SEPHIRI SA BOIKHUTSO JWA SELEGODIMO

Mo dingwageng tse di seng kae tse di fetileng bangwe ba ne ba bolelela-pele gore re tloga re nna le nako ya mahala e le ntsi gona le go itse gore re ka dirang ka yone. Go ne gona le mabaka a a siameng mo polelelo-peleng e e matlhatlhaga eo. Mo metse-mekgolo ya lefatshe dikomputara di ne di sukasukana le tiro ya lobaka lwa kgwedi mo diphatong tsa metsotswana tsa lobaka. Gape mechine e e laolwang e simolotse go dira ditiro tse di lapisang tsa madirelo a a bokete.

Mme fa dikomputara di sena go dikologa le mechine e sena go dirisiwa boemong jwa batho, re fitlhela re tlhaelelwa ke mewa go feta pele. Batho ba siiwa ke nako mo malatsing a gompieno. Godimo ga tsotlhe, malwapa a siiwa ke nako. Borre ba ba nyetseng le bo mme ba ba nyetseng ba bona gole thata go abalana "nako e e tlhwatlhwa kgolo" le bana. E nnye fela thata e bae senyang ba le mmogo.

Temogo nngwe mo bonnong jwa batho ba se kae e supile gore nako yotlhe mo letsatsing e borre ba e tsayang bale nosi le bana ba ba nnye ba bone ke disekonte dile 37! Malwapa a feletswe ke nako gape ga ba kopane.
Re ka fokotsa jang lebelo lo mo go ka letlang gore re kopane gape?

1. PHODISO YA GO TSHELA KAFA TLASE GA KGATELELO E KGOLO

Jesu o tlhaloganya mathata a malwapa a a kafa tlase ga matsapa mme o batla gore re tlhaloganye gore boikhutso jwa semoya ke bontlha bongwe jwa tlhwatlhwa ya botshelo.

"TLANG KWA GO NNA, lotlhe ba lo lapileng le ba lo imelwang, mme KE TLA LO NAYA BOIKHUTSO … ITHUTENG MO GO NNA, ka gore ke bonolo mme ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bona BOIKHUTSO JWA MEWA YA LONA." - Mathaio 11:28, 29. (Fa go kwadilwe, mela yotlhe ya lefoko MO TLHOTLHIMISA, e tswa mo [NIV].

Baebele e fa mogopolo wa gore re nna le boitemogelo jwa boikhutso jo ka tsela dile pedi: go tla mo go Keresete mo go tse tsotlhe tsa letsatsi le letsatsi le mo bekeng.

2. GO IKGOLAGANYA LE JESU TSATSI LE LETSATSI

Boidiidi bone bo tsosa modumo o mogolo bo goeletsa ka tshakgalo gore Jesu a lemoge boleng teng jwa bone. Lefa gontse jalo Keresete O ne a naya kagiso le moya o o boikokobetso mo go mongwe le mongwe wa bone yo o neng a mo dikaganyeditse. Jang? O ne A tsaya nako le tsatsi lengwe le lengwe go bua le Rraagwe A sa kgale ka ditlamelo tse di reng di kgona dikgwetlho tsotlhe tsa botshelo. (Johane 6:24).

Ekete re ne re ka tshela botshelo jwa boikokobetso, jo bo iketlileng jaaka jo A neng A bo tshela; re tshwanetse ra ikanya mo go Keresete ka nako tsotlhe. A re letleng mafoko a Gagwe le moya wa Gagwe go re tlatsa le go re bopa. Tsela e e siameng ya go fenya dikgatelelo tse di re fisang ka bongwe ka bongwe, mme di re kgaoganya jaaka malwapa, ke fela fa re ka nna le nako e faphegileng e botlhokwa le Keresete. O a re bolelela:

"Nnang MO GO NNA, mme ke tla nna mo go lona… KWA NTLE GA ME GA LO KAKE LWA DIRA SEPE." - Johane 15:4, 5.

Letlhoko le legolo la nako tsa rona ke gore batho ba tseye ditlamelo tsotlhe tsa semoya tse di leng teng ka go simolola botsalano jwa tsatsi le letsatsi le Jesu. Nngwe ntlha e e tshwanetseng go gatelelwa ka ga botsalano jwa rona le Keresete ke tiro ya Gagwe e e weditsweng mo mokgorong. Boikhutso jwa boammaaruri, tshireletso ya boammaaruri, e ka nna teng fela ka ntlha ya kgolafalo e Jesu O neng A bua ka yone fa A ne A goela kwa godimo A a swa, "Go weditswe.". (Johane 19:30). Ka mafoko a mangwe tiro ya gagwe ya go re rekolola e ne ya wediwa.

"Mme jaanong ene [Keresete] o dirile GANGWE FELA KWA BOKHUTLONG….GO TLA A TLOSA DIBE ka go intsha setlhabelo ka esi." - Bahebera 9:26.

Fa Jesu a a swa, O ne a "nyeletsa sebe". Ke gore ka moo go tweng modumedi yo o ipoletseng a bo a ikwatlhaela dibe tsa gagwe o ka "ikhutsa" mo tirong ya ga Keresete e e weditsweng. Re a amogelwa.

Letswalo la go ipona molato le nna kwa morago ga dikgato tsa rona tsa boitumelo mo matshelong a rona gompieno. Mme Jesu o fedisitse mathata a bomolato gangwe fela e bile e le labofelo mo mokgorong. Go goeletsa ga ga Jesu, "go weditswe" go kanetse tsholofetso ya Gagwe ya gore "Ke tla lo naya boikhutso" jaaka lobaka le le dirafeditsweng. Keresete o weditse tiro ya go re rekolola kwa Khalefari (Tiro 2:14), mme A ikhutsa mo lebitleng ka nako ya Sabata, A tsoga mo lebitleng mo mosong wa Sontaga jaaka phenyo mo lo song. Bakeresete ga ba kake ba nna le tlhomamo e kgolo go feta go ikhutsa mo tirong ya ga Keresete e weditsweng.

"A re atamelang ka pelo ya mmaanete MO BOTLALONG JWA TUMELO, dipelo tsa rona di tlositswe segakolodi se se bosula…. A re tshegetseng boipelelo jwa tsholofelo ya rona ka thata, gore bo se reketle, gonne ENE YO O RE SOLOFEDITSENG O BOIKANNGO." - Bahebera 10:22, 23.

Ka gore ene yo o re solofeditseng o boikanngo, re ka tsena mo boikhutsong jwa poloko jo Jesu a bo solofeditseng. Thokgamo, kagiso le boikhutso jo re bo itemogelang mo go Jesu malatsi otlhe ke maduo e seng a sepe se re se dirang, mme ke a se Ene A se dirileng kwa mokgorong.

Re ikhutsa mo go Keresete ka gore poloko ya rona e tlhomamisitswe. Tlhomamiso e e re rotloetsa go tsaya nako le Keresete tsatsi lengwe le lengwe, re itlatsa mo Lefokong la Modimo re bo re hema phefo ya tikologo ya legodimo ka thapelo. Bokopano le Keresete bo re thusa go fetolela botshelo jo bo tletseng matsapa mo botshelong jwa kagiso e bile bo na le mosola.

3. GO IKGOLAGANYA LE JESU MO BEKENG

Fa Keresete a sena go tlhola lefatshe mo malatsing a le marataro [Bakolosa 1;16-17] O ne a naya boikhutso jwa Sabata. Ke lesego la beke le beke mo go rona go tsweledisa bokopano jwa rona le Ene.

"Modimo wa bona gotlhe mo o go a go tlhodileng fa go le molemo - mme ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso - letsatsi la borataro. Jalo magodimo le lefatshe a bo a weditswe mmogo le bontsi jwa one. Ka letsatsi la bosupa Modimo wa bo O feditse tiro e O neng O e dira, mme ka letsatsi ja bosupa a IKHUTSA MO TIRONG yotlhe ya Gagwe. Mme Modimo wa "SEGOFATSA" letsatsi la bosupa wa LE ITSHEPISA, ka gore mo go lone o ne wa ikhutsa motirong yotlhe ya tlholo e o e dirileng." - Genesise 1:31-2:3.

Jaaka Motlhodi wa bone, Jesu a "ikhutsa" mo Sabateng sa ntlha le Adamo le Efa, mme a "segofatsa" letsatsi la Sabata a "le itshepisa." Modimo o dirile tikologo ya beke ya malatsi a supa, eseng gore go mo tswele mosola, mme A direla Adamo le Efa le rona gompieno. Ka gore O ne A tlhokomela thata ka batho ba O ba dirileng. A rulaganya gore letsatsi lengwe le lengwe la bosupa mo matshelong a bone le tshwanetse go tlhaolelwa go batla boleyong jwa Gagwe. Sabata sengwe le sengwe, jaaka A ne A se bitsa, e ne e tshwanetse go nna letsatsi la go ikhutsa mo senameng le go ntshafala ga semoya. Go tsena ga sebe mo lefatshing ga dira go tlhokafala ga bakhutso jwa Sabata ka bofefo jo bo feletseng.

E ne Mmoloki yo o tshwanang, yo o solofeditseng Adamo le Efa "boikhutso" mo lobakeng lwa dignwaga tse di dikete pedi a neela Moshe molao mo Thabeng ya Sinai (1 Bakorintha 10:1-4). Jesu o ne a tlhopha go baya taelo ya boikhutso jwa Sabata mo pelong ya ditaelo tse di lesome. Taelo ya bone e balega jaana:

"GAKOLOGELWA LETSATSI LA SABATA GO LE ITSHEPISA. Mo malatsing a le marataro o tla dira ditiro tsa gago tsotlhe, mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga JEHOFA Modimo wa gago. Mo go ene ga o ketla o dira tiro epe, wena, kana morwao kana morwadio, kana lelata la morwao kana morwadio, kana lelata la gago, kana diruiwa tsa gago, kana moeng yo o mo lelwapeng la gago. Ka gore mo malatsing a le marataro JEHOFA o dirile magodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go one, mme a IKHUTSA ka letsatsi la bosupa. Ka jalo JEHOFA A SEGOFATSA letsatsi la Sabata A LE ITSHEPISA." - Ekesodo 20:8-11.

Modimo o dirile Sabata jaaka letsatsi la "go gakologelwa" JEHOFA yo o "dirileng legodimo le lefatshe". Boikhutso jwa Sabata beke le beke bo re golaganya le motlhodi yo o segofaditseng letsatsi le, a bo a le seegela kwa tlhoko. Fa Jesu a tshela mo lefatsheng, o ne a tsaya tshono nngwe le nngwe go tshegetsa bokopano jwa Gagwe le Rragwe. O ne a solegelwa molemo mo boikhutsong jwa Sabata ka go obama ka Sabata, Jaaka Luke a bolela:

"O ne a ya kwa Nasaretha, kwa a godiseditsweng gone, mme KA SABATA o ne a tsena mo tempeleng, JAAKA E LE TWAELO YA GAGWE." - Luke 4:16.

Fa motho wa selegodimo Jesu a ne a tlhokana le go ikhutsa mo boleyong jwa ga Rraagwe ka letsatsi la Sabata rona batho re tlhokana le boikhutso jo le go feta. Fa Jesu a ntsha melao e e neng e na le mela e e neng e beilwe ke Bajuda kaga Sabata. (Mathaio 12:1-2) O ne a supa gore Sabata e diretswe go solegela batho molemo.

"O ne a ba raya a re, "Sabata o diretswe motho, mme motho ga a direlwa Sabata. Morwa Modimo ke Morena wa Sabata." - Mareko 2:27-28.

Jesu o supile botlhokwa jwa Sabata mo losong lwa Gagwe. O sule ka "letsatsi la Iketleetso; mme Sabata o ne a tloga a simologa" (Luke 23:54). Mo sebakeng seo, A bua are, "Go weditswe", ke gore tiro ya Gagwe ya go tla mo lefatshing leno ya go swa mo boemong jwa lotso lwa setho e ne e weditswe. (Johane 19:30; 4:34; 5:30). Jaanong go ipelela tiro ya Gagwe e e weditsweng, Jesu o ne a ikhutso mo lebitleng mo letsatsing la Sabata.

Fela jaaka Jesu a weditse tiro ya Gagwe a go tlhola ka letsatsi la borataro a bo a ikhutsa ka letsatsi la bosupa, jaanong ka go swa mo mokgorong O ne A wetsa tiro ya Gagwe ya thekololo ka letsatsi la borataro, mme a ikhutsa ka la bosupa.

Mo mosong wa Sontaga Jesu O ne A tswa mo lebitleng, Mmoloki yo o fentseng (Luke 24:1-7). O ne a setse a kopile barutwa ba Gagwe go tsosolosa bokopano jwa Sabata le Ene fa A sena go tsoga. Fa go buiwa ka tshenyo ya Jerusalema, e e neng ya dirafala mo lobakeng lo lo neng lo ka tshwara dingwaga tse di masome mane morago ga loso lwa gagwe a ba gwetlha gore:

"Rapelang gore phalolo ya lona e seka ya dirafala mariga kgotsa ka Sabata." - Mathaio 24:20.

Mmoloki wa rona o ne a batla barutwa ba Gagwe le ba ba sokolotsweng go tsweledisa ditiro tse a ba di rutileng (bona Luke 23:54-56; Ditiro 13:14, 16:13, 17:2; 18:1-4).

Morutwa yo o rategang Johane o ne a tshegetsa kgolagano ya gagwe mo bekeng le Keresete ka letsatsi la Sabata. MO malatsing a gagwe a bofelo o ne a kwalo jaana, "Mo tsatsing la Morena ke ne ke le mo moyeng." (Tshenolo 1:10). Go ya ka Jesu, "Letsatsi la Morena" ke Sabata, "ka gore Morwa motho ke Morena wa Sabata" (Mathaio 12:8).

Ka Sabata re ipelela phenyo tse pedi tsa Morena tse a di fentseng mo boemong jwa rona, a re tlhola a bo a re boloka. Buitemogelo jo jwa Sabata bo tla tswelela le ko legodimong:

"Jaaka legodimo le lesha le lefatshe le lesha tse ke tla di dirang di tla nna ka bosakhutleng fa pele ga Me; go bua JEHOFA, …Go tswa mo Sabateng go tsena mo go yo mongwe, Lobopo lotlhe lo tla obama fa pele ga Me, go bua JEHOFA." - Isaia 66:22, 23.

4. DIPOELO TSA BOIKHUTSO JWA SABATA

Mo malatsing a gompieno batho ba gataka ba bangwe ka ntlha ya matshelo a bone a a sa iketlang. Batho ba sha, malwapa a thubega ka ntlha ya matshwenyego. Mme Modimo o tlisa Sabata jaaka tsela e e botoka ya go tshela botshelol jo bo siameng.

A re lebelele dingwe tsa dipoelo tsa boikhutso jwa Sabata:
1) Sabata ke segopotso sa tlholo, mme ka go mo itshepisa, re tsosolosa segopodiso mo Mmoping wa rona. Dioura tsa Sabata tse di faphegileng di naya sebaka se se molemo sa go ipha nako ya go kopana le medi ya rona mo lefatshing le le bopilweng ke Modimo. Ke leng la bofelo wena kgotsa le ba lelwapa la gago le tsaya nako ya go ya fa go didimetseng mo sekgweng kana fa letlapeng le le elelang metsi?
Sabata e re fa nako le Jesu le go lemoga dikgakgamatso tse a re di diretseng.

2) Ka Sabata re nna le boitemogelo jwa boitumelo jwa kobamo le botsalano le Bakeresete ba bangwe. Go na le poelo go tswa mo go galaletseng Modimo le ba bangwe jaaka setlhopha sa barapedi. Sabata se re fa nako e e faphegileng ya go kopana jaaka phuthego go tsosolosa lelatha (betiri) la rona la semoya.

3) Sabata e re fa sebaka sa go dira dilo tse di siameng tse di supang tshiamo. A moagisanyi o ne a lwala mo gare ga beke wena o sena nako ya go mo tlhola? Fa tsala e tlhoka go utlwa mafoko a kutlwelobotlhoko morago ga loso lwa monna wa gagwe, a kgatelelo ya botshelo jwa letsatsi e mo timile lorato lwa gago? Jesu o gakolotse: "Go letleletswe go dira molemo ka Sabata" (Mathaio 12:12).

4) Sabata ke letsatsi la go nonotsha kgolagano ya lelwapa. Fa Keresete a ne a laola, "Ka Sabata o se ka wa dira tiro epe" (Ekesodo 20:10). O ka bo A ne a sa fa tlhaloso e e botoka ka bo rra bana ba ba diretseng ruri le bomme ba ba lapileng. Sabata ke NYALO e tona mo malapeng. Sabata ke lengwe la malatsi le re ka emisetsang kgatelelo ka thapelo, tiro ka setshego, nako e pitlaganyeng ya mananeo a tiro ka tidimalo. Boikhutso jwa Sabata bo fa malapa nako ya go golagana le Keresete ba bo ba tsaya mo thateng ya Gagwe ya semoya.

5) Sabata ke nako e Jesu A tlang gautshwane fela thata. Botsalano bongwe le bongwe bo batla nako e e faphegileng, mme botsalano jwa rona le Keresete ga bo tlogelwe kwa ntle. Go neela Keresete letsatsi lotlhe beke nngwe le nngwe ke tsela e kgolo ya go tshegetsa botsalano ja rona le Ene gore bo nne bosha ebile bo kgatlhe. Sabata o re fa nako e nngwe ya go ithuta Baebele le thapelo, nako e nngwe go nna nosi le Keresete mo lefelong le le didimetseng o bo o reetsa.

Jesu "O segofaditse letsatsi la bosupa a bo a le itshepisa" ka tsholofetso ya boleyong ja gagwe (Genesise 2:3). O ka tlhaloganya gore ke eng go le botlhokwa go tshegetsa Sateretaga, Letsatsi la bosupa la beke jaaka Sabata, ka gore ke letsatsi le Keresete a le beetseng kwa thoko ka tlholo go bua le rona ka tsela e e faphegileng. Fa Jesu a tlhola Sabata e ne ekete o ne a akantse sechaba sa rona sa gompieno. Ke se tota re se tlhokang mo tikologong ya rona e e tletseng matsapa: letsatsi le eleng boikhutso ja boammaaruri jo bo feletseng mo go sengwe le sengwe. Letsatsi la go obamela Modimo, go kopana le Ene ka tlholo gape, re bo re remelela mo botsalanong mo boemong ja dilo.

5. GO UTLWELA PELE BOIKHUTSO JA SELEGODIMO

Re ka soboka dipoelo tsa go ikgolaganya le Jesu letsatsi le letsatsi le mo bekeng ka lefoko le le lengwe - Boikhutso. Lefoko "Sabata" le tswa mo Sehebereng le raya boikhutso, jaanong ga go gakgamatse gore Baebele e bo e bitsa letsatsi la bosupa 'Sabata wa boikhutso." (Lefitiko 23:3).

"[Modimo] o buile ka ga letsatsi la bosupa ka mafoko a: 'mme ka letsatsi la bosupa Modimo wa ikhutsa mo tirong ya One yotlhe' … GA SALA GONE BOIKHUTSO? JWA SABATA JWA BATHO BA MODIMO; … A re lekeng ka bojotlhe go tsena mo boikhutsong jo." - Bahebera 4:4-11.

Go itemogela "Boikhutso ja Sabata" go re fa go utlwela pele ga beke le beke ka boitumelo jo re tla bo utlwang mo boikhutsong jo bo feletseng ja legodimo. Boikhutso jo ga se ja go sa dira fela, bo raya tshireletso, kagiso le boleyong ja boammaaruri jo bo leng kwa Modimong wa boammaaruri wa botshelo ka letlotlo. Mofuta o wa boikhutso ja semoya o ka amogelesega fela ka maitemogelo. Itemogelo ya ba ba itemogetseng boikhutso ja poloko le boikhutso ja Sabata be gongwe le gongwe: "Fa o tsena mo boikhutsong ja ga Jesu ka lobaka lwa letsatsi le letsatsi, le beke le beke ka go ikgolaganya le Ene, o tla lemoga boitumelo jo bogolo mo botshelong."

A o batla go lebogela Jesu mpho ya Gagwe ya boikhutso? A o batla go mo lebogela tsholofetso ya boikhutso ja poloko letsatsi le letsatsi, go kopana le mathata a botshelo, le tsholofetso ya boikhutso ja Sabata beke nngwe le nngwe go kanela botsalano ja gago le Ene? Fa o ise o dire jalo, a o batla go amogela poloko e A e nayang? A o batla go mmolelela gore o eletsa go tshegetsa Sabata sa Gagwe beke le beke?

A o batla gore, "Ee Morena! Ke eletsa go bona boitumelo mo letsatsing le O le dirileng." Ke eng o sa dire maitlamo a o gompieno? [O ka tswa o ipotsa: Ke mang yo o fetotseng Sabata go tswa mo go Sateretaga yo o leng letsatsi la bosupa la beke, go ya mo Sontaga e leng letsatsi la ntlha la beke? Phetogo e e dirafetse leng? Dipotso tse di tla arabiwa mo go Kaelo 21].

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy