LEANO LA BOTSHELO JWA GAGO

Morago ga moreri a bua ka thuto e e reng "Ke eng ka go reng ke dumela mo go Jesu," lekawana lengwe le le apereng sentle le ne la mo etela mo ntlong e a ithutelang mo go yone mme la mo raya la re "Thuto ya gago gompieno e ne e kgatlhisa, mme sengwe le sengwe se o se buileng ka Keresete se ne se tswa mo Baebeleng ya gago. A ko o mpolelele; fa e le gore Jesu o kile o tshela mo lefatshing le, ke eng fa ditso di sa bue ka ga ene?"

"Potso ya gago e a utlwala," ga araba moruti a folosa dibuka di le mmalwa. "Mme kana ditso fa re ka ela tlhoko, di re bolelela ka ga Keresete."

"Ke ka rata go iponela seo" ga araba lekawana le.

Moruti a mo raya a re; "Fa re bona lekwalo la bo masome a robabongwe le bosupa la lokwalo kana buka ya bolesome ya Letters of Pliny the younger, kgosana ya Moroma kwa Bithynia, kgaolo ya Asia Minor wa bogologolo. Pliny o ne a kwalela mmusi wa Roma, Trajan a mmolelela ka se se diragalang mo kgaolong ya gagwe. Bona, fa o kopa thuso ka tsela e a tshwanetseng go tshwara setlhopha se sesha sa Bakeresete. O bua ka go gola ka bonako ga bone le ka fa ba neng ba opela dipina tse di kwaletsweng moeteledi pele wa bone - Keresete.

Pliny o rometse lokwalo la gagwe la AD110. Lokwalo lo la ga Pliny le fa bosupi ja ditso ka monna yo Keresete, le ka go gasama ga tumelo ya gagwe ka malatsi a barutwa ba Gagwe."

"Mpolelela mo gonwe gape!" ga bua lekawana le ka kgakgamalo.

Moruti o ne a bula lokwalo le lengwe mme a tswelela ka gore; "Rra - ditso yo mongwe yo o tshwanang Pliny ke Tacitus. Mo go nngwe ya Mekwalo ya gagwe Annals (Book 15, Chapter 44) o bua ka ga Nero le ka fa a neng a ila a bo a bogisa Bakeresete ka nako ya go sha ga Roma. Tacitus o tlhalosa gore lefoko 'Mokeresete' le tswa mo leineng 'Keresete.' O bua gape gore Jesu Keresete, mosimolodi wa tumelo ya Sekeresete O ne A bolawa ke Pilatwe, moatlhodi wa Judea ka nako ya puso ya ga Tiberius. Dilo tsotlhe tse Tacitus a buang ka tsone di tshwana le ditiragalo, maina le mafelo a a filweng mo Baebeleng."

"Moruti, ke ntse ke sa itse gore dilo tsa go nna jaana di teng mo ditsong tsa selefatshe," ga akgela moeng.

Moruti o ne a tswelela ka gore; "Ke batla gore o lemoge gore ka AD180, Celsus o ne a kwala lokwalo a tlhasela Bakeresete, a supa gore ka nako e o Sekeresete e ne e setse e le nonofo e go tshwanetseng ga itebaganngwa le yone. Fa o sa ntse o na le pelaelo, gakologelwa gore dikwalo tsa ntlha tse nne tsa kgolagano e ntsha ke dikwalo tsa ditso fela jaaka tsa selefatshe."

Fa lekawana le le lemoga gore ditso tsa Baebele le tsa selefatshe di dumelana gore e le ruri Jesu o tshidile mo lefatsheng e le motho, o ne a tsamaya a na le bosupi jwa gore Jesu Keresete ke motho wa botlhokwa mo ditsong.

1. KERESETE O NNILE TENG GO TSWA KWA BOSAKHITLENG

Jesu e ne e se motho yo o siameng fela, e ne e le Modimo. Jesu o ne a bua eng ka bomodimo jwa Gagwe?

"Fa lo no lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le Ena Rre, mme go tloga fano lo a Mo itse, mme lo Mmonye. Filipo a mo raya a re Morena, re bontshe Rara, mme go tla bo go re lekanye. Jesu a mo raya a re, A ke gore ke ntse le lona lobaka lo lo kana kana, mme a ga o ise o Nkitse Filipo? Yo o mponyeng o bone Rara, o bua jang o re, Re bontshe Rara?" - Johane 14:7-9.

Fa o eletsa go itse karabo ya dipotso tse; "Modimo ke mang? O ntse jang?" lebelela se Jesu a se buileng;

"Nna le Rara re mongwe fela." - Johane 10:30.

Modimo Rara le Jesu Morwa ba nnile teng botlhe go tswa kwa bosakhutleng (Bahebera 1:8). Ga gona nako epe e Keresete a kileng a nna a sena Rara. Rara o abelana lorato le tlhokomelo mo mongwe le mongweng tse Jesu a di supileng mo botshelong ja Gagwe mo lefatsheng.

2. KERESETE - PELO YA DITSO LE POROFESO

Jaaka fa polelo ya botshelo ja ga Keresete e le tiragatso ya porofeso, e kwadilwe pele ga a tsholwa. Diperofeso tsa Kgolagano e kgologolo di fa tshupo e e bonalang ka botshelo ja ga Keresete, loso lwa Gagwe le tsogo ya Gagwe. Kgolagano e ntsha ke polelo ya botshelo ja Gagwe e diragadiwa. Le fa ba tshedile dingwaga di le makgolo a matlhano go ya kwa go tse di makgolo a lesome le botlhano pele ga botsalo jwa ga Keresete, baperofeti ba Kgolagano e kgologolo ba dirile di perofeso di le dintsi tse di tlhamaletseng ka botshelo ja ga Mesia. Batho ba ne ba dira tshwetso efe ka Keresete fa a simolola tiro ya go rera mo lefatsheng?

"Re bone Ene yo Moshe o kwadileng ka ga Gagwe mo molaong, le bone baperofeti, e bong Jesu wa Nasaretha, morwa Josefe." - Johane 1:45.

Mmoloki wa rona o ne a dirisa di perofeso tse di diragaditsweng go supa gore ke mang.

"Mme a ba raya a re, A batho ba ba senang tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tsotlhe tse baperofeti ba di buileng! A ga e ne e le tshwanelo gore Keresete a boge dilo tse, le go tsena mo kgalalelong ya Gagwe? Mme A simolola ka Moshe, le ka baperofeti botlhe, A ba phuthololela mo dikwalong tsotlhe, dilo tse di kwadilweng ka ga Gagwe." - Luke 24:25-27.

Perofeso e e diragaditsweng e fa bosupi jo bo nonofileng gore Jesu ke Mesia Yo re mo solofeditsweng.

3. BOTSHELO JA GA KERESETE - TIRAGATSO YA PEROFESO

A re lebeleleng diperofeso dingwe mo kgolaganong e kgologolo le tiragatso ya tsone mo Kgolaganong e Ntsha.

LEFELO LA MATSALO A GAGWE
Perofeso ya Kgolagano e Kgologolo: "Mme wena BETHELEHEMA Eferatha, yo o leng mmotlana mo go Makgolokgolo a Juda, mo go wena go tla ntswela mongwe yo o tla nnang molaodi mo Iseraela; yo matso a gagwe a sa leng a nna bogologolo, ebong ka go senang tshimologo." - Mika 5:2.
Tiragatso ya Kgolagono e Ntsha: "Mme jaana Jesu a tsalelwa mo BETHELEHEMA wa Judea." - Mathaio 2:1.

GO TSALWA KE KGAREBANE
Perofeso ya kgolagano e Kgologolo: "Bonang, kgarebane e tla ithwala, e tla belega ngwana wa mosimane, mme e tla mo raya leina e re Imanuele." - Isaia 7:14.
Tiagatso ya Kgolagano e Ntsha: "Mme ya re a akanya dilo tseo, bonang moengele wa Morena a bonala kwa go ena ka toro a ya Josefa morwa Dafide, se boife go tsaya Marie mosadi wa gago: gonne GO ITHWALA GA GAGWE KE GA MOYA O O BOITSHEPO. Mme o tla bona ngwana wa mosimane, mme o tla mo raya leina o re Jesu: gonne ke ene a tla gololang batho ba Gagwe mo dibeng tsa bone." - Mathaio 1: 20, 21.

DITSO TSA GAGWE GO TSWA MO MORAFENG WA GA JUDA
Perefeso ya Kgolagano e Kgologolo: "Thobane ya bogosi ga e ketla e tloga mo Juda .... go bo go tle go tsamae Shilo a tle pele." - Genesise 49:10.
Tiragatso ya Kgolagano e Ntsha: "Gonne go a bonala Morena wa rona o dule mo go Juda." - Bahebera 7:14.

GO GANWA GA GAGWE
Perofeso ya Kgolagano e Kgologolo: "O ne a nyadiwa a bo a GANWA ke batho." - Isaia 53:3.
Tiragatso ya Kgolagano e Ntsha: "O ne a tla mo ga gabo, mme ba e neng e le BA GA GABO BA SEKA BA MO TSHOLA." - Johane 1:11.

GO ITATOLWA GA GAGWE LE MADI A A FILWENG YO O MO REKISITSENG
Perofeso ya Kgolagano e Kgologolo: "Ee, TSALA YA ME E KE TLWAELANYENG NA YO, e ke ne ke e ikantse, e e neng e ja dijo tsame, e bile e ntsholeleditse seretlhe." - Dipesalema 41:9.
"Mme ka ba raya ka re, Fa go le molemo mo go lona lo nnee tuelo yame, mme fa go sa nna jalo, lo ka lesa. Mme ba lekanya DIPAPETLANA TSA SELEFERA DILE MASOME A MARARO e le yone tuelo yame." - Sekaria 11:12.
Tiragatso ya Kgolagano e Ntsha: "HONG MONGWE WA BA BA SOME LE BOBEDI, yo o bidiwang Judase Isekariota, a ya ditlhogong tsa baperesiti, A re lo tla nnaya eng ke tle ke lo mo neele? Mme ba mo lekanyetsa DIPAPETLANA TSA SELEFERA DI LE MASOME MARARO." - Mathaio 26:14, 15.

LOSO LWA GAGWE MO MOKGORONG
Perofeso ya Kgolagano e Kgologolo: "Ba TLHABILE DIATLA TSA ME, le dinao tsame." - Dipesalema 22:16.
Tiragatso ya Kgolagano e Ntsha: "Mme e rile ba sena go fitlha felong fa go bidiwang Logata, BA MMAPOLELA gona." - Luke 23:33 (bona le Johane 20:25).

GO FALOLA GA GAGWE MO PHUPHUNG
Perofeso ya Kgolagano Kgologolo: "Ka gonne GA O KETLA O TLOGELELA BOBIPO MOYA WAME; le gone ga o ketla o lesa Moitshephi wa gago a bona go bola." - Dipesalema 16:10.
Tiragatso ya Kgolagano e Ntsha: "Ena o rile ka seo se a se bonela pele, a bua kaga go tsoga ga ga Keresete a re: GA A TLOGELELWA MO BOBIPONG, le nama ya gagwe ga e a bona go bola. Jesu yo, Modimo o mo tsositse, mme rotlhe re basupi ba gona." - Ditiro 2:31, 32.

Bosupi bo nonofile gore Jesu ga a nna teng go re a tsamaelane le perofeso nngwe. Botshelo ja gagwe go kwadilwe ka jone pele ga a nna teng ke dithata tsa selegodimo. Ka boammaaruri, Jesu ke Morwa Modimo.

Morago ga go bona bosupi jo, re tshwanetse ra dira tshwetso ka thapelo gore ke mang yo o tla nnang Morena wa matshelo a rona. Fa o ise o dire jalo, a o tla ba ya botshelo ja gago mo diatleng tsa ga Jesu?

4. BOTSHELO JO BO RULAGANTSWENG KE MODIMO

Jesu o ne a tshela botshelo jo bo rulagantsweng ke Modimo, botshelo jo bo sa leng bo thaiwa makgolo-kgolo a dingwaga pele ga botsalo jwa gagwe. Ka ntlha ya se, O ne A nna a le masisi ka kaelo ya Modimo. Keresete O rile:

"Mme le gona lo tla itse fa ke sa dire sepe ka nosi, mme ke bua dilo tse fela jaaka Rara a nthutile .... gonne ke dira ka metlha yotlhe dilo tse di mo kgatlhang." - Johane 8:28, 29.

Modimo a rulagantse botshelo ja ga Jesu ja setho pele ga botsalo ja gagwe, mme gape Modimo o na le leano la botshelo ja mongwe le mongwe. O itse gore mongwe le mongwe wa rona o ka kgotsofatsa jang dikeletso tsa gagwe gore a nne le botshelo jo bo itumedisang.

Ray le ene o ne a sa tlhomamise gore o batla go ineela mo leanong la Modimo. Mme e rile a lebaganywe ke go tsaya tshwetso ya gore o ya go tsweledisetsa dithuto tsa gagwe kae, a ikanya go batla thuso le kaelo ya selegodimo. O ne a rapela malatsi a le mantsi a bo a leka go reetsa gore karabo ke eng. Morago ga sebaka a bona mabaka a le mantsi a go tlhopha sekolo sa bobedi se se neng se le se tona mme o kare ga se a siamela botshelo ja batho, e bile se sa lope made a mantsi. Morago ga go simolola dithuto a kopana le Bakeresete ba ba neng ba le maloko a Campus Crusade for Christ (setlhopha sa bana ba sekolo ba ba direlang Keresete).Itemogelo ya gagwe le bone mo dingwageng tse pedi tse di latelang e ne ya fetola botshelo ja gagwe.

Gompieno fa Ray a leba kwa morago, o bua jaana: "Nako le nako fa ke ne ke batla go tsaya tshwetso nngwe ya botlhokwa ke bo ke kopa kaelo kwa Modimong, Modimo o ne a bula karolo e ntsha ya botshelo ja me."

O ka itse jang leano la Modimo la botshelo jwa gago? Modimo o kaela ka ditsela di le dintsi:

(1) BAEBELE
Go ya ka Mopesalema, lokwalo la kaelo ya botshelo ke eng?
"Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela yame." - Dipesalema 119:105.
Lefoko la Modimo le shafatsa ditlhaloganyo tsa rona le bo le re fa tebelopele (Baroma 12:2, Dipesalema 119:99). Go ithuta Baebele ka thapelo nako le nako le yone tsela ya go tlhamalatsa dilo tsa botlhokwa mo matshelong a rona.

(2) DITLAMELO TSA DIPAKO
Modimo o kaela gape ka ditlamelo tsa selegodimo Dipesalema 23 e mo kaya e le Modisa yo o Molemo. Modisa o etelela dinku tsa gagwe mo mafulong a matalana le mo dikgageng. O kgona go thusa ba ba kwa tlase ga gagwe go ithuta sengwe mo tiragalong nngwe le nngwe. Re na le Modisa yo o nnang fa go rona ka nako tsotlhe.

(3) GO BUA LE PELO GA MODIMO
Modimo o kaela gape ka go bua le segakolodi sa rona. Moya o kgona go bula matlho a dipelo tsa rona (Baefesia 1:18). Fa re nna re ithutuntsha go bua le Modimo go nna motlhofo gore a kgone go re kaela. O bopa dikakanyo tsa rona le tlhaloganyo ya rona gore re kgone go bona ka botlalo tsela e re tshwanetseng go e tsaya.

5. DIKAELO DI TSHWANETSE GO NYALANA

Go a kgonega go akanya gore o tshela botshelo jo bo rulagantsweng ke Modimo mme o sala morago dikakanyo le dithato tsa gago, (Diane 16:25). Maikutlo a rona a tshwanetse go nyalana le dithuto tsa Baebele. Ga go a siama go ipolelela gore Modimo o a re goga fa e se fela dikaelo tsotlhe ka boraro di nyalana.

A re lebeleleng sekai sa ga Jake. O ne a na le mosadi yo o lorato le bana ba le babedi mme o ne a dirisana le mosadi yo mongwe gape ko thoko. O ne a raya ditsala tsa gagwe a re. "Ke rapetse ka selo se, mme ke bona gore ke thato ya Modimo."

'Maikutlo le dikakanyo tsa ga Jake di ne tsa mo isa mo tseleng e e seng yone. O ne a akanya gore go ne go tlhokega kana go le molemo go bo a kopanye le mosadi yo mongwe mme a seka a ema go lebelela ditaelo tsa Baebele ka ga boaka. Mme Baebele, e e leng 'molao le tshupelo' ke yone lokwalo lwa kaelo le legolo, ke yone moatlhodi wa go bonatsha tsela e e siameng (Isaia 8:20). Ga re a tshwanela go letlelela maikutlo a pe kgotsa ditlamelo tsa dipako go re gogela kgakala le dithuto tsa Baebele.

6. GO INEELA MO LEANONG LA MODIMO

Fa Saatane a ne a ile go leka Jesu mo nageng o ne a mo raya o re; "Fa o ka seka wa dira dilo tsotlhe le go intsha setlhabelo mo Rara a go go rulaganyeditseng, ke tla baya lefatshe mo seatleng sa gago - le khumo, kgalaletso le botshelo jo bo molemo." Saatane o ne a bua le se Baebele e se buang a leka go tsietsa Jesu. Mme nako le nako Jesu o ne a mo koba ka go mo raya a re "Go kwadilwe" (Mathaio 4:1-11).

Thuto e re kae ithutang ka botshelo ja ga Jesu ke go ineela mo thatong ya ga Rraagwe. Le a le mo botlhokong ja Gethesamane o ne a lela a re: "Rara we, fa go ka nna jalo, a senwelo se, se mphete: le fa go nntse jalo, e seng fa ga go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga Gago," (Mathaio 26:39). Dingwaga tse tharo morago ga tiro ya Gagwe, botshelo ja Gagwe bo nyalana le leano la Modimo, mafoko a ga Keresete a swa o ne a re: "Go weditswe," (Johane 19:30). Se Jesu a neng a se bua ke gore: "Jaanong botshelo jwa me jo bo rulagantsweng ke Modimo bodiragaditswe."

Jaaka o tla a bo a utlwa lentswe la Modimo le bua ka Lefoko la Gagwe, ditlamelo tsa dipako le maikutlo a a senogileng, o ka ithuta go amogela kaelo ya gagwe ka pelo yotlhe. Le wena o ka bona boitumelo jwa botshelo jo bo rulagantsweng ke Modimo le botshelo jo bo kaelwang ke Modimo.

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy