MOTSHELAKGABO GO YA KWA BOTSHELONG JO BO KGOTSOFATSANG

Ba fitlhetse marapo a gagwe fa thoko ga mogotswana mo setlhakatlhakeng se se nosi fa gare ga lewatle la Atlantic. Rre yo o yo o sa itseweng o ne a na le lokwalo lo lo botana lo lo kwadileng ka ga botshelo jwa gagwe mo dikweding tse nne tsa bofelo. O ne a tlogetswe mo Ascension Island ke sekepe sa ma Dutch ka 1725 a otlhaelwa molato mongwe. O ne a felela a nwa madi a dikhudubane go itimola lenyora. Go boga ga ga rre yo go ne go tseneletse, mme botlhoko jo bogolo bo mo lokwalong lo la gagwe - go ipona molato ga gagwe.

O ne a kwala mafoko a a botlhoko jaaka "batho ba ba swang ba utlwa botlhoko go le kae ba ba tlogelang ditsela tsa tshiamo ba itumelela go oketsa dipalo tsa ba ba latlhegileng." Tatlhegelo ya ga rre yo mo setlhaketlhakeng seo e bakilwe ke go kgaogana le Modimo ga gagwe. Ke sone se se neng se mo ketefalela kwa bofelong.

Batho ba ntse ba lwa le maikutlo a bonosi ja pelo go tswa ka nako ya fa Adamo le Efa "ba iphitlha mo ditlhareng tsa tshimo ba iphitlhela go bonala ga Jehofa Modimo" morago ga go ja setlhare sa kitso ya molemo le bosula (Genesise 3:8). Maikutlo a a sa tlwaelesegang a ditlhong, go ipona molato le poifo a ne a dira gore ba sie fa Modimo a tla a bitsa. Ka go tlhoka lesego, gompieno maikutlo ao a tlwaelesegile mo go rona.

Ke eng se se dirang gore go nne le kgaogano fa gare ga rona le Modimo?

"Mme maikepo a lona a lomologantse fa gare ga lona le Modimo wa lona, le maleo a lona a lo shubetse sefatlhogo sa Ona, gore A gane go utlwa." - Isaia 59:2.

Phatlha e kgolo e e kgaoganyang baleofi le Modimo ga se tiro ya One. Modimo ga a tshaba Adamo le Efa, ke bone ba mo tshabileng.

1. GO KGOTSOFATSA TLALA YA RONA E E IPHITLHILENG

Pele ga boleo bo senya dilo, Adamo le Efa ba ne ba akola botsalano le Motlhodi wa bone mo legaeng la tshimo e ntle mo Edena. Ka bomadimabe ba ne ba reetsa maaka a ga Saatane ka go nna botlhale jaaka Modimo mme ba roba kgole ya tshepho le Motlhodi wa bone (Genesise 3).

Fa ba sena go kobiwa mo tshimong ya Edena, Adamo le Efa ba ne ba fitlhela botshelo kwa ntle bo le bokete thata. Go tshola bana le go lema mmu jaanong go ne go tla ka tshololo ya madi, sethitho le dikeledi. Ka ba ne ba kgaogane le Modimo, ba iphitlhela ba nna le dikeletso tse di sa kgotsofaleng le dikeletso kana ditlhoko tse di botlhoko - bodutu jwa boleo.

Go tloga ka tiro ya ntlha ya go tlhoka kutlo ga ga Adamo le Efa, "botlhe" ba wetse mo tseleng e e tshwanang ya boleo mme ba lebaganywe ke loso - kotlhao fela ya boleo.

"Ke gona jaaka boleo bo tsene mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo; mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe, ka botlhe ba leofile." - Baroma 5:12.

Rotlhe re nna le itemogelo ya tlala e kgolo mo pelong ka se se re latlhegetseng, keletso ya tshireletso e re ka e fiwang fela ke Modimo. Ga ntsi re leka go kgotsofatsa tlala eo ka go senya madi re reka dilo, kana re lwela go tsholediwa maemo kwa tirong kana re leka go itimetsa ka bojalwa, ditagi kana boaka le bogokahadi.

Mme dikeletso tsa rona ke dikai tsa go tlhologelela Modimo. Mme ga gona molemo ope fa e se go itemogela lorato lwa Gagwe mo matshelong a rona.

"O tla ntshupetsa tsela ya botshelo, fa pele ga gago go na le letlotlo la boitumelo; mo seatleng sa gago se segolo go na le tse di jesang monate ka bosakhutleng." - Dipesalema16:11.

Go kgotsofala ga boammaaruri go tla a tla fela fa phatlha e e fa gare ga rona le Modimo e tseregantswe e bile re kgona go kgabaganyetsa mo boleyong ja Gagwe.

2. GO TSEREGANYA MOLETE WA BOLEO LE LOSO

Ga se batho fela ba ba bolaisiwang bodutu ke boleo. Pelo ya Modimo le yone ene ya opa tsatsi le Adamo le Efa ba mo tlhanogetseng, e bile o santse a futsafadiwa ke dilelo le mathata a setho. Modimo o iketleleditse go kgotsofatsa ditlhoko tsa rona tse di fitlhegileng le go fodisa dintho tsa maikutlo a rona. O ne a sa kgotsofadiwe ke go nna fela a lebelela ka bopelotlhomogi kwa moseja ga molete o o re kgaoganyang le Ene. Modimo o ne a tsaya tshwetso ya go nna motshelakgabo wa molete wa boleo le loso.

"Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo kalo, wa ntsha Morwa ona yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go Ene, a seka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo ga wa ka wa roma Morwa One mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka Ene." - Johane 3:16, 17.

Modimo o ntshitse Morwa One, mme Jesu a ntsha botshelo ja gagwe go nna setlhabelo sa boleo, a duela kotlhao ya loso ka bo Ene. Botshelo ja Gagwe, loso le tsogo di dirile gore go kgonege go itshwarela le go boloka baleofi kwa ntle ga go dira boleo selo se se tlwaelesegileng, mme ga neela lobopo tshupo ya popego ya nnete ya ga Keresete le ya ga Saatane. Motshelakgabo wa mmele o o utlwileng botlhoko o tshologa madi wa ga Keresete o ntsha batho mo moleteng wa boleo. Lorato lo khurumetsa molete o, le fa ba ba bayang tumelo ya bone mo go Keresete e le Morena le Mmoloki go tsena mo botshelong jo bo sa khutleng.

3. DINTLHA TSA BOTLHOKWA TSE SUPA TSE O TSHWANETSENG GO DI ITSE KA GA JESU

Dintlha tse supa tse ka ga Jesu, ga di kake tsa nna boammaaruri fa go buiwa ka motho ope o sele.

(1) Jesu o tsile mo Lefatshing a tswa kwa Legodimong
Jesu o buile gore o nnile teng sebaka se se kae?

"Jesu a ba raya a re; Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, Pele Aberahame a ise a nne, nna ka bo ke nntse ke le yo." - Johane 8:58.

Jesu O ne A itsese lefatshe: "Ke leyo! Ke sa le ke nna teng, mme ke nnetse ruri." Le fa Jesu a tsetswe ke motsadi wa motho wa selefatshe (Mathaio 1:22, 23), ke Modimo - Modimo mo nameng ya setho.

Dwight L. Moody o ne a bua jaana ka go nna motho ga ga Jesu; "E ne e tla a bo e le setlhabelo se segolo mo go Jesu gore e tle a robale mo bolaong ja selefera, a tlhokomelwa ke moengele, e bile a jesiwa ka leswana la gouda. Mme Montlodi wa legodimo le lefatshe O ne A tla a tsaya nama ya setho, mme a tsalelwa mo bojelong ja dipitse ke batsadi ba ba humanegileng mo tikologong e e seng ntle."

Ka nako ya botsalo ja ga Jesu, moengele o ne a raya Josefa a re; "Mme o tla bona ngwana wa mosimane, mme o tla mo raya leina o re Jesu gonne KE ENE YO O TLA GOLOLANG BATHO BA GAGWE MO DIBENG TSA BONE." - Mathaio 1:21.

Jesu, Motlhodi wa lobopo (Johane 1:1-3, 14) O ne A itletla go tla mo lefatsheng la rona go re golola mo boleong le loso.

(2) Jeso o tshidile botshelo jo bo senang boleo
"Mme ke gona e re ka re na le moperesiti yo o mogolo bogolo, yo o raletseng magodimo e bong Jesu Morwa Modimo, a re tshegetseng boipolelo jwa rona ka thata .... mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a sena boleo." - Bahebera 4:14, 15.

Modimo o dirile go feta go leka go re ntsha mo botshelong ja boleo mme a re tsenya mo go jo bo kgotsofatsang. Ka go tshela mo lefatsheng e le motho, Jesu o ne a golola botshelo mo boleong go gaisa ka fa thero epe e neng e ka dira.

Saatane, mmaba wa ga Kereesete, o ne a dira maano a go gogela Jesu mo boleong fa a le mo lefatsheng. Fa Jesu a le mo nageng, Saatane o ne a mo tlhasela ka Maano a gagwe (Mathaio 4:1-11). Mo Gethesemane pele ga papolo ya Gagwe, mogote wa diteko o ne wa oketsega mo Keresete A neng A rothisa mofufutso wa madi (Luke 22:44).

Mme Keresete o ne a itsetsepela kgatlhanong le sengwe le sengwe se Diabolo a neng a se mo neela - "jalo a sena boleo." Ka gore Jesu o na le itemogelo ya mathata le diteko le ditlhaelo tsotlhe tsa setho, o tlhaloganya mathata a rona. O kgona go "ntlwana le rona makoa a rona" (Bahebera 4:15).

Ke eng go ne go le botlhokwa gore Keresete a tshele botshelo jo bo senang boleo?

Modimo o dirile Jesu, "Ene Yo o neng a sa itse boleo bope, O mo dirile go nna boleo mo boemong ja rona; gore rona re nne tshiamo ya Modimo mo go Ene." - 2 Bakorintha 5:21.

Jesu o ne a fenya thaelo mme a tshela botshelo jo bo senang boleo gore a bo fetisetse kwa go rona gore re latlhe botshelo ja rona jwa boleo.

(3) Jesu o swetse go ntsha sebe
Ke batho la le kae ba ba leofileng? "Go nne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo." - Baroma 3:23.

Tuelo ya boleo ke eng?

"Go nne maduo a boleo ke loso, mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng mo go Keresete Jesu Morena wa rona." - Baroma 6:23.

Ke eng fa Jesu a sule?

"Bonang, Kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo ja lefatshe!" (Johane 1:29).

Rotlhe re leofile, re tshwanetswe ke loso lwa ka bosakhutleng, mme Jesu o sule mo boemong ja rona. O nnile boleo mo boemong ja rona. O re dueletse tuelo ya loso. Mpho ya gagwe ya fa a swa le "MPHO fela ya Modimo ke BOTSHELO JO BO SA KHUTLENG mo go Keresete Jesu Morena wa rona" (Baroma 6:23).

Jesu o ne a fa botshelo ja Gagwe jo bo thokgameng e bile bo le tshiamo e le mpho ya lorato mo go rona. Lorato lo lo ntseng jalo lo batlile go feta tlhaloganyo ya setho. Mme ka loso la Gagwe re na "le kagiso mo Modimong" (Baroma 5:1).

(4) Jesu o tsogile mo baswing
Loso lwa ga Jesu mo mokgorong e ne e se bokhutlo ja polelo ya Gagwe. O ne a sa kake A nna A sule A bo A nna Mmoloki wa rona.

"Mme fa Keresete a sa tsosiwa, tumelo ya lona ke lefela, lo sa ntse lo le mo dibeng tsa lona. Jalo le ba ba robaletseng mo go Keresete ba nyeletse." - 1 Bakorintha 15:17, 18.

Mohammed le Buddha ba supile maammaaruri a magolo mo lefatsheng. Ba sosoeditse matshe Lo a didikadike tsa batho, mme ga bana dinonofo dipe tsa go fa botshelo ka gore ba nntse ba mo mabitleng a bone.

Ka gore Jesu o ne a tsoga mo phuphung malatsi a mararo morago ga loso lwa Gagwe O re neela tsholofetso efe?

"E re ka ke tshedile, le lona lo tla tshel." - Johane 14:19.

Jesu O tshedile! Ka A na le nonofo ya go fenya loso, O ka re golola mo losong A bo A re naya botshelo jo bo molemo ka bosa khutleng. O tla tshela mo dipelong tsa rona fa re Mo laletsa. Keresete yo o tsogileneg o teng go tlhokomela ditlhoko tsa rona gompieno.

"Mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, le go ya bokhutlong ja metlha." - Johane 28:20.

Banna le basadi mo lefatsheng ka bophara ba abelana dipolelo ka fa Keresete a ba thusitseng go tlogela dikeletso tsa go ikgagapelela sengwe le ka fa a fodisitseng dipelo tsa bone ka teng.

Mongwe wa baithuti ba rona ba pele o ne a kwala mafoko a a tebogo mo go nngwe ya dipampiri tsa dikarabo: "Ke ne ke le letagwa. Tsatsi lengwe fa ke tagilwe, ke ne ka bona pampitshana e kwailwe ka ga dithuto tsa lona tsa Baebele. Ke ne ka e sela ka bo ke e tlatsa, mme ka amogela kitso ya ntlha ya boammaaruri ka ga Keresete. Moragonyana ke sena go ithuta dithuto tse, ke ne ka neela pelo ya me mo Modimong mme ka latlhegelwa ke keletso ya bojalwa."

Fa Jesu a simolola go dirisa monna yo, nonofo e ntsha e ne ya mo naya bokgoni ja go kgaogana le dikeletso tsa gagwe. Ka gore Keresete ke Mmoloki yo o tsogileng, o kgona go boloka botlhe ba ba tla batlang thuso mo go ene.

(5) Jesu o tlhatlogetse kwa Legodimong
Pele ga Jesu A boele kwa go Rraagwe morago ga tsogo ya Gagwe (Ditiro 1:9), O ne a neela barutwa ba Gagwe tsholofetso e:

"A dipelo tsa lona di se fuduege, lo dumela mo Modimong, dumelang le mo go Nna. Mo tlung ya ga Rre go na le manno a le mantsi, fa go no go sa nna jalo, keka bo ke lo boleletse, gonne ke a go lo baakanyetsa bonne. Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tla tla gape, mme ke tla go lo itsholela, gore kwa ke gona le lona lo nne gona." - Johane 14:1-3.

(6) Jesu o tlhokomela jaaka moperesiti wa selegodimo
Jesu o tsweletse ka go leka gore baakanyetsa lefelo kana manno kwa legodimong.

"Ke gona, go no go mo tshwanetse go dirwa jaaka bomannawe mo dilong tsotlhe, gore A nne MOPERESITI YO MOGOLO, yo o boutlwelo botlhoko le boikanyo mo dilong tse e leng tsa Modimo, go direla dibe tsa batho tetlanyo. Gonne e reka Ene ka Esi a bogisegile ka a raelwa, O nonofile go thusa ba ba raelwang." - Bahebera 2:17, 18.

Jesu o tlile mo lefatsheng la rona "go direla dibe tsa batho tetlanyo" le go re golola mo bokgobeng ja boleo. O ne a swela go re boloka gore a tle a kgone go ntsha boleo, go boga, le loso ka go senya Saatane.

Jesu jaaka Moperesiti wa rona yo Mogolo o ne a dirwa jaaka bomannawe mo dilong tsotlhe. Mme jaanong a nna a le fa tlase ga ga Rara mo boemong ja rona a re rapelela. Ene Jesu yo o segofaditseng bana, a fetola mosadi yo o neng a tshwarwa a dira boaka, a bo a itshwarela legodu le le swang mo mokgorong, O bereka kwa legodimong go tlhokomela ditlhoko tsa rona, "go thusa ba ba raelwang."

(7) Jesu o tla boa
Pele ga a boela kwa legodimong, Jesu O dirile tsholofetso efe?

"Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tla tla gape, mme ke tla lo itsholela, gore kwa ke gona le lona lo nne gona." - Johane 14:3.

Fa Jesu a boa o tla re golola mo boleong, bolwetse, dikotsi, le loso le le iteileng lefatshel le. Mme o tla re amogela mo lefatsheng le lesha la boitumelo jo bo sakhutleng le botshelo ja bosasweng.

4. LORATO LO LO SA FELENG

Go bolelwa polelo ka lenyalo le le rulagantsweng kwa Taiwan fa gare ga ga U Long le kgarejwana e e bidiwang 'Golden Flower' (Sethunya sa Gouda). Fa U Long a tsholetsa lesire la monyadwi wa gagwe morago ga tirelo, o ne a tshoga a bo a tenega. Sefatlhogo sa gagwe se ne se tletse dipadi tsa mmokwana.

Morago ga moo, U Long o ne a itlhokomolosa mosadi wa gagwe. Mosadi o ne a leka bojotlhe jwa gagwe go mo itumedisa, o ne a bereka thata mo lapeng, a ipolelela gore monna wa gagwe o tla felela a mo amogela, Mme monna o ne a nna a sa fetole maikutlo a gagwe ka ga mosadi wa gagwe.

Dingwaga di le lesome le bobedi morago ga nyalo e e sa itumediseng e, U Long a simolola go latlhegelwa ke pono mo matlhong otlhe. Ngaka e ne ya mmolelela gore fa a sa dirwe loaro lwa go ntsha thaka ya leitlho go tsenngwa e sele, o tla foufala. Loaro lo le ne le tura mme gape go na le batho ba le bantsi ba ba le emetseng.

Golden Flower o ne a simolola go bereka nako e e telele maitseboa a dira dihutshe tsa lothaka gore ba bone madi a mangwe. Letsatsi lengwe U Long a bolelelwa gore go na le thaka ya leitlho la mongwe e ba kgonneng go e ntsha morago ga kotsi ya koloi. O ne a ragogela kwa kokelong gore a dirwe loaro leo.

Fa a sena go fola, a tsaya tshwetso ya go bona mosadi wa gagwe gore a tle a kgone go mo lebogela go phutha madi. Fa a tsosa tlhogo ya mosadi wa gagwe gore ba lebagane, U Long a gakgamala ka letshogo. Mosadi wa gagwe o ne a mo leba ka matlho aa sa boneng, a sena dithaka tsa matlho. U Long o ne fegelwa, e wela fa dinaong tsa mosadi wa gagwe a lela. Mme e le lantlha, a seba leina la masadi wa gagwe: Golden Flower.

Jesu o batla botsalano le batho ba ba ntseng ba mo itlhokomolositse. O batla gore re sebe leina la gagwe jaaka Mmoloki wa rona. O ne a eletsa go ntsha setlhabelo mmele otlhe wa gagwe gore a kgone go supa lorato lwa Gagwe lo lo sa feleng - Lorato la gagwe le nonofile mo Keresete"o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi" (1 Timotheo 1:15).

Setlhabelo se segolo sa ga Keresete se dirile motshelakgabo o o apesang go itlhokomolosa Morena ga rona o bo o khurumetsa bonosi jwa rona. A ka bo wena o lemogile gore o batla gore o kgabaganye mme o tsene mo diatleng tsa Gagwe? A o tla araba o bo o rapela o re: "Jesu, ke a go rata. Ke a leboga ka setlhabelo sa Gago. Tsena mo pelong ya me mme O mpoloke jaanong - mpoloka gotlhe ka mo go feletseng, ka bosakhutleng?"


JESU
TSILE
a le Modimo mo nameng ya setho
TSHIDILE botshelo jo bo senang boleo mo boemong jwa rona
SWETSE maleo a rona
TSOGETSE go re golola mo losong.
TLHATLOGETSE go re baakanyetsa legae kwa legodimong
TLHOKOMELA ditlhoko tsa rona malatsi otlhe jaaka Moperesiti wa rona yo mogolo.
TLA KA BONAKO go re tsaya go nna le Ene ka bosaeng kae.


 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy