FA JESO A TLA GO GO TSAYA

Morago ga dingwaga a sa tsewe sentle, Armando Valladares e ne e sa tlhole e le ene wa pele, a le segole le setshwantsho sa Armando wa pele. O ne a dira katlholo ya dingwaga tse masome mararo mo go nngwe ya dikgolegelo tsa ga Castro morago ga a sena go tshwarwa a rapela mo kerekeng ka letsatsi la Keresemose. Badiri ba kgolegelo ba ne ba mo bogisa, ba mo tima dijo ba bo ba mo tlhabisa ditlhong, mme o ne a gana go tlogela tumelo ya gagwe.

Sengwe se ne se dira gore a seka a itlhoboga: tsholofetso e a neng a e diretse kgarebe e e bidiwang Martha. Ba ne ba kopana ba bo ba simolola go ratana fa a ntse a le mo kgolegelong. Martha o ne a gapilwe maikutlo thata ke tumelo ya gagwe. Morago ga baratani ba ba nyalana mo modirong wa kwa kgolegelong, Martha o ne a patikega go fudugela kwa Miami.

Go kgaogana ga bone go ne go le botlhoko. Mme Armando o ne a kgona go fa moratiwa wa gagwe tsholofetso. O ne a sela pampitshana mme a kwala maitlanmo a gagwe: "Ke tla tla kwa go wena. Sepe se se kwa morago ga me se tla bo se sa tlhole se na le mosola."

Legolegwa le, le ne la nna le kitso ya gore ka tsela nngwe, e ne le Martha ba tla dira maikano a bone mo kerekeng. Letsatsi lengwe bokopano ja bone bo tla a bo bo feletse. "O nna o na le nna", Armando o ne a bolelela Martha.

Tsholofetso ya ga Armando e ne ya dira gore a kgone go emelana le dingwaga tsa go sa tsewe sentle mo go ka bong go kgobile bontsi marapo. E ne ya dira gore le Martha a kgone go itshoka. O ne a dira ka thata go lemotsha setshaba bothata jo monna wa gagwe a leng mo go jone. Ga a ise a ke a latlhegelwe ke tsholofelo.

1. TSHOLOFETSO

Nako tse dingwe re ka nna ra raelesega go ipotsa gore; a tota e tla a re letsatsi lengwe Keresete a fologe mo loaping lo lo tala go tla go kopana le rona ka boitumelo? Re ntse re kgaogantswe ka lobaka lo lo leele. Bokhutlo jo bo itumedisang jaana mo ditsong tsa lefatshe tse di botlhoko bo utlwala bo le molemo mo go sa dumelesegeng. Mme gona le selo se le sengwe se se ka tshedisang tsholofelo mo dipelong tsa rona. Mme se ke tsholofetso ya ga Jeso ya go tla gape. Pele ga a kgaogana le barutwa ba Gagwe a ya legodimong, Jeso O ne A dira ikano e:

"A dipelo tsa lona di se fuduege, lo dumela mo Modimong, dumelang le mo go Nna. Mo tlung ya ga Rre go na le manno a le mantsi, fa go ne go sa nna jalo, Nka bo ke lo boleletse. Mme fa Ke ya go lo baakanyetsa bonno, KE TLA TLA GAPE, mme Ke tla lo itsholela; gore kwa Ke gone le lona lo nne gone." - Johane 14:1-3.

Pele ga Jeso A tlhatlogela kwa legodimong, O ne A tlhomamisetsa barutwa ba Gagwe; "KE TLA TLA GAPE! O solofeditse gore o tla boa, a bo a tseela botlhe ba ba mo ikantseng kwa lefelong le le faphegileng le a re le baakanyeditseng. Baebele e bua ka go tla ga Gagwe ga bobedi go ka nna ga dikete tse pedi le makgolo a matlhano. Mafoko a gore Jeso O tla mo lefatsheng e le la bobedi a tlhomame jaaka boammaaruri ja gore o tshedile mo lefatsheng le, dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng.

Bogologolo Modimo o ne a solofetsa gore Messia O tla tla, Morekolodi Yo O tla ithwesang maikepo a rona A bo A itshwarela maleo a batho. Tsholofetso e e ne utlwala e sa kake ya dumelwa ke bontsi jo bo tshedileng ka nako eo. Mme Jeso O ne A tla a bo a swa mo mokgorong. Tsholofetso e, e ne ya rurifala ka kgalaletso e bontsi bo neng bo sa e solofela. Tsholofetso ya Gagwe ya go tla gape le yone e tla rurifala. Re ka ikaega mo go yo o re ratang, go tla a bo a phutha ba a ba dueletseng tlhwatlhwa e e kwa godimo.

Mo bogolegweng ja gagwe, Armando o ne a tswelela go romelela Martha maboko, melaetsa le ditshwantsho ka sephiri. Martha o ne a kgona go gatisa maboko le melaetsa ya ga Armando. Tse di mo go yone di ne tsa gapa maikuto a lefatshe. Dipuso di ne tsa simolola go kgotleletsa Castro go golola magolegwa a tumelo. Tautona wa For o ne a tshereganya mme ka Phalane wa 1982, Armando a tsenngwa mo sefofaneng se se yang Paris. O ne a tshaba le go dumela gore o gololesegile - le fa sefofane se sena go goroga. Mme ya re morago ga dingwaga di le masome mabedi tsa go boga, go leta le go nna le tlhologelelo, Armando o ne a tabogela mo matsogong a ga Martha.

Dikgwedinyana morago ga foo, bobedi jo bo itumetseng ja ema mo kerekeng ya St. Kieran kwa Miami mme ba ikana sesha. Bokopano ja bone bo ne bo feletse jaanong. Tsholofetso ya gore "ke tla tla kwa go wena" e ne e diragaditswe.

A o kgona go akanya gore e tla bo e le go kopanngwa mo go ntseng jang fa jaanong re tla bo re bona Keresete difatlhogo di lebanye? Go tla ga Gagwe ka kgalalelo go tla kometsa kutlobotlhoko le matshwenyego a rona, go tla phimola ditlhabi tse re ntseng re di fitlhile mo dipelong tsa rona. Go tla ga ga Jeso go tla diragatsa dikeletso tsa rona tsa ka kwa teng le ditsholofelo tsa rona. Re tla bo re simolola botsalano ja kwa teng le motho Yo O molemo thata mo lefatsheng ka bosakhutleng.

Jeso O e tla ka bonako! A o iketleeditse go kopana le Nae?

2. JESO O TLA TLA JANG?

(1) A Jeso O tla tla ka sephiri?
"Bonang, ke lo boleletse go sa le gale, mme ke gona fa ba lo raya bare; Bonang, o kwa nageng, lo se ka la dumela; fa ba re Bonang, o mo matlwaneng a a kwa teng; lo seka la dumela. GONNE JAAKA LEGADIMA le tle le gadime kwa botlhabatsatsi, GO TLA GA MORWA MOTHO GO TLA NNA FELA JALO." - Mathaio 24:25-27.

Fa legadima le gadima, le bonala le kwa kgakala, ka jalo, go tla ga ga Jeso e tla bo e se tiragalo ya sephiri.

(2) A Jeso O tla tla gape e le motho wa boammaaruri?
"Mme ya re ba santse ba lebile thata kwa loaping, jaaka a tsamaya, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse di tshweu; ba ba bileng ba bua bare, Lona banna ba Galalea lo emetseng lo lebile kwa loaping? JESU YO, YO O TSHOLELEDITSWENG KWA LEGODIMONG a tswa mo go lona, o TLA TLA JALO FELA, jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong." - Ditiro 1:10-11.

Ka letsatsi la fa a emelela mo lefatsheng la rona, baengele ba ne ba tlhomamisetsa barutwa gone Ene Jesu Yo O tlhatloseditsweng kwa legodimong - e seng ope gape - O tla tla ka sebele e le Kgosi ya Dikgosi. Ene Jeso Yo O fodisitseng balwetse A bo A bula matlho a a foufetseng. Ene Jeso Yo O neng a bua ka bonolo le mosadi yo o neng a fitlhelwa a dira boaka. Ene Jeso Yo O neng a phimola dikeledi tsa ba ba lelang a bo a amogela bana fa tlase ga Gagwe. Ene Jeso Yo O neng A swa mo mokgorong wa Khalefare, A ikhutsa mo phuphung A bo A tsoga mo baswing ka letsatsi la boraro.

(3) A Jeso O tla tla ka tsela e re ka mmonang ka yone?
"Bonang, O etla A le mo marung, mme MATLHO OTLHE A TLA MMONA." - Tshenolo 1:7.

Botlhe ba ba tla bong ba tshela fa Jeso A tla gape, ba ba molemo le baikepi, ba tla bona go tla ga Gagwe.

Jeso Ene O rile ke bale kae ba ba tla lebelelang go tla ga Gagwe?

"Ka nako e o, sesupo sa Morwa Motho se tla bonala mo loaping, mme DITSHABA TSOTLHE TSA LEFATSHE di tla futsafala, MME DI TLA BONA Morwa Motho A tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo." - Mathaio 24:30.

Motho mongwe le mongwe yo o tshelang mo lefatsheng la rona o tla bona Jeso fa atla.

(4) Jeso O tla bo A na le mang fa A tla?
"Mme e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalelo ya Gagwe A na le BAENGELE BOTLHE, hong o tla dula mo setilong sa Gagwe sa bogosi sa kgalalelo." - Mathaio 25:31.

Akanya gore go tla a bo go ntse jang fa Jeso A tla ka kgalalelo ya Gagwe, A dikaganyeditswe ke Baengele botlhe.

(5) A re ka perofesa nako ya boammaaruri ya go tla ga ga Jeso?
"Mme ka ga letsatsi leo, le nako e o, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le Morwa, fa e se Rara a le esi fela; Mme ke gona, le lona nnang fela lo iketleeditse, gonne Morwa Motho o tla ka nako e lo sa mo solofeleng ka yone." - Mathaio 24:36, 44.

3. JESO O TLA DIRA ENG FA A TLA GAPE?

(1) Jeso O tla phutha botlhe ba ba bolokilweng (baitshenkedwi).
"Mme O tla roma baengele ba Gagwe ka tumo e kgolo ya lonaka, mme ba tla phutha baitshenkedwi ba Gagwe kwa diphefong tsoo nne, go tswa sekhutlong se sengwe sa legodimo go ya kwa go se sengwe." - Mathaio 24:31.

Fa o letlile Jeso go go baakanya mo pelong le mo botshelong, o tla Mo itumedisa ka boitumelo e le Mmoloki wa gago.

(2) Jeso O tla tsosa baitshephi ba ba suleng.
"Gonne Morena ka esi o tla fologa kwa legodimong ka loshalaba, le ka lentswe la moengele yo o mogolo, le ka go gelebetega ga lonaka la Modimo, MME BASWI BA BA SWETSENG MO GO KERESETE BA TLA TSOGA PELE." - 1 Bakorintha 4:16.

Jeso O fologa kwa legodimong ka loshalaba. Lentswe la Gagwe le legolo le utlwala mo lefatsheng lotlhe. Le bula diphuphu gongwe le gongwe le bo le tsosa didikadike tsa batho ba ba amogetseng Jeso mo dingwageng. E tla bo e le letsatsi le le itumedisang e le ruri.

(3) Jeso O tla fetola baitshephi botlhe fa a tla - e seng baitshephi ba ba suleng fela, mme le baitshephi ba ba tshelang.
"Hong rona ba re tla bong re tshedile re tlogetswe, re tla tsholediwa mmogo le bone mo marung re ya go kgatlhantsha Morena mo loaping; mme jalo re tla nnela ruri le Morena." - 1 Bathesalonia 4:17.

Keresete o fetola mebele ya rona e e swang go e dira mebele e mentle e e sa sweng a re baakanyetsa bosakhutleng.

"Bonang, ke lo bolelela masaitseweng; Ga re ketla re robala rotlhe, mme RE TLA FETOLWA ROTLHE FELA, ka gangwe fela, ka ponyo ya leitlho, KA LOBAKA LWA LONAKA LA BOFELO: gonne lonaka lo tla gelebetega, mme BASWI BA TLA TSOSIWA KA MO GO SA BOLENG, MME RONA RE TLA FETOLWA. Gonne mo go bolang mo, go na le go apara bosaboleng, le mo go swang mo, go na le go apara bosasweng." - 1 Bakorintha 15:51-53.

Fa Jeso A tla, rotlhe re tla fetolwa. Akanya fela: go tla abo go sena bolwetse ja marapo, go swa mhama kgotsa kankere. Tswalela dikokelo le mafelo a dintsho, Keresete o tsile!

(4) Jeso O tla isa baitshephi botlhe kwa legodimong.
Jeso ka sebele O ne A dira tsholofetso e, "Ke tla tla gape ke tla go le itsholela, gore kwa ke gone le lona lo nne gone" kwa ntlong ya ga Rre (bona Johane 14:1-3). Petere o bua jaana ka boswa ja barekolodwi; "boswa…jo lo bo beetsweng kwa legodimong" (1 Petere 1:4). Re ka iketlaeletsa go tla re bona bontle jwa motse wa Modimo, Jerusalema yo Mosha re bo re ithuta Rraa-rona Yo O kwa legodimong.

(5) Jeso O tla ntshetsa ruri bosula le kutlobotlhoko.
Baikepi - ba ba ganneng ditaletso tsotlhe tsa ga Jeso tsa boutlwelo botlhoko - ba ikatlhola ka bo bone. Fa ba lebelela sefatlhogo sa ga Jeso se ba atumela A le mo marung, go lemoga maleo a bone ga tshoganetso go nna morwalo o o bokete go rwala; ba le lela dithaba le maje: "Re weleng godimo lo re bipele sefatlhogo sa Yo O dutseng mo setilong sa bogosi, le bogale ja Kwana" (Tshenolo 6:16). Ba ikanya loso go na le go ema fa pele ga tebo ya ga Jeso e e bonang dilo tsotlhe.

Ba itse gore lentswe le jaanong le kuang kwa loaping le kile la ba lopa ka bonolo go amogela tshegofatso ya legodimo. Ba ba neng ba ineetse mo go tabogeng ba batla madi, monate le maemo, ke gone ba lemogang gore ba itlhokomolositse selo se le nosi se se nang le mosola mo botshelong.

Ke tshenolo e e phatlolang pelo. Kana ga go na ope wa bone yo o neng a tshwanetse go latlhega. Modimo ka sebele Ga ana "kgatlhego mo losong la moikepi" (Esekiele 33:11). Ga A "rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong" (2 Petere 3:9). Jeso O A re kopa A re "Tlang kwano go nna lo tlhe balo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa" (Mathaio 11:28). Mme se se gakgamatsang ke gore ba bangwe ba kgaphela kgakala taletso e ya Gagwe.

4. A O IKETLEELEDITSE GORE JESO A TLE?

Go lopilwe Jeso go le gontsi gore a re direle isago ya kgalalelo ya Gagwe "kwa ntlong ya ga Rara". Go mo lopile botshelo ja Gagwe.

"JALO LE ENA KERESETE, KA A ISITSWE SETLHABELO GANGWE FELA, gore a tle a belege maleo a batho ba le bantsi, O TLA BONALA LA BOBEDI, kwa ntle ga boleo, a bonalela ba ba mo lebeletseng go ba boloka." - Bahebera 9:28.

Mmoloki Yo O suleng mo mokgorong go ntsha maleo a gago, o tla bonala "lwa bobedi" mme O tla "bonalela ba ba mo lebeletseng go ba boloka." Keresete O intshitse setlhabelo go re fa poloko. Mme fa go sena go tla ga bobedi, mokgoro e tla a bo e le lefela. Keresete O batla go re fa legae le le sireletsegileng ka bosakhutleng le Ena. Mme gore se se diragale, re tshwanetse go Mo letla go busa mo dipelong tsa rona A le Mmoloki le Morena gompieno.

Mo mosong wa Phatwe a le 16 ka 1945, mosimane o ne a siana mo kampeng ya Shantung kwa China Bokane a kua gore o bonye sefofane mo loaping. Botlhe ba ba itekanetseng ba ne ba tabogela kwa ntle ba leba kwa godimo. Banna ba le basadi ba, ba ne ba bogile thata mo dignwageng tsa go kgaoganngwa le ba bangwe, go kganelwa go dira thato ya bone le letsapa; ba golegilwe ke ma Japane e le banni ba ditshaba tsa dira. Ba le bantsi, semoya sa bone se ne se tshidisiwa ke selo se le sengwe fela: tsholofelo ya gore lengwe letsatsi, ntwa e tla fela.

Go ne ga nna boitumelo mo batshwarweng ba ba sekete le makgolo a matlhano fa ba lemoga gore sefofane se se tshwanetse sa bo se tlela bone. Fa modumo wa sefofane o oketsega, mongwe o ne a goa a re: "Bonang, folaga ya America ke ele e takilwe mo letlhakoreng!" Mantswe a a itumetseng a goa a re "Bonang, ba re tsholeletsa matsogo. Ba itse gore re bo mang. Ba tla go re tsaya."

Boitumelo jo bo ne bo le bogolo thata mo batho ba ba neng ba palelwa ke go itshwara. Go ne ga nna le tlhakatlhakano. Batho ba ne ba dikologa, ba goela kwa godimo, bangwe ba lela.

Ka tshoganetso batho ba ema ka kgakgamalo ba lebeletse ka tidimalo. Bo ka fa tlase ja sefofane bo ne ja bulega mme banna ba fologa ka dipharashutu. Bagolodi ba bone ba ne ba tsile ba le fa gare ga bone.

Batho ba ne ba ikgatlholosa dithobolo tsa batshwari ba bone mme ba itlhaganelela kwa kgorong ya kampa. Morago ga dingwaga tsa go tshwenyega le tlhologelello, ba ne ba tswa ka kgoro mme ba itlhaganelela kwa bapagami ba difofane ba leng teng.

Ka bofefo, batho ba ba ne ba boela kwa kampeng ba na le masole. Molaodi wa kampa o ne a ba golola go sena ntwa. E le ruri ntwa e ne e fedile. Kgololesego e ne e tsile. Lefatshe le ne le le lesha gape.

Ka bofefo, Modimo le Mmoloki wa rona O tla fologa mo marung go tla go re golola. Go bogisana ga batho go tla fela. Go tla nna le boitumelo ka letsatsi leo, boitumelo jo bo tla dirang gore re tlhaloganye mafoko a; "O gaufi ke kgona go bona baengele ba letsa di terompeta". Modumo o tla bo o oketsega, leru la kgalalelo le phatshimela pele, go fitlhela re palelwa ke go itshoka. Re tla bo re palelwa ke go leba go sele jaaka re tla bo re re "O a mpona. O itse gore ke mang." Ka boitumelo jo bogolo re tla itse go bua mafoko a; "Yo ke Modimo wa me. O tla go ntsaya, e seng tsatsi lengwe, gompieno."

A o iketleeditse go amogela Kgosi mo kgalalelong ya Gagwe? Fa o sa iketleetsa, tswee-tswee laletsa Jeso go tsena mo botshelong ja gago jaanong. Fela jaaka gotla ga ga Jeso go tla rarabolola mathata a lefatshe le, le go tsena mo pelong ya gago ga ga Jeso go tla go thusa go ralala mathata a o nang nao gompieno. Morarabolodi yo o mogolo wa mathata o ka go golola mo morwalong wa boleo a bo a go naya botshelo jo bo sa khutleng.

Go tsena ga ga Jeso mo botshelong jwa motho go ka bo fetola fela jaaka go tla ga Gagwe mo lefatsheng la rona go tla le fetola. O ka ikaega mo go Jeso. O tla go baakanyetsa go tla ga Gagwe A bo A go fa tlhomamiso ya botshelo ja boitumelo ka bosakhutleng.

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy