GO
TSENA MO BOTSHELONG JA SEKERESETE
Lo
ke lokwalo lo lo itumedisang go tswa mo baemeding ba sekolo sa rona
sa Baebele mo Aferika.
"Mo
dingwageng tse tlhano tse di fetileng ke ne ka amogela kopo e tswa kwa
go ba Lentswe la Polelopele gore ke etele motho mongwe wa legolegwa
yo o neng a ithuta Baebele ka tlhaeletsanyo. Ke ne ka isa kopo mo go
baeteledi pele ba kgolegelo, ba ka tshegofatso ba neng ba ntetlelela.
Ka gore moithuti o ne a na le keletso e e tseneletseng ya go ithuta
Baebele, ke ne ke mo etlela kgapetsa-kgapetsa.
"Mo
lobakeng lwa kgwedi tse thataro morago ga loeto la me la ntlha, o ne
a kopa go kolobediwa le go tsena mo Kerekeng jaaka leloko. Baeteledi-pele
ba dumalana go ntsha didirisiwa gore kolobetso e tle e direlwe mo kgolegelong.
Batlhokomela dikago le magolegwa a mangwe ba phuthega go tla go bona
kolobetso e e ntle thata mo go tse ke kileng ka di dira.
"Sebakanyana
morago ga se, mokaulengwe wa rona o ne a ntshiwa mo kgolegelong, lefa
a santse a na le lobakanyana lo a tshwanetseng go lo direla. Fa ke botsa
gore ke eng a gololwa, ke ne ka bolelelwa gore botshelo ja gagwe bo
fetogile ka bofefo; Jaanong e ne e le mosupedi wa Mmoloki wa gagwe le
tumelo ya gagwe mo e leng gore o ne a sa tlhole a akanyediwa jaaka legolegwa,
kgotsa a tsewa jaaka legolegwa. Monna yo o ne a kopanngwa le ba lelapa
la gagwe mme jaanong ke moeteledi-pele mo nngweng ya diphuthego tsa
rona tse dikgolo."
1.
KOLOBETSO E RAYA ENG?
Fa
monna yo wa legolegwa a nna Mokeresete le botshelo ja gagwe bo fetoga
gotlhelele, ke eng go ne go le botlhokwa gore a kolobediwe? Mo puisanyong
le Nikodemo moeteledi wa sechaba yo o neng a tla kwa go Jeso bosigo,
Jeso o papamatsa botlhokwa le gore kolobetso e kaya eng:
"Fa
motho a sa tsalwe sesha, ga a kake a bona bogosi ja Modimo
fa
motho a sa tsalwe ke metse le moya." - Johane 3:3, 5. (Fa
go kwadilwe, dikinolo tsotlhe tsa Baebele mo kaeding ya TLHOTLHOMISA
di tswa mo Baebeleng ya [NIV].)
Jaanong,
go ya ka Jeso re tshwanetse go tsalwa sesha, "Ke metsi le Moya."
"Go tsalwa ka Moya" go supa go tsena mo botshelong jo bosha
ka go tsena mo phetogong ya tlhaloganyo le pelo. Ka gore go tsena mo
bogosing jwa Modimo go akaretsa go tshela sesha mo go feletseng, e seng
fela botshelo jo bogologolo bo baakanngwa, gobidiwa go tsalwa sesha.
Go kolobediwa ka metsi ke sesupo sa kafa ntle se se fang bokao jwa phetogo
e mo teng. Moemedi wa rona o kolobeditse legolegwa jaaka temogo ya gagwe
ya go itshwaela Keresete le sekai sa phetogo e Moya o o Boitshepo O
e simolotseng mo dipopegong tsa gagwe.
2.
KE ENG KE TSHWANETSE GO KOLOBEDIWA
Poloko
ya rona e ageletse ditiro tse tharo tsa ga Keresete:
"Keresete
o SWETSE dibe tsa rona go ya ka dikwalo
O ne a FITLHWA,
A TSOSIWA ka letsatsi la boraro go ya ka dikwalo." - 1 Bakorintha
15:3, 4.
Keresete
O ne A dira gore poloko e kgonege ka loso le phitlho le tsogo ya Gagwe.
"Kgotsa
a go lo itse fa rona ba re kolobeditsweng le Keresete Jeso re KOLOBEDITSWE
MO LOSONG LA GAGWE? Ka gona RE FITLHILWE NAE MO LOSONG KA KOLOBETSO
ele gore JAAKA KERESETE A TSOSITSWE MO LOSONG ka kgalalelo ya Rara,
JALO LE RONA RE TLE RE SEPELE MO BOSHENG JA BOTSHELO." - Baroma
6:3, 4.
Keresete
o swetse dibe tsa rona, a fitlhwa, mme a tsoga mo lebitleng gore fa
botshelo jo bosha ja tshiamo. Ka go kolobediwa re tsaya karolo mo losong,
phitlho le tsogo ya ga Jeso. Kolobetso e raya gore re swetse go leofa
le Keresete, re bo re fitlha botshelo jo bogologolo ja sebe mo go Keresete,
mme re tsogela go "tshela botshelo jo bosha" mo go Keresete.
Loso la ga Keresete le tsogo ya Gagwe e nna loso la rona le tsogo ya
rona. Modimo o kgona go re dira gore re swe mo sebeng, jaaka e kete
re ne re bapotswe. O kgona go re tshidisetsa dilo tsa Moya jaaka e kete
re tsositswe mo baswing.
Tiro
ya senama ya kolobetso e supa dikgato tsa phetogo. Sa ntlha, re folosediwa
mo metsing, re bo re tibisiwa gotlhe fela jaaka batho ba ba tlhokafetseng
ba folosediwa mo lebitleng ba bo ba khurumediwa. Se se raya gore re
eletsa go swa le Keresete re bo re fitlha botshelo ja rona jo bogologolo.
Kolobetso ke phitlho, tsamaya sentle e rulaganyeditsweng mo botshelong
jo sebe se neng se agile mo go jone. Re bo re tsholediwa go tswa mo
metsing ke yo o kolobetsang, fela jaaka motho a tsosiwa mo lebitleng.
Se se raya gore re "dibopiwa tse disha", re filwe "botshelo
jo bosha" mo go feletseng ke Modimo.
Go
tibisa fela ke gone mo go ka supang kafa go siameng tlhaloso ya kolobetso
- loso, phitlho, le go tsalwa sesha. "Kolobetso" ka go kgatsha
metsi ga e supe go tsalwa sesha mo go lekanyeng.
Go
swa le Keresete tota go raya eng?
"Ka
re itse mo, go re, botho ja rona ja bogologolo bo bapotswe Nae gore
mmele wa boleo o nyelediwe le gore re seka ra tlhola re le mo kgolegong
ya boleo." - Baroma 6:6.
Kolobetso
e supa kafa ntle se motho a tshwanetseng go se dira mo teng: go neela
gotlhe mo go Keresete. Fa re sa ise gotlhe kwa Modimong, re tla tswelela
re ntse re le "makgoba a boleo." Fa re ineela mo go feletseng
mo go Keresete, dikeletso tsa rona tsa boleo ga "di na nonofo"
mme phetogo ya rona e bo e simologa.
Ke
mang yo o tlhokomelang phetogo e e dirafalang?
"Ke
bapotswe le Keresete, le fa go ntse jalo ke tshedile, le fa go ntse
jalo e bo e sa tlhole e le nna, me ke KERESETE YO O TSHIDILENG MO GO
NNA. Mme botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, KE BO TSHELA
MO TUMELONG E BONG TUMELO E MO GO MORWA MODIMO, Yo O nthatileng A bo
A intshetsa." - Bagalatia 2:20.
Fa
ke tshwantshanya papolo ya ga Keresete le kolobetso ke laletsa nonofo
e mashetla mo botshelong jame - "Keresete O tshela mo go nna."
Gore
o tle o bege botshelo ja gago ka mo go feletseng mo mabogong a ga Keresete,
pele lebelela go swa ga ga Keresete mo mokgorong. O seka wa lebelela
sebe se se go tshosang, o seka wa lebelela tse di fetileng o bo o utlwa
botlhoko; leba go Jeso. Fa o lebelela loso la ga Keresete le le tletseng
tshegofatso le tsholofelo kwa khalefari, o ka nna le bokopano ka maikutlo
le kgatlhego e le nngwe-fela le Ene, "ka nonofo ya mokgoro ke tsaya
gore ke swetse mekgwa e megologolo ke bo ke tsibogela Modimo. Ke tlhomamisa
boemo ja me mo go Keresete. Go tswa fano go ya pele ke tla" tshela
ka tumelo mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng A bo A intshetsa nna."
Jaaka
re goga mo nonofong ya loso la ga Keresete le tsogo re bona bontsi ja
ditiro tsa Gagwe tsa tshiamo di emela mekgwa ya rona ya bogologolo.
"Mme
ke gona fa motho a le MO GO KERESETE, o a ba ale SEBOPIWA SE SESHA,
dilo tsa BOGOLOGOLO di fetile, bonang di ntse DINTSHA." - 2 Bakorintha
5:17.
Ka
kolobetso re supa keletso ya rona ya go tshwaragana le Jeso re bo re
tshela botshelo jo bosha jo bo botoka "mo go Keresete." Keresete
o re diretse tse re neng re sa kake ra kgona go di itirela. Re tsoga
mo metsing re le "popo e ntsha"; A bo a re fa nonofo ya go
tshela botshelo jo bosha.
3.
KE ENG FA JESU A NE A KOLOBEDIWA?
Ka
nako ya tshololo ya Moya O O Boitshepo, Petere o ne a bolelela ba ba
neng ba ba tla go gololwa mo melatong go "ikwatlhaya ba bo ba kolobediwa
gore Keresete a kgone go itshwarela "dibe tsa bone" (Ditiro
2:38). E re ka Jeso a ise a ko a dire boleo, ke eng a ne a itletla gore
a kolobediwe?
"Mme
JESU A TSWA kwa Galilea, A TLA KWA JOREDANE KWA GO JOHANE, A TLA GO
KOLOBEDIWA
GO DIHATSA TSHIAMO YOTLHE JALO." - Mathaio 3:13,
15.
Jesu
O ne a se na boleo. O ne a sa tlhoke go ikwatlhaela boleo bope. O kolobeleditswe
lebaka-lengwe: "go dirafatsa tshiamo yotlhe". Ka go kolobediwa,
Jesu o ne a fa sekai se se tlhamaletseng mo go rona batho ba ba bokoa
ba sebe. Keresete ga a ise a reye barutwa ba gagwe a re ba ye kwa a
iseng a ye teng. Jaanong fa badumedi ba tibisiwa mo metsing a kolobetso,
ba setse morago dikgato tsa Kgosi. Ka gore Keresete O swetse dibe tsa
rona, O re file tshiamo ya Gagwe.
"Ene
Yo Ona A sa itse boleo bope O mo dirile go nna boleo mo boemong ja rona;
gore rona re nne tshiamo ya Modimo mo go Ene." - 2 Bakorintha 5:21.
Re
fetotswe mo matlhong a Modimo mo baleofing go nna baitshepi, re gola
mo "tshiamong eo", mme re bo re tshela botshelo jo bosha mo
go Keresete.
4.
KE ENG KE TSHWANETSE GO TIBISIWA?
Keresete
O ne A tibisiwa mo kolobetsong ya Gagwe; ga a ka a kgatshiwa ka metsi.
Johane o mo kolobeditse mo nokeng ya Joredane "ka gore go ne go
na le METSI A MANTSI" (Johane 3:23). Fa Jesu A ne a kolobediwa,
O ne A fologela mo metsing. "Fa Jeso fela a sena go kolobediwa"
[go tibisa, Segerika] O ne A TLHATLOGA MO METSING (Mathaio 3:16).
Fa
re tlhaloganya tlhaloso ya boammaaruri ya kolobetso, ga re ka ke ra
nna le mathata a go lemoga mokgwa wa boammaruri wa kolobetso. Lefoko
la "kolobetso" le tswa mo lefokong la Segerika "baptizo"
le le rayang go tibisa kgosa (go baya kwa tlase).
Mo
lobakeng lo John Wesley a neng a etetse kwa Amerika ka 1737, baphuthegi
bangwe ba le 34 ba ne ba mo leka ka teko e e gakgamatsang ya "go
gana go kolobetsa ngwana wa ga Rre Parker, fa e se fela ka go tibisa."
Go bosupi gore Fatere wa Methodist o ne a kolobetsa ba ba sokologileng
ka go tibisa.
John
Calvin wa moikwatlhai a re: "Go tlhaloganyesega go re go tibisa
go ne go dirwa ke diphuthego tsa bogologolo." - Institutions
of the Christian Religion, Bk.4, Chap 15, Sec, 19.
Ditso
tsa kereke tsa pele di papamatsa go re kolobetso e ne e raya go tibisa.
Dean Stanley, wa kereke ya Enyelane, o kwadile jaana. "Mo sebakeng
sa disenchuri tse di lesome le botlhano, e ne e kete lefatshe lotlhe
le dirisa kolobetso e re balang ka ga yone mo kgolaganong e ntsha, e
leng yone tlhaloso tota ya lefoko go "kolobetsa" - gore ba
ba neng ba kolobediwa ba ne ba tibisiwa mo metsing." Christian
Institutions, p. 21.
Kolobetso
ya go tibisa ba sokologi e bonala mo dikerekeng di le dintsi tse di
neng di agilwe fa gare ga dingwaga tsa bo 300 le bo 1300 mo Europa le
Asia, dikereke jaaka Kathederale mo Pisa, Italy le St. John's kereke
e tona mo Roma.
Go
simolotse fa khansele ya Ravema pele mo dingwageng tsa bo 1400 kereke
ya Katoliki e bo e amogela fa go kgatsha go lekana le go tibisa. Mo
dipotsong ka ga ditiro tsa kereke, ga re a tshwanela go sala morago
se motho a se rutang, mme fa e se se Keresete le baaposetoloi ba Gagwe
ba se rutang. Bakeresete ba le bantsi ba rotloetsa kolobetso ya bana,
go neela Modimo bana ba rona kwa tshimologong go a letlelesega. Mme
Baebele e bolela gore motho o tshwanetse a rutiwa tsela ya poloko pele
ga kolobetso. (Mathaio 28:19-20), gore motho a dumele mo go Jeso pele
ga kolobetso (Ditiro 8:35-38), le gore motho a ikwatlhaele sebe a bo
a itshwarelwa pele ga a kolobediwa (Ditiro 2:38). Ngwana ga a kgone
go dumela, go ikwatlhaya, le go ipolela tse di tshwanetseng go tla pele
ga kolobetso.
5.
KE ENG GOLE BOTLHOKWA GO KOLOBEDIWA?
Go
ya ka Jeso, kolobetso e botlhokwa mo go ba ba eletsang go tsena kwa
legodimong.
"Ga
gona yo o tla tsenang ka bogosi ja legodimo fa e se yo o tsetsweng ka
metsi le ka moya." - Johane 3:5.
Jeso
o bolela selo se le sengwe fela se se farologanyeng. Legodu mo mokgorong
le ne la "tsalwa ka Moya," lefa go ne go sa kgonege go tlogela
mokgoro a bo a tibisiwa mo metsing jaaka sesupo sa pelo ya gagwe e fetogileng.
Mme Jesa A mo tshepisa gore O tla nna le ene mo bogosing. (Luke 23:42,
43). Ka legodu, le "tsetswe ka metsi le ka Moya" go emela
madi a ga Jeso a a neng a tshololwa go mo tlhatswa mo dibeng. Augustine
o ne a elatlhoko "Go na le kgang e le nngwe e e begilweng ka go
ikwatlhaya gaufi le loso, boikwatlhao ja legodu, gore ope a se ka a
itlhoboga; le e le nngwe, gore ope a se ka a go tsaya go le lolea."
"Yo
o dumelang a bo a kolobediwa, o tla bolokwa: me yo o ganang go dumela
o tla sekisiwa." - Mareko 16:16.
Ka
go swa mo boemong jwa rona kwa Khalefare, Jeso O ne A dira sesupo sa
lorato la Gagwe mo phatlalatseng. Re tshwanetse ra dira se ka phatlalatsa,
ipolelelo e e senang ditlhong ka go ineela mo go Keresete ka kolobetso.
A o simolotse botshelo jo bosha mo go Keresete? A o kolobeditswe? Fa
go sa nna jalo, ke eng o sa ipaakanyetse kolobetso mo lobakeng lo lo
tlang?
6.
KOLOBETSO KE TSHIMOLOGO FELA
Kolobetso
e supa go ineela mo botshelong ja Sekeresete. Mme boineelo ja rona ka
kolobetso ga bo ame botshelo jwa rona fela ka bojosi ja jone.
Fa
ngwana a tsholwa, go baakanyediwa mokete. Fa le tsatsi la pelegi le
feta boitumelo bo a fokotsega, losea lo batla go jesiwa tsatsi le letsatsi,
go tlhapisiwa, le tlhokomelo ya tsatsi le letsatsi. Go tshwana fela
le kolobetso. Paulo a riana ka itemogelo ya gagwe, "Ke swa tsatsi
le letsatsi" (Bakorintha 15:3). Ka go fetogela bopelotshetlha tsatsi
le letsatsi, re nna kutlo mo go Keresete gangwe le gape.
Boipelo
ja kolobetso, jaaka maletlo a lenyalo, bo ne bo direletswe go rurifatsa
mo go siameng gore botsalano jo bontle jo bo golang bo simologile. Gore
bo gole sentle, re tlhokana le go ineela Keresete tsatsi le letsatsi,
bokopano ja tsatsi le letsatsi jwa botshelo jo bosha ka thapelo le go
ithuta Baebele.
7.
SE SE BAKANG BOIPELO
Kolobetso
ke yone e bakang boipelo ka gore ba ba bayang tshepo ya bone mo go Keresete
ba na le tlhomamiso ya botshelo jo bo sakhutleng. "Yo o dumelang
a bo a kolobediwa o tla bolokwa" (Mareko 16:16). Fa re kolobediwa,
re a bo re le mo tseleng e e isang kwa godimo le boipelong ja bosakhutleng.
Kolobetso
e ipelela boitumelo jo bo leng teng le Keresete. O solofetsa mpho e
e senang tuelo ya Moya O O Boitshepo mo go ba ba kolobeditsweng (Ditiro
2:38). Le Moya O O Boitshepo go tla "Maungo a Moya" "lorato"
lo lo tlatsang botshelo ka "bopelotelele, boingotlo, bopelonomi,
boikanngo, bonolo le boikgapo." (Bagalatia 5:22, 23).
Go
nna le Jeso a tshela mo go rona ka Moya wa Gagwe O O Boitshepo go re
fa tlhaloganyo e tletseng ya tlhomamiso. Ka gore "Moya ka boEne
O A supela
gore re bana ba Modimo" (Baroma 8:15,16).
Botsalano
jo bo sireletsegileng mo Modimong bo re fa dipoelo, mme ga bo supe botshelo
jo bo senang mathata. Le gale, yo bosula o a tle a leke go tikela mathata
a a thata mo go ba ba sa tswang go dira maitlamo mo go Keresete. Le
fa go ntse jalo, fa re le mo diatleng tsa Modimo, re itse gore O ka
dirisa sengwe le sengwe se se re dirafalelang se le maswe kgotsa se
siame, go re ruta le go re thusa go gola (Bona Baroma 8:28).
Mme
mongwe wa monana o ne a dira tshwetso ya go neela Keresete botshelo
jwa gagwe a bo a kolobediwa, go sa kgathalesege matshosetsi a monna
wa gagwe a go mo tlhala. O ne a sa batle karolo epe ya tumelo ya gagwe
e ntsha, mme a ngaparela Jeso a leka go nna mosadi yo o lorato go nale
pele. Nako e nngwe monna o ne a ketefatsa dilo mo lapeng. Mme kwa bokhutlong
o ne a fenngwa ke kganetsano e e a neng a palelwa ke go e araba: "botshelo
ja gagwe jo bo fetogileng." Monna yo a neela Keresete botshelo
ja gagwe mme le e ne o ne a kolobediwa.
Go
ngaparela Keresete "fa gole thata le fa go se thata" Go tla
re dira didirisiwa tse di nonofileng mo diatleng tsa Gagwe. Re neela
matshelo a rona mo go Ene re ngosele ka gore o setse a dirile maitlamo
a bofelo mo go rona ka go duelela maleo a rona mo mokgorong. Ke
lesego le thotloetso e kgolo jang go Mo naya lorato la rona mo pontsheng!
Fa o ise o dire jalo, ke eng o sa neele botshelo ja gago mo go Keresete
gompieno jaana? Mo kope gore a bope botshelo jo bosha mo go wena ka
Moya O O Boitshepo, mme o bo o kolobediwa mo go Keresete.