MMOLOKI YO O LENG TENG KA
DINAKO TSOTLHE

Fa lekawana la Moscottish le le bidiwang Petere le ne le timetse bosigo kwa go latlhelwang matlakala, Modimo O ne A mmitsa ka leina la gagwe, 'Petere!' Fa lentswe la selegodimo le mmitsa gape, Petere o ne a ema, a leba fa fatshe mme a lemoga gore o ne a batlile go wela mo mosimeng o go neng go epiwa maje mo go one.

A go ne go tla bo go se molemo fa rotlhe re ne re ka utlwa Modimo a re bitsa ka maina a rona? A go ne go tla bo go se molemo gore a bo a le tsala e e gaufi jalo - fa re ne re ka nna fa fatshe mmogo ra bua ka boleele ka ga matshwenyego le ditiro tsa rona?

1. KOPANO YA NAKO TSOTLHE LE JESO

Fa Jeso a ne a tshela le rona, re kgona go mmona, re ne re ka nna gaufi thata le Ene go feta gompieno. Ee, go molemo go ka nna le Keresete mo tropong ya rona, mme akanya ka bontsi jo bo tla bong bo mo dikaganyeditse. Akanya ka tiro e e neng e tla bo e lopa nako ya Gagwe. Re ka tshela sentsle fa re ne re ka nna le sebaka sa go bua le Ene re lebaganye.

Keresete O eletsa go nna le botsalano le mongwe le mongwe wa rona. Se ke lengwe la mabaka a gore A bo a dule mo lefatsheng le go ya go dira tiro e e faphegileng kwa legodimong e e tla Mo letlang go atamela mongwe le mongwe wa rona tsatsi le letsatsi. Ka gore jaanong Keresete ga a kganelwe ke sepe jaaka fa a ne a le mo lefatsheng, O gaufi go kaela botshelo ja mongwe le mongwe yo o itetlang ka Moya O O Boitshepho.

Ke tsholofetso efe e e kgothatsang e Jeso A e fileng fela pele ga a tlhatlogela legodimong?

"Mme bonang, KE BO KE NTSE KE NALE LONA KA METLHA YOTLHE, le go ya bokhutlong ja metlha." - Mathaio 28:20.

Keresete o dira eng kwa legodimong se se dirang gore go kgonege gore a nne le rona ka metlha yotlhe?

"Mme ke gona e re ka RE NA LE MOPERISITI YO MOGOLO BOGOLO yo o raletseng magodimo, ebong JESO MORWA MODIMO, a re tshegetseng boipolelo ja rona ka thata. Gonne Moperisiti yo mogolo yo re nang Nae ga se Yo O sa kakeng a angwa ke go utlwana le rona makoa a rona; mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a sena boleo. Ke gona rona, a re atameleng setulong sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelo-botlhoko, re bone tshegofatso e e tla re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka ona." - Bahebera 4:14-16.

Elatlhoko ditlhomamiso tsa go nna le Jeso e le Moemedi wa rona kwa legodimong: "Ke Yo O kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona." "Go utlwana le rona makoa a rona." "Re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka ona." Fa Jeso a le Moperisiti wa rona Yo mogolo bogolo ga re sa tlhole re kgaogantswe le legodimo; Keresete O kgona go re isa kwa Modimo A leng gona. Ke gone re kgotlhadiwa go "atamela setilo sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo."

Jeso O ntse fa kae kwa legodimong?

"Mme Ene (Jeso) e rile A sena go isetsa ruri setlhabelo sa dibe se le sengwe fela, A dula KAFA LETSOGONG LE LEGOLO LA MODIMO." - Bahebera 10:12.

Keresete Yo O tshedileng - mongwe yo o tlhaloganyang - ke Moemedi wa rona ka sebele mo setilong sa bogosi " kafa letsogong le legolo la Modimo."

Botshelo ja ga Jeso bo mmaakantse jang go nna Moperesiti wa rona?

"Ke gona, go no go mo tshwanetse go dirwa jaaka BOMONNAWE mo dilong tsotlhe, gore A nne Moeresiti Yo O mogolo, Yo O boutlwelo-botlhoko le boikanyo mo dilong tse e leng tsa Modimo, go direla dibe tsa batho tetlanyo. Gonne e re ka Ene ka Esi A bogisegile ka A raelwa, O NONOFILE GO THUSA ba ba raelwang." - Bahebera 2:17, 18.

Mogolo-a-rona Yo O itseng setho sa rona O ne A raelwa jaaka rona, jaanong ke Moperesiti wa rona yo mogolo kafa letsogong le legolo la Modimo. O itse mathata a rona ka A dirilwe jaaka rona. O ne A tshwarwa ke tlala, a nyorwa le go lapa. O utlwile letlhoko la boutlwelo-botlhoko le go tlhaloganya.

Mme go feta mo gotlhe, Keresete O tshwanelwa ke go nna Moperesiti wa rona Yo mogolo ka gore O sule go direla dibe tsa rona tetlanyo. O ne A duela tuelo ya maleo a rona ka go swa mo boemong ja rona. A ke one mafoko a a molemo mo bathong botlhe gongwe le gongwe ka nako tsotlhe.

Mongwe wa baeteledi-pele ba sekolo sa rona sa Baebele o abelana le rona tiragalo e: "Ra morweetsana wa rona yo monnye a le dingwaga tse tharo, o ne patisiwa monwana wa seatla ke setilo se bo se mo thuba lerapo. Fa re mo tabogisetsa kwa ngakeng, selelo sa gagwe sa go utlwa botlhoko se ne se re phatlola dipelo, mme se ne sa ama ngwana wa rona yo o dingwaga tse thano ka tsela e e gakgamatsang. Ga nketla ke lebala mafoko a gagwe fa ngaka e setse e tlhokometse kgobalo ya ga monnawe. O ne a lela a re, "Ao, Ntate, ke eletsa e ka bo e le monwana wa me!"

Fa setho se ne se gatakilwe ke boleo, se sekiseditswe go swa ka bosakhutleng, Jeso O ne A re: "Ao, Rara, Ke eletsa e ka bo e ne e le Nna." Mme Rara O ne A fa Jeso keletso ya Gagwe kwa mokgorong. Mmoloki wa rona O na le itemogelo ya botlhoko jo re bo bogileng, le go feta.

2. MAFOKO A A MOLEMO MO KGOLAGANONG E KGOLOGOLO

Fa Baiseraela ba phuthegile fa tlase ga thaba ya Sinai, Modimo O ne A laela Moshe go aga ntlo e e itshephileng ya kobamo, "go ya ka fa sekaong se a se bontshitsweng mo thabeng" (Ekesodo 25:40). Dingwaga di ka nna makgolo a matlhano morago ga foo, tempele e kgolo ya ga kgosi Solomone e ne ya nna mo boemong ja motlaagana. Tempele e, e ne e agilwe e tshwana le motlaagana wa kobamo.

Fa Modimo OO fa Moshe ditaelo tsa go aga motlaagana, O ne A na le maikaelelo a fe?

"Mme a ba ntiele ntlo e e itshephileng, GORE KE TLE KE AGE MO GO BONE." - Ekesodo 25:8.

Boleo bo dirile gore go nne le kgaogano fa gare ga batho le Motlhodi wa bone. Motlaagana e ne e le tsela ya Modimo ya go supa gore O ka tshela jang fa gare ga rona. Motlaagana le tempele morago ga one, di ne tsa nna bogare ja botshelo ja sedumedi le kobamo ka dinako tsa kgolagano e kgologolo. Moso le maitseboa mangwe le mangwe batho ba ne ba kgona go phuthega fa motlaaganeng ba bo ba kopana ke Modimo ka thapelo (Luke 1:9, 10); ba ipha tsholofetso ya Modimo ya gore O tla kopana le rona (Ekesodo 30:6).

Kgolagano e kgologolo e ruta molaetsa o le mongwe fela wa poloko le kgolagano e ntsha. Tshotlhe di bua ka Jeso A re swela a bo A dira A le Moperesiti wa rona Yo mogolo bogolo kwa motlaaganeng wa selegodimo.

3. GO RE DIRELA GA GA JESO GO SUPIWA MO MOTLAAGANENG

Motlaagana le ditirelo tsa ona di supa se Jeso A se dirang gompieno kwa tempeleng e e kwa legodimong, le se A se dirang gompieno mo lefatsheng go re nonotsha le go kaela mongwe le mongwe wa rona mo matshelong a rona a malatsi otlhe.

Motlaagana wa selefatshe o tshwana le wa selegodimo o Keresete A leng kwa go one ka gore o dirilwe O tshwana le tempele ya selegodimo. Ekesodo 25-40 e tlhalosa ditirelo le meletlo ya motlaagana wa kwa nageng ka botlalo. Tshobokanyo e khutshwane ka se se diragalang mo motlaaganeng e bonwa mo kgolaganong e ntsha:

"Mme jaana le e leng kgolagano ya pele e ne e nale ditaolelo tsa tirelo ya Modimo, le felo ga yona ga boitshepho, e le felo ga boitshepho ga lefatshe leno. Gonne go ne go baakantswe motlaagana, ga bo go le o o fa pele o setlhomo sa lobone se neng se le mo go ona, le lomati lwa bojelo, le sengwe sa tshupo e le o o bidiwang, Felo ga Boitshepho. Mme ka fa teng ga sesiro sa bobedi ga bo go le motlaagana o o bidiwang Boitshepho ja Maitshepho o na le leishwana la gouda le letlole la kgolagano…le le tsentseng… matlapa a kgolagano [a Modimo A kwadileng ditaelo tse some mo go one (Deteronome 10:1-5)]. Mme mo godimo ga yone ga bo go le dicheruba tsa kgalalelo, di okame setilo sa boutlwelo-botlhoko." - Bahebera 9:1-5.

Motlaagaa o ne o kgaogantswe ga bedi, e le Felo ga Boitshepho le Felo ga Boitshepho ja Maitshepho. Gone go na le lelapa fa pele ga motlaagana. Mo go lone ga bo go le sebeso sa kgotlho se Baperesiti ba neng ba isa ditlhabelol kwa go sone, le megotswana e ba neng ba tlhapela mo go yone.

Ditlhabelo tse di neng di isiwa kwa sebesong sa kgotlho di ne di emetse Jeso, Yo ka loso la Gagwe mo mokgorong a nnileng "Kwana wa Modimo Yo O tlosang boleo ja lefatshe" (Johane 1:29). Fa moleofi yo o ikwatlhaileng a tla kwa sebesong ka setlhabelo sa gagwe, o ne a bona boitshwarelo le ntlafatso ka madi a ga Jeso (1 Johane 1:9).

Mo motaaganeng wa ntlha kgotsa Felo ga Boitshepho, setlhomo sa dipone se se dikala tse supa, se ne se boneseditse ruri se emetse Jeso A le lesedi ja lefatshe le le sa feleng (Johane 8:12). Lomati la bojelo la sentkgwe sa tshupo, lo ne lo emetse go kgotsofatsa tlala ya rona ya senama le ya Semoya ga ga Jeso a le "Senkgwe sa botshelo" (Johane 6:35). Sebeso sa gouda sa go fisetsa mashwalo, se ne se emetse tiro ya ga Jeso ya go re rapelela fa pele ga Modimo (Tshenolo 8:3, 4).

Motlaagana wa bobedi, ebong Felo ga Boitshepho ja Maitshepho, o ne o na le letlole la kgolagano. Le ne le supa setilo sa bogosi sa Modimo. Sekhurumelo sa lone sa tetlanyo kgotsa setilo sa boutlwelo-botlhoko se ne se emetse go tshereganya ga ga Keresete, Moperesiti wa rona Yo mogolo-bogolo, A rapelela batho ba ba tletseng boleo ba ba sa obameleng molao wa Modimo. Ka fa tlase ga sone ga bo go le matlapa a kgolagano a Modimo a kwadileng melao e some mo go ona. Ditsheruba tsa gouda tsa kgalalelo, di ne di le fa setilong sa boutlwelo-botlhoko kwa letlhakoreng lengwe le lengwe la letlole. Lesedi le le galalelang le ne le phatshima fa gare ga ditsheruba tse pedi tse, sesupo sa boleng ja ga Jeso ka sebele.

Matsela a ne a fitlhile Felo ga Boitshepho gore batho ba seka ba go bona fa Baperesiti ba ba rerela. Letsela la bobedi fa pele ga Felo ga Boitshepho ja Maitshepho, le ne Ele thibela Baperesiti ba ba tsenang mo motlaaganeng wa ntlha go fetela kwa teng.

Fa Jeso A A swa mo mokgorong, letsela le, le ne la diragalelwa ke eng?

"Mme bonang, sesiro sa tempele sa bo se gagogile sa nna sebedi; go simolola kwa godimo go ya kwa tlase." - Mathaio 27:51.

Felo ga Boitshepho ja Maitshepho go ne ga supiwa fa Jeso A A swa. Morago ga loso la ga Jeso, ga go tlhokafale sesiro fa gare ga Modimo le modumedi wa boammaaruri; Jeso, Moperesiti wa rona Yo mogolo O re tsenya mo beleong ja Modimo (Bahebera 10: 19-22). Re ka tsena kwa ntlwaneng ya setilo sa bogosi ya legodimo ka gore Jeso ke Moperesiti wa rona Yo mogolo, ka fa letsogong le legolo la Modimo. Jeso O re fa bokgoni ja go tsena fa Modimo A leng teng - mo teng ga pelo ya lorato ya ga Rara. Jalo-he, "a re atameleng."

4. TSHENOLO YA GA KERESETE A SWELA GO RE BOLOKA

Fela jaaka motlaagana wa lefatshe e ne e le setswhwantsho sa templele ya legodimo kwa Jeso A re rapelelang teng, ditirelo tse di neng di dirwa mo motlaaganeng wa lefatshe e ne e "le moriti wa dilo tsa selegodimo" (Bahebera 8:15). Mme go na le pharologanyo e tona: Baperesiti ba ba neng ba dira mo motlaaganeng wa lefatshe ba ne ba sa kake ba itshwarela maleo, mme Jeso kwa mokgorong "O senoletswe go tla a tlosa dibe ka go intsha setlhabelo ka Esi" (Bahebera 9:26).

Lokwalo la ga Lefitiko mo kgolaganong e kgologolo e tlhalosa ka botlalo ditirelo tse di neng di dirwa mo motaaganeng. Ditirelo tsa meletlo di ne di kgaogantswe gabedi: ditirelo tsa malatsi otlhe le ditirelo tsa ngwaga le ngwaga.

Mo ditirelong tsa tsatsi le letsatsi, baperesiti ba ne ba isetsa motho le phuthego yotlhe ditlhabelo. Fa motho a leofile, o ne a tlisa podi e e namagadi, e sena bogole bope, a e isetsa boleo ja gagwe, "mme a bee seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo, a tlhabele tshupelo ya boleo mo felong ga tshupelo e e fisiwang" (Lefitiko 4:29). Molato wa moleofi o fetisediwe kwa phologolong e e senang molato ka go ipolela le go e baya diatla. Se se supa Keresete a tsaya melato ya rona kwa Khalefari; Yo O senang boleo O ne A nna boleo mo boemong ja rona (2 Bakorintha 5:21). Phologolo ya tshupelo e ne e bolawa gore madi a youne a tshologe ka gore go ne go supela pele tuelo e Keresete A e bogileng mo mokgorong.

5. KA GO RENG MADI?

"Kwa ntle ga go tsholola madi ga gona botshwarelo" (Bahebera 9:22). Se se neng se diragala mo motlaaganeng wa kgolagano e kgologolo se ne se supela pele tiro e kgolo yosi ya ga Keresete ya poloko. Fa A sena go swela maleo a rona O ne a tsena mo mafelong a boitshepho ruri "A sena go dira thekololo e e emeng ka bosakhutleng" (Bahebera 9:12). Fa madi a ga Jeso a tshololelwa maleo a rona mo mokgorong, "sesiro sa tempele sa bo se gagogile sa nna ga bedi, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase" (Mathaio 27:51). Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jeso mo mokgorong, ditlhabelo tsa diphologolo di ne di sa tlhole di tlhokega.

Fa Jeso a ne a tsholola madi a Gagwe kwa mokgorong, O ne A re fa botshelo ja Gagwe jo bo tlhokgameng a tsaya makoa a rona. Fa Rara le Morwa ba ne ba kgaogane kwa Khalefare, Rara o ne a leba go sele ka kutlo botlhoko mme Morwa a swa ka pelo e phatlogileng. Modimo Morwa O ne A gata mo ditsong go ipha maduo otlhe a boleo le go supa gore go dira molato go botlhoko go le kae. Ke gone a neng a ka kgona go itshwarela boleo kwa ntle ga go bo dira selo sa tlwaelo. Keresete O ne A dira "kagiso ka madi a mokgoro wa Gagwe" (Bakolosa 1:20).

6. TSHENOLO YA GA KERESETE A TSHELELA GO RE BOLOKA

Tiro ya ga Jeso ya malatsi otlhe mo tempeleng ya selegodimo ke eng?

"Ke gona ka moo le gone o nonofileng go bolokela ruri ba ba atamelang Modimo ka Ena, KA ANTSE A TSHEDILE KA METLHA YOTLHE GO BA RAPELELA." - Bahebera 7:25.

Jaanong Jeso O tshelela go isa madi a Gagwe, le setlhabelo sa Gagwe mo boemong ja rona. O dira ka thata go boloka motho mongwe le mongwe mo botlhokong ja boleo. Bangwe, ka phoso ba akanya gore Jeso jaaka Mmueledi wa rona O rapela Modimo O senang sepe le rona go re itshwarela. Mme ke Modimo A amogelang setlhabelo sa ga Morwae ka boitumelo mo boemong ja rona.

Jaaka Moperesiti Yo Mogolo kwa legodimong, Keresete O rapelela batho. O thusa ba ba dipelo dithata go lebelela tshegofatso gape, O thusa baleofi ba ba itlhobogileng go nna le tsholofelo mo mafokong a molemo le go thusa badumedi go bona dikhumo tse dingwe mo Lefokong la Modimo le nonofo e nngwe mo thapelong. Jeso O bopa matshelo a rona go ya ka fa ditaelong tsa Modimo A bo A re thusa go nna le dipopego tse di tla kgonang go emelana le dinako.

Modimo O ne A baya botshelo ja Gagwe fa fatshe A bo beela mongwe le mongwe yo o kileng a tshela mo lefatsheng le. Jaanong, jaaka Moperesiti Yo Mogolo le Motshereganyi, O tshelela go etelela batho gore ba amogele loso la Gagwe A swela maleo a bone. Le fa a ikopantse le lefatshe lotlhe le le oleng kwa mokgorong, O ntse ga A kgone go re boloka fa e se fela re amogela tshegofatso ya Gagwe. Batho ga ba kake ba latlhega ka ntlha ya gore ke baleofi, ba tla latlhega ka go bo ba gana go amogela boitshwarelo jo Jeso A bo tlisang.

Boleo bo sentse botsalano ja kwa teng jo Adamo le Efa ba neng ba na najo le Modimo. Mme Jeso jaaka Kwana ya Modimo, O ne A swa go gololola setho sotlhe mo boleong le go buseletsa botsalano jo bo latlhegileng jo. A o setse o mo iponetse jaaka Moperesiti wa gago Yo mogolo Ene Yo o tshelelang gore A tshegetse botsalano jo?

Loso la ga Keresete la setlhabelo le faphegile. Tiro ya ga Keresete ya selegodimo ga e kake ya tshwantshiwa le sepe. Ke Keresete fela Yo O dirang gore go kgonege gore Moya wa selegodimo o nne mo dipelong tsa rona. O itlhotlhorile gore a re tlatse. O tlhoka boineelo jo bo tshwanang go tswa mo go rona. A re Mo amogeleng ka mo go feletseng A le Mmoloki le Morena wa matshelo a rona.

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy