GO
TSWA MOLEOFING YOO MOLATO GO YA MOITSHEPING YO O ITSHWARETSWENG
Go
ne go sena matshwao ape a menwana. Go ne go sa bonwa sebetsa sepe. Ga
go ope yo o bonyeng mmolai a tsena mo ofising ya ga ngaka. Ga go ope
yo oneng a utlwa fa go thuntshiwa. Mme ngaka one a fitlhelwa a kgophaletse
kafa morago ga tafole ya gagwe. Marumo a matlhano a ne a phuntse hempe
ya gagwe.
Go
ne go bonala e le borukhutlhi jo bo itekanetseng. Pele mapodisi a ne
a sa bone sepe se se amanang le borukhutlhi jo. Mme ba tloga ba lemoga
waitshana e e neng e tshwararanye le setshegetsa peteloto fa tafoleng
ya ga ngaka. Wairi
e e ne e ya kwa sekepa-mafoko mo laing. Setshegetsa peteloto se, ba
ne ba lemoga fa se ne se fitlhile sekapa-mafoko se ngaka a neng a se
dirisa go tsaya mafoko a dipuisanyo tsa gagwe le balwetse ba a neng
a ba gakolola.
Batlhotlhomisi
ba ne ba tshameka mafoko a a kapilweng a, mme ba gakgamalela se ba neng
ba simolola go se reetsa ele polelo ya borukhutlhi jo bo neng bo diragetse.
Monna yo o bodiwang Anthony o ne a tsena mo ofising ya ga ngaka mme
a simolola go ganetsanya le ngaka, ba omana. Ga utlwala go thunya ga
dithobolo. Mafoko a a kapilweng a ne a felela ka go koma ga ga ngaka
fa a ne a swa.
Mola
mongwe le mongwe o o masisi o ne o kapilwe. Mmolai o ne a itheile a
re borukhutlhi jwa gagwe bo tla nnele ruri sephiri. O ne a tlhokometse
gore ga a tlogele sepe sa go mo amanya le borukhutlhi jo. Mmme mafoko
a a kapilweng a ne a bolela polelo yotlhe fela.
Mo
kaelong e re tsile go ithuta ka katlholo ya bofelo ya Modimo fa batho
ba tla "atlholwa go ya ka se ba se dirileng se se kwadilweng mo
dikwalong (Tshenolo 20:12). Mo go ba ba sa amogelang Keresete jaaka
Mmmoloki wa bone, e tla nna dikgang tse di botlhoko. Mme katlholo ke
mafoko a a molemo segolo mo go ba ba bonyeng pabalesego mo go Keresete.
1.
O KA LEBAGANA LE KATLHOLO JANG O SA BOIFE?
Ke
mang yo o tla atlholang lefatshe?
"Rara
ga A atlhole ope, mme katlholo yotlhe e neilwe Morwa." - Johane
5:22.
Mokgoro
o ne wa baakanyetsa jang Keresete go nna Moatlhodi wa
rona?
"Modimo
o ne wa mo ntsha (Jesu) go nna setlhabelo sa tetlanyo, ka tumelo mo
mading a gagwe
gore a nne TSHIAMO le MOSIAMISI mo go ba ba nang
le tumelo mo go Jesu." - Baroma 3:25, 26.
Loso
lwa ga Keresete jaaka moemedi wa rona lo dira gore A kgone go nna Moatlhodi
mmogo le Mosiamisi yo o ka itshwarelang moleofi yo o ikwatlhayang. Lobopo
lo lo lebeletseng lo bo lo botsa potso, "Moatlhodi yo o sekamelang
ntlha nngwe o ka bolela jang gore motho yo o molato ga a na molato?"
Keresete o ka araba ka go supa dipadi tse di mo diatleng tsa gagwe.
O amogetse kwatlhao e e siameng ya maleo a rona mo mmeleng wa Gagwe
ka sebele.
Dikwalo
tsa legodimo di boloka pego ya botshelo bongwe le bongwe, mme dipego
tse didirisiwa mo katlholong (Tshenolo 20:12). Ke one mafoko a a busula
mo go ba ba akanyang gore maleo a bone le maikepo a bone a sephiri ga
a ketla a tla go ba bogisa. Mme go na le mafoko a a molemo mo go ba
ba amogetseng Keresete ka tlhoagalo jaaka mmueledi wa bone kwa legodimong:
"Madi a ga Jesu
. A re tlhapisa mo boleong jotlhe" (1
Johane 1:7).
Jesu
o re naya eng mo boemong jwa botshelo jwa rona jwa boleo?
"Modimo
o ne wa mo dira go nna boleo mo boemong jwa rona, ene yo o na a sa itse
boleo; gore rona re nne tshiamo ya Modimo mo go ene." - Bakorintha
5:21.
Botshelo
jwa rona jwa boleo bo ananngwa le botshelo jwa ga Keresete jo bo itekanetseng
jwa tshiamo. Ka ntlha ya bothelo jo bo senang boleo jwa ga Keresete
le loso lwa Gagwe, Modimo o ka re itshwarela . A bo A re tsaya jaaka
ekete ga re ise re ke re leofe.
Ke
eng se se dirang gore Jesu a kgone go nna Mmmueledi le Moatlhodi wa
rona?
2.
KERESETE O NE A TLA KA NAKO
Kwa
kolobetsong ya Gagwe, Jesu o ne a tlodiwa ke Moya o o Boitshepo:
"E
rile fela a sena go kolobediwa, a tlhatloga go tswa mo metsing. Ka nako
eo legodimo le ne la bulega, mme a bona Moya wa Modimo o fologa jaaka
lephoi mme o nna mo go ene. Mme lentswe la tswa kwa legodimong la re,
"Yo ke Morwaake, yo ke mo ratang; yo ke itumelang thata mo go ene."
- Mathaio 3:16, 17.
E rile
morago ga go tlodiwa ga ga Keresete ke Moya o o Boitshepo kwa kolobetsong
ya Gagwe, Barutwa ba Gagwe ba bua jaana:
"Re
bonye Mesia (Keresete)." - Johane 1:41.
Barutwa
ba ne ba itse gore lefoko la Sehebera la "Mesia" le la Segerika
la "Keresete" otlhe a raya "Yo o Tloditsweng."
Luke,
morutwa wa ga Jesu, o ne a bega letsatsi la go tlodiwa ga ga Jesu jaaka
Mesia jaaka ngwaga wa bolesome le botlhano wa ga Tiberio Kesara (Luke
3:1). Mo go rona e ka nna ngwaga wa A.D.27.
Digwaga
tse di fetang 500 pele ga Jesu a tla Moperofeti Daniele o ne a bolela
pele gore Jesu o ne a tla tlodiwa jaaka Mesia ka A.D. 27:
"Go tloga ka go ntshiwa ga taolo ya go shafatsa le go aga Jerusalema
go fitlha mo go yo o Tloditsweng
. E tla nna dibeke di supa, le
dibeke di le masome a marataro le bobedi"- (Daniele 9:25).
Dibeke
tse supa le dibeke tse di masome marataro le bobedi e nna dibeke tse
di masome a marataro le boroba bongwe fa di tlhakana kgotsa malatsi
aa 483 (7 x 69 = 483). Ka puo ya ditshwantsho ya perofeso ya Baebele
letsatsi lengwe le lengwe ke ngwaga o le mongwe (Esekiele 4:6;Dipalo
14: 34), go bo go raya gore malatsi a a 483 tota ke dingwaga tse 483.
Daniele o ne a bolela pele gore tsalo e tla tswa ya go aga Jerusalema
sesha, mme e re dingwaga tse 483 morago ga taolo e, Mesia a bonale.
A Jesu
o ne a bonala jaaka Mesia ka nako e e boletsweng? Artaxerxes o ne a
ntsha taolo ya gore go agiwe Jerusalema sesha ka 457 B.C. (Esere 7:7-26).
Dingwaga tse 483, di feletse ka A.D. 27. (457 B.C. + A.D.27 = 484).
Taolo e dule ka 457 mme Keresete a tlodiwa ka A.D.27, e nna 457 le bontlhabongwe
jwa 27), go bo go raya gore nako ya boammaaruri ke dingwaga tse 483.
Ka
nako tota e e boletsweng, A.D. 27, Jesu o ne a bonala ka molaetsa o:
"Lobaka lo tsile" (Mareko 1:15). Go rurifadiwa ga boammaaruri
ga perofeso e ya Baebele ke Tlhomamiso ruri ya gore Jesu wa Nasaretha
tota ke Ene Mesia, Modimo mo nameng ya setho.
Jesu
o ne a tla tlhomamisa tsholofetso ka lobaka lolo kae?
"O
tla tlhomamisa kgolagano (tsholofetso) le ba le bantsi ka "bosupa"(beke
ka Sehebera) bo le bongwe." - Danile 9:27.
Fa
re dirisa molawana wa gore letsatsi ke ngwaga, "beke" e e
ne e tla nna dingwaga tse supa. Go raya gore dingwaga tse supa -go tswa
A.D. 27 go ya go A.D. 34 - Jesu o ne a tla "tlhomamisa kgolagano",
kgotsa tsholofetso, e a neng a e dirile le Adamo le Efa fela fa ba sena
go leofa. Modimo o ne a dira kgolagano, tsholofetso, ya gore O tla boloka
lotso lwa setho mo boleong ka loso lwa Mongwe yo o neng a tla mo romela
go swela dibe tsa rona (Genesise 3:15).
Go
ne go tla dirafala eng mo bogareng jwa beke e ya masome a supa?
"Mo
bogareng jwa beke o tla fedisa go boga le setlhabelo." - Daniele
9:27.
Jesu
o ne a bapolwa ka A.D. 31, mo "bogareng jwa beke". Ka nako
ya loso lwa ga Keresete, Modimo o ne a gagola "sesiro sa tempele
ka bogare go tswa kwa godimo go ya kwa tlase" (Mathaio 27:51).
Tshupelo ya setlhabelo e e neng ya tloga ya bolawa(sesupo sa ga Jesu
"Kwana ya Modimo)" e ne ya tshaba mo diatleng tsa moperisiti.
Se e ne e le sesupo sa gore Modimo O ne a sa tlhole a batla gore batho
ba ntshe ditlhabelo tsa diphologolo. Go rurifatsa perofeso go ya mo
thakeng ya bofelo, Jesu O ne a "fedisa" letlhoko la setlhabelo
sepe se se neng se ka ntshiwa. Go tswa ka loso lwa ga Keresete, batho
ba bona tsela e e yang Modimong e seng ka ditlhabelo tsa diphologolo
le baperisiti ba setho, mme e leng ka Mesia, Kwana ya Modimo le Moperisiti
wa rona yo Mogolo.
3.
TLHOMAMISO YA MALEO A A ITSHWARETSWENG
Go
ya ka perofeso ya ga Daniele, ke eng fa Jesu a ne a swa?
"Yo
O Tloditsweng o tla kgaolwa, mme o tla bo a sena sepe." - Daniele
9:26.
Ka
nako ya loso lwa Gagwe mo mokgorong Jesu o ne a "kgaolwa."
O ne a swa, mme a sa itshwele ("se sena sepe"), A sa duele
kwatlhao ya boleo jo e leng jwa Gagwe, mme a duela kwatlhao ya maleo
a lefatshe lotlhe.
Re
ka itse jang gore Modimo o itshwaretse maleo a rona otlhe?
"Tshiamo
ya Modimo e tswa mo go dumeleng mo go Jesu Keresete. Mo go botlhe ba
ba dumelang
BOTLHE BA LEOFILE
mme ba SIAMISIWA fela ka
TSHEGOFATSO ya one ka ntlha ya thekololo e e tlileng ka Keresete Jesu
. KA TUMELO, MO MADING A GAGWE." - Baroma 3:22-25.
Dintlha
tsa botlhokwa mo ditemaneng tse ke: Rona "rotlhe re leofile",
mme ka ntlha ya "tshegofatso" ya Modimo, botlhe ba a "siamisiwa"
ba ba nang le "tumelo" mo nonofong e e ntlafatsang ya "madi"
a ga Keresete. Fa re siamisitswe, Modimo o re bolela re sena molato,
a tlosa molato wa maleo a a fetileng. Mme Modimo o re bolela re sena
molato; "tshiamo e e tswang Modimong e tla ka tumelo mo go Jesu
Keresete".
Rotlhe
ba re lapisitsweng ke go lwela go nna molemo, lefa go ntse jalo, gore
re lekanele re le nosi, re ka bona boikhutso jwa boammaaruri mo kamogelong
ya malebogo ya ga Keresete. O solofetsa gore, "Tlang kwa go nna,
lona ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tla lo naya boikhutso "
(Mathaio 11:28). Rotlhe ba re imetsweng ke dipadi tsa lobaka lo lo fetileng
le maikutlo a a botlhoko a go thaela le maswabi, re ka bona kagiso ka
botlalo mo go Keresete.
4.
NAKO YA KATLHOLO E A SIMOLOGA
Mo
kgaolong ya borobabobedi ya ga Daniele, moengele o ne a supegetsa moperofeti
pono e kgolo ya isago. Daniele o ne a bona (1) phelefu, (2) phoko le
(3) go tswa mo lonakeng longwe lwa dinaka tsa phoko, "lonaka lo
longwe lo lo neng lwa simologa lo le lonnye mme lwa gola mo nonofong
" (Daniele 9:8, 9); ditshupo tse di neng di emetse (1) Meda-Peresia,
(2) Gerika, Le (3) Roma (Daniele 8:1-12; 20-26).
Karolo
ya bone ya perofeso ke eng?
"Go
tla tsaya lobaka lo lo kae gore pono e e rurifadiwe -ponatshegelo ya
setlhabelo sa malatsi otlhe
? A nthaya are, "Go tla tsaya
maitseboa le meso (malatsi ka Sehebera); ke gone motlaagana Otla ntlafadiwang."
- Daniele 8:13, 14.
Daniele
o ne a idibala pele ga moengele a ka tlhalosa perofeso ya malatsi a
a 2300, le kgaolo ya borobabobedi ga e neye tlhaloso epe pele ge e fela.
Mmme morago moengele o ne a bonala gape mme are:
"Tlhaloganya
ponatshegelo: go laotswe dibeke di le masome a supa, tsa go wetsa tlolo,
le go khutlisa maleo, le go direla boikepo tetlanyo." - Daniele
9:22-24.
Ka
jalo, tota malatsi a a 2300 ke dingwaga tse 2300, letsatsi lengwe le
lengwe le emetse ngwaga (Esekiele 4:6). Dibeke tse di masome a supa
kgotsa dingwaga tse 490, di ne di emetse sekaba sa ntlha sa lobaka lo
lo leele lwa dingwaga tse 2300. Dipaka tse tsa nako ka bobedi di simologile
ka 457 B.C. fa Peresa a ntsha molao wa go "Shafatsa le go aga Jerusalema.
"Fa go ntshiwa dingwaga tse 490 mo go tse 2300, go sala 1810. Fa
go tsenngwa 1810 mo go A.D. 34, fa go fela dingwaga tse di 490, re tla
mo go 1844.
5.
MOTLAGANA WA SELEGODIMO OTLA NTLAFADIWA-KATLHOLO
Moengele
o ne a bolelela Daniele gore e tla re ka 1844, kwa bokhutlong jwa dingwaga
tse 2300, "motlaagana o tla ntlafadiwa. "(Daniele 8:14). Mmme
tota se se raya eng? Go tswa ka A.D.70 fa Baroma ba ne ba senya tempele
kwa Jerusalema, batho ba Modimo ba ne ba Tlhoka tempele mo lefatshing.
Go raya gore, gore motlaagana o ntlafadiwe, go tswa ka 1844, e tla bo
ene e le wa selegodimo, ka wa selefatshe e le sekao sa oo fela.
Jaanong,
go ntlafadiwa ga motlaagana wa selegodimo go raya eng? Iseraele wa bogologolo
o ne a bitsa letsatsi la go ntlafadiwa ga motlaagana wa selefatshe Yom
Kippur, Letsatsi la Tetlanyo. E ne e le letsatsi la katlholo e le ruri.
Jaaka
re lemogile mo kaelong ya 12, toro ya ga Keresete mo boemong jwa rona
kwa motlaaganeng e gabedi: (1) Ditlhabelo tsa letsatsi le letsatsi di
remeletse mo bodireding jwa moperisiti mo phaposing ya ntlha ya motlaagana,
Felo ga Boitshepo. (2)
Setlhabelo sa ngwaga le ngwaga se remeletse mo bodireding jwa Moperisiti
yo Mogolo mo phaposing ya bobedi, Felo ga Boitshepo jwa Maitshepo (Lefitiko
16).
Mo
motlaaganeng wa selefatshe, fa batho ba ne ba ipolela maleo letsatsi
le letsatsi, madi a diphologolo tse di bolailweng a ne a kgatshwiwa
kwa thofing ya sebeso, a tloge a fudusediwe kwa Felong ga Boitshepo
(Lefitiko 4 le 6). Ka jalo ka tshupo e, letsatsi le letsatsi maleo a
a ipoletsweng a ne a leriwa mo motlaaganeng a bewe koo.
Mme
e ne e a re ngwaga le ngwaga, ka Letsatsi la Tetlanyo, motlaagana o
ntlafadiwe maleo otlhe a a ipoletsweng mo ngwageng o o fetileng (lefitiko
16). Go dirafatsa ntlafatso e, Moperisiti yo Mogolo o ne a dira setlhabelo
se se faphegileng sa podi e e ntshitsweng. O ne a tseela madi a yone
kwa Felong ga Boitshepo jwa Maitshepo mme a kgatsha madi a a ntlafatsang
a fa pele ga sesiro sa tetlanyo go supa gore madi a ga Jesu, Morekolodi
yo otla tlang, a ne a tla duela kwatlhao ya boleo. Moperisiti yo Mogolo
o ne a tlosa maleo a a ipoletsweng mo motlaaganeng mme a a baya mo tlhogong
ya podi e nngwe, e e neng e gogelwa kwa sekgweng go ya go swela koo
(Lefitiko 16:20-22).
Tirelo
(moletlo) e ya Letsatsi la Tetlanyo ngwaga le ngwaga e ne e ntlafatsa
motlaagana mo boleong . Batho ba ne ba le tsaya jaaka letsatsi la katlholo
ka gore ba ba neng ba gana go ipolela maleo a bone ba ne ba tsewa ba
sa siama mme ba tlosiwe mo bathong(ba Modimo)" (23:29).
Se
Moperisiti yo Mogolo o neng a se dira e le tshupo gangwe fela ka ngwaga,
Jesu o se dira gangwe fela mo lobakeng lotlhe jaaka Moperisiti wa rona
yo Mogolo (Bahebera 9:6-12). Mo letsatsing le legolo la katlholo, otlosa
mo motlaaganeng maleo a a ipoletsweng a botlhe ba ba mo amogetseng jaaka
mmoloki wa bone. Fa re ipolela maleo a rona, o tla phimola ka bosakhutleng
pego ya maleo a rona ka nako eo (Ditiro 3:19). Bodiredi jo ke tiro ya
katlholo e Jesu o e simolotseng ka 1844.
Ka
1844 fa nako ya katlholo ya Modimo e ne e simologa kwa legodimong, molaetsa
wa motlha wa katlholo o ne wa simolola go rerwa mo lefatshing lotlhe
(Tshenelo 14:6-7). Kaelo e nngwe ya TLHOTLHOMISO e tla bua ka ga molaetsa
o.
6.
GO LEBAGANA LE PEGO YA BOTSHELO JWA GAGO MO KATLHOLONG
Go
tswa ka 1844, Keresete jaaka Moatlhodi o ntse a sekaseka pego ya motho
mongwe le mongwe yo o kileng a tshela go tlhomamisa ba ba tla nnang
teng mo go ba ba bolokilweng fa Jesu a tla. Jaaka Moatlhodi wa rona,
Jesu o "phimola" maleo otlhe a basiami go tswa mo pegong ya
matshelo a bone e e kwa legodimong (Ditiro 3:19).
Fa
leina la gago le tlhaga mo katlholong, go tla bo go le motlhofo go lebagana
le pego ya botshelo jwa gago - Fa o amogetse Keresete jaaka Moemedi
wa gago. Mmme fa katlholo ya basiami e weditswe, Jesu o bolela mo lefatshing
go tla go ba duela (Tshenolo 22:12,14).
A o
iketleeleditse Jesu go tla? Kgotsa, a go na le sengwe se o ntseng o
se Mo fitlhela? A o na le botsalano jwa boikanyego le yo o solofetsang
jaana:
"Fa
re ipolela maleo a rona, o boikanyego le tshiamo go re itshwarela le
le go re ntlafatsa mo tshiamololong yotlhe." - Johane 1:9.
Go
ipolela go raya go dumela go lebagana le maleo a rona, go amogela boitshwarelo
jwa Modimo, le go bolela letlhoko la rona la nonofo le tshegofatso ya
Gagwe.
E kile
yare kgosi Frederick William I a etetse kgolegelo kwa Potsdam, a reetsa
maikuelo mangwe a boitshwarelo. Magolegwa otlhe a ikana gore baatlhodi
ba ba tshokamo, basupi ba ba seng boammaaruri, kgotswa babueledi ba
ba gatelelang ke bone ba dirileng gore ba golegwe. Gotswa mo ntlwaneng
go ya mo go e nngwe ga tswelela polelo ya go tlhatlhelwa kwa ntle ga
molato.
Mme
mo ntlwaneng nngwe legolegwa la tlhoka mafoko. Ka go gakgamala, Frederick
a bua ka dinyao, a re, "Ke tsaya gore le wena ga o na molato."
Monna
yoo a araba, "Nnyaya, mong wa me, ke molato ebile ke tshwanelwa
ke se ke se amogelang."
Kgosi
ya leba motlhokomedi mme ya buela kwa godimo ya re, "Tla o golole
serukhutlhi se ka bonako, pele ga a senya batho ba ba senang molato
ba."
Re
ipaakanyetsa jang katlholo? Re ipaakanyetsa jang go tla ga ga Keresete?
Ka go ipolela ka boikanyego le ka boammaaruri: Ke tshwanetswe ke kwatlhao
ya loso ka ntlha ya maleo a me, mme Mongwe O tsere maemo a me, a nnaya
boithswarelo jo bo gakgamatsang. Dira boineelo gone jaanong, gore lefa
go ka dirafala eng, Otla tshegetsa botsalano jwa gago le Modimo ka boikanyego
le ka pelo e e tlhoafetseng.