SEPHIRI
SA BOTSHELO JO BO ITEKANETSENG
Babatlisisi
ba nako eno ba tsere matsapa a magolo go kwala boammaruri jo Baebele
e sale e bo boletse lantlha. Batho ke bongwefela jo bo tlhakantseng
dilo tse dintsi. Se ka gale re ka se kgaoganyang jaaka, senama, tlhaloganyo
le dikarolo tsa motho tsa Semoya, di bapile e bile ga di kake tsa kgaoganngwa.
Ka mafoko a mangwe, se se amang tlhaloganyo, se ama mmele. Seemo sa
rona sa Semoya se na le tiro e se e dirang mo seemong sa rona sa senama,
fela jalo. Re batho ba ba feletseng.
Sekai,
babatlisisi ba maranyane ba lemogile mo dithutong tse di laolwang gore
setshego sa boitumelo le boipelo se dira diphetogo mo karolong e e thibelang
malwetsi. O ka thusa mmele wa gago ka go lwantsha malwetsi botoka ka
go itumela! Dithuto tse di supa ka fa tlhaloganyo le mmele di dirisanyang
mmogo ka teng.
Dikete
tsa dingwaga tse di fetlileng lefoko la Modimo le ne la supa kgolagano
e e botlhokwa fa gare ga tlhaloganyo le mmele e mo bogautshwaneng e
neng e le gone e amogelwang mo dikwalong tsaa bongaka.
"Pelo
e e ntseng mokete ke kalafo e e molemo, mme moya o o phatlogileng o
omeletsa marapo." - Diane 17:22.
Go
ya ka Moaposetoloi Johane, tlhaloganyo le mmele di tsalana jang le Semoya
sa rona?
"Moratwa,
ke rapelela gore mo dilong tsotlhe o tle o tlhogonolofale, o robale
sentle, fela jaaka moya wa gago o abo o ntse o tlhogonolofetse."
- 3 Johane 2.
Motlhodi
Wa rona O batla re "itumelela kgotsa re akola botsogo jo bo siameng."
Lefoko la Modimo e ka nna motswedi wa botsogo le jaaka motswedi wa botshelo
jo bosakhutleng. Ka gonne nama le boitekanelo ja tlhaloganyo le Semoya
sa rona di a tsamaelana, Paulo o dira boikuelo jo bo latelang.
"Me
ke gone lefa lo ja, lefa lo nwa, lefa e kabo e le eng se lo se dirang,
tsotlhe fela lo di direle kgalaletso ya Modimo." - 1 Bakorintha
10:31.
Lefoko
le le molemo le akaretsa tshiamiso ya Semoya le ya senama. Botshelo
jo bo itekanetseng bo ka re dira gore re nne Bakeresete ba ba matlhagatlhaga.
Fa
gona le melawana e le boroba-bobedi e o ka e salang morago fa tota o
batla go tshela botshelo jo bo itekanetseng e bile bo na le maduo.
1.
PHEFO E E PHEPA
Phefo
e e phepha tota e siametse botsogo jo bo siameng. Mo motshegareng le
bosigo fa o robetse, go nna le mekgwa e e siameng ya go tsenya phefo
mo malapeng le kwa mafelong a tiro go supa gore madi a rona a tla nna
a phatlalatsa phefo e e lekanyeng mo karolong nngwe le nngwe ya mmele.
Go
gwantela godimo mo mosong go tsitsibosa mmele wa gago ka go gopa tshefo
e ntsi. Mofuta wa phefo o re o hemang o botlhokwa. O ele tlhoko gore
o seka wa fitlhela o amanye le mosi digese (gases) kana megare e tsalegang
mo phefong e tswa mo sengweng se se fitlhegileng. Go goga motsoko go
senya phefo mme ke nngwe ya dibolai tse dikgolo mo malatsing a gompieno.
Ba boranyane ba patlisiso ba bonye bongwe botsalano fa gare ga motsoko,
le kankere ya makgwafo, khupelo le malwetse a pelo. Go tlwaela ga mmele
tagi e e mo motsokong e e bidiwang nikotini e dira gore go goga e nne
mokgwa o o thata go tlogelwa. E tla re ka ngwaga wa 2020, go goga motsoko
go tla bo go bolaile batho bale didikadike di le lesome le bobedi ngwaga
le ngwaga.
2.
MARANG A LETSATSI
"Go
na le dipoelo tse dintsi tsa marang a letsatsi".
1. Fa o ka aramela letsatsi metsotso e le 15 go ya go ele 30 tsatsi
le letsatsi mo mosong kana moragonyana mo tshokologong, go thusa mmele
go itirela kotla ya Vitamin D, kotla e tlhokegang mo letlalong. Kotla
e ya Vitamin D, e thusa madi go dira matswai a agang le go baakanya
bokete ja marapo.
2. Marang a letsatsi a thusa go bolaya megare.
3. Letsatsi le fa nonofo e dimela di e dirisang go fetolela phefo e
senyegileng le metsi mo dijong tse di fang maatla
. Fa se se kabo
se sa diragale diphologolo le batho ba ne ba ka bolawa ke tlala.
4. Letsatsi le thusa motho go tlwaela tiro ya bosigo, le bo le mo ntsha
mo bothateng jo bo amanang le malatsi a lefifi fa Mariga a simologa:
"lefoko la tlhagiso: Letsatsi le ka nna kotsi. Go nna mo letsatsing
nako e telele go ka fisa letlalo, le bo le ntsifatsa mabaka a go tsenwa
ke kankere ya letlalo, le bo le fefosa go tsofala, le senya matho, le
bo le dira gore o seka wa bona sentle e kete matlho a apesitswe ke bobi.
[Dikinolo tsotlhe mo kaelong e di tswa mo LOOK UP AND LIVE: A Guide
to Health, Dithuto tsa bagolo; Kgwedi tharo ya ntlha 1993, (Nampa, Idaho:
Pacific Press Publishing Association). Bontsi ja se se mo Kaelong e
se se sa nopolwang se ntshitswe mo kgatisong yone e].
3.
BOIKHUTSO
Mmele
o tshwanetse go nna le boikhutso gore o kgone go ipaakanya. Re tshwanetse
ra nna le nako ya go itlosa bodutu le go ikhutsa go golola letsapa la
tiro le maikarabelo a lelapa kwa ntle ga selekanyo se se tlhokegang
sa go ikhutsa, batho ba felela ka maikutlo a etsaetsegang, kgatelelo,
le go kokonelwa kgatelelo e kana ya maikutlo e ka felela e bakile bolwetse,
se se tla re pateletsang go tsaya boikhutso jo mebele ya rona e ntseng
e bo batla ka nako tsotlhe. Ga gona se se ka dirisiwang mo boemong ja
boroko jo bo siameng mo bosigong.
Go
ntshafatsa nonofo ya rona ya Semoya tsatsi le letsatsi go botlhokwa
mo botsogong ja rona ja senama. Nako ya Mokeresete ya malatsi otlhe
ya go ithuta Baebele le thapelo go ka fodisa mmele le moya.
Re tlhoka go ikhutsa kgapetsa-kgapetsa mo tirong, boikhutso ja letsatsi
mo bekeng, le go ikhutsa nako nngwe mo ngwageng.
4.
GO ITSHIDILA
Go
itshidila go botlhokwa thata mo botsogong ja rona:
"1. Go itshidila go thusa go baya madi mo seemong se se siameng.
"2. Go itshidila go letelela madi a le mantsi go fitlha mo dikarolong
tsotlhe tsa mmele, go akaretsa diatla le dinao.
"3. Go itshidila go fokotsa kgatelelo ya maikutlo le ya mmele,
go bo go go thusa go ikutlwa o le botoka mo botshelong. Go itshidila
ke yone kalafi e e botoka mo go thorontshegeng ga mogopolo le letsapa
le legolo.
"4.Go itshidila gofa nonofo tsibosa boboko le ditshika. Go rotloetsa
botsogo ka go tsosolosa tsela ya go lwantsha malwetse. Fa mmele o bewa
mo seemong se se siameng ka go itshidila mo go siameng tlhaloganyo e
akanya sentle.
"5. Go itshidila go ka go thusa tebego ya letlalo la gago go bo
go baya mo mmeleng o siameng.
"6. Go itshidila go go dira matlhagatlhaga e bo e fokotsa letsapa
le maikutlo a a sa iketlang.
"7. Go itshidila go thusa boboko go dira motswako mongwe o o go
fang tlhaloganyo ya boitekanelo go bo go oketsa bokgoni ja gago ja go
utlwa ditlhabi"
Fa
ele gore o ntse o sa itshidile, simolola ka iketlo o bo o oketsa jalo
fa o simolola go nna le bopelotelele. Go botlhokwa go kopana le ngaka
ya gago pele ga o simolola. Mokgele wa gago o tshwanetse go nna go tsenelela
mofuta mongwe wa itshidilo o ka tshwantshwang le go tsamaya mmaele mo
metsotsong ele lesome le botlhano kana go feta, mo bekeng.
5.
METSI
Jaaka
metsi a le botlhokwa mo karolong nngwe le nngwe ya mmele, re tshwanetse
ra nwa metsi a mantsi.
1. Bosupa mo lesomeng ja bokete ja mmele ke metsi.
2. Mmele o tlhoka selekanyo sa bobedi le sephato sa metsi ka letsatsi
go dira tiro tsotlhe tsa one. Dingwe tsa ditiro tse di akaretsa go tsamaya
ga madi mo mmeleng, go ntsha leswe, go phatlalatsa dikota le go silwa
ga dijo.
3. Motho yo o fa gare o na le dikarolonyana tsa boboko, tse di bidiwang
di cell di ka nna didikadike di le lesome le botlhano go ya go masome
a mane.
Nngwe le nngwe ya tsone e na le selekanyo sa masome a supa go ya kwa
go masome a ferabobedi le botlhano a metsi. Fa metsi a dikarolwana tse
a lekanye, a go thusa go nna podimatseba le go fokotsa letsapa le legolo.
4. Ga se metsi a o a nwang fela a botlhokwa, go tlhapa malatsi otlhe
ka metsi a tseditshana go thusa phatlalatso ya madi go bo go fa mmele
le tlhaloganyo maatla. Go tlhapa go ka fodisa ditshika tse di opang,
tse di tlisang bolwetse ka go koafatsa masole a mmele. Go tlhapa go
ntsha leswe mo mmeleng go bo go fokotsa letshoroma.
6.
GO JA SENTLE
Kwa
tlholong Modimo o laetse Adamo le Efa go ja manoko, mabele le maungo
(Genesise 1:29). Morago ga go leofa ga ga Adamo le Efa, merogo ya tsenngwa
modijong tsa bone. (Genesise 3:18). Morago ga morwalela, Motlhodi a
oketsa ka dijo tsa nama e itshekileng mo go jeng ga bone. (Genesise
7:2-3, 9:1-6).
Nama
ya diphologolo e na le mafura a metsi le a gatselang, a oketsang mabaka
a go ka tsenwa ke madi a matona, go swa mohama, malwetse a pelo, kankere,
bokima jo fetileng selekanyo, bolwetse ja sukiri, le malwetse a mangwe.
Mo malatsing ano, dingaka di gakolola ba ba jang nama go ja nama e e
senang mafura a mantsi, e apeesegile le tlhapi mme badira jalo nako
e nngwe.
Ka
gore batho ba ba tshelang ka merogo fela ba itekanetse e bile ba tshela
lebaka le leleele. Baitsanape ba tsa dijo le boitekanelo ba rotloetsa
gore re boele kwa dijong tsa setso tsa kwa tshimologong, tsa manoko,
mabele le maungo le merogo e le mo teng.
Fa
o eletsa go simolola go ikitsa nama, tlhomamisa gore o tlhaloganya go
lekanyetsa dijo go sena nama. Ja maungo ga tlhano kgotsa ga rataro ka
letsatsi a farologanyeng; manoko, mabele (manoko), peo, dinawa le merogo.
Merogo e mesetlha le e metala, le maungo di botlhokwa fela thata. Dirisa
bopi ja borotho jo bo setlha (jo bo sa tlhobolwang), o bo o dirisa raese
e tshetlha e seng e tshweu. Dijo tse di fang nonofo tse dinang le setache
di tshwanetse tsa jewa ga rataro ka letsatsi. Emisetsa mafura a nama
jaaka (botoro, khirimi, mafura a kolobe, mafura a diphilo) ka mafura
a merogo. Tsela e e fa godimo ya go ja e lekanye go sena nama fa o dirisa
dijo tse di tswang mo diruiweng.
Ba
ba tlhophang go ja nama jaaka bontlha bongwe ja ka fa ba jang ka teng,
ba tshwanetse go ya fela dinama tse Baebele e supang fa di "itshekile",
kgotsa di siametse go jewa ke batho. Fa Modimo a fa batho tetla ya go
ja nama morago ga morwalela. (Genesise 7:2-3, Lefitiko 11:47), O ne
a bua gore ke dife dijo tsa nama tse di siameng le tse di sa itshekang
di sa siamela go jewa.
Bala
mo go Lefitiko 11 le Duteronome 14 tlhomaganyo ya dinonyane, diphologolo
le ditlhapi tse Modimo o supileng fa disa siamela go jewa. Go ya ka
dikgaolo tse; diphologolo tse di itshekileng di tshwanetse go nna le
makwapa le diphuka. Dinonyane tse di jang nama ga di a itsheka.
Mo
diphologolong tse di itshekologileng kolobe e boletswe, ebile e kgadilwe
(Duteronome 14:8). Bontsi ja batho ba ba tlhatlhobilweng ba sena go
swa go fitlhetswe ba na le dibokwana. Dibokwana tse di fitlhelwa mo
bathong ba ba jang nama ya kolobe. Dipatlisiso tsa gompieno tsa boranyane
di supa gore ke eng fa Modimo O ne O supa fa nama e nngwe e sa itsheka.
Lebaka le lengwe ke kotsi ya bolwetse, jaaka dibokwana tse di fitlhelwang
mo nameng ya kolobe. Lebaka le lengwe ke ditla-morago tsa mafura mo
dikarolong tsa mmele tse di silang dijo.
7.
IKGAPHE MO DILONG TSE DI KOTSI
Baebele
e re fa tlhagiso efe ka dino tsa bojalwa?
"Bojalwa
ja mofine ke mosotli, bojalwa jo bo loilweng ke phekelelo, mme lefa
e le mang yo o timelang ka jone ga a botlhale." - Diane 20:1.
"Go
na le magodu, go le ba ba bohula, go le MATAGWA, go le bakgadi go le
baikgagapeledi, ga ba kitla ba rua bogosi ja Modimo." - 1 Bakorintha
6:10.
Bojalwa
bo ama dikarolo tse di latelang tsa mmele.
1. Masole a mmele - Bojalwa bo bolaya masole a masweu, bokgoni go lwantsha
malwetse go bo go oketsa mathata a go tsenwa ke serame, kgotlholo e
tona, bolwetse ja sebete le dikankere tse di farologanyeng.
2. Dikarolo tsa pelegi - Bobedi kgotsa boraro ja dinotagi ka letsatsi
bo rotloetsa diphatsa tsa go senyegelwa, go tshola ngwana yo tlhokafetseng
le go belega pele ga nako.
3. Dikarolo tsa go phatlalatsa madi mo mmeleng - Go dirisa bojalwa go
oketsa diphatsa tsa malwetse a pelo, di fokotsa sukiri e e mo mading,
bo godisa mafura a a mo mading le nonofo ya madi go bo go oketsa madi
a matona le mogote.
4. Go sila dijo - Bojalwa bo duba mala, go bo go baka go duta ga metsi
a a tswang mo santlhokweng
Go dirisa bojalwa thata go oketsa diphatsa
tsa sebete se se tletseng mafura, bolwetse ja go sha ga sebete, le bolwetse
ja sebete jo bo tsweletseng ruri."
Bojalwa
bo amana le go ipolaya go le gontsi, dikotsi tsa dikoloi, dikgang tsa
go tshwara bana botlhatswa, le tlhoko-kutlwisisano mo malapeng.
8.
TSHEPHA NONOFO YA SELEGODIMO
Motho
yo o tlhorontshiwang ke letshogo la go ipona molato o tla bona go le
thata go sologelwa molemo mo go tletseng mo ditirong tsa botsogo tse
re buileng ka tsone. Mme motho yo o akolang tumelo e e tlhamaletseng
mo Modimong o tla itemogela motswedi wa bofelo wa go tshela sentle.
"Bala
Jehofa, mowa wa me, o seka wa lebala thuto tsa Gagwe tsotlhe - Yo O
itshwarelang maikepo otlhe a gago, A FODISE MALWETSE A GAGO A OTLHE
FELA, Yo O REKOLOLANG BOTSHELO JA GAGO mo tshenyegong." - Dipeselema
103:2-4.
David
Larson, modiri mo sekolong sa Boitekanelo ja tlhaloganyo ko Amerika,
o ne a dira patlisiso e tseneletseng mo kamanong ya tumelo le botsogo.
Dithuto tsa gagwe di ne tsa supa kgolagano e tlhamaletseng fa gare ga
maitamo a Sekeresete le botsogo. O ne a gakgamadiwa ke go ithuta gore
babatsenang Kereke ba tshela lobaka gona le ba ba sa etseneng. Ba ba
yang kerekeng ba na le phokotsego mo bodiphatseng ja malwetse a pelo,
le go thatafala ga ditshika, madi a kwa godimo, le malwetse a mangwe.
Ba ba nang le tshepo mo Modimong ba tshela matshelo a boitumelo ka gore
ba ka nna le matshwenyego a seemo se se kwa tlase, go thata gore ba
nne banwi ba bojalwa, ba latlhelwe mo dikgolegelong jaaka magolegwa,
kgotsa go fitlhela ba tshwaregile mo manyalong a sa ba itumediseng.
Go ikanya nonofo ya Selegodimo ke pinagare ya go nna sentle ka boammaaruri
le botshelo jo bo itekanetseng.
Masabata
a ka tshwa 50,000 ba ne ba ithutiwa ka sebaka kwa California, go feta
dingwaga tse masome a mararo. Go supilwe gore bo rre ba Masala ba tshela
dingwaga tse 8.9 go feta ba bangwe le bomme ka tse 7.5 gona le sechaba
se sengwe fela. Mme go ithuta ka Masala a ko Holland, Norway le Poland
go supile maduo a tshwanang. Babatisisi ba tshwantshitse go tshela ga
sebaka ga Masabata le go sala morago mokgwa wa go tshela o boletsweng
mo kaelong e. Ba ba salang mokgwa o morago ga ba tshele fela lobaka
lo loleele, mme gape ba tshela botshelo jo bo botlhokwa.
Go
tsaya tebo ya Baebele mo matshelong a rona go dira pharologanyo mo ditseleng
tsotlhe tsa ditiro tse re di dirang. Go fa bosupi ja gore Sekeresete
ke sone tumelo e nang le ditiro, e bile e na le mabaka mo lefatsheng
lotlhe. Se fetola batho - go akanya ga bone le dikgato tsa bone - mme
se bopa botshelo jo bosha. Ka ntlha ya botsalano jo bo atamalanyeng
fa gare ga tlhaloganyo, le mmele, le botshelo ja rona ja Semoya, Bakeresete
ba ba tshelang ka lefoko la Modimo ba tla batla go sala tsela ya go
tshela botshelo jo bo itekanetseng jaaka fa ba ipaakanyeditse go mo
kgatlhantsa fa atla, O batla gape go tokafatsa seemo sa botshelo ja
rona ja gompieno. Mme re ka dira mmogo le ene ka go sala ditsela tsa
botsogo tsa Modimo tsa konokono.
Jeso
O re solofeditse gore golola mo mokgweng ope o o kgoreletsang ka "maatla
a gagwe a le mo tirong le rona." (Baefesia 3:20). Fa o leka go
fenya mokgwa mongwe o senyang mmele jaaka tiriso ya motsoko kgotsa dino
tagi, maiteko a gago a konokono a go tlogela fa gongwe dikgole tsa motlhaba.
Mme fa o kopa nonofo ya Modimo e e "motirong mo teng ga gago"
Modimo o ka go fa thata ya go fenya. Lefoko la Modimo le a solofetsa:
"Nka dira tsotlhe ka Ene Yo O nnonotshang." (Bafilipi 4:13).