A BONTSI BO KA NNA PHOSO?

Mo kaelong ya lesome le borataro (16) re lemogile gore go ikhutsa ka letsatsi la bosupa (Sabata) go botlhokwa mo botshelong jwa gompieno jo bo wetsang dingalo. E reka Modimo a tlhaloganya ditlhoko tsotlhe tsa rona, o ne a dira gore e re ka letsatsi lengwe le lengwe la bosupa re ikhutse senama re bo re shafatsa semoya sa rona. Fa a fetsa go tlhola lefatshe la rona mo malatsing a marataro, O ne a "ikhutsa" ka la bo supa a bo a le "segofatsa" a le "itshepisa" (Genesis 2:1-3).

Fa Modimo a a fa batho ba gagwe ditaolo tse some, Israela, O ne a baya molao wa go tshegetsa letsatsi ja bosupa ele Sabata, fa gare ga melao ya gaGwe (Ekesodo 20:8-11). Go ya ka molao o, Sabata ke segopotso sa nonofo ya Modimo ya go tlhola, letsatsi le re tlhatlhanyang re akanya ka bontle le dikgakgamatso tsa tiro ya gagwe ya tlholo, gape e le letsatsi la go kanoka ka boteng botsalano jwa rona le Ene. Fa a santse a tshela jaaka batho mo lefatshing, le Ene o ne a tshegetsa Sabata (Luke 4:16) A bo A e tlanya e le letsatsi le le busetsang le le nang le poelo mo Bakereseteng (Mareko 2:27, 28). Dikgaolo di le mmalwa mo lokwalong lwa Ditiro, di papamatsa fa barutwa ba ga Keresete ba ne ba obama ka Sabata morago ga tsogo ya gaGwe (Ditiro 13:14; 16:13; 17:2; 18:1-4,11).

1. POTSO E E TSEANYANG

Se se re tlisa mo kgannyeng e ba le bantsi ba bonang e lapisa. Lefatshe la Sekeresete, ka nako e e rileng, le ntse le obamela ka malatsi a mabedi a a farologanyeng. Ka fa letlhakoring le lengwe, Bakeresete ka bontsi ba obama ka letsatsi la ntlha/Sontaga le ba ipolelelang fa e le segopotso sa tlhatlogo ya Morema. Letlhakore lengwe, palo e ntsi ya Bakeresete e e boammaaruri, e dumela gore Baebele e tlotla letsatsi la bosupa jaaka Sabata, ebile ga gona gope fa go bolelwang ka go itshepisiwa ga Sontaga. A go na le pharologanyo ya gore letsatsi le re le obamelang ke lefe la Sabata? Jaaka batho ba ba nnete, ba ba batlang go itse boammaaruri, re tshwanetse ra ipotsa: "go dirafala eng ka Jesu? Jesu o eletsa gore re dire eng?"

Fa re tla mo tshwetsong ka se, dintlha di le mmalwa di tshwanetse tsa sedifadiwa: Ke mang yo o fetutseng Sabata go tswa mo letsatsing la bosupa e leng Sateretaga/Matlhatso, go ya go Sontaga le e leng letsatsi la ntlha la beke? A Baebele e tlhomamisa phetogo e? Fa go ntse jalo, a Modimo, Keresete kgotsa le Baaposetoloi, ba dirile phetogo e? Re tla tswelela ka go leba kgolagalo ya se, ntlha tsotlhe.

2. A MODIMO O FETOTSE LETSATSI?

A go na le nngwe kitsiso e e tswang mo Modimong ya go fetola Sabata go tswa mo letsatsing la bosupa go ya go lantlha la beke? Bakeresete ba le bantsi ba tsaya Melao e some e le kaelo e e lolameng ya go tshela (go tshela ka yone). Melao e, ke yone molaetsa fela o Modimo A o kwadileng ka boene a o kwalela batho. E botlhokwa thata, O kwadile mo lomating ka monwana wa gagwe (Exodus 31:18).

Mo molaong wa bone, Modimo o re laola gore:

"Gakologelwa letsatsi ja Sabata go le itshepisa. O dire o bo o swetse tiro yotlhe ya gago mo malatsing a marataro, mme LETSATSI JA BOSUPA KE SABATA WA GA JEHOFA MODIMO WA GAGO. Mo go jone o se ka wa dira tiro epe… Gonne mo malatsing a marataro Modimo o dirile magodimo, lefatshe, lewatle le tsotlhe tse di mo go ona, mme wa ikhutsa ka letsatsi ja bosupa. Mme MODIMO WA ITSHEPISA letsatsi ja Sabata wa le SEGOFATSA." - Ekesodo 20:8-11.

Fa Modimo a a fa batho ba gagwe Melao e some, o ne a laela ka kgatelelo gore go se nne motho ope lefa e le mang yo o tla oketsang kgotsa a baakanya ditaelo tse di tswang mo dipounameng tsa gagwe tse di boitshepo.

"LO SEKA LWA OKETSA SE KE SE LO LAOLELANG e bile LO SEKA LWA FOKOTSA sepe, mme lo tshegetse tse Jehofa MODIMO wa lona o di lo nayang." - Duteronome 4:2.

Modimo ene o ikana gore ga a kitla a oketsa kgotsa a fokotsa melao ya gagwe:

"GA KE KITLA ke senyolola tumalano ya me kgotsa ke oketsa se dipounama tsa Me dise boileng." - Pesalema 89:34.

Baebele e tlhamaletse ka gore Modimo ga a a fetola Sabata go tswa letsatsing ja bosupa go ya go la ntlha la beke.

3. A JESU O FETOTSE SABATA?

Go ya ka se Jesu o se bolelang, melao e some ga e kitla e fetolwa.

"Lo seka lwa akanya gore ke tlile go nyeletsa molao kgotsa baporofiti, ga ke a tla go e nyeletsa fa e se go e rurifatsa. Ke le bolela boamaaruri, go fitlhela legodimo le lefatshe di nyelela, e seng tlhaka e nnye go di feta, e seng le mokgwarinyo wa sekwadi, ga di ketla di tswa mo molaong go fitlhelela sengwe le sengwe se rurifadiwa (tlhomamisiwa)." - Mathaio 5:17-18.

Mo kaelong ya bolesome le borataro, re lemogile gore e ne, e le tlwaelo ya ga Jesu go obama mo tempeleng ka Sabata (Luke 4:16). Re fitlhetse gore Jesu O ne a batla barutwa ba gagwe ba tswelela ka go lemoga boitumelo jo bo mo go tshegetseng Sabata ga boammaaruri (Mathaio 24:20). Go tlhamaletse go tswa mo dithutong tsa ga Jesu le dikai gore re santse re tlhoka go ikhutsa ka Sabata re itapolosa re bo re nna le nako e ntsi le Modimo.

4. A BAAPESETOLOI BA FETOTSE SABATA?

Jakobe; moeteledi pele wa ntlha wa phuthego nngwe ya Bakeresete, o ne a kwala se mabapi le melao e some:

"Gonne le fa e le mang yo o tshegetsang melao yotlhe mme a palelwa ke o le mongwe, o e robile yotlhe. Go nne yo o rileng "O seka wa dira boaka o rile o seka wa bolaya! Fa o sa dire boaka mme o bolaya, o nnile morobi wa molao." - Jakobe 2:10-11.

Luke, yo o neng a le ngaka le moreri o bolela gore:

"Ka Sabata re ne ra tswela kwa ntle ka kgoro ya motse ra ya kwa nokeng kwa re neng re solofetse go bona lefelo la go rapela. Re ne rra na fatshe, mme ra simolola go bua le bo mme ba ba neng ba phuthegile foo." - Ditiro 16:13.

Lokwalo lwa Ditiro mo Kgolaganong e Ntsha lo nankola ga masome a robedi le metso e mene (84) ka fa Sabata e tshegediwang ka teng ke balatedi ba ga Keresete, botlhe e le ba ba fetileng dingwaga tse di lesome le bone morago ga tlhatlogo ya ga Jesu: bosabata bale babedi kwa Antioka (Ditiro 16:13), a le mongwe kwa Thesalonika (Ditiro 17:2,3) ba le masome a supa le borobabobedi kwa Korinta (Ditiro 18:4, 11).

Erile fa Johane yo o leng ene moaposetoloi wa bolesome le bobedi e bile e le wa bofelo go swa, a tshegetsa Sabata a kwala are:

"Ka letsatsi la Morena ke ne ke na le Moya." - Tshenolo 1:10.

Go ya ka Jesu, letsatsi la Modimo ke Sabata (Mathaeo 12:18).

Go batlisisa bosupi mo dikwalong go supa fa baaposetoloi ba sa dira maiteko a pe a go fetola letsatsi ja Modimo ja boikhutso go tswa mo go la bosupa go ya kwa go la ntlha la beke. Kgolagano e ntsha e umaka letsatsi la ntlha la beke ga robedi. Ga go na gope mo makgetlong a, fa letsatsi ja ntlha go bolelwang le le boitshepo, gape ga go bolelwe fa re tshwanetse go le seegela fa thoko jaaka letsatsi la kobamelo. Ditlhotlhomiso tse di tseneletseng tsa go supa letsatsi la ntlha la beke gore ke Sontaga di latelana jaana:
1) Bo mme ba ne ba ya kwa phuphung ka letsatsi la ntlha la beke (Mathaeo 28:1).
2) Fa Sabata a fela, bo mme ba ne ba tswelela ka ditiro tsa bone ka letsatsi la ntlha la beke (Mareko 16:1, 2).
3) Jesu o ne a iponaletsa Marea Magadalena ka makuku a letsatsi la ntlha la beke (Mareko 16:9).
4) Baletedi ba ga Jesu ba ne ba simolola ditiro tsa bone ka letsatsi la ntlha (Luke 24:1).
5) Marea o ne a ya kwa phuphung ya ga Jesu mme a fitlhela lebitla le sena ope ka letsatsi la ntlha (Johane 20:1).
6) Barutwa ba ne ba kopana ka "go tshaba Bajuta" (e seng go obama) ka letsatsi la ntlha (Johane 20:19).
7) Paulo o ne a kopa maloko a phuthego go tlhokomela dimpho tsa bone ka letsatsi la ntlha la beke mme a re "lo beele kwa thoko madi" lo a beela batlhoki ba Jerusalema (1 Bakorinta 16:1, 2). Karolo e ga e bue sepe ka phuthego ya Sekeresete.
8) Mo go Ditiro 20:7, Luke o bua ka go rera ga ga Paulo ka letsatsi la ntlha la beke kwa moletlong wa tsamaya sentle. E le ruri Paulo o ne a rera malatsi otlhe mme baaposetoloi ba ne ba kgaoganya senkgwe malatsi otlhe. (Ditiro 2:46).

Ga go lepe la dikwalo tse le le abelang gore baaposetoloi ba ne ba ikaeletse go emisa go itshepisa Sabata. Ba nankotse ka phetogo ya Sabata go ya letsatsing la ntlha la beke. Go tlhamaletse fela gore ga gona bosupi jwa phetogo ya Sabata go tswa go Sateretaga e leng letsatsi la bosupa la beke go ya go Sontaga e leng la ntlha la beke. Phetogo e tsile morago ga malatsi a ga Jesu le baaposetoloi, jalo he, re tshwanetse go boela mo ditsong go bona gore phetogo e e tsile jang, le leng.

5. SONTAGA O TSWA KAE?

Baapesetoloi bare tlhagisa gore Bakeresete bangwe ba tla tlogela (suta mo) dithutong tsa kgolagano e ntsha ya Sekeresete. "Jalo he, itiseng!" (Ditiro 20:29-31) ke sone fela se se diragetseng. Babadi ba ditso ba kwala ka fa Bakeresete ba simologileng ba latlhega mo boitshekong jwa se aposetoloi. Ngwao le dithuto tse Paulo, Petere le bathai bangwe ba phuthego ya Sekeresete ba neng ba ise ba di kanele, di ne tsa tsena mo teng ga phuthego ka bonya.

Phethogo go tswa mo go obameleng Sabata go ya kobamong ya Sontaga di diragetse morago ga kgolagano e Ntsha e wediwa lefa baaposetoloi ba sena go swa botlhe. Ditso di bolela fa Bakeresete ba ne ba tlogela go obama le go ikhutsa ka letsatsi la bosupa mme ba fetogela kwa go la ntlha la beke. Mme badumedi ba ne ba seka ba emisa go obama ka letsatsi la bosupa le eleng Sabata ka mafelo a beke mangwe mme ba simolola go tshegetsa Sontaga jaaka letsatsi la Modimo. Nako ya ntlha e Sontaga a simolotseng go tshegediwa ke Bakeresete, e nnile kwa lefatsheng la Haly, fa gare ga ngwaga wa dikete tse di lekgolo, morago ga ga Keresete. Mo lobakeng lo lo leele morago ga mo Bakeresete ba le bantsi ba tshegetsa malatsi o o mabedi fa bangwe ba ne ba tshegetsa Sabata fela. Ka kgwedi ya Mopitlo a le supa ngwaga wa 321 morago ga loso lwa ga Keresete, Constantine yo mogolo a ntsha molao wa go tshegetsa letsatsi la Sontaga e le la ntlha, a pateletsa batho botlhe kwa ntle ga barui mo lefatsheng la Roma go ikhutsa ka Sontaga. Se, le melao e mengwe e metlhano e e kwadilweng ke ene Constantine e bua ka Sontaga, sa baya kobamelo ya Sontaga molao go fitlhela gompieno. Mo dingwageng tse di dikete tse di lekgolo tsa bone, Khansele ya Laodicea ya kganela Bakeresete go ikitsa go dira ka Sabata, mme ba ba kgothatsa go tlotla Sontaga ka go tlhoka go bereka fa go tlhokega.

Ditso di supa fa kobamo ya Sontaga le go le tlotla e le selo se se dirilweng ke motho. Baebele ga efe tetla epe ka go kgophela Sabatla ntle, se se tswa mo molaong wa bone. Moperofeti Daniele o ne a sale a boletse gole pele gore e tlare mo motlheng wa Sekeresete, go nne le nonofo e e tsietsang e e tla lekang go fetola molao wa Modimo (Daniele 7:25).

6. KE MANG YO O DIRILENG PHETOGO?

Ke mang yo o fetoletseng Sabata go tswa mo letsatsing ja bosupa go ya go la ntlha semmuso? Phuthego ya Katoliki e ipolela fa e dirile jalo. Mo maitekong a go boloka lefatshe la Roma le le neng le nyelela, baeteledi pele ba ba tlotlegang ba diphuthego, ba bo ba mpampetsa ba leka go fetola letsatsi la kobamelo go tswa go Sateretaga go ya go Sontaga. Katakasima ya Kereke ya Roma e balega jaana:-

POTSO - "Letsatsi la Sabata ke lefe?"
KARABO - "Sateretaga ke letsatsi la Sabata".
POTSO - "Ke eng fa re obama ka Sontaga gona le ka Sabata?"
KARABO - "Re obama ka Sontaga mo boemong jwa Sateretaga ka gore Kereke ya Roma e fetoletse boitshepo go tswa go Sateretaga go ya go Sontaga". (Peter Geiermann, The Convert's Catechism of Catholic Doctrine (1957 edition) tsebe 50.

Ba kereke ya Roma, ba itsisitse ka boikgogomoso gore baeteledi pele ba diphuthego ke bone ba dirileng phetogo.

"Letsatsi le le boitshepo, Sabata, e fetotswe go tswa go Sateretaga go ya go Sontaga… eseng go tswa mo go lepe la dikwalo, mme e leng go tswa mo nonofong ya kereke… Batho ba ba akanyang gore dikwalo di tshwanetse go nna tsone tse di kaelang ba tshwanetse go nna batshegetsi ba letsatsi la bosupa, ba itshepise Sabata." (Cardinal Maida, Archbishop of Detroit, Saint Catherine Catholic Church Sentinel, Algonac, Michigan, May 21, 1995.)

7. DIKEREKE TSE DINGWE TSA KGANETSO TSA RENG?

Dikwalo tsa semmuso tse di supang ditumelo tsa diphuthego tse dingwe, di dumela fa Baebele e sa fe tetla ya kobamo ka Sontaga.

Martin Luther yo e leng mothei wa phuthego ya Lutere, o kwadile Augsburt Confession Article 28 Paragraph 9 are "Ba (baphuthegi ba Roma) bolela fa Sabata a fetogetse go Sontaga, letsatsi la Modimo kgatlhanong le Melao e some,… gape ga gona sekai sa maikgantsho bogolo fa e se sa go fetola letsatsi la Sabata. Bogolo, ba rialo, ke nonofo le thata ya taolo ya phuthego, fa e sale ba fiwa ditaolo tse some. Baithuti ba boruti ba kereke ya Methodist, e bong Amos Binney le Daniel Steele ba ne ba batlisisa me ba lemoga: "Go boammaaruri, ga go na taolo epe ya kolobetso ya masea… lefa e le epe ya go boloka letsatsi la ntlha la beke." - Theological Compend (New York: Methodist Book Concern, 1902), ditsebe 180,181.

Dr. N. Summerbell, moithuti wa ditso tsa barutwa ba ga Keresete kgotsa phuthego ya Sekeresete, o ne a kwala jaana: "Phuthego ya Roma e ne e tlhanogile gotlhelele… E ne ya fetola Taolo ya Bone ka go latlha Sabata wa Lefoko la Modimo, mme ya tlhoma Sontaga jaaka letsatsi le le boitshepo." - A True History of the Christian and the Christian Church, ditsebe 417, 418.

8. KGANG YA BOAMMAARURI KE ENG?

Se se re lere kgatlha thu! le dipotso: Ke eng fa Bakeresete ba bantsi ba boloka Sontaga kwa ntle ga taolo ya Baebele? Le se se botlhokwa segolo: Ke ka boloka letsatsi lefe? A ke ke latele ba ba reng, "Ga ke bone fa go dira pharologanyo epe gore ke boloka letsatsi lefe fela fa ke boloka lengwe mo go a a supa."? Kgotsa, a ke ke tseye go le botlhokwa letsatsi le Jesu, Motlhodi wa rona, O le tlhomileng fa A ne A tlhola lefatshe la rona; le letsatsi le Modimo O le supileng mo Ditaolong tse Some: "letsatsi ja bosupa ke Sabata"?

Fano re bua ka go feta tshupo fela ya ka kwa ntle, gore tota ke lefe letsatsi le le boammaaruri go ya ka Baebele. Kgang e e botlhokwa fa, ke ya kutlo mo go Jesu. Motlhodi wa rona O ne A beela kwa thoko Sabata jaaka letsatsi le le "boitshepo", jaaka nako ya gore rona le malwapa a rona re tle gaufi Nae go batla nonotsho le tshafatso. Ke ke utlwe mang? A ke ke utlwe Keresete, Morwa Modimo, kgotsa ngwao ya setho mo kgannye ya gore ke itshepisa letsatsi lefe? Itlhophelo e papametse: dithuto tsa batho kgotsa ditaolo tsa Modimo. Lefoko la batho kgotsa lefoko la Modimo. Se se emiseditsweng ke batho kgotsa taolo e e boitshepo?

Moperofeti Daniele o naya tlhagiso mo go ba ba ka "lekang go fetola dinako tse di tlhomilweng le melao" (Daniele 7:25, NIV) [ba ba lekang go fetola dipaka le molao (Daniele 7:25 NKJV)]. Modimo o bitsa batho ba gagwe gore ba boele mo kutlong. O ba laletsa go boloka letsatsi la Sabata e le sesupo sa boineelo le lorato mo go Ene.

Jesu O ne A re, "Fa lo nthata lo tla tshegetsa ditaolo tsa Me" (Johane 14:15). Mme O solofetsa botlalo jwa boipelo mo go ba ba Mo ratang mo go lekanyeng gore ba boloke ditaolo tsa Gagwe (Johane 15:9-11). Re na le Mmoloki yo o gakgamatsang. O tlhologeletswe gore re bone lorato lwa Gagwe ka botlalo jwa lone. Pelo ya kutlo ya boitetlo e bulela lorato loo kgoro.

Kwa tshimong ya Gethesemane Keresete O ne A ineela ka mo go feletseng mo go rateng ga ga Rragwe - lefa etswa A ne A lebaganye le mokgoro mme maleo a lefatshe a somola botshelo jwa Gagwe. E ne ya re fa A lelela kwa Modimong, "Tlosa senwelo se mo go nna," A fela A ineela mo ikuelong ya Gagwe, A oketsa ka gore, "Mme e seng go rata ga Me, e leng go rata ga Gago" (Mareko 14:36).

Keresete O tlhologelelwa gore re itemogele botlalo jo bo leriweng ke botshelo jwa boineelo. Mme gape O batla gore re itemogele boipelo jwa boikhutso jwa Sabata. O batla gore re Mo ikanye mo go lekanyeng go Mo utlwa mo dintlheng tsotlhe tsa botshelo. Fa o araba pitso ya Modimo o bo o utlwa ditaolo tsa Gagwe tsotlhe, o tla itemogela tsholofetso ya ga Jesu ya gore boipelo jwa Gagwe bo tla nna mo go wena le boipelo jwa gago bo tla nna botlalo (bona Johane 15:11).

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy