SEBAKA SA BOBEDI SA BOTSHELO

Rre mongwe kwa Singapore yo o tshedileng dingwaga tse dintsi e le wa tumelo ya ga Buddha, o ne a botswa potso e morago a nna Mokeresete; "Rre Lim, o bona pharologanyo e fe fa gare ga go nna mo Bhudda le go nna Mokeresete?"

O ne a araba ka gore; "Go motlhofo, go tswa mo nakong e ke bonyeng Jesu e le Mmoloki wa me, ke na le kagiso mo pelong ya me."

Ke gone mo go dirafalang fa re baya matshelo a rona mo go Keresete.

"Ene yo pelo ya gagwe e ikaegileng mo go wena o tla mo naya kagiso e e tlhomameng, ka a ikantse mo go wena." - Isaia 26:3.

Go tshela botshelo ja Sekeresete go naya kagiso - maikutlo a a tlhomameng a pabalesego le go nna sentle.

1. BOKAO JWA GO BOLOKWA MO BALATLHEGING

Go a kgonega gore motho yo o tshelang mo nameng a bo a tshela monate mme a sule - se se raya gore a sule semoya.

"Le lona o lo rudisitse, jale ka LO NO LO SULE KA DITLOLO TSA LONA LE DIBE, tse e rileng gale lwa sepela mo go tsona ka fa mokgweng wa lefatshe leno, ka fa taolong ya kgosana ya thata ya loapi, YA MOYA O GOMPIENO O DIRANG mo baneng ba ba kgopo." - Baefesia 2:1, 2.

Satane o tsamaisa motho yo o suleng semoya mo tseleng e e fologelang kwa tlase ya boleo le go tlhoka kutlo. Mme boammaaruri jo bo ntle ja mafoko a a molemo ke gore Modimo o rata batho ba ba latlhegileng jalo. O ba rata fa ba sule mo dibeng tsa bone a bo a ba laleletsa kgololo e e feletseng e sena tlhwatlhwa go tswa mo serung se ba leng mo go sone.

"Mme Modimo ka o humile boutlwelo botlhoko le ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ona, lo o re ratileng ka lona, LE RE SANTSE RE SULE KA DITLOLO TSA RONA, WA RE RUDISA MMOGO LE KERESETE - lo bolokilwe ka tshegofatso .... gore e tle e re mo metlheng e e tlang o bo o supe dikhumo tse dikgolo tse di feteletseng tsa tshegofatso ya ona ka bopelonomi ntlheng ya rona mo go Keresete Jesu." - Baefesia 2:4-7.

Modimo o re ratile go sena sepe se se ka rategang ka ga rona. Tshegofatso ya gagwe e dirile botshelo jo bo sha mo go Keresete. Ga re kake ra kgona go iphetola, mme Modimo o a kgona. Fa re tla kwa go ene ka tumelo le boineelo, o re naya sebaka sa bobedi sa botshelo e le mpho e e senang tlhwatlhwa.

2. RE TLHOKA GO BOLOKWA MO GO ENG?

(1) Re tlhoka go bolokiwa mo boleong.
"Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo." - Baroma 3:23.

Go tlhamalatsa mafoko a re ka re: ga re tshelele se re itseng se siame. Motsadi yo o tshwenyegileng mo moweng o ka tenega a bo a ntlwisa maikutlo a ngwana botlhoko. Motho o ka tenegela mokgweetsi yo mongwe a bo a rata go baka kotsi. Moithuti ga aka ke a rata mongwe a bo a ka seba ka dilo tse di seng dintle ka moithuti mo mongwe. Rrakgwebo o ka dira leano la go lebala ka madi mangwe a gagwe ka nako ya lekgetho. "Botlhe ba leofile"; ke sone seemo sa batho.

Baebele e tlhalosa boleo jang?

"Tshiamololo yotlhe ke boleo." - 1 Johane 5:17.

Re tlhoka go falodisiwa mo mefuteng yotlhe ya mekgwa e e sa siamang le dilo tse di re gwetlhang go tsweledisa mekgwa eo: go bua maaka, bogale jo bo feleletseng, dikeletso tsa tlhakanelo dikobo tshakgalo le emengwe.

"Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o dira boiphehero mo molaong, mme boleo ke boiphehero mo molaong." - 1 Johane 3:4.

Jalo he, re tlhoka go bolokwa mo boleong jo e leng go roba ditaelo tse Modimo.

(2) Re tlhoka go bolokwa mo botsalanong jwa rona le Modimo jo bo senyegileng.
"Mme maikepo a lona a lomologantse fa gare ga lona le Modimo wa lona; le maleo a lona a lo shubetse sefatlhogo sa ona, gore a gane go ntlwa." - Isaia 59:2.

Maleo a a sa itshwarelwang a re kgaoganya le Modimo. Keresete o ne a tla go buseletsa tshepho ya rona mo Modimong e Satane a neng a e ntshitse.

(3) Re tlhoka go bolokwa mo losong lwa bosakhutleng le e leng tuelo ya boleo.
"Ke gone jaaka boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile." - Baroma 5:12.

(4) Re tlhoka go bolokwa mo botshelong jo bo lolea, bo tletse boleo e bile bo sa itumedise.
Mo moleofing, boleo ke tsela e e felelang mo phefong.

(5) Re tlhoka go bokolwa mo lefatsheng le le leofileng.
Re tlhoka go falodisiwa mo lefatsheng le le tletseng boleo le maduo a jone - maswabi, dipelo tse di botlhoko, bodutu, ntwa, bolwetse le loso.

3. KE MANG YO O KA RE BOLOKANG?

Ke Jesu fela yo o ka re bolokang.

(1) Jesu o kgona go re golola mo boleong.
"Mme o tla bona ngwana wa mosimane, mme o tla mo raya leina o re Jesu, go nne ke ene Yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone." - Mathaio 1:21.

Mohindu o ne a raya tsala ya Mokeresete a re; "Ke bona dilo di le dintsi mo tumelong ya Sehindu tse di seyong mo go ya Sekeresete, mme go na le selo se le sengwe fela se Bakerersete ba nang le sone mme Mahindu a sena naso, ke Mmoloki," Tumelo ya Sekeresete ke yone fela tumelo mo lefatsheng e e nayang batho Mmoloki.

(2) Jesu O ka re boloka mo botsalanong ja rona le Modimo jo bo senyegileng.
"Ka re lo tle lo gakologelwe fa e rile ka baka loo, lwa bo lo le kwantle ga Keresete, lo ikgogonne mo lekgotleng la Iseraela, lo le baeng ka ga dikgoagano tsa polelo tsa tsholofetso, lo sena tsholofelo, lo sena Modimo mo lefatsheng. Mme jaanong, mo go Keresete Jesu, lona ba e rileng gale lwa bo lo le kgakala, lo atameditswe ka madi a ga Keresete." - Baefesia 2:12, 13.

Jesu ke tsala ya nnete e o ka itumelelang botsalano ja yone. O rata go supa se se ntle ka rona. "Ka madi a ga Keresete" botshelo ja rona ja pele ja boleo bo itshwaretswe, mme o re naya kamogelo, nonofo mo boleong le botshelo jo bo thokgameng ka malatsi otlhe. Re itse gore nako le nako fa re wa o tla bo a le teng go re tsholetsa. Lorato lwa rona mo go ene lo tlisa keletso ya go tshela ka tsela e e mo itumedisang.

(3) Jesu o ka re boloka mo losong lwa bosakhutleng le e leng tuelo ya boleo.
"Gonne maduo a boleo ke loso; mme mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bosa khutleng mo go Keresete Jesu Morena wa rona." - Baroma 6:23.

Re ba roba molao ba ba atlholetsweng loso. Tuelo ya boleo ke loso. Jesu o re boloka mo losong la bosakhutleng a bo a re naya botshelo ja bosakhutleng.

"Mme Modimo ona, o re tlhomamiseditse lorato lwa ona, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela." - Baroma 5:8.

Ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo lo sa sweng Jesu o ne a re swela. Mme ka gore o re swetse a bo a boga maduo otlhe a boleo, Modimo jaanong o kgona go itshwarela a bo a amogela baleofi kwa ntle ga go dira boleo selo se se tlwaelesegileng.

(4) Jesu o ka re bolo ka mo botshelong jo bo tletseng boleo e bile bo sa itumedise.
"Mme ke gona fa motho a le mo go Keresete o a bo a le sebopiwa se sesha, dilo tsa bogologolo di fetile, bonang, dintse dintsha." - 2 Bakorintha 5:17.

Ga re kake ra ipoloka mo boleong kana ra fetola mekgwa ya rona ka borona fela jaaka tau e sakake ya tsaya tshwetso ya go nna kwanyana (Baroma 7:18). Boleo bo nonofile go feta thato ya dikeletso tsa rona. Mme Keresete O kgona gore a re "nee go thatafadiwa ka nonofo mo mothong yo o kwa teng ka Moya wa gagwe" (Baefesia 3:16). O berekela go tlosa mekgwa ya rona e e isang tshenyegong a bo a baya mekgwa ya gagwe e e itekanetseng; "lorato, kagiso, boitumelo, bopelonomi, boikgapho" (Bagalatia 5:22, 23). Keresete o tshela botshelo jwa gagwe ka rona, mme re amogela phodiso ya semoya, puseletso le botshelo jo bosha.

Harold Hughes o ne a itlhobogile ka go tlhola a fetoga. O ne a lekile go tlogela go nwa bojalwa gantsi thata. O ne a itse fela sentle gore ntwa ya gagwe le bojalwa ga e a tshedisa mosadi wa gagwe le barweetsana ba gagwe ba babedi sentle mo dingwageng tse di lesome. Mo mosong mongwe o o tsididi o ne a tsena mo ntlong ya botlhapelo a bo a lebisa molomo wa thobolo mo molomong wa gagwe. Pele ga a ipolaya, o ne a bona go le botoka go tlhaloseta Modimo seemo sa dilo ka fa di ntseng ka teng. Thapelo e o e feletse e le kopo e e telelele ya selelo go kopa thuso.

Mme Modimo o ne a tshereganya. Harold Hughes o ne a ineela mo go Keresete mme a bona nonofo ya semoya ya go itshoka. O ne a tlogelela ruri go nwa bojalwa, a nna mopati le rre yo o lorato e bile a le boikanngo. O ne a tswelela a ya go bona setilo mo lekgotleng la United States. Harold Hughes o ne a nna le itemogelo ya nonofo e e kgolo ya phetolo mo lefatsheng la rona e bong Jesu.

(5) Jesu o ka ne boloka mo lefatsheng le le tletseng boleo.
Dithuto tse nne tse di latelang di tla go tlhalosetsa gore o ka re boloka jang.

4. RE BOLOKWA KA GO TSAYA DIKGATO TSE THARO TSE DI MOTLHOFO

Kgato ya ntlha: Kopa Keresete go dirana le boleo jo bo mo botshelong ja gago.
Karolo ya rona mo go latlheng botshelo ja rona ja boleo ke eng?

"Mme ke gona ikwatlhaeng lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe." - Dirito 3:19.

Ke eng se se dirang gore motho a ikwatlhae?

"MOLEMO WA MODIMO O GO GOGELA KWA BOIKOTLHANG." - Baroma 2:4.

"Jaanong ke a itumela, e seng ka go bo lo kile lwa futsafadiwa, mme e le ka go bo LO FUTSAFADITSWE LWA BA LWA IKATLHAYA." - 2 Bakorintho 7:9.

Boikotlhao ke go nna maswabi ka botshelo ja rona ja pele ja boleo, re bo re tlogela maleo a rona, re ikhutsa mo mekgweng ya pele. Ga se khutsafalo ka gore re tshaba kotlhao mme ke phetolo mo bo molemong ja Modimo jo bo dirileng gore Jesu a swe mo boemong ja rona a swela maleo a rona. Re gana boleo ka gore bo futsafatsa Modimo.

Fa re nna le itemogelo ya botshelo jo bo sha mo go Keresete, re tshwanetse go leka ka thata go siamisa ditlolo tsa pele (Esikiele 33: 14-16).

Karolo ya Modimo mo go latlheng botshelo ja rona ja boleo ke eng?

Boikotlhao le go itshwarelwa ke mpho ya rona e e tswang kwa Modimong.

"Ene yoo, Modimo o mo goleditse ka seatla sa ona se segolo, gore a nne kgosana, le Mmoloki, gore a nee Iseraela BOIKWATLHAO le BOITSHWARELO JWA DIBE." - Ditiro 5:31.

Fa re ikwatlhaya, Mmoloki yo o lorato o itshwarela maleo a rona, a bo a re ntlafatsa a bo a tsaya maleo a rona a a latlhela mo botennye jwa lewatle.

"FA RE IPOLELA dibe tsa rona, ONE O BOIKANYO le tshiamo YA GO RE ITSHWARELA dibe tsa rona le go RE TLHAPISA mo tshiamololong yotlhe." - 1 Johane 1:9. (Bona gape le Mika 7:18,19).

Ga gona boleo jo bo maswe thata jo e leng gore Mmoloki yo o swetseng maleo a rona mo mokgorong wa Khalefari o ka seke a bo itshwarela. Motho yo o tshephang Jesu o tlhoka fela go ikopa boitshwarelo a a thusetseng mo go ene. Go re swela ga ga Keresete ga go ka ke ga re itshwarela fa e se fela re kopa boitshwarelo. Ke boammaaruri jo bo letsang, gore maleo a rona a thetseng go kokotela dipekere mo diatleng le mo dinaong tsa ga Keresete. Mme Jesu o iketleeleditse gore re amogele mpho ya gagwe ya boitshwarelo le puseletso ya botsalano go feta ka fa re ka akanyang ka teng.

Mongwe mokawana yo o neng a siile mo lwapeng o ne a tlelwa ke lefoko la gore mmaagwe o tloga a swa. Dikgang tse di ne tsa mo utlwisa botlhoko ka ntlha ya botsalano ja bone jo bo senyegileng. O ne a itlhaganelela kwa gae, a fitlha a tsena mo ntlwaneng e mmaagwe a leng mo go yone, mme a itatlhela mo balaong. O ne a lela mme a kopa mmaagwe go mo itshwarela.

Mmaagwe o ne a mo tlamparela mme a mo raya a re; "Morwaaka, ke ka bo ke sa bolo go go itshwarela fa o ne o nkopile."

Fa o tsamaetse kgakala le Modimo kgotsa o ise o mo itse, akanya ka fa Rara yo o lorato yo o kwa legodimong a iketleeleditseng go go amogela ka teng. O batla thata go gaisa sengwe le sengwe gore o amogele taletso ya gagwe ya boitshwarelo. Jesu o a go rata. O go swetse. O nna a eletsa go go itshwarela. Jalo he, araba taletso ya gagwe ya go ikwatlhaya. Ipolele maleo a gago. Go motlhofo; dumela fela gore Modimo o a go itshwarela, o tla go itshwarela. Mo Ikanye! ikanye ditsholofetso tsa gagwe!

Kgato ya bobedi: Amogela botshelo jo bo sha go tswa kwa go Jesu.
Karolo ya gago mo go amogeleng botshelo jo bo sha go tswa kwa go Jesu ke go dumela gore tota o go bolokile. Amogela o sa botse gore o go itshwaretse a bo a go ntlafatsa, gore o ntshitse botshelo ja gago ja boleo mme a go naya botshelo jo bo sha jo bo fetogileng.

"Mme botle ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng ja gagwe." - Johane 1:12.

Jaaka ngwana wa Modimo, o na le tshiamelo ya go amogela botshelo jo bo sha go tswa kwa go Jesu. Jaaka re boletse, ga o kake wa kgona ka bo wena - ke mpho e e tswang kwa go Rraago yo o kwa legodimong. Jesu o re naya tsholofelo e e feletseng gore a ntshe dipelaelo tsotlhe tsa rona.

Karolo ya Modimo mo go re neeng botshelo jo bosha ke eng?

"Jesu a mo fetola a re; Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, Fa motho a sa tsalwe sesha, ga a kake a bona bogosi jwa Modimo." - Johane 3:3.

Go ya ka Jesu, moleofi yo o dumelang a bo a ikwatlhaya o tsalelwa mo botshelong jo bo sha. Ke kgakgamatso e e ka dirwang ke Modimo fela. O solofetsa gore:

"Le gona ke tla lo maya PELE E NTSHA, ke tla tseya MOYA O MOSHA mo teng go lona, ke tla tlosa pelo ya sekalentswe mo nameng ya lona, mme ke la lo naya pelo ya senama." - Esekiele 36:26.

Jesu o fetola dipelo tsa rona - maikutlo le boitshwaro ja rona - a bo a nna mo go rona (Bakolosa 1:27). Botshelo jo bo sha ga se mogopolo fela o o molemo wa semoya, ke boammaruri jo bo sa tshikhinyegeng, tsogo go tswa mo losong lwa semoya go tsena mo tlhwaafalong le botshelo jo bosha mo go feletseng.

Kgato ya boraro: Tshelela Jesu ka malatsi otlhe.
Botshelo jwa Sekeresete bo akaretsa go nna re tsamaela kgakala le boikgagapeledi mme re kopana Jesu yo e leng tsala ya rona. Re gola mo botshelong jo bo sha ka go nonotsha botsalano ja rona le Jesu. Se se raya go nna le nako le ene re aga puisano e e bulegileng. Modimo o re file dikaelo tsa selegodimo di le tlhano tsa go gola semoya: Go ithuta Baebele, thapelo, go tlhatlhanya, go kopana le Bakeresete ba bangwe le go abelana maitemogelo a rona le ba bangwe.

Go tshela mo go Keresete ga go reye gore ga re dire diphoso. Mme fa re kgopiwa re bo re leofa, re kopa boitshwarelo ja ga Keresete, re bo re tswelela. Re lebile mo ntlheng e e rileng, e bile re itse gore Keresete o nna a le boleng jo bo tshedileng mo dipelong tsa rona.

5. BOITUMELO JWA SEBAKA SA BOBEDI

Harold Hughes o ne a neelwa ditlotla di le dintsi a santse a le molaodi mo lekgotleng la United States, mme tlotla e e neng e le botlhokwa thata mo go ene e ne ya tla Morago ga fa a sena go ineela mo go Keresete.

Harold o ne a ithuta Baebele a le nosi mo ntlong ya gagwe ya boikhutso go le maitseboa fa a ntlwa sengwe se mo tshikinya mo letsogong. O ne a tsosa tlhogo go bona gore ke eng. E ne e le barweetsana ba gagwe ba babedi ba apere diaparo tsa borobalo. O ne a ba lebelela ka sebakanyana, ba ne ba fetogile thata, e bile o ne a ba tlhoka thata ka nako ya fa a santse a lwantshana le bojalwa.

Carol, yo o monnye mo go bone a mo raya a re; "Ntate, re tsile go go atla pele ga re ya go robala."

Rre o ne a sekaseka dikeledi. E ne e le nako e telele bana ba satle kwago ene go atliwa. Mme jaanong matlho a bone a mantle a a tlhatswegileng a ne a sena poifo. Rraabone o ne a tsile gae morago ga lobaka.

E le ruri Jesu o neela batho sebaka sa bobedi mo botshelong. O tsaya motho mo seemong se se kwa tlase a bo a mo naya tshimologo e ntsha.

Mmoloki o eletsa gore mongwe le mongwe a tle gae kwa bokhutlong. A o amogetse taletso ya ga Keresete? Go amogela boitshwarelo le ntlafatso ya ga Keresete go motlhofo jaaka go bula diatla tsa gago o atla ngwana wa gago.

Fa o ise o ikanye mo go Keresete jaaka Mmoloki wa gago o ka dira jalo gompieno ka go rapela thapelo ya mofuta o:

"Rara, ke kopa boitshwarelo ka botshelo ja me ja boleo. Ke a go leboga go bo o ne wa romela Morwao mo lefatsheng le go swa mo boemong ja me. Jesu, ke kopa gore o intshwarele maleo a me mme o tsene mo botshelong ja me o mpoloke. Ke batla sebaka sa bobedi sa botshelo - ke batla go tsalwa sesha. Mme thata, ke batla go nna le botsalano ja nako tsotlhe le wena. Ke a go leboga go bo o dirile kgakgamatso e mo go nna. Mo leineng la ga Jesu, Amen:

Tlhotlhomisa selo se se molemo se: Fa re ineela Jesu o a boloka.


KA FA RE AMOGELEANG BOTSHELO JO BO SHA GO
TSWA KWA GO KERESETE KA TENG

1. Re dumela mo go ene re bo re mo amogela jaaka Mmoloki le Morena.

2. Re nna le botsalano le ene. (Go rapela le go bala Baebele thata go botlhokwa).

3. Keresete o dirisa Moya wa Gagwe go ntsha mekgwa ya rona e e sa siamang a bo a re fa mekgwa e e mentle.


 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy