaolelo jwa baitshepi, le ona motse o o rategang. Mme molelo wa fologa kwa legodimong, wa ba laila. Mme Diabolo yo o ba tsieditseng a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le sulefura…. Mme loso le bobipo tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. Bodiba jwa molelo ke jone loso lwa bobedi. Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa botshelo a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo." - Tshenolo 20:9-15.

Mo katlholong ya bofelo molelo wa Modimo o sa khutleng o tla senya sebe le ba ba se ngaparetseng ka bomo. Satane le botlhe ba ba timetseng ba nyelela mo "losong lwa bobedi", loso lwa bosakhutleng le go senang tsogo mo go lone. Tiro ya bone ya boingaodi e tlogetse baikepi ba sa lekana boitumelo jwa boammaruri, mme ba senngwa le Diabolo le baengele ba gagwe. Molelo wa selegodimo o phephafatsa gotlhelele lefatshe le tshenyo ya sebe. Modimo onna le lebopo lo lo phepha kwa bofelong, a sa tlhole gape a tshoswa ke bosula. Tiilo e e mashetla fa gare ga tshiamo le bosula, fa gare ga ga Keresete le Satane, kwa bokhutlong e fedile, mme Keresete o a busa. Disiro di awa mo setshwantshong sa bogologolo sa sebe, mme go bo go tlhaga mo kgalalelong lefatshe je lesha la dikgonego tse di senang selekanyo.

8. LEFATSHE LE NTLHAFADIWA LE DIRWA LESHA

Go tswa mo moloreng wa bokhutlo, phephafatso ya tshenyo ka molelo, Modimo o tla bopa lefatshe le lesha.

"Mme ka bona legodimo je lesha le lefatshe je lesha; gonne legodimo ja ntlha le fetile, le lefatshe la pele… Mme ka bona motse o boitshepo, Jerusalema yo mosha o fologa mo legodimong o tswa kwa Modimong… ' Bonang boago jwa Modimo bo mo bathung, mme o tla aga nabo, mme ba tla nna batho ba ona, le Modimo ka osi o tla nna nabo, mme o tla nna Modimo wa bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone. Mme ga go kitla go tlhola go le loso lefa ele bohutsana lefa ele selelo lefa e le botlhoko ka gore dilo tsa pele di fetetse ruri… Ke dira dilo tsotlhe disha!" - Tshenolo 21:1-5.

Le buseditswe mo tshimologong ya lone ya bontle, lefatshe le nna legae la babolokwa ka dipaka tse di sa khutleng. Le golotswe mo bopelotshetlheng bolwetsi, le mo pogisegong, re na le lebopo lotlhe go le kanoka, botsalano jo bontle go bo simolola, le bosakhutleng jwa go nna fa dinaong tsa ga Jesu go reetsa, go ithuta le gorata. (Go tsaya tlhaloso e tletseng ya lefatshe je lesha, o ka eletsa go bala gape kaelo 9).

O loga leano la gore o bo ole fa kae mo letsatsing jeo? A o tsere tshwetso ya go nna le Keresete mo teng ga motse mogolo o bo o bolokwa ka bosakhutleng? Kgotsa o tla bo ole kwa ntle ga motse-mogolo o sena le Keresete o bo o latlhega ka bosakhutleng?

Fa o beile botshelo jwa gago mo mabogong a ga Jesu, ga go tlhokafale gore o itemogele masaitseweng a a tshosang a ba ba tla bong ba le kwa ntle ga motse-mogolo ba ba lemogang gore ba timetse ka bosakhutleng. Go sa kgatlhalesege gore botshelo bo go tiseditse eng, fa o baya botshelo jwa gago mo diatleng tsa ga Jeso gompieno, o ka nna moteng ga motse - mogolo le Keresete le babolokwa. Fa o ise o dire jalo, neela Jesu pelo ya gago jaanong, mme o tla go sireletsa ka lorato lwa gagwe le boitshwarelo. Se ke sebaka sa gago. Le ke letsatsi la gago la poloko.

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy