JESO O TLAA TLA KA BOFEFO JO BO KAE?

Bontsi ja rona bo nna bo ikutlwa go ka okomela go bona gore isago e re tsholetse eng. Re batla go itse gore ke eng se se tlaa diragalang. Mme go thata go bona dikakanyetso tsa boammaaruri ka seemo sa loapi.

Mme go nale mongwe yo diporofeso tsa gagwe e leng tsa boammaaaruri. Jeso Keresete O ka re goga mo isagong ka lefoko la Gagwe, ke mokaedi Yo O ikanyegang. Mo thutong e, re ya go lebelela se A neng A se bua ka go tla ga Gagwe ga bobedi. Ke mang yo o neng a ka itse thata ka bokhutlo ja lefatshe go feta Ene Yo O le tlhodileng kwa tshimologong?

1. DITSHUPO TSA GORE KERESETE O TLAA TLA MO NAKONG YA RONA

Morago ga fa Jeso a tlhomamisetsa barutwa ba Gagwe gore O tlaa tla mo lefatsheng la rona ele lwabobedi (Mathaio 23: 39), ba ne ba mmotsa potso efe?

"Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirala leng? Le sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga Gago, le sa bokhutlo ja lefatshe?" - Mathaio 24:3.

Jeso O ne a ba araba ka botlalo mo go kgotsofatsang. Mo go Mathaio 24 le Luke 21, O ne a fa ditshupo ka bo Ene, tse di ka re bontshang fa go tla ga Gagwe go le gaufi. Di polelo-pele tse dingwe tsa Baebele di thusa go supa ditshupo tse, di tlhalosa seemo sa lefatshe fela pele ga go tla ga ga Keresete mo lefatsheng mo go gaufi.

A re lebeleleng ditshupo tse di lesome tsa porofeso ya Baebele mo tseleng e e yang legodimong, re bo re seka-sekeng dipotso tse moeti wa gomieno a ka di botsang fa a bala dipolelo-pele kana diperofeso tse.

Tshupo ya Ntlha - Pitlagano! Poifo! Tebelelo!

Mo dingwageng tse di fetang makgolo a le lesome le borobabongwe tse di fetileng, Jeso O ne A fa polelo-pele kana perofeso ka ga botshelo, e e utlwalang o ka re go ka twe e tswa mo dikganyeng tsa maitseboa:

"Mme go tlaa nna DITSHUPO mo lefatsheng, le mo kgweding, le mo dinaleding, le mo lefatsheng pitlagano ya merafe, e raranngwa ke lewatle le dintelo, go suma ka kgwaso e kgolo; LE BATHO BA IDIBADIWA KE POIFO LE TEBELELO YA DILO TSE DI TLANG MO LEFATSHENG; gonne dinonofo tsa legodimo di tlaa reketlisiwa. MME KE GONA BA TLAA BONANG MORWA MOTHO A TLA ka nonofo, le ka kgalalelo e kgolo. Mme e tlaa re dilo tse di simologa go dirala, hong lo lelale, lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne thekololo ya lona e tla bo e atamela." - Luke 21:25-28.

Ga gona tlhaloso e e boammaaruri go feta e e reng, "Batho ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng." Dibetsa tse di beilweng di kgona go phatlalatsa lefatshe lotlhe. Go ka diragala eng fa mobogisi mmogosi a ka tshwara sebetsa sa phatlakanyo?

Jeso O re fa motheo wa tsholofelo mo lefatsheng le le kotsi. Mathata a gompieno a poifo le pitlagano ya lefatshe a gatelela boammaaruri ja gore e le ruri go tla ga ga Keresete go atametse. Gompieno batho ba nna ba bua ka go tshwenyega ba re, "Bona gore lefatshe le diragalelwa ke eng!" Mme moithuti wa polelo-pele kana porofeso ya Baebele o ka bua ka lentswe le le tletseng tsholofelo a re "Bona gore KE MANG yo o tlang mo lefatsheng la rona!"

Tshupo ya Bobedi - Dikotsi tsa mo Lefatsheng.

Dikotsi tsa tlholego di tsena fa kae mo ditiragalong tsa malatsi a bokhutlo?

"Mme go tlaa nna DITHOROMO TSA LEFATSHE tse di kgolo, le mo mafelong a mangwe go nne MMOPAMO le DIKGOGODI TSA BOLWETSE; mme go tla nna dilo tse reregisang fa di bonwa, le ditshupo tse di tswang kwa legodimong. Fela jalo le lona fa lo bona dilo tse di dirala, itseng fa BOGOSI JA MODIMO BO ATAMETSE." - Luke 21:11, 31.

Akanya ka tlala sebaka se sekhutshwane. Bana ba ba bolawang ke tlala ka dimpa tse di duleng ba nna ba le mo dikgannye. A ga go gakgamatse gore lefatshe le le kgonang go romela batho ba lone kwa ngweding le PALELWA ke go jesa batho ba lone? Jeso O ne a itse gore tlala e tlaa nna teng, gore bopelotshetlha ja batho bo tla oketsega fa bokhutlo bo atamela.

Ka dithoromo tsa lefatshe gone? Go ya ka World Almanac ya 1999, go bolelwa gore mo makgolong a dingwaga ka go tlhomagana a nako ya Sekeresete, dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo di a oketsega: ka dingwaga tsa bo makgolo a le lesome le borobabobedi (18th Century), go ne ga nna le dithoromo tsa lefatshe di le thataro; ka dingwaga tsa bo makgolo a le lesome le borobabongwe (19th century) di ne tsa nna supa; ka dingwaga tsa bo makgolo a masome mabedi ( 20th century), di ne tsa feta lekgolo. Bosupi bo tswelela ka go oketsega jaaka fa re atamela nako ya rona.

Dipalo tse di rurifatsa polelo-pele kana porofeso ya ga Jeso. Tlala le dithoromo tsa lefatshe tse di kgolo di atamela sethoa - "bogosi ja Modimo bo atametse!" A dingwaga tsa rona tsa bo makgolo a masome mabedi le motso di tlaa tlisa palo e ntsi ya dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo kgotsa go tla ga Kgosi ya dikgosi.

Tshupo ya Boraro - Go Ntsifatla ga Khumo.

Sekao sa gore bontsi ja batho bo bo bo humanega fa palo e e tlalang seatla e humela kwa pele ke eng?

"Lo ipoloketse khumo ya lona mo metlheng ya bofelo." - Jakobe 5:3.

Lefa re itse thata ka tsa itsholelo, bahumi ba humela pele le bahumanegi ba humanegela pele. Dikhumo tsa dikete-kete ke ditshupo tsa dingwe tsa gore "go tla ga Morena go gaufi" (Jakobe 5:8).

Tshupo ya Bone - Go tlhoka Kagiso ga Batho.

Ke eng fa go tlhoka kagiso ga badiri mmogo go oketsega thata?

"Bonang, tuelo ya badiri ba ba segileng mabele a lona, e lo padileng ka yona ka tsietso e a kua, LE GO GALA GA BA BA ROBILENG, go tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa masomosomo. Le lona lo nne pelotelele; lo itiise dipelo; GONNE GO TLA GA MORENA GO GAUFI." - Jakobe 5:4, 8.

Morago ga go perofesa go kgobokana ga khumo mo go sa kakeng ga lekanngwa le sepe, Jakobe o ne a bonela-pele go tlhoka kagiso go tsoga mo badiring ba ba sa kgotsofalang. Kilo fa gare ga ba "ba nang" le ba "ba senang" e tswelela go ntsifala: ke tshupo e nngwe ya gore "go tla ga Morena go gaufi."

Tshupo ya Botlhano - Go bola ga Setho.

Ke eng fa go lebega o kare setho se a kgagoga?

"Mme itse seo se, gore MO METLHENG YA BOFELO GO TLA TLA DIPAKA TSE DI TLHOKOFATSANG. Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba babone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshephang, ba sena lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba sena boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope, e le baoki, e le ba ba tlhogo-ethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifo Modimo, mme thata ya yone ba e latotse. Mme BATHO BA BA BOSULA LE BATSIETSI BA TLA NNA BA SULAFALELA PELE, ba tsietsa e bile ba tsiediwa." - 2 Timotheo 3: 1-5, 13.

A mongwe o ne a ka akanya tlhaloso e e boammaaruri go feta ka lefatshe la rona? Gongwe le gongwe kwa o lebang teng malatsi a, o bona botho jo e seng jone. O bona basha ba ba sa laolesegeng le bana ba bolaya batho. Dilo tse tsotlhe di bolela gore go tla ga ga Jeso go gaufi thata.

Tshupo ya Borataro - Go oketsega ga Masalamose.

Ke eng fa re bona kgatlhego e e ntsi jaana mo masalamoseng?

"Gonne go tla tsoga Bakeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, mme ba tla bonatsa ditshupo tse dikgolo , le dikgakgamatso; gore fa go ka nna jalo ba timetse ba e leng baitshenkedwi ka bosi." - Mathaio 24:24.

Ditemana tse di bolela pele kana perofesa gore nako ya bokhutlo e tla a bo e na le mefuta yotlhe ya dishupo le dikgakgamatso; kgalaletso ya dinonofo tsa tlholego tsa kwa godimo e e mo dikgannye tsa botlhokwa. Ba ba dumelang mo dingwageng tsa bosha (New Age Movement) ba tletse gongwe le gongwe ba rekisa ditlamelo tsa masalamose ba bo ba gokaganya batho le mewa e e ba tlogetseng. Ditshupo le dikgakgamatso tse e seng tsone di tumile. Tse tsotlhe di supa ka botlalo gore fela jaaka Jeso a boletse go le pele, re tshela mo nakong ya "go tla ga Morwa Motho" ( Mathaio 24:27).

Tshupo ya Bosupa - Lefatshe le le Tsositsweng.

Sekao sa go tsoswa mo go lemogeng lefatshe la Africa, Botlhaba-bogare le Uropa - botlhaba le ditshaba tsa Botlhaba - kgakala?

"A MERAFE E ITSOSE, tsenyang thipa ya mabele, go nne boikepo ja bone bo bogolo. A bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo." - Joele 3:12-14.

Gompieno, mo mafatsheng a Africa, Asia, Yuropa botlhaba, Soviet Union wa pele le Botlhaba-bogare, re bona go tsosiwa ga ditshaba mo go iseng go kwalwe gope mo ditsong tsotlhe, "gonne letsatsi la Morena le atemetse."

Tshupo ya Borobabobedi - Dithulaganyo tsa kagiso le Dipaakanyetso tsa Ntwa.

Re tshela mo lefatsheng le le gakgamatsang. Mongwe le mongwe o dumelana le gore re fe kagiso sebaka. Re bua ka kagiso, mme re simolola dintwa; tse dingwe di le dikgologolo, tse dingwe di nna dintwa tse di tlhwaafetseng. Baperofeti Mika le Joele ba ne ba perofesa gore ka nako e merafe e tla bong e bua ka keletso ya kagiso (Mika 4:1-3), go tlhoka go tshepa baagisanyi ba bone go dira gore ba baakanyetse ntwa (Joele 3:9-13).

Bogologolo Baebele e ne ya bona mathata a rona a kagiso le ntwa, mme ya bolela fa kagiso ya sennela-ruri e tla busa mo lefatsheng fela fa Jeso a tla.

Tshupo ya Borobabongwe - Tswelelopele ya Segompieno.

Ke eng e re morago ga dingwaga tse di makgolo-kgolo tsa ditso tsa setho, tsa mesepele le ditlhaeletsanyo di bo di kopantse lefatshe ka tsela e?

"GO YA GO FITLHA FELA KWA MOTLHENG WA BOKHUTLO, batho ba le bantsi ba tla tabogela tabogela kwa le kwa, mme kitso e tla totafala." - Daniele 12:4.

Daniele o supa gore kitso ya dipolelo-pele kana diperofeso tsa Gagwe e tla oketsega go fitlhela kwa bokhutlong. Polelo-pele e e lebega e ne e lebagantswe le motlha wa rona o go dirisiwang ditlhabololo tsa maranyane. Mo dingwageng tse di masome matlhano tse di fetlileng, kitso e ntsifetse go feta mo dingwageng tse di dikete tse pedi tse di fetlileng.

"BONTSI BO TLA TABOGELA KWA LE KWA GO OKETSA KITSO." Pele ga 1850, batho ba ne ba dirisa dipitse le dikotsekara jaaka kwa tshimologong mo go tsa mesepele. Gompieno re kgabaganya lefatshe ka difofane tsa concorde le dipalamo tse dingwe tse di bofefo. Go ntsifala ga mesepele le ditlhabololo go fa bosupi jo bongwe ja gore re tshela mo "nakong ya bokhutlo."

Tshupo ya Bolesone - Mafoko a a Molemo kwa Lefatsheng lotlhe.

Jeso O ne A bolela gole pele kana perofesa gore fela pele ga go tla ga Gagwe, mafoko a a molemo a tla goroga mo lefatsheng lotlhe.

"Mme mafoko a a molemo a, a bogosi, a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe, hong ke gone bokhutlo bo tla tlang." - Mathaio 24:14.

Bontlha bongwe ja lefatshe bo ne bo bosiwa ka puso ya tshipi dingwaga tse dintsi, mafoko a a molemo a sa goroge kwa go lone. Morago ga sebaka Yuropa-botlhaba a kgona go falola puso ya sekomanise. Lebota la Berlin le ne la wa, mme bogosi ja Soviet ja phatlalala. Ka bofefo lefatshe la simolola go bulela mafoko a a molemo diatla.

E le ruri mafoko a a molemo a ya kwa lefatsheng lotlhe go gaisa jaaka pele. Molaetsa wa Sekeresete o gasetswa tshaba nngwe le nngwe ka Satellite. Re tshela mo nakong e Jeso a neng a bua ka yone fa A ne A re: "Mafoko a a Molemo a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe, hong bokhutlo ke gone bo tla tlang."

2. JESO O TLA A TLA KA BOFEFO JO BO KAE?

Morago ga go tlhalosa ditiragalo tse di tla etelelang go tla ga Gagwe ga bobedi pele, Jeso O feleletsa ka gore:

"Ammaaruri Ke a lo raya, losika lo ga lo ketla lo feta go tlo go tsamae dilo tsotlhe tse di dirale pele." - Mathaio 24:34.

Bokhutlo bo tlhamaletse - losika lo lo supiwang ke ditshupo tsa perofeso lo tla bona Jeso a boela mo lefatsheng e le la bobedi. Ga go kgakala gore a feelele boleo le pogiso kgakala a bo a tlhoma bogosi ja Gagwe jo bo sa khutleng. Jeso O tlhagisa A re: "Mme ka ga letsatsi leo, le nako eo, ga go itse ope" Mathaio 24:36.

Jeso O tswelela ka gore:

"Mme ke gone le lona nnang fela lo iketleeditse; gonne Morwa Motho O tla ka nako e lo sa Mo solofeleng ka yone." - Mathaio 24:44.

3. JESO; TSHOLOFELO FELA YA LEFATSHE

Keresete ke Ene tsholofelo ya bofelo e e siameng ya lefatshe, ka gone O ka kgona go dira le sengwe le sengwe se se le senyang - (boleo). Jeso o sule mo Khalefari gore boleo bo fenngwe le gore botlhe ba ba amogelang taletso ya Gagwe ya poloko ba rekololwe.

"Yo o dirang boleo ke oo-rra Diabolo; gone Diabolo o sale a leofa le mo tshimologong. Morwa Modimo O bonatsheditswe moo gore A senye ditiro tsa Diabolo." - 1 Johane 3:8.

Mmoloki wa rona O diretse lefatshe la rona le le phatlalalang kgoro ya botso ka go ntsha nama le madi a Gagwe setlhabelo. Mme Ene Jeso Yo e tla reng ka letsatsi lengwe a fodise malwetse otlhe a lefatshe ka go senya boleo, o itetla go ntsha maswabi a boleo mo botshelong ja gago. Ga o tlhoke go emela go tla ga bobedi gore o bone kgololesego mo maswabing, letspa le boitsholo jo bo isang tatlhegong. Jeso O batla go go fa kagiso ya Gagwe gone jaanong.

E ne ya re fa a tseneletse phuthego ya sedumedi, lekgarebe le ne la amiwa thata ke thero. Fa a utlwa polelo ya Mmoloki yo o tlang ka bonako e tsweletse, dilo tsa simolola go tlhamalala. Se se ne se na le tlhaloganyo. O ne a lemoga gore o ntse a batla lorato, boitumelo le kagiso mo mafelong a e seng one. Jeso O ne a tshwanetse go nna karabo.

Letsatsi le le latelang fa baruti ba ile go Mmona, O ne A ba bolelela polelo ya botshelo jo bo botlhoko. O ne A le kwa tlase ka ntlha ya bojalwa le ditagi, mme jaanong a itshetsa ka go rekisa mmele wa gagwe. Fa a sena go bua mathata otlhe a gagwe, o ne a re: "E le ruri lo ne lo bua le nna maabane."

Mme lentswe le le neng le tsenye kwa pelong ya gagwe ke lentswe la Modimo. Mme o ne a bua ka bonolo. O ne a tsaya tshwetso ya go kgaogana le botshelo ja gagwe. O ne a laletsa Keresete go tsena mo pelong ya gagwe A le Morena le Mmoloki, a bo a itshwarelela ka tsholofelo ya go tla ga Gagwe. Mo dibekeng tse di latelang, o ne a lemoga gore dipoifo tsotlhe tsa gagwe tse a neng a nna a leka go di khurumetsa ka bojalwa di ne di sa tlhola di mo tshwenya, jaaka a ne a nna a buisana le Jeso. Jeso O ne a mo golola mo dikeletsong tse di neng di senya botshelo ja gagwe.

O ne a dirile dilo tse dintsi tse a sa di rateng. Mme tshegofatso le boitshwarelo ja Modimo di ne tsa nna le nonofo e e fetang ditlhong tsa gagwe. Itemogelo ya legodu kwa mokgorong e ne e le botlhokwa thata mo go ene. Mo metsotsong ya gagwe ya bofelo, rre yo wa legodu o ne a leba Yo o bogisiwang a sena molato mme a mo kopa a re, "Jeso, a ko O nkgopole mogang O tlang mo bogosing jwa Gago" (Luke 23:42).

Gone foo, Jeso a mo solofetsa gore o tla nna le Ene kwa Paradaise (temana 43). Ene Jeso yo O fileng legodu le le swang boitshwarelo, O go laleletsa poloko, boitshwarelo jo bo feletseng le kagiso mo moeng. Itlhophele gompieno.

Le wena o ka rapela thapelo ya legodu le le swang; "Jeso, A ko O nkgopole mogang O tlang mo bogosing ja Gago." Jeso O tla go araba A re; "Ke tla tla gape, mme o tla nna le nna kwa Paradaise."

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy