KA
GA ISAGO YA GAGO
Dingaka
Patricia le David Mrazek ba ne ba kopana le go phatloga dipelo mo go
ntsi mo tirong ya bone. Jaaka dingaka tse di alafang malwetse a a amanang
le tlhaloganyo, ba ne ba dirisana le bana ba le bantsi thata ba ba bogisegang.
Mme ba ne ba gakgamadiwa ke gore bana ba bangwe ba ne ba amiwa thata
ke mathata a bone fa ba bangwe ba ne ba falola ba sa amega thata. Ke
ka go reng? Ke eng fa ngwana yo mongwe a ka ya go dirisa ditagi fa yo
mongwe a ka ya go tsweledisa sekolo? Ke eng fa bana ba ba bangwe ba
ba dirisiwang botlhaswa e re ba gola ba bo ba dirisa bana botlhaswa
fa ba bangwe ba nna batsadi ba ba molemo?
Boora
Mrazek ba ne ba dira patlisiso e e telele go bona dikarabo tsa dipotso
tse. Mo patlisisong ya bone, go ne ga nna go lemotshega mokgwa o le
mongwe fela mo baneng ba ba neng ba falola mathata ba bo ba tshela ka
boitumelo. Sephiri sa bone e ne e le go akanyetsa bomolemo le go nna
le tsholofelo ka botshelo.
Tsholofelo
e dirile pharologanyo. Tsholofelo go feta dilo tsotlhe, e re thusa go
fenya mathata fa a re dikaganyeditse.
Batho
ba tlhoka tsholofelo thata. Mme re e bona jang? Go thata go nna le tsholofelo
mo lefatsheng la rona GO FITLHELA re e lebelela ka fa ntlheng ya polelo-pele
kana (perofeso) ya Baebele. Thuto, e e sekaseka polelo-pele kana (perofeso)
e e fileng batho ba le bantsi tsholofelo.
1.
POLELO-PELE KANA (PEROFESO) YA BAEBELE E E GAKGAMATSANG
Dingwaga
di ka nna makgolo a le matlhano pele ga botsalo ja ga Keresete, Modimo
o ne a fa lefatshe tshupo e e gakgamatsang mo isagong ka moperofeti
Daniele. Modimo o ne a supelapele ditso tsa lefatshe tsa dingwaga di
le dikete tse pedi le makgolo a matlhano, go tswa kwa nakong ya ga Daniele
go fitlha mo nakong ya rona.
Perofeso
e, e dule mo torong e Modimo a e fileng Nebukadenesara, kgosi ya Babelona
dingwaga di le dikete le makgolo a matlhano tse di fetileng. Toro e
e ne ya tshwenya kgosi thata - mme fa a tsoga, o ne a sa tlhole a gakologelwa
toro e. Morago ga banna botlhe ba ba botlhale ba Babelona ba palelwa
ke go thusa kgosi go gakologelwa toro le go e tlhalosa, go ne ga tla
lekawana la Mohebera Daniele, la goroga foo, le bua gore Modimo wa legodimo
o ka supa masaitseweng otlhe a bo a a tlhalosa.
Daniele
o ne a ema fa pele ga kgosi mme a bua ka bopelokgale a re:
"Wena
kgosi, o ne wa leba, mme bonang ga bo go le SETSHWANTSHO SE SEGOLO.
Setshwantsho seo, sa ema fa pele ga gago, se nonofile thata, se bile
se le phatshimo e e feteletseng, mme ponalo ya sona e ne e boitshega.
Ka ga setshwantsho seo, tlhogo ya sone e ne e le gouda e e itshekileng,
sehuba sa sone se le matsogo a sone e ne e le selefera, mpa ya sone
le dirope tsa sone e ne e le kgotlho, memo ya sone e ne e le tshipi,
dinao tsa sone, ntlha e nngwe e ne e le tshipi ntlha e nngwe e le letsopa.
Wa leba, ga tsamaya tshilo ya kabolwa e seng ka diatla, ya itaya setshwantsho
mo dinaong tse e leng tshipi le letsopa, mme la di thubaganya. Hong
ga thubaganngwa tshipi, le letsopa, le kgotlho, le selefera, le gouda
go le mmogo, mme tsa nna jaaka mmoko wa dibopi tsa pholelo tsa selemo,
mme phefo ya di kgophola mme di se ka tsa bonelwa bonno; mme TSHILO
EO E E ITEILENG SETSHWANTSHO ya tla ya nna lefika le legolo, mme ya
tlala ka lefatshe lotlhe." - Daniele 2:31-35.
Setshwantsho
se kwa tshimologong go lebega se sa amane gope le go bona tsholofelo
mo dinakong tse; mme tshwarelela!
2.
PEROFESO E TLHALOSIWA
Morago
ga go bolelela Nebukadenesare yo o itumeletseng sengwe le sengwe se
a se boneng mo torong, moperofeti Daniele a tlhalosa:
"Ke
yona toro; mme re tla bolela phuthololo ya rona fa pele ga kgosi."
- Daniele 2:36.
TLHOGO
YA GOUDA: Daniele o ne a raya kgosi a re tlhogo ya gouda e emetse eng?
"Wena
kgosi, o kgosi yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi le thata, le
nonofo, le kgalalelo: KE WENA TLHOGO YA GOUDA." - Daniele 2:37,
38.
Tota
se Daniele a neng a se raya mmusi wa bogosi jo bogolo mo lefatsheng
ke gore: "Nebukadenesare, Modimo o go bolelela gore bogosi ja gago,
Babelona, bo emetswe ke tlhogo ya gouda ya setshwantsho".
SEHUBA
LE MATSOGO A SELEFERA: Mo tebong ya setho, Babelona o ne a lebega e
le bogosi jo bo tla nnelang ruri. Mme perofeso ya re go tla diragala
eng?
"Mme
morago ga gago, go tla tsoga bogosi jo bongwe jo bo botlana mo go wena."
- Daniele 2:39.
Mo
go diragatseng ponelopele ya Modimo, bogosi ja ga Nebukadenesare bo
ne jwa senyega fa Cyrus, lesole la Moperesia le fenya bogosi ja Babelona
ka 539 B.C. Ka jalo sehuba le matsogo a selefera di emetse Bameta le
Baperesia, bogosi jo bongwe jo bo nonofileng.
MPA
LE DIROPE TSA KGOTLHO: Karolo e ya setshwantsho se e emetse eng?
"Le
bogosi jo bongwe jwa boraro, e le ja kgotlho, jo bo tla nnang le taolo
mo lefatsheng lotlhe." - Daniele 2:39.
Mpa
le dirope tsa kgotlho tsa setshwantsho di supa bogosi ja Bagerika. Alexandra
yo mogolo o ne a fenya Bameta le Baperesia a dira lefatshe la Gerika
bogosi ja boraro jo bogolo. O ne a busa go tswa ka 331 B.C. go ema ka
168 B.C.
MAOTO
A TSHIPI:
"Mme bogosi ja bone bo tla nna thata jaaka
tshipi; ka tshipi e bo thubaganya e fenya dilo tsotlhe: le jaaka tshipi
e e thugang dilo tse tsotlhe, bo tla thubaganya bo thuga jalo."
- Daniele 2:40.
Morago
ga loso la ga Alexander, bogosi ja gagwe bo ne ja koafala, mme jwa kgaogana
go nna ditlhopha tse di ganetsanang go fitlhela e re kwa bokhutlong
ka 168 B.C. kwa tlhabanong ya Pydna, "Bogosi ja Tshipi" ja
Roma bo thuga ja Gerika.
Molado
Augustus o ne a busa bogosi ja Roma fa Jeso a twalwa dingwaga di ka
nna dikete tse pedi tse di fetileng (Luke 2:1). Keresete le barutwa
ba gagwe ba ne ba tshela mo nakong e e supiwang ke maoto a tshipi. Raditso
wa dingwaga tsa bo makgolo a lesome le boroba bobedi Gibbon, o ne a
na le perofeso ya ga Daniele mo tlhaloganyong fa a ne a kwala jaana:
"Ditshwantsho tsa gouda, kgotsa selefera, kgotsa kgotlho tse di
ka tswang di emetse ditshaba le dikgosi tsa tsone, di ne tsa thubaganngwa
ka go latelana ke bogosi ja tshipi ja Roma." - Edward Gibbon, The
History of the Decline and Fall of the Roman Empire, (John D. Morris
and Company), volume 4, tsebe 89.
Akanya
sebakanyana ka ga kakanyetso e go tswa mo ponong ya setho. Daniele yo
o neng a tshela ka nako ya Babelona o ne a ka nna jang le mogopolo wa
gore ke magosi a le kae a a tla latelelanang mo makgolong a dingwaga
tsa isago? Re tshwaragana le bothata gore re itse gore tsa mebaraka
di tla bo di ntse jang mo bekeng e e tlang! Mme Babelona, Bameta le
Baperesia, Gerika le Roma di ne tsa latelana jaaka go perofesitswe -
jaaka bana ba sekolo ba ba kutlo.
A Modimo
o laola isago? A re ka nna le tsholofelo re beile mo leanong la Gagwe
le legolo? Karabo ke Ee! Yo o nonofileng.
DINAO
LE MENWANA YA TSHIPI LE LETSOPA: A nonofo ya botlhano ya lefatshe e
tla latela Roma?
"Mme
e re ka o bonye dinao le menwana ya tsone, ntlha e nngwe e le letsopa
la mmopi, le ntlha enngwe e le tshipi, e tla nna bogosi jo bo kgaoganeng,
mme go tla nna mo go jone thata ya tshipi, ka o bonye tshipi e tlhakatlhakane
le letsopa le le loraga. Mme e re ka menwana ya dinao e ne e le tshipi
ntlha e nngwe, le letsopa ntlha e nngwe, jalo fela bogosi bo tla nna
thata ntlha e nngwe, le ntlha e nngwe e nne sepha." - Daniele 2:41,
42.
Moperofeti
ga a perofesa ka bogosi jwa botlhano mo lefatsheng, mme o perofesitse
kgaogano ya bogosi ja Roma. Roma o tla kgaogana go nna magosi a le lesome,
jaaka go supiwa ke dinao le menwana ya setshwantsho.
A se
se ne sa diragala? Ee, e le ruri se diragetse. Ka nako ya dingwaga tsa
bo makgolo a mane le a matlhano tsa nako ya Sekeresete, batlhasedi go
tswa bokone ba ne ba fologelela mo pusong ya Roma e e bokoa ba e thubaganya.
Kwa bofelong, merafe e le lesome e ne ya bona bonno kwa Bophirima ja
Roma, le ditshaba tse di lesome tse di ikemetseng ka nosi tsa ipaya
mo melelwaneng ya Yuropa. Ka jalo, menwana e supa ditshaba tsa segompieno
tsa Yuropa.
3.
LETSATSI LA RONA MO PEROFESONG YA BAEBELE
A perofeso
ya ga Daniele e akanyetsa gore go tla lekwa go tshwaraganya ditshaba
tsa Yuropa ka fa tlase ga mmuso o le mongwe fela?
"Mme
e re ka o bonye tshipi e tlhakane le letsopa le le loraga, BA TLA ITLHAKANYA
LE LOSIKA LWA BATHO, MME GA BA KETLA BA NGAPARELANA, fela jaaka tshipi
e se ke e kgomaragana le letsopa." - Daniele 2:43.
Banna
ba ba nang le dithata ba lekile go le gantsi go tshwaraganya Yuropa,
mme ba nna ba tlhaela go goroga kwa mokgeleng wa bone nako le nako.
Napoleon o ne a le gaufi thata go ba gaisa botlhe mo maitekong a go
tshwaraganya Yuropa, mme gongwe o ne a akantse ka ga perofeso e; fa
a ne a sia a sena go fenngwa kwa tlhabanong ya Waterloo o ne a goa a
re; "Modimo Mogodimodimo o nonofile thata ga nkake ka mo kgona!"
Kaiser
Wilhelm II le Adolf Hitler ba ne ba dira dibetsa tsa ntwa tse di nonofileng
thata ka nako ya bone. Mme botlhe ba paletswe ke go tshwaraganya Yuropa
mo pusong ya bone. Ke ka go reng? Ke ka go bo lefoko la Modimo le ne
le eme: "Ba tla itlhakanya le losika lwa batho, mme ga ba kitla
ba ngaparelana." Go tsoga ga dintwa tsa lefatshe tse pedi go rurifatsa
gore Modimo o tshwere isago mo diatleng tsa Gagwe, O mo taolong. Se
se lekanye go re fa tsholofelo, kagiso mo moeng le tshepho mo leanong
la Gagwe ka matshelo a rona.
4.
GO LEBELELA MO ISAGONG
Ke
karolo e le nngwe fela ya perofeso ya ga Daniele e e iseng e diragadiwe.
Bokao ja tshilo e e iteileng setshwantsho mo dinaong, ya di se thubaganya
ya bo e nna lefika le legolo le tlala ka lefatshe lotlhe ke eng?
"MME
E TLA RE MO METLHENG YA DIKGOSI TSEO, MODIMO WA LEGODIMO O TLA TLHOMA
BOGOSI jo bo se kitlang bo senngwe gope, mme le mmuso wa jone ga o ketla
o tlogelelwa tshaba e sele, mme bo tla thubaganya bo nyeletsa magosi
ao otlhe, MME BO TLA EMA KA BOSAKHUTLENG." - Daniele 2:44.
"Dikgosi
tseo" go ka bo go tewa dikgosi tse di emetsweng ke dinao le menwana
ya setshwantsho - balaodi ba Yuropa wa segompieno. Tshilo e e kabolwang
e seng ka diatla e tshwanetse go itaya setshwantsho e bo e se thubaganya
ke gone e bo e tlala ka lefatshe lotlhe (ditemana 34, 35 le 45). Jeso
o tla a fologa kwa legodimong go tla go "tlhoma bogosi", Bogosi
ja Gagwe ja kagiso le boitumelo. Keresete, Lefika la Bosakhutleng le
Kgosi ya dikgosi, O tla busa ka bosakhutleng.
Sengwe
le sengwe mo perofesong ya Daniele 2 se diragetse go setse fela tiragalo
ya bofelo - go itewa a setshwantsho ka tshilo. Go ya ka lenaneo la ditiragalo
la Modimo, re setse re le gaufi le setlhoa sa ditiragalo, go tla gape
ga ga Keresete mo lefatsheng la rona. Jeso Keresete Morwa Modimo O tloga
a khutlisa ntwa ya ditso tsa setho A bo a tlhoma bogosi ja Gagwe ja
lorato le tshegofatso.
5.
TORO YA KGOSI LE WENA
Perofeso
e, e supa letsogo la Modimo la kaelo mo go tsogeng le go wa ga ditshaba.
Modimo o itse se se fetileng, le perofeso e ya Baebele e supa ka botlalo
gore O itse le ka ga isago.
Fa
Modimo a laola metsamao ya ditshaba go sena phosego epe, e le ruri O
ka kaela botshelo ja motho mongwe le mongwe. Jeso O re tlhomamiseditse:
"Mme e e leng meriri tota ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe
fela. Ke gona se boifeng" (Mathaio 10:30-31). Mpho ya Modimo ya
tumelo e ka nna sekganedi sa matshwenyego le dipoifo tsa rona. Tsholofelo
e e tlhotlheleditsweng ke Ene e ka nna sitsetsepelo sa mewa ya rona
(Bahebera 6:19).
Moithuti
wa dingwaga tsa bo makgolo a masome a marataro, Erasmus o ne a bua ka
tiragalo e e diragetseng mo loetong la sekepe e e neng ya nna mo pelong
ya gagwe botshelo ja gagwe jotlhe. Sekepe se a neng a se dirisa se ne
sa senyega mo dipuleng. Fa makhubu a bogale a itaagana le sekepe se
bo se simolola go phatlalala, le boradikepe ba ne ba simolola go tshoga.
Bapalami ba ne ba setse ba tlhakana ditlhogo. Bangwe ba ne ba kopa thuso
mo moitsheping yo o dumelang mo go Ene, ba opela difela, kgotsa ba kopa
thuso ka thapelo.
Erasmus
o ne a bona mopalami a le mongwe fela yo o neng a itshola ka tsela e
e farologanyeng. O ne a kwala jaana: "Mo go rona rotlhe, motho
yo o neng a lebega a sa tshoga ke kgarebana e e neng e tshwere ngwana
e mo amusa. E ne e le ene fela yo o sa kueng, a sa lele e bile a sa
omanye legodimo. O ne a sa dire sepe kwa ntle ga go rapela mo pelong
a bo a tshegetsa lesea la gagwe thata."
Erasmus
o ne a lemoga gore thapelo e, e ne e le tswelediso ya botshelo jwa gagwe
jwa thapelo. O ne a lebega a beile botshelo ja gagwe mo Modimong.
Fa
sekepe se simolola go nwela o ne a fiwa lepolanka le legong gore a kgweetse
ka lone, mme a tswela mo makhubung. O ne a tshwanelwa ke go tshwara
ngwana wa gagwe ka seatla se sengwe a bo a leka go kgweetsa ka se sengwe.
Bontsi bo ne bo akanya gore ga a kitla a kgona go fenya makhubu a a
nonofileng ao.
Mme
tumelo ya gagwe le go itshwara ga gagwe di ne di le mo letlhakoreng
la gagwe. Mme yo le ngwana wa gagwe e ne e le bone ba ntlha go goroga
kwa letshitshing.
Tsholofelo
mo Modimong Yo O boikanyo e ka dira pharologanyo e e kgolo - le fa lefatshe
la rona le lebega le phatlalala fa go rona. Ga re leke go kgweetsa mekoro
ya rona re le nosi. Seatla se segolo se a re kaela e bile se a re tshegetsa.
Fa
o ka tla mo go Keresete ka boineelo, o tla Go neela tumelo e e tla go
fetisang mo mathateng otlhe. Itemogelo kagiso e e nonofileng e Jeso
A E solofetsang:
"Kagiso
ke e tlogela le lona, kagiso ya Me ke a lo e naya;
A dipelo tsa
lona di se Fuduege, le gone a di se boife." - Johane 14:27.
A o
na le kagiso eo? Fa o sena nayo, leboga Jeso Mmoloki wa gago. Fa o sena
nayo, ke eng o sa mo laleletse go tsena mo botshelong ja gago gompieno?