NONOFO E E SA ITSIWENG MO
BOTSHELONG JA ME

Ka 1929, Frank Morris o ne a pagama sekepe se se yang Switzerland. O ne a sa le a eletsa go tsaya loeto le. Mme loeto lo lo ne la felela e le itemogelo e e tlhabisang ditlhong. Motlhokomedi wa ga Frank o ne a mo lotlelela mo ntlwaneng ya gagwe bosigo bongwe le bongwe. Morago ga sefitlholo, Frank o ne a itshidila ka bokhutshwane, mme o ne a ikutlwa a le seeleele fa a ntse a setswe morago jaaka phologolo e le mo segoleng. Motlhokomedi wa gagwe o tla bo a mmaya mo setilong se se lapolosang. Nako le nako fa ba kopana le moeti yo o neng a batla go tsamaya le Frank, motlhokomedi o ne a gana a re o tshwanestse go nna a mmeile leitlho.

Frank e ne e le mogolo yoo nang le dikeletso tsotlhe tsa bagolo mme gape o ne a le sefofu. Motlhokomedi o ne a bona e kare Frank ga a kake a itlhokomela. Frank o ne a tshwarwa jaaka sephuthelwa se se tshwanetseng go nna se eteletswe pele.

Kwa Switzerland, botshelo ja ga Frank bo ne ja fetoga thata. Fa a le teng, o ne a ithuta ka dintsa tse di katiseditsweng go kaela difofu. Frank o ne a boela kwa Amerika ka ntsa e e bidiwang Buddy mme a simolola mokgatlho wa Seeing Eye o o setseng o le mo lefatsheng lotlhe.

Frank ka a ne a na le Buddy o ne a kgona go ya gongwe le gongwe le mongwe le mongwe nako nngwe le nngwe. Jaanong o ne a ikutlwa a gololesegile. E ne ya re fa a supa bomosola ja dintsa tse kwa New York, Buddy o ne a mo etelela fa gare ga dikoloi tse dintsi. Ka go bo Frank a ne a tshepha Buddy, o ne a kgabaganya tsela a sena letshogo. Babega dikgang ba ne ba wela dingalo go kgabagaya tsela, yo mongwe o feletse a pagama koloi gore e mo ise ntlheng e nngwe.

Mo thutong e, re ya go ithuta ka Moya O O Boitshepo, Mokaedi yo o batlang go baya matshelo a rona mo diatleng tsa Gagwe. Rotlhe re digole, ga re bone se se botlhokwa. Botshelo bo bofefo mo re setseng re gobea fela re sa ye gope. Mme re ntse re a etsaetsega ka go baya matshelo a rona mo diatleng tsa Mokaedi yo. Tshenolelo e re e emetseng ke gore; re tla bona kgololesego ya boammaaruri le nonofo ka go ikaega ka Moya O O Boitshepo gore O re kaele mo botshelong.


1. BAEMEDI BA GA KERESETE MO LEFATSHENG

Fa Keresete a tloga a tlhatlogela kwa legodimong, O ne a solofetsa barutwa ba Gagwe mpho e e senang tlhwatlhwa:

"Le fa go ntse jalo ke lo bolelela boammaaruri; Go ka nna molemo ka ga lona fa ke tsamaya; gonne fa ke sa tsamaye, MOGOMOTSI Ga A ketla A tla mo go lona, mme fa ke tsamaya, Ke tla Mo roma mo go lona. Le fa go ntse jalo, mogang Ona MOYA WA BOAMMAARURI O tsileng, O TLA LO GOGELA mo boammaaruring jotlhe. O TLA NKGALALETSA, gonne O tla tsaya ga mo e leng ga Me, mme O go lo bolelele." - Johane 16:7, 13, 14.

Mo leanong la legodimo, Jeso O ne a tshwanelwa ke go boela kwa legodimong e le Moemedi wa rona fa pele ga sefatlhogo sa Modimo" (Bahebera 9:24). Fa Morena wa rona yo o re bapoletsweng a re emetse kwa legodimong, re na le Moya OO Boitshepo A le MOGOMOTSI le MOKAEDI wa rona mo lefatsheng. Ke Moemedi wa ga Jeso.

Fa Jeso A le mo lefatsheng O ne A rera A le motho, a sa kake a nne teng gongwe le gongwe. Moya o Boitshepo ga O na sekganedi sepe, O kgona go nna Mokaedi le Mogomotsi mo bathong ba le bantsi kwa mafelong a a farologanyeng nako e le nngwe. Keresete O tlhokomela ditlhoko tsa rona ka Moya O O Boitshepo.

2. MOYA O BOITSHEPO KE MANG?

Bontsi ja rona bo ka tlhaloganya Modimo Rara fa re akanya ka motsadi yo o lorato e bile a tlhokomela. Yo re kileng ra mo itse. Re ka bona Jeso Morwa ka O kile a tshela le rona A le motho. Mme go thata go tlhaloganya Moya O O Boitshepo. Ga gona ditshwantshano dipe fa gare ga rona le Ona. Mme Baebele e re fa ditlhaloso tse di tlhamaletseng ka ga Moya O O Boitshepo:

Setho. Jeso O ne a bua ka Moya O O Boitshepo jaaka motho, Mongwe wa boraro ja legodimo, ga mmogo le Modimo Rara le Modimo Morwa:

"Ke gona tsamayang, lo dire mefare yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng ja RARA, le ja MORWA le ja MOYA O O BOITSHEPO." - Mathaio 28:19.

Moya O na le dipopego tsa setho: tlhaloganyo (Baroma 8:27); botlhale (1 Bakorintha 2:10); maikutlo a lorato mo go rona (Baroma 15:30); maikutlo a kutlobotlhoko fa re leofa (Baefesia 4:30); bokgoni ja go re ruta (Nehemia 9:20); le nonofo ya go re kaela.

Tiro mo Tlholong. Moya O O Boitshepo O ne wa nna le seabe mo go bopeng lefatshe la rona le Rara le Morwa.

"E rile mo tshimologong Modimo A tlhola legodimo le lefatshe… mme Moya Wa Modimo Wa elama fa godimo ga metsi." - Genesis 1:1, 2.

3. DITIRO TSA MOYA O O BOITSHEPO

(1) Go fetola pelo ya setho. Mo bokopanong ja Gagwe le Nikodemo, Jeso O ne A gatelela tiro ya Moya O O Boitshepo mo go fetoleng dipelo tsa batho:
"Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa TSALWE ke metsi le MOYA, ga a kake a tsena mo bogosing ja Modimo." - Johane 3:5.
Go 'tsalwa ke Moya' go raya gore Moya O re fa tshimologo e ntsha. Go feta go i tokafatsa maitsholo a rona. Moya O re fetola go tswa kwa ko teng, O diragatsa tsholofetso e e reng, "Le gona ke tla lo naya pelo e ntsha" (Esekiele 36:26).

(2) Go re lemotsha bosula le go re neela keletso ya boitshepo.
"Mme Ene, O tla re A tsile, O TLA SENOLELA lefatshe molato ka ga BOLEO le TSHIAMO le ka ga katlholo." - Johane 16:8.

Fa o utlwa polelo ka ga mongwe yo o fetogileng go tswa mo botshelong jo bo itshekologileng a ya kwa Modimong, a bo a nna mopati yo o boikanyego le motsadi yo o lorato, gakologelwa gore kgato nngwe le nngwe e a e tsereng go tshela botshelo jo bo molemo e tsile ka ntlha ya kgotlhatsho ya Moya O O Boitshepo.

(3) Go re kaela mo botshelong jwa rona jwa Sekeresete. Keresete o bua le rona ka lentswe le le bonolo la Moya O O Boitshepo.
"Le ditsebe tsa gago di tla utlwa lefoko sehularong sa gogo le re, Tsela ke e, tsamaya mo go yone." - Isaia 30:21.
Ka ntlha ya kanamiso ya Satellite, disupa-ditshwantsho tsa rona di nna di re tlisetsa ditshwantsho le difatlhogo tsa mafatshe a sele mo matlong a rona. Moya O O Boitshepo O dira jaaka Satellite ya Modimo, O tlisa boleng ja ga Keresete mo lefatsheng, A re mo atumetsa fa re mo tlhoka thata (Johane 14: 15-20).

(4) Go thusa botshelo ja rona ja thapelo.
"Gonne ga re itse go rapela jaaka re tshwanetse, MME MOYA KA OSI O RE RAPELELA ka diphegelo tse di sa kakeng tsa buiwa… ka fa go rateng ga Modimo." - Baroma 8:26, 27.
Fa re sa ntse re leka go senka mafoko a e leng one, Moya O rapela mo boemong ja rona. Fa re kgobegile marapo, re palelwa ke go bua le Modimo, Moya O fetolela selelo sa rona sa thuso go nna thapelo e e nonofileng fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo kwa Jeso A leng teng.

(5) Go simolola dipopego tsa Sekeresete. Moya O dira batho ba ba senang Semoya go ungwa jaaka setlhare se se nang le maungo otlhe.
"Mme loungo lwa Moya ke lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanyo, le boingotlo, le boikgapho" - Bagalatia 5:22-23.
Go nna le loungo lwa Moya go supa gore re kopantswe le setlhare sa boammaaruri, Jeso (Johane 15:5). Jeso O ka tshela botshelo ja Gagwe mo go rona ka nononfo ya Moya.

(6) Go re etleetsa jaaka basupi. Jeso O solofetsa gore.
"Mme e tla re MOYA O O BOITSHEPO O sena go tla mo go lona, LO TLA BONA NONOFO, mme lo tla nna BASUPI BAME… go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe." - Ditiro 1:8.
Botlhe ba ba eletsang ba ka dirwa basupi ke Moya. Re ka tswa re sena dikarabo tsotlhe, mme Moya O ka re naya polelo e re ka e bolelang e e amang dipelo le ditlhaloganyo. Baaposetoloi ba ne ba na le mathata a puisano pele ga Pentekosete, mme fa Moya O sena go tla, ba ne ba pitikolola lefatshe, (Ditiro 17:6).

4. DINEO TSA MOYA

Baebele e dira pharologanyo fa gare ga neo ya Modimo ya Moya o Boitshepo mo modumeding mongwe le mongwe gore a tshele botshelo jwa phenyo ja Sekeresete le dine tse di farologanyeng tsa Moya tse di fiwang badumedi gore ba gase lefoko ka botlalo ka ditsela tse di farologanyeng.

"Ke gone O reng, E rile A tlhatlhogela godimo a gogela bogolegwa kgolegelong, mme a NAYA batho DINEO. Mme a neela ba BANGWE gore ba nne BAAPOSETOLOI; le ba bangwe gore ba nne BAPEROFETI; le ba bangwe BARERI BA MAFOKO A MOLEMO; le ba bangwe BADISA BA PHUTHEGO, le BARUTI; gore baitshepi ba itekanediwe, le gore ba dire tiro ya tirelo ya phuthego." - Baefesia 4:8, 11-12.

Mokeresete mongwe le mongwe ga a amogele dineo tse tsotlhe, ba bangwe ba ka amogela dineo tse di fetang tsa ba bangwe; Moya O "abela mongwe le mongwe ka fa O ratang ka gona fela" (1 Bakorintha 12:11). Moya O baakanyetsa mongwe le mongwe tiro ya gagwe mo leanong la Modimo. Modimo o itse gore O ka isa dineo kae leng kwa di tla segofatsang batho ba bangwe le phuthego ya Gagwe.

Dineo tse dingwe tse di mo go 1 Bakorintha 12:8-10 di akaretsa botlhale, kitso, tumelo, phodiso, go dira dikgakgamatso, thuto, go lemoga moya, go bua ka dipuo dingwe le dingwe, go phutholola dipuo.

Paulo o re kgothatsa go eletsa "thata dineo tse dikgolo" a bo a tlatsa ka gore: "Mme ke tla nna ke nna ke lo kaela mokgwa mongwe o o gaisang segolo bogolo" (1 Bakorintha 12:31). Kgaolo ya lorato (1 Bakorintha 13) e e latelang temana e, e gatelela gore "mokgwa mongwe o o gaisang segolo bogolo" ke mokgwa wa lorato. Mme lorato ke loungo la Moya (Bagalatia 5:22).

Letshwenyo la rona le tshwanetse go nna go batla loungo la Moya re bo re letla Moya go aba dineo tsa One ka fa O "ratang ka gona" (1 Bakorintha 5:11).

5. BOTLALO JA MOYA KWA PENTEKOSTE

Ka letsatsi la Pentekoste, Moya O ne wa tshelwa go sena selekanyo go dirafatsa tsholofetso ya Modimo.

"Mme e tla re Moya O O Boitshepho o sena go tla mo go lona, lo tla bona nonofo mme lo tla nna basupi ba Me…go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe." - Ditiro 1:8.

Ka nako ya Pentekoste, Moya O ne wa dira gore baapostoloi ba kgone go bua mafoko a a molemo sentle ka dipuo tsa batho ba tshaba nngwe le nngwe ka fa tlase ga legodimo (Ditiro 2:3-6).

Baithuti bangwe ba Baebele ba tshwantshanya go tla ga Moya le pula ya sephai le pula ya kgogola-moko kwa Palestina (Joele 2:23). Moya fa O ne O thelwa kwa Pentekoste, O ne o tshwana le pula ya sephai e e neng e medisa dijalo e bo e naya phuthego ya Sekeresete dikotla kwa bonaneng ja yone.

6. PULA YA MORAGO YA MOYA

Polelo-pele kana perofeso ya Baebele e bua ka letsatsi le le tlang le ka lone Moya wa Modimo O tla thelwang jaaka pula mo phuthegong, O nonotsha maloko a phuthego go nna basupi (Joele 2:28,29). Makgolo a dingwaga a setse a fetlile, le polelo ya ploloko e setse e aname le karolo e tona ya lefatshe. Jaanong ke nako ya gore pula ya morago e buduse mabele, e a baakanyetsa thobo.

Jaaka fa ditso di atamela setlhowa fela pele ga go tla ga bobedi ga ga Keresete, Modimo O tla baakanya modumedi mongwe le mongwe yo o tlhwaafetseng, a mmaakanyetsa legodimo ka go mo tshelela Moya wa Gagwe. A o itemogela pula ya pele e e baakanyetsang phuthego pula ya morago ya Moya? A o tshela botshelo jo bo tletseng Moya? Jaaka fa Moya O go nonotsha, a o tla letla Modiimo go go dirisa mo go gaseng molaetsa wa lorato la Gagwe le wa go tla ga Gagwe mo go gaufi?

7. TSE DI TLHOKEGANG GO AMOGELA MOYA O BOITSHEPHO

Kwa Pentekoste, Moya o Boitshepho O ne wa ama ba ba neng ba utlwa mafoko a a molemo gore ba kue ba re: "Bakaulengwe, re tla dirang?" (Ditiro 2:37).

"Mme Petere a ba raya a re, IKWATLHAENG, MME MONGWE LE MONGWE WA LONA A KOLOBELEDIWE boitshwarelo ja dibe tsa lona mo ineng ja ga Jeso Keresete. Mme LO TLA AMOGELA NEO YA MOYA O BOITSHEPHO." - Ditrio 2:38.

Boikwatlhao - go tlogela botshelo ja boleo o ya kwa go Keresete - bo a tlhokega go amogela neo ya Moya. Gore Moya o tshelwe mo go rona, re tshwanetse ra ikwatlhaa re bo re neela Keresete matshelo a rona. Jeso O ne a gatelela gore keletso ya go mo latela le go mo obamela le yone e a tlhokega go amogela neo ya Moya O O Boitshepho, (Johane 14: 15-17).

8. BOTSHELO JO BO TLETSENG MOYA

Pele ga A tswa mo lefatsheng, Jeso O ne A laela barutwa ba Gagwe A re:

"Ba seka ba tloga mo Jerusalema, mme ba lebelele POLELO ya tsholofetso ya Rara…gonne le gale Johane o NE A KOLOBETSA KA METSI, mme e tlare malatsi a ise a nne mantsi, LONA LO TLA KOLOBEDIWA KA MOYA OO BOITSHEPHO." - Ditiro 1:4, 5.

Baebele e boelela gore Mokeresete o tshwanetse go "tladiwa ke Moya O O Boitshepo" (Ditrio2:4; 4:8;4:31; 6:3; 6:5; 7:55; 9:17; 13:9, 52; 19:6). Moya O O Boitshepo O dira botshelo ja Mokeresete bontle ka gore botshelo jo bo tletseng Moya bo re atametsa le Keresete.

Fa Paulo a ne a tlhalosa botshelo ja Sekeresete jo bo tletseng Moya, o ne a fa modumedi mongwe le mongwe thapelo e:

"GORE A LO NEE GO THATAFADIWA KA NONOFO MO MOTHONG YO O KWA TENG KA MOYA WA GAGWE, ka fa mahumong a kgalalelo ya Gagwe, gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo… Mme jaana, Ona o o nonofileng go dira segolo thata bogolo go tsotlhe tse re di lopang le tse re di gopolang, KA FA NONOFONG E E DIRANG MO GO RONA." - Baefesia 3:16, 17, 20.

Jaaka Frank Morris le ntsa ya gagwe Buddy, re ka kgona go dira go feta mo re neng re ntse re go dira ka fa Moya O O Boitshepo O re kaelang ka teng. Fa re na le dikeletso le bokgoni jo bosha re kgona go tswelela pele mo boemong ja go leka go dirisanya le mathata a botshelo.

Itemogelo e ya go tladiwa ka Moya e ntshafadiwa malatsi otlhe ka thapelo le go ithuta Baebele. Thapelo e re atametsa gaufi le Keresete, fa go ithuta Lefoko la Modimo gone go dira gore re lebelele mo dilong tsa Gagwe. Thapelo le go ithuta Baebele di ntsha dikganedi tsotlhe fa gare ga roma le Keresete tse di ka mo emisang go tshela neo ya Gagwe ya Moya e e e se nang tlhwatlhwa. Ke gone ka fa re golang ka teng re bo re latlha mekgwa e e maswe re nna le matshelo a a itekanetseng.

Baroma 8 e re fa tlhaloso e e kgatlhang ka ga botshelo jo bo tladitsweng ke Moya. E bale fa o kgona o bo o e la tlhoko gore Paulo o bua go le kae ka gore 'Moya' ke nonofo e e tshegeditseng botshelo ja Sekeresete.
A o setse o bonye botshelo jo bo tladitsweng ke Moya? A o kgona go utlwa boleng ja Moya mo botshelong ja gago? A o na le itemogelo ya nonofo ya Gagwe e e fang botshelo? Bula botshelo ja gago go amogela nonofo e kgolo mo lobopong lotlhe.

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy