SEPHIRI SA BOITUMELO

Ka 1943, mephato ya tiro ya Majapane e ne ya biletsa makgolokgolo a "ditshaba tsa baba" ba Maamerika le Mayuropa go ya bothibelelong jwa katisetso kwa kgaolong ya Shantung kwa China. Ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela dikgwedi tsa go sulafalelwa, go sotlega, go sukagana, le poifo. Botho ja thulana, maikutlo a gogomoga. Dikomano tsa ditlontlokwane tsa oketsega.

Mme monna mongwe o ne a tlhalosiwa ke mokatisiwa "kwa ntle ga pelaelo a le motho yo o rategang a bile a tlotlwa thata mo bothibelelong" - Eric Liddell, morongwa wa Lefoko go tswa Scotland.

Seaka sengwe sa Morashia se ne sa gakologelwa morago gore Liddell e ne e le ene fela monna yo o neng a tle a mo direle dilo a sa lope go duelwa ka tsela nngwe. E ne ya re seaka se se goroga lantlha mo bothibelelong, se le mo bodutung se bifelwa, Liddell a se direla mapegelo a dilwana. Mokatisiwa yo mongwe o ne a gakologelwa "O ne a na le tsela e e bonolo, e e kgatlang, ya go ritibatsa maikutlo a a gogomogileng." Mo phuthegong nngwe ya bakatisiwa ba ba shakgetseng, mongwe le mongwe o ne a batla gore mongwe a dire sengwe ka banana ba ba neng ba tsena mo mathateng. Liddell o ne a tswa ka tharabololo. O ne a rulaganya metshameko, tiro ya diatla, ditlhopha tsa thuto tsa bana ba, mme a simolola go senya maitiso a gagwe le bone.

Liddell o ne a gapile tumo le kgalalelo kwa metshamekong ya 1924 ya Olympic, a tsere sekgele mo lobelong lwa 400 metres. Mme mo bothibelelong jo bo pitlaganyeng joo, a itshupa a le mofenyi mo lobelong lwa Sekeresete le lone, ka go gapa kgalaletso ya bakatisiwa ba lefatshe.

Ke eng se se neng se mo dira motho yo o faphegileng? O ka bo o ne wa lemoga sephiri sa gagwe ka nako ya borataro moso le moso. Ke nako e a neng a tle a nanabele a fete ditsala tsa gagwe tse di robetseng, a nne fa lomating, a tshube lobone lo lo botlana go bonesa lokwalo lo a kwalelang mo go lone le Baebele ya gagwe, Eric Liddell o ne a batla tshegofatso le nonofo letsatsi le letsatsi mo dikhumong tsa Lefoko la Modimo.

1. LOKWALO LO LO KAELANG BOTSHELO JWA SEKERESETE

Baebele e ne ya kwalwa e le lokwalo lo lo kaelang Mokeresete. E tletse dipolelo tsa batho ba mmatota jaaka rona ba ba neng ba kopana le dikgwetlho tse di tshwanang letsatsi lengwe le lengwe go itse batho ba ba Baebele - maitumelo le dikhutsafalo tsa bone, mathata le masego a bone - go re thusa go gola jaaka Bakeresete.

Mopesalema Dafide o tshwantsha ikanyo ya rona ya letsatsi le letsatsi mo Modimong ka go e bapisa le lobone lwa toche:

"Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me le lesedi la tsela ya me." - Pesalema 119:105.

Tshedimoso e re e bonang letsatsi le letsatsi mo Baebeleng e papamatsa sentle dipopego tse re di tlhokang mo matshelong a rona le melawana ya go gola ga semoya. Godimo ga tsotlhe, Baebele e re naya Jesu, Lesedi la Lefatshe. Botshelo bo nna le tlhaloso fela fa Jesu A bo phatsimela.

2. BOTSALANO JO BO FETOLANG

Keresete O batla gore Baebele e nne boammaaruri mo go wena jaaka lokwalo lo lo tswang kwa tsaleng e e gaufi.

"Ke lo biditse ditsala, ka gonne sengwe le senngwe se ke se ithutileng kwa Rre ke se lo itsisitse." - Johane 15:15.

Jesu O batla se se molemo segolo kaga rona. Lefoko la Gagwe le re lere mo boleyong jwa Modimo: mo go bao ba ba tshephang ebile A ba laela ka sebele.

"Ke lo boleletse dilo tse, gore lo bone kagiso mo go Nna." - Johane 16:33.

Gore re itemogele kagiso e, botsalano jo bo sireletsegileng jo le Keresete, re tlhoka go bala dikwalo tse A di re romelelang. Ke sone se Baebele e leng sone: dikwalo tse di tswang kwa legodimong. O se ka wa tlogela kana wa baya dikwalo tseo di sa bulwa. Molaetsa o o fetolang o o o tlhokang o mo Lefokong.

Tshupo nngwe ke e kaga kamo ya Baebele: "Ke ne ke tlhoka thuso, mme ka e bona mo go Jesu. Letlhoko lengwe le lengwe le ne la newa, tlalo ya moya wa me ya kgotsofadiwa; Baebele mo go nna ke tshenolo ya ga Keresete. Ke dumela mo go Jesu ka gore mo go nna ke Mmoloki yo O Boitshepo. Ke dumela Baebele ka gobo ke e fitlhetse e le lentswe la Modimo mo moyeng wa me." The Ministry of Healing, tsebe 461.

3. DIKAELO TSA GO TSHELA MO BAEBELENG LE DITAOLO TSE SOME

Go leba Ditaolo tse Some ka bokhutshwane go re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa tsone le Baebele e le motheo wa botlhokwa mo go tsheleng mo go siameng.

Ditaolo ka tlholego di wela mo dikgaoganyong tse pedi. Tsa ntlha tse nne di tlhalosa botsalano jwa rona le Modimo, mme tsa bofelo tse thataro di tlhalosa botsalano jwa rona le batho ba bangwe. Di bonwa mo go Ekesodo 20:3-17.

Ditaolo tsa ntlha tse pedi di tlhalosa botsalano jwa rona le Modimo le kobamelo ya Gagwe.
I. "O se ka wa nna le medimo epe e sele (fa pele ga me)."
II. "O se ka wa itirela setshwantso sepe… O se ka wa di ikobela lefa e le go di direla…"
Taolo ya boraro le ya bone di supa botsalano jwa rona le leina la Modimo le letsatsi la Gagwe le le boitshepo.
III. "O se ka wa umakela leina ja ga Jehofa Modimo wa gago lefela…"
IV. "Gakologelwa letsatsi ja Sabata go le itshepisa. O dire o bo o swetse tiro yotlhe ya gago ka malatsi a le marataro mme letsatsi ja bosupa ke Sabata wa ga JEHOFA Modimo wa gago…"
Taolo ya botlhano le ya bosupa di babalela tshwaragano ya lelwapa.
V. "Tlotla rrago le mmago…"
VII. "O seka wa dira boaka."
Ditaolo 6,8,9 le 10 di re babalela mo batsalanong jwa rona le bangwe ka rona.
VI. "O se ka wa bolaya."
VIII. "O se ka wa utswa."
IX. "O se ka wa supa maaka kaga mongwe ka wena."
X. "O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena… lefa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena."

Ditaolo tse some di tlhalosa botsalano jwa rona le Modimo mmogo le batho ba bangwe. Ke dikaelo tsa botshelo jwa Sekeresete.

4. SE JESU O SE BUILENG KAGA DITAOLO TSE SOME

Letsatsi lengwe Jesu O ne A ruta, ga tla lekawana lengwe le itlhaganetse kwa go Ene, la botsa, "Moruti, ke ka dira eng se se molemo go re ke bone botshelo jo bo sa khutleng.?" (Mathaio19:16). Keresete O ne A bona gore O tlhabana le mathata a madi mme A mo gakolola go kgaogana le dithoto tsa gagwe mme a "tshegetsa ditaolo." (temana 17).

Lekawana le, le ne la leka go faposa tlhaloso ya ga Keresete ya mathata a gagwe ka go botsa gore (Jesu) O ne A bua ka ditaolo dife. Jesu O ne A bolela dingwe tsa Ditaolo tse some (ditemana 18 le 19).

La bofelo, "lekawana la mmusi wa mohumi la retologa la tsamaya ka kutlobotlhoko (ditemana 20,22). O ne a ka naya Ditaolo tse Some tlhaloso ya tlhaloganyo, mme a se ka ke a obamela moya wa molao ka go tlogela tsela ya go tshela ga gagwe ya bopelotshetlha.

Ditaolo tse Some di re supegetsa melelwane e botsalano jo bo itekanetseng le Modimo mmogo le bangwe ka rona, bo ka golelang mo go yone. Jesu O ne A supa kutlo e le yone kgoro e e isang boitumelong jwa boammaaruri:

"Fa lo TSHEGETSA DITAOLO TSA ME, lo tla nnela ruri mo loratong lwa Me, fela jaaka le nna ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre mme ke ntse mo loratong lwa Gagwe. KE LO BOLELETSE SELO SE gore boipelo jwa me bo nne mo go lona le gore BOIPELO JWA LONA BO NNE BOTLALO." - Johane 15:10, 11.

5. KAELO MO BOTSHELONG JWA BOITUMELO

Lokwalo lwa Moreri ke pego ya go hukutsa ga ga Solomone a batla boitumelo. O bega tlhologelelo ya gagwe ya boitumelo mo dikhumong tsa lefatshe: matlo a a manobonobo, masimo a mofine a a ungwang segolo, masingwana a mantle thata, le masimo a maungo a a rokotsisang mathe. O ne a ntsifatsa malata. O ne a iphitlhela a dikanyeditswe ke sengwe le sengwe sa dithoto tse motho o ka di eletsang. Mme o ne a sena boitumelo, mme a kwala:

"E ne ya re fa ke leba tsotlhe tse ke di dirileng ka diatla tsa me, le se ke neng ke tsere matsapa go se dirafatsa, gotlhe ya bo e le lefela, e le go leleka phefo fela." - Moreri 2:11.

Solomone o ne a simolola go hukutsa maitumelo a lefatshe le ka tsholofelo ya go bona boitumelo. O ne a gapiwa ke mofine, basadi, le moopelo. Tshwetso ya gagwe e ne ya nna e:

"Lefela! Lefela!…. Sengwe le sengwe ke lefela!" - Moreri 12:8.

Solomone o ne a kile a utlwa a bo a bona fa Jehofa A le molemo. E ne ya re fa a tshwantsha botshelo jwa gagwe jwa pele jwa kutlo mo Modimong le go tsoma boitumelo ga gagwe ka botlhaswa mo dilong tsa boleo, tshwaelo ya gagwe ya nna e:

"Bokhutlo jwa dilo tsotlhe ke jo: Boifang Modimo lo boloke ditaolo tsa Gagwe, ka gonne mo ke yone tiro yotlhe ya motho." - Moreri 12:13.

Solomone o ne a ikutlwa ekete o ka bona tsela e khutshwane go ya boitumelong mo botshelong jwa go peresa. Go isa kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, o ne a nna pelokgale go amogela molato wa gagwe. Go boloka ba bangwe mo molatong o o tshwanang, o ne a kwala:

"Yo o bolokang molao, ene yoo o a itumela." - Diane 29:18.

6. DITAOLO TSE SOME KAELO YA BOTLHOKWA YA KGOLAGANO E NTSHA

Mo kgolaganong e Ntsha, Jakobe o ne a supa ka gore:

"Gonne lefa e le mang yo o bolokang molao otlhe mme a bo a kgotswa mo ntlheng e le nngwe fela o molato wa go tlola molao otlhe. Ka gonne yo o rileng, 'O se ka wa dira boaka,' gape o rile, 'O se ka wa bolaya.' FA o sa dire boaka mme o bolaya, o nnile motlodi wa molao. Bua o bo o dire jaaka ba ba tla atlholwang ka molao o o nayang kgololesego." - Jakobe 2:10-12.

Charles Spurgeon, moreri yo mogolo wa Mobaptist mo dingwageng tse di fetang lekgolo tse di fetileng, o ne a re: "Molao wa Modimo ke molao o o boitshepo - o boitshepo, ke wa selegodimo, o boitekanelo. Ga go ditaolo tse dintsi thata; gape ga di palo potlana thata, mme ga go na ope o o tshwanang nao mo e leng gore boitekanelo jwa one ke tshupo ya boitshepo jwa one."

John Wesley, mongwe wa bathabolodi ba phuthego ya Methodist, o ne a kwala kaga popego e ya go ema ga molao: "Molao wa boitshwaro o o neng o le mo Ditaolong tse some… (Keresete) ga A ka A o tlosa… Tshetla nngwe le nngwe ya molao o e tshwanetse go ema e dira mo sethong sotlhe mo metlheng yotlhe."- Sermons, vol. 1, ditsebe 221,222.

Billy Graham, moreri yo tlotlegang thata mo lefatshing wa seefangele, o tseetse Ditaolo tse Some kwa godimo mo a kwadileng lokwalo kaga botlhokwa jwa tsone mo Mokereseteng.

7. NONOFO YA GO UTLWA

Baebele le Ditaolo tse Some ke kaelo e e itekanetseng ya go tshela ga boitumelo e e sa fetolweng, e e botlhokwa. Mme dipelo di santse di le mo ntweng. Mosadi mongwe o ne a e tlhalosa jaana: "Ke dumela fa Ditaolo tse Some di tama, ke tlhomamisa fa go di boloka go isa boitumelong. Ke lekile bojotlhe jwa me go di boloka, mme ga ke kgone. Ke simolola go dumela gore tota ga go na ope yo o ka kgonang."

Tshekamelo ya motho wa tlholego ke go leka go tshela botshelo jwa kutlo mo ditaolong tsa Modimo. Mme go araba go leka mo go ntseng jaana, gangwe le gape go tswa mo pelong e e ntshofetseng ya motho, go tswa tsibogo e ya kutlobotlhoko, "Ga ke kgone go nna kutlo!" Ka goreng? Ka gore:

"Pelo e e boleo e ila Modimo. Ga e ineele mo molaong wa Modimo, ebile ga e kake ya go dira." - Baroma 8:7.

Maikaelelo a molao wa Ditaolo tse some ke eng?

"Re lemoga boleo ka ntlha ya molao." - Baroma 3:20.

Tiro ya molao ke go re gogela gore re lemoge fa gotlhelele re le baleofi ba ba latlhegileng ba ba senang tsholofelo ebile ba tlhoka Mmoloki.

"Molao o tlhomilwe gore o re gogele kwa go Keresete gore re siamisiwe ka tumelo." - Bagalatia 3:24.

Jesu ke Ene Karabo! Fela fa re le fa dinaong tsa ga Jesu ka botlhoka thuso jo bo feletseng, ka tumelo re ka amogela boitshwarelo jwa dibe tsa rona le nonofo e e tswang mo go Ene gore re obamele ditaolo tsa Gagwe.

8. KUTLO YA LORATO MO DITAOLONG TSE SOME

Jesu O re bolelela gore kutlo ke maduo a lorato:

"Fa lo nthata, lo tla tshegetsa ditaolo tsa Me." - Johane 14:15.

Fa re rata Modimo, re tla tshegetsa ditaolo tsa ntlha tse nne tse di tlhalosang botsalano jwa rona le Modimo; gape fa re rata batho, re tla tshegetsa ditaolo tse di latelang tse thataro tse di tlhalosang botsalano jwa rona le batho ba bangwe.

Motho yo o gatakang Ditaolo tse Some o a leofa:

"Mongwe le mongwe yo o leofang o tlola molao; tota, boleo ke go tlhoka molao." - 1 Johane 3:4.

Mme a re lebogeng Modimo, re na le Mmoloki yo O neng A tla mo lefatshing le A bo A swa, A tsoga, mme jaanong O tshedile ka maikaelelo a le mangwe fela:

"Mme lo itse fa a ne a bonadiwa GORE A TLOSE MALEO A RONA." - temana 5.

Mmoloki wa rona O itshwarela A bo A tlosa go leofa ga rona (1 Johane 1:9). A bo A solofetsa go re naya lorato lwa Gagwe gore re rate ka lone - molemo o mogolo mo botshelong jwa bopelotshetlha le boleo:

"MODIMO O TSHOLOLETSE LORATO LWA GAGWE MO DIPELONG TSA RONA ka Moya O O Boitshepo, O a re o neileng." - Baroma 5:5.

Ga re na bokgoni bope jo bo mo go rona jwa go boloka molao wa Modimo. Lorato lwa Modimo lo lo "tshololetsweng mo dipelong tsa rona" ke yone tsholofelo yosi ya rona.

9. TSHEGOFATSO YA MODIMO LE KUTLO MO MOLAONG

Poloko ke neo. Ga re ka ke ra dira gore re tle re bone neo. Re ka e amogela fela ka tumelo. Re amogela tshiamiso (go ema sentle mo Modimong) e le neo, fela ka tumelo ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo.

"Gonne lo BOLOKILWE KA TSHEGOFATSO, ka TUMELO - mme mo go sa tswe mo go lona, ke NEO YA MODIMO - e seng ka ditiro, gore ope a se ipelafatse." - Baefesia 2:8.

Ga re ka ke ra tshegetsa ditaolo ka ditiro tsa rona - ka go leka. Ga re ka ke ra boloka ditaolo gore re bolokwe. Mme fa re tla kwa go Jesu ka tumelo le boineelo re bo re bolokwa, lorato lwa Gagwe lo tlatsa dipelo tsa rona. Ka ntlha ya tshegofatso e e boitshepo e le kamogelo, re eletsa go Mo latela le go nna kutlo mo go Ene ka nonofo ya lorato lwa Gagwe mo dipelong tsa rona. (Baroma 5:5).

Paulo o gatelela go tlhoka mosola ga maiteko a motho mme o supa gore ga re kafa tlase ga molao e le tsela ya poloko, mme re "kafa tlase ga tshegofatso."

"A re tla leofa ka gobo re se kafa tlase ga molao mme re le kafa tlase ga tshegofatso? A go se tualo!" - Baroma 6:15.

Ka go reng? Ka gore pelo e e rotloediwang ke lorato e dira botshelo jwa kutlo ya lorato! (Baroma 13:10). Go rata Keresete ke go nna kutlo mo go Ene:

"Lefa e le mang yo o nang le ditaolo tsa Me a bo a di tshegetsa, ke ene yo o nthatang." - Johane 14:21.

Eric Liddell o ne a supa seo, le mo dipakeng tse di thata, modumedi yo o tshwaraganyeng le nonofo ya Modimo o ka tshela botshelo jwa kgotsofalo, le kutlo. Liddell o ne a supa tshegofatso e e gapang mo nakong ya tlhobaelo le poifo. Botsalano jwa gagwe le Keresete jwa lorato bo ne jwa mo nonotsha ka Moya O O Boitshepo, mme jwa mo thusa go kgona go dirafatsa "ditopo tsa tshiamo tsa molao" (Baroma 8:1-4). Botsalano jwa lorato le Mmoloki yo o bapotsweng A bo A tsoga bo ka dira botshelo jwa popego eo.

A o itemogetse sephiri seo? Lorato lwa ga Jesu mo go wena lo dirile gore A ntshetse boleo jwa gago botshelo jwa Gagwe. O solofetsa go go naya nonofo mo botsalanong jotlhe jwa gago ka lorato lwa Gagwe le go go "naya sengwe le sengwe se se molemo ka go dira go rata ga Gagwe" (Bahebera 13:21). Karabo ya gago ke eng?

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy