LEGAE
LA GAGO KWA LEGODIMONG
Fa
Marco Polo a boela kwa motseng wa ga gabo wa Venice morago ga dingwaga-ngwaga
a le motsamai, ditsala tsa gagwe di ne di akanya gore maeto a gagwe
a a ma leele a mo pekisitse. O ne a bolela dipolelo tse di gakgamatsang.
Marco
o ne a etetse motse o o tletseng gouda le selefera. O ne a bonye maje
a mantsho a a tukang, mme ga gona ope yo o neng a kile a utlwalela magala.
O ne a bonye letsela le le sa kapeng molelo le fa le ka latlhelwa mo
dikgabong tsa molelo, mme go ne go sena ope yo o kileng a utlwalela
asbestase. O ne a bua ka digagabi tse di boleele ja dikgato tse di lesome
di nale meno a a ka kometsang motho, manoko a a kana ka tlhogo ya motho
a le bosweu ja mashi mo teng, le sengwe se se tswelang mo lefatsheng
se bile se kgona go tshuba mabone. Mme go ne go sena o pe yo o itseng
ka ga dikwena, wele e e sa tlhakanngwang le sepe le coconut. Ditsala
tsa gagwe di ne di tshega dipolelo tse. Dingwaga morago ga mo, fa Marco
a swa, monna yo o boikanyo fa bolaong ja gagwe o ne a mo kopa go boelela
dipolelo tse a neng a di boletse. Mme Marco o ne a gana, a re; "Go
boammaaruri gotlhe. Tota e bile ga ke a bua sephatlo sa mo ke go bonyeng.
Bakwadi
ba Baebele ba ba re fang dipono tsa legodimo ba boelela mafoko a ga
Marco Polo a dilo tse di sa dumelesegeng. Mo diponong tsa bone ba ne
ba lebelela lefelo le le kgatlhisang mo ba neng ba kgona go tlhalosa
bo ntlha bongwe ja lone fela. Mme re lebaganwe ke kgwetlho e e tshwanang
ya ditsala tsa ga Marco Polo. Re tshwanelwa ke go akanya re bona dikwena
le magala' a re iseng re a bone, ka gore se re se utlwang mo Baebeleng
ka legodimo se re bontsha legodimo ga se go nna mo marung o letsa harepa
fela.
1.
A LEGODIMO KE LEFELO LA BOAMMAARURI
Jeso
O re baakanyetsa bonno ja boammaaruri kwa legodimong la boammaaruri.
"A
dipelo tsa lona di se fuduege, lo dumela mo Modimong, dumelang le mo
go Nna. Mo tlung ya ga Rre go na le manno a le mantsi, fa go ne go sa
nna jalo, nka bo ke lo boleletse, GONNE KE YA GO LO BAAKANYETSA BONNO.
Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, KE TLA TLA GAPE, mme ke tla lo
itsholela, gore kwa ke gona, le lona lo nne gona." - Johane 14:1-3.
Jeso
O tla mo lefatsheng la rona e le la bobedi go tla a re isa kwa magasigasing
a motse wa selegodimo o o galalelang go feta ditoro tsa rona: Jerusalema
yo Mosha.
Fa
re setse re tshedile teng dingwaga di le sekete, Keresete O ikaelela
go tlisa legae le la selegodimo mo lefatsheng. Fa Jerusalema yo Mosha
a fologa, molelo o tla ntlafatsa lefatshe lotlhe. Lefatshe la rona le
le shafaditsweng le tla bo le nna legae la ba ba bolokilweng. (Tshenolo
20:7-15) kaelo 22 e tla oketsa kitso ya gago ka ga se.
Johane,
yo o kwadileng Tshenolo o bolela go tla diragala le eng gape?
"Mme
ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha, gonne legodimo la ntlha
le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le leyo. Mme
ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema yo o mosha, o fologa mo legodimong
o tswa kwa Modimong, o etleeditswe jaaka monyadwi yo o kgabetseng monna
wa gagwe. Mme ka utlwa lentswe le legolo le tswa mo setilong sa bogosi
le re; Bonang boago ja Modimo bo mo bathong, mme o tla aga nabo, mme
ba tla nna batho ba ona, le Modimo ka Osi O tla nna nabo, mme O tla
nna Modimo wa bone." - Tshenolo 21:1-3.
Morago
ga go fetolwa ke molelo, Jeso O solofetsa bo mang gore ba tla nna mo
lefatsheng le lesha?
"Go
sego ba ba pelonomi, go nne ba tla rua lefatshe." - Mathaio 5:5.
(Bona le Tshenolo 21:7.)
Keresete
O solofetsa go buseletsa lefatshe la Gagwe le le kileng la bo le tlhokgame
kwa bontleng ja lone ja Edene, mme ba ba pelonomi "ba tla rua lefatshe".
2.
A RE TLA NNA LE MEBELE YA BOAMMAARURI KWA LEGODIMONG?
Jeso O ne A tlhalosa jang go bonala ga Gagwe kwa barutweng ba Gagwe
A le mo mmeleng o o tsositsweng mo baswing o galalela?
"Lebang
diatla tsa me, le dinao tsa Me, fa e le Nna ka nosi; Nkapaapang, le
bone; go nne moya ga o na nama le marapo jaaka lo mpona ke na le ona."
- Luke 24:39.
Jeso
O ne A na le mmele wa boammaaruri, O ne A raya Thomase A re a tle go
mo tshwara (Johane 20:27). Mo tiragalong e, Jeso O ne A tsena mo ntlong
ya boammaaruri, (kana tota) a bua le batho ba boammaaruri (kana tota)
a bo a ja dijo tsa boammaaruri. (kana tota) (Luke 24:23).
Kwa
legodimong ga go nne mewa, go nna batho ba boammaaruri ba ba akolang
botshelo ja semoya e bile ba na le mebele e e galalelang.
"Gonne
motse wa rona o kwa legodimong, kwa le gona re lebeletseng Mmoloki go
tswa gone, e bong Morena Jeso Keresete, Yo O tla bopang sesha mmele
wa boikokobetso jwa rona, gore e bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya
Gagwe ka fa go direng mo O nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong
ya Gagwe ka gona." - Bafilipi 3:20-21.
Re
ka nna le tlhomamiso ya gore mebele ya rona ya selegodimo e tla bo e
le ya boammaaruri jaaka mmele wa ga Jeso morago ga tsogo.
A re
tla lemoga ba malapa le ditsala kwa legodimong?
"Gonne
gompieno re bona mo seiponeng go le lefitshwana, mme e tla re mo lobakeng
loo re tla bona go lebanye difatlhogo. Gompieno ke itse ka bontlha nngwe,
mme e tla re mo lobakeng loo, ke tla itse fela jaaka le nna ke itsilwe."
- 1 Bakorintha 13:12.
Kwa
legodimong re tla itse ka mo go tletseng. Re tla tlhaloganyana re bo
re amogelana thata go fetisa jaaka re kile ra dira mo lefatsheng le.
Barutwa
ba ga Jeso ba ne ba mo lemoga A le mo mmeleng wa selegodimo ka ntlha
ya ka fa ba neng ba itse a bopegile ka teng (Luke 24:36-43). Maria o
ne a mo itse kwa lebitleng ka ntlha ya lentswe le A le tlwaetseng fa
Jeso a mmitsa ka leina (Johane 20:14-16). Barutwa ba babedi kwa Emao
ba ne ba mo itse ka ntlha ya ditiro tsa Gagwe. Fa ba lemoga tsela e
moeng wa bone a neng a segofatsa dijo ka yone, ba ne ba mo itse jaaka
Morena ka ntlha ya boitsholo ja Gagwe (Luke 24:13-35).
Barekolodwi
ba tlhomamisega ka kopano e e itumedisang ya go lebanya difatlhogo.
Akanya ka boitumelo ja go lemoga monyenyo o o faphegileng wa mopati
wa gago kgotsa lentswe la ngwana yo o saleng o mo robatsa bogologolo,
kgotsa ditiro tsa tsala e rategang. Re tla bo re na le bosakhutleng
jwa go simolodisa botsalano le batho ba ba molemo mo lobopong.
3.
RE TLA DIRA ENG KWA LEGODIMONG?
Re
tla bo re na le ditiro di le dintsi tse di tla re gwetlhang kwa legodimong.
Go ikagela ntlo e o sa leng o e lora go ntse jang?
"Gonne
bonang, ke tlhola magodimo a masha le lefatshe le lesha
mme ke
tla ipela ka Jerusalema, ke ja monate mo bathong ba Me
Mme ba
tla aga matlo ba nna mo go one, ba tla tlhoma masimo a mafine, ba ja
maungo a one
mme baitshenkedwi ba Me ba tla ja tiro ya diatla
tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele." - Isaia 65:17-22.
Jeso
O setse a re baakanyetsa bonno mo motseng o Boitshepho, Jerusalema o
mosha (Johane 14:1-3, Tshenolo 21). Ditemana tse di bolela gore re tla
ikagela matlo - matlo a a eletsegang thata re bo re a kgabisa ka dimela
tsa legodimo. Ke mang yo o itseng ka tlhabololo e e re emetseng kwa
tlhabologong e e kwa godimo ya Modimo? Maranyane a rona a tla simolola
go lebega jaaka dinyana fa re setse re nna le boitemogelo ja mantle
a ntlo ya ga Rara.
A
o rata bontle ja metsi a a thunyang, mafulo a a tletseng modumo wa letsomane,
dinaga tsa dipula le dithunya tse di ntle?
"Gonne
Jehofa o gomoditse Siona
o dirile naga ya gagwe go nna jaaka Edena,
le sekaka sa gagwe jaaka tshimo ya ga Jehofa, boipelo bo tla bonwa gona
le boitumelo, tebogo le lentswe la kotiketso." - Isaia 51:3.
Modimo
o tla fetola lefatshe a le dira tshimo ya Edena. Go tla bo go sena mouwane
kgotsa leuba, matsha a tla nna a le phepa, ditlhare di le dintle, le
matlhakore a dithaba a sa senngwa.
Ga
se bontle ja lefatshe fela, le bokgoni ja rona ja go bo amogela bo tla
okediwa. Go tla lebega jaaka letsatsi la ntlha o tswela kwa ntle morago
ga bolwetse jo bo leele. Metsotso ya ntlha e masome mabedi e tla oketsega
go nna bosakhutleng.
A o
rata go nna le itemogelo ka dilo tse di sha? Go ithuta le go dira?
"Kwa,
ditlhaloganyo tse di sa sweng di tla bona ka boitumelo jo bo sa feleng,
dikgakgamatso tsa nonofo ya go dira le masaitseweng a lorato lo lo rekololang.
Karolo nngwe le nngwe e tla tlhabololwa, bokgoni jotlhe bo tla okediwa.
Go bona kitso ga go ketla go lapisa tlhaloganyo kgotsa go fetsa maatla.
Kwa, go tla diragadiwa dikeletso tsotlhe tse di molemo, mme go tla nna
go na le dikgakgamatso le bontle jo bo sha, boammaaruri jo bosha gore
bo tlhaloganngwa le dilo tse di tla lopang dinonofo tsa tlhaloganyo,
mowa le mmele. Dikhumo tsotlhe tsa lobopo di tla supiwa gore barekolodwi
ba Modimo ba di ithute" - Ellen G. White. The Great Controversy
(Nampa, Idaho; Pacific Press Publishing Association, 1950), tsebe 677.
4.
A BOSULA BO TLA TSENA GAPE KWA LEGODIMONG?
"Mme
ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, le fa
e le ene yo o dirang makgapha le maaka, fa ese ba ba kwadilweng mo lokwalong
lwa botshelo la ga Kwana fela." - Tshenolo 21:27.
Modimo
O tsile go ntsha boleo le ditlamorago tsa jone gotlhelele, ga di ketla
di nna teng gape. Fa Jeso A bonala, "re tla tshwana Nae" (1
Johane 3:2). Mo boemong jwa go leka go lwa le keletso ya go bolaya,
go utswa, go bua maaka kgotsa go betelela, re tla bo re dira ditiro
tsa selegodimo.
"Mme
(Modimo) o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go
ketla go tlhola go nna le loso, le gone ga go ketla go tlhola go le
bofutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di
fetetse ruri." - Tshenolo 21:4.
Le
mmaba yo mogolo loso, o tla nyelela. Mo lefatsheng la legodimo la bonana,
barekolodwi ga ba swe (1 Bakorintha 15:53); ga gona ope yo o tla tlholang
a tlhorontshiwa ke botsofe.
Legodimo
ga le senye maduo a boleo fela, le a a fetola. Akanya gore go tla bo
go ntse jang mo go ba ba bogileng ka bogole mo botshelong ja bone jotlhe.
"Ke
gona matlho a difofu a tla foufololwang, le ditsebe tsa babosusu di
tla thibololwang. Ke gona setlhotsa se tla tlolang jaaka kwalata, le
loleme la semumu lo tla opela; gonne metsi a tla phunyega mo nageng,
le dinokana mo sekakeng." - Isaia 35:5, 6.
5.
BOITUMELO JO BOGOLO JWA LEGODIMO KE ENG?
Akanya
o bona Morena wa lobopo difatlhogo di lebanye.
"Bonang,
boago jwa Modimo bo mo bathung, mme O tla aga nabo, mme ba tla nna batho
ba Ona, le Modimo ka Osi O tla nna nabo, mme O tla nna Modimo wa bone."
- Tshenolo 21:3.
Modimo
Mothatayotlhe O solofetsa go nna mopati le moruti wa rona. A boitumelo
ja go nna fa dinaong tsa Gagwe! Akanya gore moopedi a ka dira go le
kae go senya nako le Beethoven kana Mozart. Akanya gore rramaranyane
o ka tshegetsa go le kae lesego la go nna fafatshe le Albert Einstein
kgotsa bokao jwa gore motshwantshi a bue le Michelangelo kgotsa Rembrandt.
Akanya
fela; barekolodwi ba tla nna le lesego le le kgolo go difeta tsotlhe.
Ba tla buisanya le Mosimolodi wa Moopelo, maranyane le tiro ya diatla.
Ba tla bo ba na le botsalano le tlhaloganyo e kgolo le pelo e e boteng
mo lobopong. Mme botsalano jo bo tla fetelela go nna kobamo.
"Mme
go tla dirala gore go tloga mo kgweding e ntsha go ya kwa go e nngwe,
le mo sabateng mongwe go ya kwa go yo mongwe, nama yotlhe e tlatla go
obama fa pele ga Me, go bua JEHOFA." - Isaia 66:23.
Fa
gare ga motse wa selegodimo go ntse setilo se segolo se se sweu sa bogosi
sa Modimo. Sefatlhogo sa Gagwe se se dikologilweng ke motshe-wa-godimo
se phatshima jaaka letsatsi le le mogote thata. Ka fa tlase ga dinao
tsa Gagwe ke lewatle la segalase. Baitshephi ba phuthega fa godimo ga
lewatle le go galaletsa Modimo.
"Mme
ba Jehofa A ba lehetseng ba tla bowa, ba tla tla ka kopelo mo Siona;
boitumelo ja bosakhutleng bo tla nna mo ditlhogong tsa bone; ba tla
bona boitumelo le boipelo; mme bofutsana bo tla fofela koo le diphegelo."
- Isaia 35:10.
Yo
ke mongwe yo bomolemo ja Gagwe bo sa feleng. Boikanyego, bopelotelele
le bopelonomi ja Gagwe bo nna bo le teng. A go galalediwe leina la Gagwe
le le boitshepho!
6.
RE TSHWANETSE GO NNA TENG!
Jeso
O eletsa bokopano ja difatlhogo di lebanye. Ke gone A ne A itetla go
go golola mo boleong ka tlhwatlhwa e e kana-kana. O tshwanetse go dirisetsa
mpho e mo letlhakoreng la gago. O tshwanetse go ineela mo go Keresete
e le Morena le Mmoloki. O tlhoka boitshwarelo jo bo tswang kwa mokgorong
ka gonne:
"Mme
ga go ketla go tsena mo go ona (Jerusalema o mosha) sepe se se itshekologileng
gope, le fa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka; fa ese ba
ba kwadilweng mo lokwalong la botshelo la ga Kwana fela." - Tshenolo
21:27.
Jeso
O re golola mo boleong; e seng ka boleo. Re tshwanetse go ya kwa go
Ene ka nonofo ya Gagwe e mo go rona re bo re kgaoganngwa mo go ba ba
itshekologileng le ba ba seng boitshepho. Jeso ke Ene kgoro ya rona
go tsena mo bogosing ja Gagwe jo bo tlang.
Bogosi
jo bo ka nna le tshimologo ya jone gompieno mo pelong ya gago. Fa Keresete
A re golola mo boleong, o bopa legodimo le lenye mo dipelong tsa rona.
O ka re thusa go fenya tenego, dikeletso, poifo, matshwenyego le go
ipona phoso mo re tshelang le gone. Tsholofelo ya legodimo ga se kgoro
ya go tlogela mathata a botshelo; e thusa go bopa legodimo le lenye
mo lefatsheng. Tshekatsheko e e dirilweng mo bosheng, e supa gore "ba
ba dumelang gore go na le botshelo morago ga loso ba tshela ka boitumelo,
e bile ba ikanya batho go na le ba ba sa dumeleng."
Ga
gona sepe se se ka dirang pharologanyo mo botshelong ja gago fa ese
botsalano ja boikanyo le Jeso Keresete. Reetsa gore Petere o tlhalosa
jang pharologanyo e e dirwang ke tumelo e e tshedileng:
"Yo
le fa lo ise lo mmone, lo A mo rata; Yo, le fa lo sa mmone gompieno,
le fa gontse jalo, ka lo dumela mo go Ena, LO BO LO ITUMELA THATA MO
GO ENA KA BOITUMELO JO BO SA KAKENG JA BOLELWA, JO BO TLETSENG KGALALELO:
Ka lo amogela bofelelo ja tumelo ya lona e bong poloko ya mewa ya lona."
- 1 Petere 1:8, 9.
Pharologanyo
ke dilo tse tsotlhe, le legodimo tota. A o setse o na le itemogelo ya
botshelo jwa khumo jo Keresete A batlang o nna le najo? Tswee-tswee
o seka wa tlhokomolosa taletso ya Gagwe ya lorato.
"Mme
Moya (O O Boitshepho) le Monyadwi ba re, Tla! Le yo o utlwang, a ake
a re Tla! Le yo o nyorilweng a atle; yo o ratang a a tsee metsi a botshelo,
a a tsee fela a sena theko." - Tshenolo 22:17.
Jeso
O na le wena gompieno, O bua le pelo ya gago jaaka o bala fa. O go laletsa
go Tla! Ga a kake a tlhwaafala go feta fa. Fa o ise o ye kwa go Ene,
nako e go di feta tsotlhe mo botshelong ja gago ke lone lesego la gago
la go seka-seka taletso ya Gagwe.
Ke
eng o sa mmolelele gore o amogela mpho ya Gagwe e bile o batla go tshela
ka bosakhutleng Nae? Mmolelele gore o a Mo rata. Mo lebogele tse A go
di diretseng le tse a sa ntseng a batla go go di direla. Fa gona le
sekgoreletsi fa gare ga gago le Modimo, mo kope go go dira gore o batle
go se ntsha. Gompieno fa o utlwa lentswe la Gagwe, pelo ya gago e santse
e ka araba sentle, ineele mo go Ene ka mo go feletseng. Oba tlhogo ya
gago mo nakong e o bo o re "Jeso, Morena wa me, ke etla. Ke neela
gotlhe ga me mo go Wena. Ke tla nna wa Gago ka bosakhutleng.