SEPHIRI SA GO GOLA KA GO ABALANA

Larry o ne a itumelela puisanyo e e monate, tee ya sejapane, le borotho jo bo omeleditsweng ja raese kwa ntlung ya ga Rre Komori fa baeng ba bangwe ba simolola go ntsha Dibaebele tsa bone. Ba ne ba mo lebile ka tsholofelo. "A o ka re fa thuto ya rona jaanong?" Rre Komori a botsa.

Larry o ne a rata go balelwa ke tee ya gagwe. One a tsere gore bokopano jo ke ja go ijesa monate fela. Jaanong one a sa kgone go akanya ka sepe se a neng aka se bua.

Larry o ne a kile a ruta ditlhopha di le dintsi tsa Baebele kwa sekolong sa sekgoa sa Sekeresete ko Japane ko a direlang teng. Mme botlhe bane ba rulagantse sentle. One a ka fa dintlha mo Baebeleng motlhofo. Mme go bua fela ka Modimo o sa go baakanyetsa ….. go ne go le pharologanyo. Larry o ne a utlwile dipolelo tsa Baebele mo bongwaneng ja gagwe. Mme di ne di raya gole gonnye fela mo go ene.

O ne a dira dilo tse a itseng di sa siama mo matlhong a Modimo yo e ne ka sebele a neng a sa mo itse? Jaanomg, a ntse gone foo mo setilong, a dikologilwe ke batho ba ba solofetseng, sebaka sa gagwe se ne se tloga se feta. Mo sebakeng seo sa poifo, temana e ne ya rothegela mo tlhalonyong ya gagwe ka ga Mowa o Boitshepho O re fang mafoko a re ka a buang fa re tlisitswe fa pele ga batho go fa itemogelo. (Luke 12:12) O ne a rapela thapelo ya pitlagano ya go kopa thuso, mme a ikaega ka polelo e itsegeng thata e a reng a ka e akanya ya Morwa Sesinyi.

Fa a tlhalosa ka fa Modimo o ratang le ba ba ingaolang mo go One, Larry a iphitlhela a bua go tswa mo botennyeng ja pelo. Mafako a gagwe a ne a nwela mo teng ga pelo.

Lantlha mo botshelong Larry a lemoga gore Modimo o mo rata gole kae. Bosigo joo Larry a khubama ka mangole fa thoko ga bolao ja gagwe a neela botshelo ja gagwe mo Modimong O O ntseng ka boammaruri. Go abelana lorato la Modimo go dirile gore gonne botoka gona le gore e bo ele mafoko fela e itsegeng. Jaanong e ne e le nnete e mo amileng.

1. JESO O RE GWETLHA GO GOLA KA GO ABELANA

Barutwa ba tse re dingwaga tse tharo le sephato ba abelana mafoko a ga Keresete le dikgato tsa Gagwe, mme kwa bofelong ga tla loso la Gagwe le tsogo. Fa Jeso a ne a tloga a boela kwa legodimong, O ne a roma barutwa a ba tlama go nna baemedi ba Gagwe ka sebele.

"LE TLA AMOGELA NONOFO YA MOYA O BOITHSEPO O tla mo go lona; mme LE TLA NNA BASUPI BAME… Go fitlhela bokhutlo ja lefatshe." - Ditiro 1:8.

Fa barutwa ba ga Jeso ba ne Mo neela dipelo tsa bone ka bojotlhe kwa Pentekosete, Keresete Yo O tsogileng O ne A fetola matshelo a bone ka nonofo ya Moya. Ba ne ba nna basupi eseng fela ba ka ga Keresete Yo O tsogileng A le mo mmeleng le thatlogo, mme le nonofo Gagwe ya tsogo e e fetotseng matshelo a bone.

Jaaka Bakereste le rona tota re basupi ka ga tsogo ya ga Jeso ka gore re itemogetse nonofo ya Gagwe e ntshafatsang mo matshelong a rona.

"Mme ka ntlha ya lorato la Gagwe le legolo mo go rona, Modimo Yo O humileng mautlwelobotlhoko, O RE DIRILE GORE RE TSHELE LE KERESETE lefa RE NE RE SULE MO DITLOLONG- ka tshegofatso O bolokilwe, MME MODIMO O RE TSOSITSE LE KERESETE…. GORE TLE… GORE A BONTSHE DIKUMO TSE DI TSHWARAGANYENG TSA TSHEGOFATSO YA GAGWE, di supilwe ka tshiamo ya Gagwe mo go Keresete Jeso." - Baefesia 2:4-7.

Re tshidisitswe le Keresete jaanong re ka "supa dikhumo tsa Gagwe tse di tshwaganyeng tsa tshegofatso ya Gagwe." Jaanong o batla re isa mafoko a molemo a se a ka sedirang mo botshelong ja motho mo lefatsheng lotlhe, o boa a solofetsa go tsamaya le rona fa re tla bo re dira jalo (Mathaio 28:19-20).

H.M.S Richards, mosimlodi wa seromamowa sa Lentswe la porofeso, o kile a bua jaana: "Ke bone phetogo mo dipelong tsa batho ba ba utlwileng mafoko a a molemo a ga Keresete. Ke tsamaile mo mafelong a kwa go one leina la Modimo le la ga Keresete a ise a itsewe go fithela kereke ya Gagwe e isa mafoko a molemo teng. Ke bonye batho ba fetoga go tswa mo lesweng go ya kwa bophepheng, go tswa mo bolwetseng go ya kwa boitekanelong, go tswa mo letshogong la kgapetsa kgapetsa la mewa e e maswe go ya ko boitumelong mo botshelong ja ga Keresete. Ke bonye phetogo mo seemomg sa bosadi.

Ke bonye malapa a boammaruri a Serekesete a nna teng go tswa mo go tlhokeng tumelo ga lefifi. Mo lefelong lengwe le lengwe le ke le etetseng ke bonye matshelo a fetoga. Ke itse gore mafoko a ga Keresete…. Ke nonofo ya Modimo go ya polokong (Baroma 1:16). Ke itse gore fa kereke e rera moletsa wa mafoko a a molemo, diphetogo di nna teng mo dipelong tsa batho le mo malapeng, mme di bonala mo matshelong a bao ba ba tsibogetseng boikuelo."

Modimo o file rona batho ba ba bokoa karolo go e dira mo tirong e e kgatlang e, ka gore go abelana ke ntlha e botlhokwa ya go gola ga rona. Gore tumelo ya rona e tswelele e itekanetse, e tshwanetse ya tlhalosiwa. Jaaka Larry a lemogile ka bofefo , go abelana tumelo ya rona go re thusa go itemogela ka mo go feletseng, go bo go dira gore re gole.

2. RE ABELANA KERESETE KA TSELA E RE TSHELANG KA YONE

Lekawana lengwe le le goletseng mo lapeng le le senang lorato o kile a ela tlhoko sengwe: "Ke ne ka lebelela batsadi ba me ba, ka sekai sa bone ba neng ba mpha setshwano se senyegile motho wa Modimo, ga ke ise ke nne le sekai sa mongwe yo o nang le letlalo yo nthatang." Batho ba ba mo tikologong ya rona ba tlhoka le mongwe yo o ka bafang setshwantsho se se itekanetseng ka ga Modimo. Ba batla mongwe "yo o nang le letlalo" yo o ka ba bontshang boleng jwa Modimo. Thero ya rona e e mashetla gantsi ke ka fa re tshelang kateng. Pele ga batho ba tlhokomela ka gore o itse gole kae, ba tshwanetse go itse gore o tlhokomela go le kae.

Petere o ne a re rotloetsa:

"LO BO LO TSHELE KA MOKGWA O MONTLE mo go badichaba gore… BA GA LALETSE MODIMO KA DITIRO TSA LONA TSE DI MOLEMO…. ka gore KERESETE LE ENE O BOGILE BOTLHOKO MO BOEMONG JA LONA A LO TLOGELELA SEKAO, GORE LO TSAMAYE MO DIKGATONG TSA GAGWE." - 1 Petere 2:12, 21.

Fela fa Keresete a sena go re bogela kwa khalefari re na le sekai sa lorato la setlhabelo gaufi le rona mo go ba bangwe, e ka nna kgatelelo e e mashetla e tlisang ba eseng Bakeresete mo mabogong a ga Keresete.

3. RE ABELANA KERESETE KA TSELA E RE AKANYANG KA YONE

Fa Satane a ne a tlhasela Jeso mo nageng ka thaelo ya gagwe ya dijo, boikgogomoso le dilo tse di senang bosupi, Jeso O ne a fenya ntwa ka go inola ditemana mo Baebeleng. (Mathaio 4:4, 7, 10) Keresete O ne a ipaakantse ka gore O ne a tladitse tlhaloganyo ya Gagwe ka boammaruri ja Baebele. Ke gone fa ntwa e fenngwang kana e latlhegelwang teng- mo ditlhaloganyong tsa rona "ka gore jaaka [motho] a akanya mo pelong ya gagwe le ene o ntse jalo" Diane 3:7, KJV. Bakeresete ba ba golang ba akanya ka legodimo. Ba akanya ba remeletse mo dilong tse di boitekanelo tse ba batlang go nna le natso.

"Itumeleng mo Moreneng ka metlha yotlhe, … mo dilong tsotlhe, KA THAPELO le kokotlelo di na le tebogo, itsising Modimo ditopo tsa lona. Mme kagiso ya Modimo, e e fetang tlhaloganyo tsotlhe, e tla DIBELELA DIPELO TSA LONA LE MEGOPOLO YA LONA mo go Keresete Jeso. Sa bofelo, bagaetsho dilo tsotlhe tse di bolelwang ka MOLEMO MONGWE le gopole dilo tse … mme Modimo wa kagiso O tla nna le lona." - Bafilipi 4:4-9.

Se re se neelang tlhaloganyo ya rona se dira pharologanyo yotlhe. Fa se se senang mosola se se moteng se tswa, se se mosola se a tsena. Lefoko la Modimo le tsena mo teng, fa botshelo ja Modimo bo bonala kwa ntle.

4. RE ABELANA KERESETE KA TSELA E RE LEBEGANG KA YONE

Jaaka moemedi wa ga Keresete, Mokeresete o tla nna fa gare go ya ka ditebego tsa gagwe, a itsa go fetelela.

"Lefa bangwe basa utlwe lefoko, batle ba kgonwe kwa ntle … fa ba bona mokgwa o montle lole bori go pataganye le poifo. Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntle, ebong ga go iphora moriri loetse, le gago rwala mekgabo ya gouda, kgotsa ga go apara diaparo tse di maphatsiphatsi. Mme a e nne motho yo o sa bonaleng wa pelo, LE KA DIAPARO TSE DI SA BOLENG TSA MOWA WA BOIKOKOBETSO LE TIDIMALO, e leng gone mo go kaiwang go tlhokega thata mo mathong a Modimo. Gonne le bone basadi ba ba boitshepo … [ba ba] solofetseng mo Modimong, bane ba ikgabisa ka ona mokgwa o mo metlheng wa pele, ba le boineelo mo banneng ba bone." - 1 Petere 3:1-5.

Go apara mo go seng ga mokgabo le go kgathegelwa go nna go supa go tshwana le Keresete. Batho ba bangwe ba tshwanetse go re kgathegela jaaka Bakeresete e seng ka se re se kayang ka mokgabo, mme ka se re se kayang ka matshelo a rona a se dirang ka ga Keresete Jeso.

5. RE ABELANA KERESETE KA MAITSHOLO A RONA

Motho mongwe wa ditso wa leina la Edward Gibbon o re belelela gore fa Galerius a ne a gapa dilo kwa kampeng ya Baperesia, kgetsi e phatsimang ya letlalo e e neng e na le maje a a botlhokwa ya wela mo diatleng tsa lesole le gapang. Monna yo o ne a somarela kgetsi e ka kelotlhoko, mme a latlhela maje a a botlhokwa kwa kgakala.

Batho ba ba ngaparelang dilo tse lefatshe le di ba fang, ba latlha Jeso, leje la tlhwatlhwa e kgolo, ba se seemomg se se maswe gona le lesole le le gapang. Ga se lesego fela le le ka re tswang ka di phatlha tsa menwana, mme le botshelo jo bo sa khutleng. Jaanong Baebele e re tlhagisa jaana:

"Se rateng lefatshe,lefa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa Rara ga leyo mo go ena. Gonne tsotlhe tse di mo lefatshing - [keletso ya dijo] thato ya nama, le kgatlhego ya matlho[go rata lefatshe] le mabela a botshelo. [boikgogomoso] - ga se ga Rara, mme ke ga lefatshe. Mme lefatshe le a feta le thato ya lone, mme yo o dirang go rata ga Modimo o nnetse ruri ka bosakhutleng." - 1 Johane 2:15-17.

Satane o dira ka thata go phatsimisa maleo a a nyeletsang bobe le ditwaelo tse di bosula. Go bapatsa majalwa go supa fela basha ba ba ntle ba ba dirang thata, e le batho ba ba itumetseng thata. Ga re ke re bona ope a supa setshwantsho sa motho yo o tlhomolang pelo a tswa mo marekisetsong a bojalwa a kgokgwaetsega a tshotse kgetsana ya pampiri mo diatleng. Re tshwanetse go nna kelotlhoko ka botsalano jo bo sa tseyeng tsia melawane ya rona ya Sekeresete.

Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng, e le mo go sa lekaneng: go nne tshiamo e na le bolekane bofe le tshiamololo? Kgotsa lesedi le nale kabalano e fe le lefifi? (2 Bakorintha 6:14) Keresete o eletsa gore re abalana le ditsala tsa rona tse e seng Bakeresete. Botsalano ja sebele ke tsela e e botlhokwa e tumelo e ka abalanwang ka yone.

Elatlhoko go re ba o kopanang nabo ga ba go gogele kwa morago kwa tseleng e o neng o tshela ka yone bogologolo. Se re se tsayang mo matshelong a rona le go itlosa boduto mo re go tlhophang, go na le seabe mo botshelong ja rona Semoya. Re tshwanetse go ela tlhoko ka se re tlatsang ditlhaloganyo tsa rona ka sone.

"Ga nkitla ke baya sepe se se maswe fa pele ga matlho ame." - Dipesalema 101:3.

Fa re tlatsa mewa ya rona ka mo go siameng, mo go bosula ga go kitla go kgona gore gogela mo letlhakoring la gone. Fa re itshwarelela ka maemo a a kwa godimo ka dilo tse re di letlelelang mo malwapeng a rona, le ditlhaloganyo ga go kitla go fokotsa matshelo a rona. Mokeresete o na le gole gontsi mo go ka mo itumedisang kwa ntle ga ope gape.

"O TLA NTSHUPEGETSA TSELA YA BOTSHELO, fa pele ga gago gonna le tlotlo la boitumelo, mo seatleng sa Gago se segolo gona le tse di jesang monate ka bosakhutleng." - Dipesalema 16:11.

6. RE ABELANA KERESETE KA TSELA E RE ABANG KA YONE

Jaaka a ne a tloga a kolobetsa leloko le lesha, moruti yo o re tlogetseng H M S Richards o ne a lemoga gore monna yo o ne a santse a na le pampiri ya dikoloto e le mo pateng ya gagwe. Richards a botsa gore, A o lebetse gotlogela madi a gago kwa go aparelwang teng? "Bukana e yame ya pata le nna re tla kolobediwa mmogo," monna o ne a thalosa. One a tshwere moya wa boammaruri wa Sekeresete, go thusa ba bangwe ka go ba neela . Bakeresete ba gola ka go aba, mme ke go ne mo Jeso ka sebele o rileng : "Go lesego go aba bogolo go go amogela" (Ditiro 20:35).

Se re se abang, re se ntshetsa go fefosa bogosi ja Modimo go re tshegeletsa tuelo ya bosa khutleng.

"Se iphutlheleng dikhumo mo lefatshing, kwa motoutwane o senyang gone le morodu, le kwa magodu a phunyetsang go utswa gone, Mme IPHUTHELENG DIKHUMO KWA LEGODIMONG... Gonne kwa khumo ya gago e gona pelo ya gago le yone e tla nna fela gone." - Mathaio 6:19-21.

Fa o aba, gakologelwa: "Lefatshe ke la ga Jehofa le botlalo ja lona" (Dipesalema 24:1) go balelwa gouda le selefera (Hagai 2:8). Rona re ba Modimo, ka gore O re tlhodile mme ka gore O re faloditse mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe (1 Bakorintha 6:19-20). Sengwe le sengwe se re nang naso ke sa Modimo, ka gore o re fa bokgoni jwa go dira dikhumo" (Duteronome 8:18).

Keresete Wa rona yoo bapotsweng e bile A tsogile O re laletsa go abelana le E ne go le kae go fa ba bangwe mafoko a a molemo?

"A motho o ka thukhutha Modimo? Lefa gontse jalo le a nthukhutha, mme lo tlo lo re, re thukhuthile mo go eng? MO GO DITSABOSOME LE MO DITSHUPELONG… Lereng ditsabosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo, gore go tle go nne dijo mo ntlung, mme lo tle lo nteke ka gona, go bua Jehofa wa masomosomo le bone bo ga nkitla ke lo bulela dikgoro tsa legodimo; ke le goromeletsa lesego je go se kitlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le amogela." - Malaki 3:8-10.

Sabosome ke "bosome" ja totafalo ya rona. (Duteronome 14:22, KJV; Genesise 28:22). Mo moleming kgotsa morekising totafalo ke morokotso fa o sena go ntsha ditshenyego tsa kgwebo. Mo mo diring kana mmereking ke tuelo yotlhe. Molao wa go ntsha tsabosome ke molao botlhokwa ka gore o tsenya popego. Ka go tlhoka ntsha tsabosome re "thukhutha" Modimo. Tsabosome ke tsa Modimo mme di tshwanetse go dirisiwa fela go thusa mo ditirong tsa ga Keresete (1 Bakorintha 9:14), le go wetsa tiro ya Gagwe mo lefatshing, gore A kgone go tla gape (Mathaio 24:14).

Fa Jeso A tla go tshela fa gare ga rona, O ne a fa teseletso ya go ntsha tsabosome mo nakong ya kgolagano e ntsha (Mathaio 23:23).

Re tshwanetse go aba go le kae mo ditshupelong? Ditshupelo ke kang ya motho ka bongwe go ntsha tshwetso ya gagwe. Mongwe le mongwe otshwanetse go dira tshwetso ya gagwe mo pelong ya gagwe ka go aba (2 Bakorintha 9:5-7). Ga o kake wa aba go feta Modimo.

"Nayang, mme lo tla newa, selekanyo se se molemo se se katetsweng, se se tsikitleditsweng se se penologang batho ba se lo naya mo dihubeng tsa lona." - Luke 6:38.

H.M.S. Richards o kile a tshwantshea boitemegelo jo:

"Mongwe yo o tshelang ka mataese o kile a tsenelela bokopano jwa me kwa Los angeles, ga nketla ke lebala nako e ke neng ka buisanya nae a le esi fa kgorong ya holo. O ne a ntsha sephutlhelo sa madi mo pateng ya gagwe sa $500.00, a bo a nneela, a re 'Se ke sabosome same sa ntlha.'

"Monna yo one asa tsoga sentle, mme o ne a ise a dire sepe fa e se go tshela ka mataese ka lobaka lwa dingwaga tse 30 kgotsa 40, mme nna ka re, 'O tsile go tshela jang.' A fetola, 'ke na le didolora dika nna 5 kana 6 tse di setseng, mme a mangwe a otlhe ke a Modimo.'

Mme ka botsa, 'O tla dira jang?' Ga ke itse; a araba, mme ke itse gore ke tshwanetse go neela Modimo ditsabosome tsa me, mme o tla nthokomela? "Mme Modimo ka boammaaruri wa dira jalo. Boineelo ja monna yo e ne e le ja boammaruri. O ne a tswelela ka tlhwaafalo ya gagwe mme o ne a itumela mo botshelong ja Sekeresete.

Mme Modimo wa mo tlamela go fitlhelela letsasti ja loso la gagwe" Modimo ga A tshepisa gore badumedi botlhe ba ba boikanyego ba tla huma. Mme re na le tlhomamiso ya gore motlhodi wa rona o tla re fa se re se tlhokang mo botshelong.

Keresete o re file sengwe le sengwe. A re mo neyeng dipelo tsa rona ka mo go feletseng gone jaanong. A re abelanang Keresete le ba bangwe ka fa re tshelang ka teng, le ka fa re akanyang ka teng, le ka fa re lebang ka teng, le kafa re abang ka teng. Ke eng fa o sa itemogele boitumelo ja go abalana Keresete le ba bagwe le go gola mo tshegofatsong ya Gagwe e e gakgamatsang?

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy