SEPHIRI
SA GO GOLA KA BOTSALANO
Ka
dingwaga tsa bo 1960 di simologa, mokwaulengwe Andrew, rre yo o tswang
Holland, a tsenya thoto ya di Baebele e se ka fa molaong mo koloing
ya gagwe ya VW, fa a tlolela mo lefatsheng la Romania, mme a feta badisa
ba makomanisi. O ne a gorogela mo lefelong la bogorogela baeng mme a
simolola go rapela gore Modimo a mo kaele kwa ditlhopheng tsa Bakeresete
tse di neng di ka dirisa dibaebele tse. Ka mafelo a beke, Andrew a ya
go botsa mokwaledi wa lefelo le a gorogetseng mo go lone kwa a ka bonang
phuthego/kereke. Mokwaledi a moleba ka kgakgamalo, mme a a raba a re
ga re na dilo tseo mono waitse, gape ga o kake wa tlhaloganya puo ya
rona."
Andrew
a fetola ka gore "A ga o itse? Bakeresete ba na le puo e e tshwanang."
"A
o! ke efe e o?"
"Ke
puo e e bidiwang "Agape."
Mokwaledi
one a ise a ke a utlwalele ka se, mme Andrew a mo tlhomamisetsa fa ele
puo e ntle thata mo lefatsheng."
Andrew
o ne a kgona go bona diphuthego di le mokawana mo kgaolong e o mme a
kgona go buisa diphuthego le Mookamedi le mokwaledi ba phuthego nngwe.
Ka go tlhoka lesego Andrew le borre bao ba ne ba itse diteme dingwe
tsa se Europa, mme ba fitlhela e le gore ga go ope wa bone yo o neng
a tlhaloganya puo e e neng e buiwa ke yo mongwe. Ka jalo, ba nna ba
lebagane ba sa kgone go buisana. Andrew o ne a tsamaile maeto a a diphatsa
ka morwalo o wa gagwe, mme ga bo go se tsela epe e a neng a ka bolela
fa bo rre ba, e le Bakeresete ba nnete kgotsa e le babueledi ba molao.
Kgabagare
o ne a bona Baebele ya puo ya se Romania mo tafoleng mo nngweng ya matlwana
a bodirelo. O ne a ntsha Baebele ya puo ya se Dutch mo pateng ya gagwe.
O ne a bula lekwalo la 1 Bakorinta 16:20 mme a thapholola letsogo go
supa Baebele, a supa leina la buka, e bakaulengwe ba kgonneng go e lemoga.
Ka ponyo ya leitlho difatlhego tsa bone tsa supa boitumelo. Ba ne ba
senka kgaolo e e tshwanang le temana mo Dibaebeleng tsa bone tsa se
Romania mme ba bala."
Borre
ba, ba nyenya le Andrew. Mme mongwe wa bone a batla mo Baebeleng ya
gagwe, a bona lokwalo lwa Diane 25:25. Andrew a bona temana e mme a
bala: "Borre ba, ba nna metsotso e e sephatlo sa oura ba abelana
ba bo ba bua - mme ba buisana ka lekwalo le le boitshepho. Ba ne ba
itumeletse bokopano jo jwa botsalano jo bo tlodileng makoma a ngwao,
mo ba neng ba tshega ba bo ba gelola dikeledi. Andrew o ne a itse fa
a bonye bakaulengwe ba gagwe. E rile a ba bontsha morwalo wa gagwe wa
Dibaebele, bo rre ba Romania ba ne ba itumetse mo ba neng ba mo atla
gangwe le gape.
Phirimaneng
e o kwa ntlong ya bogorogelo, mokwaledi a tla kwa go Andrew mme a akgela
a re "Ke lebile lefoko le la 'Agape' mo sebalamakgolong, mme ke
fitlhetse go sena puo ya leina leo. Ke lefoko la puo ya segerika le
le rayang lorato." Andrew a fetola ka gore "Ke gone! Ke ne
ka bua ka puo eo tshokologo yotlhe."
A o
setse o bonye puo e ntle e? Mo kaelong e, o tla ithuta ka fa Modimo
A ka re tlisang rotlhe mo lorakong lwa gagwe lo lo golo lwa Lorato.
1.
PHUTHEGO E TLHOLETSWE BOTSALANO
Jesu
o tlhomamisitse phuthego go re e tle e thuse motho mo letlhokong la
gagwe la go gola le thuso. Rotlhe re na le letlhoko. Ke sone se phuthego
e leng botlhokwa. Ke lefelo le re tlang go obama re bo re thusana. Dikwalo
di supa phuthego e e nonofileng ya Seaposetoloi e e biditseng banna
le basadi go tla kobamong ya botsalano e e neng ya goroga le kwa go
Mogodimodimo.
"Re
lo tlhomamisetsa ka se re se bonyeng le se re se utlwileng, go re le
lona le nne le botsalano le rona. Botsalano jwa rona bo nale Rara le
Morwawe Jesu Keresete. Re kwala se go konatelela boitumelo jwa rona."
- 1 Johane 1:3, 4.
Bontsi
jwa dipelo dikopantswe ka kamano le Jesu Keresete le mongwe ka yo mongwe
go itemogela 'boitumelo' jo bo feletseng! Ba bua teme e le nngwe, teme
ya lorato.
Bakeresete
e nna karolo ya lelwapa le le golo. E nna bakaulengwe mo go Keresete
ka botlhe ba na le moya o le mongwe ka bokaulengwe. Fa kutlwano e e
nna kgolo, le popagano e nna kgolo mo Bakereseteng.
Maloko
a diphuthego tse di tlhomilweng ke ba posetoloi ba ga Jesu a ne a pataganetse
ditumelo tse di tshwanang jaaka:- go rata Modimo ga o ne, le keletso
ya one go mo direla le go abelana tshegofatso ya gagwe le lefatshe ka
bophara. Botsalano jo bo nitameng jo, ke lengwe la mabaka a a dirileng
gore setlhopha se, se senang nonofo se le bonnye jo, jo bo kgobilweng
marapo se pitikolole lefatshe ka molaetsa.
2.
PHUTHEGO E KERESETE A E TLHOMILENG
A Keresete
o na le phuthego, kgotsa kakanyo e ya sedumedi ke se se itiretsweng
ke motho? Jesu o a araba:
"Mo
lefikeng je ke tla aga phuthego ya me, mme dikgoro tsa bobipo ga di
ketla di e fenya." - Mathaio 16:18.
Jesu
ke lefika le le tshegetsang, Motheo wa phuthego ya gagwe.
Ke
setlhopha sefe se se dirang motheo?
"E
agilwe mo motheong wa baaposetoloi le baperofeti, Keresete Jesu ka bo
ene e le motheo o o nitemeng." - Baefesia 2:20.
Morena
o robile eng fa moletsa o sena go rerwa?
"Mme
Morena a okeletsa phuthego ka malatsi otlhe seo se se ka bolokwang."
- Ditiro 2:47.
Fa
Jesu a tlhoma phuthego, o ne a solofetsa gore dikgoro tsa bobipo ga
di ketla di e fenya, "Mme phuthego ya Bakeresete e santse e tshwere
jalo. E nnile le baba ba ba nonofileng, go tswa go bagogi ba mafatshe
go ya go baeteledi-pele ba mebuso, mme madi a mofenyi yo mogolo a e
nonotshitse gore e gole e nonofile. Fa mokaulengwe a le mongwe a a sha
mo bobipong kgotsa a le mo mongobong wa ditau, ba bangwe ba tabogela
go tsaya maemo a gagwe. Diingaudi di dirile bojotlhe jwa tsone go kgoreletsa
phuthego ya ga Keresete. Mme phuthego ya ga Keresete e gaisanya ka boitseanape
jo bo golo jwa dingwaga tsa gompieno. Ngwe ya dikgwetlho tse dikgolo
tsa phuthego e tsile morago fela fa go sena go amogelwa semmuso ga tumelo
ya ba lefatshe la Roma. Kereke e ne ya huma mo go feteletseng, mme ya
tloga ya senyega. Mo dingwageng tseo, e ne e lebega e sule semoya. Mme
Modimo o ne a tshegeditse badumedi bangwe ba ba pelokgale, ba ba ikanyegang,
ba erileng fa go le thata, ba phatsima jaaka dinaledi mo bosigong jo
bo senang ngwedi.
Paulo
o tshwantsha botsalano jwa ga Keresete le phuthego, le monna yo o lorato
yo o sireletsang mosadi wa gagwe (Baefesia 5:23-25). Kereke ke lelwapa,
fa mongwe le mongwe a nnang le botsalano le mongwe lelapeng ebile ba
nna le seabe mo boleng jwa lelwapa (Baefesia 2:19).
O boa
a tshwantsha phuthego le mmele o o tshelang, Keresete ka sebele e le
tlhogo (Bakolosa 1:18).
Fa
re kolobediwa, re supa tumelo ya rona mo go Jesu re bo re na dikarolo
tsa "mmele" o e leng Keresete.
"Go
nne rotlhe re KOLOBEDITSWE ka Moya o le mongwe mo MMELENG O LE MONGWE."
- 1 Bakorinta 12:13.
Lokwalo
lwa ga Tshenolo lo re bontsha Keresete a tsamaya mo diphuthegong, a
supa tlhokomelo ya gagwe mo go tsone (Tshenolo 20, 12, 13). Keresete
ga a ise a latlhe batho ba gagwe e bile ga a kitla a ba latlha.
3.
PHUTHEGO E E NANG LE MAIKAELELO
Go
ya kerekeng go a tlhokega mo Mokereseteng. Re tlhoka thotloetso ya ba
bangwe go tshegetsa tumelo ya rona le gore e gole. Kereke e na le ditshetla
tse tharo tse e thusang ka tsone.
(1)
Kereke e tshegetsa tumelo.
Jaaka pilara ya motheo wa boammaaruri (1 Timotheo 3:15) kereke e tshegetsa
e bo e sireletsa boammaaruri jwa Modimo fa pele ga lefatshe. Re tlhoka
botlhale jwa ba bangwe go re thusa go lebagana le boamaaruri jo bo tlhokegang
jwa dikwalo.
(2)
Kereke ke sekai sa se tshegofatso ya Modimo e ka se direlang baleofi.
Diphetogo tse Keresete a di dirileng mo matshelong a badumedi, di fa
bosupedi mo Modimong yo o re biletsang mo leseding la gaGwe (1 Petere
2:9).
(3)
Batho ba Modimo ke basupi ba gaGwe mo lefatsheng le le tlhokang. Pele
fela fa a tlhatlogela (boela) kwa legodimong, Jesu o ne a solofetsa
barutwa ba gagwe gore:
"Mme
lo tla amogela nonofo fa Moya o Boitshepo o tla mo go lona, lo tla nna
bosupedi ba Me kwa Jerusalema le mo Judea yotlhe le Samaria le kwa bokhutlong
jwa lefatshe." - Ditiro 1:8.
Ke
lesego je kgolo ja phuthego go tsaya molaetsa wa lorato lo logolo lwa
Modimo mo lefatsheng lotlhe.
4.
GO RULAGANYETSA NONOFO
Phuthego
e Keresete a e tlhomileng e ne e na le motheo o o nonofileng. Motho
o ka itlhophela go tsena mo teng kgotsa go nna kwa ntle ga boloko. (Mathaio
18:15-18). Phuthego ya ga Keresete e tlhomile baeteledi-pele e bo e
nna le ntlo kgolo kgoboka le mafelo mangwe a bokopanelo (Ditiro 8:14;14:23;15:2;1
Timoteo 3:1-13) Fa ba kolobediwa, badumedi ba ne ba tsenelela ditlhopha
tse di rulagantsweng (Ditiro 2:41 le 47). Kereke e teng go kgothatsa
setho.
"Mme
are boneng ka fa re ka kgothatsanang mo loratong le mo ditirong tse
di molemo. A re se itsapeleng go kopana, jaaka bangwe ba tlwaetse go
dira, mme a re ROTLOETSANENG go fitlhela re bona letsatsi (ja go tla
ga ga Keresete) le atamela." - Bahebera 10:24, 25.
Se
ka bokhutshwane, ke se kereke e e itekanetseng e se dirang. Maloko a
yone a godisanya mo tumelong, ba a rotloetsana. Modimo o ne a rulaganya
phuthego ya gagwe go nonotsha batho ba One le go direla lefatshe. Re
ka dira go le gogolo fa re bopaganye go nale fa re kgaoganye. A re tseye
sekai se le sengwe: - Phuthego ya Masala. Re tshwere tiro e kgolo ya
kalafi mo lefatsheng - go tswa mo dikokelwaneng tsa dikoloi go ya go
tse di agilweng mo mafelong a a mo ditlhaketlhakeng tsa South Pacific.
Dikolo tsa rona tse dikgolwane di tlisitse diketekete tsa basha mo kitsong
e e botoka ya botshelo mo go Keresete - go tswa kwa Mmadikolo Loma Linda,
kwa go tlwaelesegileng ka loaro lwa pelo, go ya go dikolo tse di potlana
tsa makgotlana tse di gasameng mo Aferika. Re na le thulaganyo ya go
thusa ba ba wetsweng ke leuba le dibetso tsa tlholego ka lenaneo ADRA.
Diphuthego tsa magae, kgotsa tse di mo dikgaolong, di thusa ka go apesa
le go fepa batlhoki le ba ba senang magae ko mafelong a thuso batho
a a a nameng le lefatshe ka bophara. Ditlhopha
tsa badumedi ba sesala di abelana molaetsa wa poloko mo mafatsheng a
feta makgolo a mabedi 200. Setlhophanyana se se rulagantsweng sa badumedi
ba ba tlhoafetseng se ka nna le bosupi jo bo papametseng mo lefatsheng
lotlhe.
Keresete
le baaposetoloi ba ne ba tshwantsha phuthego le mmele, mme ba supa fa
dikarolo tsotlhe tsa mmele di le botlhokwa e bile di tlhokega (1 Bakorinta
12:21-28). Dikarolo tsotlhe tsa mmele ga di tshwane, etswa di le botlhokwa
e bile ditshwanelwa ke go dira mmogo ka kutlwano. Leitlho fa le kgaogantswe
le mmele, ga le kake la bona. Lebogo fa le kgaotswe, ga le na mosola.
A ke leitlho, lebogo kgotsa monwana. Ga re kake ra nna lebokgoni jo
bofeletseng kwa ntle gaga Keresete. Fa re le ba phuthego, go golagana
le bakaulengwe ba bangwe ba mmele go re nonotsha jaaka Bakeresete.
5.
BOITUMELO JWA KOBAMO
Mo
botennyeng jwa dipelo tsa rona, go na le keletso ya go obamela Modimo,
mme keletso eo e ka nyelela, kwa ntle ga fa e nna le bokao jo bo feletseng.
Mopesalema o ne a ikutlwa jang fa a akanya ka go ya kwa ntlong ya kobamelo?
"KE
ITUMETSE le bao ba ba neng ba nthaya bare 'A re ye kwa ntlong ya MORENA.'"
- Paselema 122:1.
Ke
karolo efe e e tsewang ke moopelo mo kobamong?
"Obamelang
Modimo ka boitumelo, lo tle fa pele ga gaGwe ka meopelo ya boiopelo."
- Pesalema 100:2.
Baebele
e re bolelela gore go ntsha dineo kgotsa dimpho ke tshetla e e lolameng
ya go obama mo go boitshepo.
"Lereng
dikabelo mo dikagong tsa ona. Obamelang Modimo ka bogolo jwa boitshepo
jwa gaGwe." - Pesalema 96:8-9.
Thapelo
ke nngwe ya ditshetla tse di botlhokwa tsa kobamo.
"Tlang
re obeng ditlhogo mo kobamong, a re khubameng fa pele ga Modimo Moretlhodi."
- Pesalema 95:6.
Go
ithutuntsha Baebele le go rera lefoko, ke pinagare ya kgolagano e Ntsha
ya kobamelo. Go simolola ka thero ya ga Petere ka letsatsi la Pentekosete,
mo lokwalong lwa ditiro 2, le go tswa ka nako ya baganetsi ba sedumedi
ba bafetofileng go tla mo letsatsing la rona, tsoseletso nngwe le nngwe
ya sekeresete e ntse e ikaegile ka boreri jwa Baebele. Ka go reng? Ka
gonne lefoko la Modimo le a tshela e bile le matlhagatlhaga. Le bogale
go gaisa chaka e e magale mabedi (Bahebera 4:12-13).
6.
KE ENG SE SE SIAMENG KA PHUTHEGO?
Bangwe
ba ganetsa gore phuthego e tletse ka batho ba ba seng phepa. Se Henry
Ward Beecher a reng se boammaaruri: "Kereke ga se motlobo wa go
supa Bakeresete ba ba feletseng, mme ke sekolo sa ba ba leofileng. Ka
go se ope wa rona yo o sa leofang kereke ga e kitla e nna phepa. Mo
nngweng ya dipolelo tsa gagwe, Keresete o re gakolotse gore mhero o
gola mo mabeleng (Mathaio 13:24-30). Fa re bala kgolagano e Ntsha; ya
dikwalo tsa ga Paulo, re fitlhela gore Kereke ya baposteloi e ne e na
le mathata a magolo. Le gompieno phuthego e na le mathata a magolo.
Gakologelwang se: ga gona phuthego e e phoso e e ka senyang kgotsa ya
itaa tsebe motheo o o nonofileng wa phuthego e bong Jesu Keresete ka
bo Ene. Jalo he, mo diphuthegong tse di leofileng re tshwanetse ra tsepa
matlho a rona mo Morekoloding yo O re tlhokomelang. Kwa ntle ga diphoso
tsa yone, phuthego ke ya Gagwe. Jalo he, lebang kwa go Keresete.
"KERESETE
O RATILE PHUTHEGO MME A E INEELA go e dira boitshepo, a e ntlafatsa
ka go e tlhatswa mo metsing ka lefoko le go e ineela a sena selabe,
fa e se A le boitshepo A sena molato." - Baefesia 5:25-27.
Kereke
e botlhokwa mo go Jesu mo a iineetseng fa a swela mongwe le mongwe wa
rona le phuthego ka kakaretso. Jalo he, boloko bo tshwanetse jwa nna
botlhokwa mo go wena. A o leloko la mmele wa ga Keresete?
7.
GO BONA KEREKE
Go
na le maammaruri a le kae a Jesu A nang nao mo lefatsheng?
"Go
na le mmele o le mongwe, Moya
, Modimo o le mongwe, tumelo e le
nngwe, le kolobetso e le nngwe." - Baefesia 4:4, 5.
Ere
ka Jesu a na le tumelo e le nngwe" re ka itse jang gore ke efe?
Jesu o a re kaela:
"fa
motho lefa e le mang a itlhophela go dira ditaolo tsa Modimo, o tla
bona fa dithoto tsa Me di tswa kwa go Rara kgotsa ke ipuela fela."
- Johane 7:17. (bona gape Johane 8:31, 32.)
Fa
re dira maitlamo a go dira thato ya Modimo, o tla re thusa go bona dithuto
tse di tswang kwa go ene kgotsa e le tsa ngwao ya batho. Tshetla ya
konokono ya go bona phuthego ke go kanoka seriti sa yone sa bodiredi
mo lefokong la Modimo. Botsalano jwa boammaaruri bo thaetswe mo dikwalong,
eseng fela mo mogoging yo o itsegeng kgotsa makgotla a magolo.
Tswelela
ka go dira ditlhotlhomiso mo dikaelong tse, tsamaya mo leseding jaaka
fa Modimo a go itshenolela go tswa mo Baebeleng, mme o tla dira molao
wa gagwe motlhofo le thato ya Gagwe. Mokeresete yo o golang ke motho
yo o bulang pelo le tlhaloganyo go amogela boammaaruri jaaka Modimo
a bo senola go tswa mo lefokong la Gagwe.