A TOTA MODIMO O A TLHOKOMELA KA BOTSHELO JWA ME?

Mo malatsing mangwe go le moso, lefatshe le lebega jaaka Paradaise. O tsoga maphakela, o bo o hema phefo e e monate o bo o leba marang a letsatsi a phatshima mo ditlhareng. Dinako tse dingwe di dira gore botshelo bo lebege bo le bontle: sefatlhogo sa tsala e e rategang fa le laelana, moopelo o o monate o o tsamaelanang le maikutlo a gago, lorato lo lo sa solofelwang la ngwana yo o monnye.

Mo matsing mengwe golemoso, lefatshe le lebege jaaka lefelo la matlhoko. O tsogela go fitlhela dipampiri tsa dikgang di bua ka phatlakanyo e e dirilweng ke dibetsa tsa ditsuolodi e e bolaileng kgotsa ya dira ngwana sefofu kana semumu; di bua ka mmolai yo o bolayang ka tsela e e tshwanang a bolaile motho wa bolesome; di bua ka tlala, merwalela, ntwa kana tshikinyego ya lefatshe. Tse ke tsone dinako tse sepe se sa siamang ka tsone.

Tse tsotlhe di raya eng? A re bona botlhale bope mo lefatsheng la rona le le molemo e bile le le bosula? Ke eng re le fa? A tota Modimo o a tlhokomela ka botshelo jwa me kana ke tshipi fela e e senang mosola mo sedirisweng se se tona?

1. MODIMO O TLHODILE LEFATSHE LE LE THOKGAMENG

Modimo ke Motlhodi, moagi le modiri wa sengwe le sengwe, go tswa mo dilong tse di tona thata go ya kwa diphukeng tsa dirurubele.

"Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa; le lesomosomo lotlhe le le mo go one ka Moya wa molomo wa Gagwe. Go nne o ne a bua, mme ga dirala; a laola, mme ga ema ka tlhomamo." - Dipesalema 33:6, 9.

Modimo o tshwanelwa ke go bua fela, mme sengwe le sengwe se bo se obamela thato ya Gagwe.

2. MALATSI A MARATARO GO DIRA LEFATSHE

"Gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe, le lewatle, le tsotlhe tse di mo go ona, ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa: ke gone ka moo Jehofa o ne a segofatsa letsatsi a bosupa a le itshephisa." - Ekesodo 20:11.

Motlhodi yo o nonofileng wa ka bosakhutleng o ka bo a dirile lefatshe ka nakwana ka "Moya wa molomo wa Gagwe." Mme Modimo o ne a itlhophela go tsaya malatsi a le marataro go dira jalo; metsatso e merataro, le fa ele metsotswana e merataro e ka bo e lekane. Kgaolo ya ntlha ya Baebele, Genesise 1, e tlhalosa se Modimo a se tlhodileng tsatsi le letsatsi la beke ya tlholo.

Ke eng se segolo se Modimo a se tlhodileng ka letsatsi la borataro?

"MME MODIMO WA TLHOLA MOTHO MO TSHWANONG YA ONA TOTA, WA MO TLHOLA MO TSHWANONG YA MODIMO, WA BA TLHOLA NONA LE TSHADI." - Genesise 1:27.

Modimo o ne a tsaya tshwetso ya go dira batho ba ba ka akanyang, ba utlwa, ba bo ba rata jaaka ene. Mongwe le mongwe o dirilwe mo tshwanong ya Modimo.

Ka letsatsi la borataro, lefatshe le ne le tletse ka dimela le diphologolo, mme Modimo wa bo o tlisa sebopiwa se segolo mo go tsone tsotlhe. Go ya ka Genesise 2:7, Mogodimodimo o bopile mmele wa ga Adamo ka lorole lwa mmu. Ka jalo e rile fa Modimo "a budulela moya wa botshelo mo dinkong tsa gagwe mme motho a direga moya o o tshedileng" - se se raya gore o ne a tshela. Modimo o ne a bitsa monna wa ntlha go dirwa mo tshwanong ya gagwe, Adamo, lefoko le le rayang 'monna'; mme mosadi wa ntlha a mmitsa Efa, lefoko le le rayang 'botshelo,' (Genesise 2:20; 3:20). Mmopi yo o lorato o ne a bona letlhoko la botsalano le go nna le mopati ga setho.

Fa ba sena go bopiwa, Adamo le Efa ba ne ba supa tshwano ya Modimo. Modimo o ka bo a dirile batho ba ba rulagantsweng jaaka diroboto go itsamaela fela ka kgotsofalo mo tshimong ya Edene ba bo ba tlhatlosa mantswe a bone mo go mo galaletseng. Mme Modimo o ne a batla mo go fetang foo: o ne a batla botsalano jwa boammaaruri. Diroboto di kgona go nyenya, go bua le go tlhatswa dilwana, mme ga di kgone go rata.

Modimo o re tlhodile mo tshwanong ya Gagwe, O re dirile re kgona go akanya le go itlhophela le go gakologelwa, go tlhaloganya le go rata. Adamo le Efa e ne e le bana ba Modimo, ba ne ba le botlhokwa thata mo go Ene.


BEKE YA TLHOLO
Letsatsi la ntlha: lesedi; go latelana ga motshegare le bosigo.
Letsatsi la bobedi: phuthologo ya metsi.
Letsatsi la boraro: lefatshe le le omeletseng le dimela.
Letsatsi la bone: letsatsi le ngwedi di a bonala.
Letsatsi la botlhano: dinonyane le diphologolo tsa metsi.
Letsatsi la borataro: diphologolo tsa lefatshe le motho.
Letsatsi la bosupa: Sabata.


3. BOSULA BO TLA MO LEFATSHENG LE LE THOKGAMENG

Adamo le Efa ba ne ba na le sengwe le sengwe se se ka baitumedisang. Ba ne ba akola boitekanelo jwa mmele le tlhaloganyo, ba nna mo legaeng le lentle la tshimo mo lefatsheng le le senang selabe (Genesise 2:8; 1:28-31). Modimo o ne a ba solofetsa bana, thata ya go akanya sentle le go bona kgotsofatso mo tirong ya diatla tsa bone (Genesise 1:28; 2:15). Ba ne ba nna le itemogelo ya go lebaganya difatlhogo le Mmopi wa bone mo kobamong. Go ne go sena poifo, bolwetse le go akanya thata mo malatsing a bone a boitumelo.

Lefatshe le fefogile jang go nna lefelo la pogiso le botlhoko? Dikgalo tsa bobedi le ya boraro tsa Genesise di re bolelela polelo yotlhe ya ka fa boleo bo tsenyeng mo lefatsheng la rona ka teng. Dibale ka nako ya gago. Se se latelang ke tshobokanyo e e khutshwane ka dikgaolo tsa teng.

Nako nngwe morago ga fa Modimo a dira lefatshe le le thokgameng, Diabolo o ne a tla mo tshimong ya Edene go raela Adamo le Efa go sa utlwe Mmopi wa bone. Modimo o ne a kganelela thotoetso ya ga Diabolo mo setlhareng se le sengwe fela mo tshimong; "setlhare sa kitso ya tshiamo le bosula." Mme o ne a tlhagisa bobedi jwa ntlha jwa batlho gore bo seka ja a ja selhare se, e seng jalo bo tla a swa.

Mme letsatsi lengwe Efa a tsamaela fa setlhareng se ba se kganetsweng. Diabolo a tsena mo tirong ya gagwe ka bofefo. O ne a bolelela Efa gore Modimo o ba boleletse maaka le gore fa a ka ja leungo la setlhare se a ga a ketla a aswa, mme o tla nna botlhale jaaka Modimo, a itse molemo le bosula ka bomadimabe Efa le Adamo ba ba neng ba itse molemo fela, ba letlelela Diabolo go ba tsietsa,mme ba ntlwa leungo le ba le kganetsweng - ka jalo ba roba kgolagano ya bone le Modimo ya boikanyo le kutlo.

Modimo o ne a rula gantse gore Adamo le Efa ba buse lefatshe la rona e le balebalebedi ba tiro ya Modimo (Genesise 1:26). Mme ka gore ga ba tshegetsa tumelo ya bone mo Modimong mme ba tlhopha Diabolo e le mogogi wa bone ba ne ba latlhegelwa ke taolo ya bone. Gompieno Diabolo o bitsa lefatshe a re ke la gagwe e bile o leka ka bojotlhe go dira batho makgoba a gagwe.

Go na le dinako tse re a tleng re iphitlhele re nna bopelotshetlha kgotsa re sa nne pelonomi mo go ba bangwe mme e se ka gore re ne re batla go dira jalo. Ka go reng? Ke ka go bo mmaba yo o sa bonaleng e leng Diabolo o berekela go dira gore batho ba palelwe ke go dira tshiamo.

Fa o bala kgaolo ya boraro ya ga Genesise, o tla lemoga gore boleo bo dirile gore Adamo le Efa ba iphitlhele Modimo ka poifo. Boleo bo amile lobopo lotlhe. Metlwa o ne wa tlhoga le dithunya, mmu wa tlhagelwa ke leuba le tiro ya simolola go nna morwalo. Bolwetse jwa simolola go tlhasela nako nngwe le nngwe. Lefufa, kgalefo le boikgagapeledi tsa oketsa mathata a setho. Mo go maswe go di feta ke gore boleo bo lerile loso.

4. DIABOLO YO O TLISITSENG BOLEO MO LEFATSHENG LA RONA KE MANG?

"Lo ba rra eno diabolo, le dithato tsa ga rra eno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sale a nna MMOLAI LE MO TSHIMOLOGONG, mme a seka a ema mo boammaaruring, ka go ne go sena boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo eleng ga gagwe, gonne ke moaki, le RRA ONA MAAKA." - Johane 8:44.

Se se buiwang ke Jesu ke gore Diabolo ke mosimolodi wa boleo le maaka, ke rra boleo, ka jalo ke rra polao le maaka.

Motlhalefi wa kwa Enyelane Thomas Carlyle o ne a tsaya Ralph Waldo Emerson a mo tsamaisa mo ditseleng tse di maswe tsa Botlhaba jwa motse wa Lontone. Fa ba ntse ba tsamaya ka tuulalo ba lebeletse tshenyego le bosula jo bo ba dikaganyeditseng, Carlyle o ne a felela a botsa; "A jaanong o a dumela gore Diabolo o teng?"

5. A MODIMO O TLHODILE DIABOLO?

Nnyaa! Modimo yo o molemo ga a kake a tlhola motho yo o maswe. Mme Baebele e bolela gore Diabolo ga mmogo le baengele ba a ba tsieditseng ba ne ba latlhegelwa ke lefelo la bone kwa legodimong mme ba tla mo lefatsheng la rona.

"Mme ga nna NTWA MO LEGODIMONG; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela ba ya go tlhabana nayo; mme KGOGELA ya tlhabana e na le BAENGELE BA YONE: Mme ba seka ba fenya,LE GONE BA SEKA BA TLHOLA BA NNA LE BONNO MO LEGODIMONG. Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Saatane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa kwano lefatshing, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo." - Tshenolo 12:7-9.

Tota Diabolo go tlile jang gore a bo a le kwa legodimong mo tshimologong?

"E ne e le wena CHERUBA e e tloditsweng E E KHURUMETSANG: mme ka go baya; wa ba wa tla wa nna mo thabeng e e itshephileng ya Modimo, o tsamaetse kwa le kwa mo gare ga maje a molelo. E sale ka letsatsi LE O TLHODILWENG KA LONE O NTSE O ITEKANETSE FELA, ga tsamaya TSHIAMOLOLO YA FITLHELWA MO O WENA." - Esekiele 28:14, 15.

Modimo ga O a tlhola Diabolo, o tlhodile Lusifera moengele yo o thokgameng, mongwe wa baengele ba ba eteletseng pele kwa legodimong, a eme go bapa le setilo sa bogosi sa Modimo. Mme o ne a leofa - "ga Fitlhelwa tshiamololo mo go ene. O ne a kobiwa kwa legodimong, mme ka go itira tsala ya ga Adamo le Efa, o ne a nna mmaba yo o borai thata wa batho.

6. KE ENG FA LUSIFERA MOENGELE YO O THOKGAMENG A NE A LEOFA?

"A bo o KILE WA WA KWA LEGODIMONG, wena naledi ya masa morwa phepafalo ya bosa! A BO O KILE WA REMELWA FA FATSHE, wena yo o kileng wa namalatsi fa fatshe! Mme o a bo o no o itheile mo pelong ya gago wa re o tla tlhathogela kwa legodimong, o tla goleletsa setulo sa gago sa bogosi godimo ga dinaledi tsa Modimo, wa re o TLA TSHWANA LE MOGODIMODIMO." - Isaia 14:12-14.

Motho yo o feletseng a nna Diabolo o simologile a bidiwa Lusifera - go raya "naledi ya motshegare" kgotsa "yo o phatshimang". Mo pelong ya moengele yo boithamako le boikgodiso di ne tsa simolola go tsaya bonno jwa thapelo. Peo ya boikgodiso e ne ya golela go nna keletso ya go tsaya setilo sa Modimo.

Lusifera o tshwanetse a bo a berekile thata go rotloetsa baengele ba bangwe. Go motlhofo go akanya Saatane a bua gore Modimo o ba fitlhela sengwe, le gore molao wa selegodimo o a kgoreletsa, le gore Modimo ke mmusi yo o sa tlhokomeleng. O ne a gataka yo popego ya gagwe e tlhalosang gore Lorato ke eng.

Mathata a, a ne a rarabololwa jang?

"Pelo ya gago e ne e itsholeditse, ka ntlha ya bontle jwa gago, o bodisitse botlhale jwa gago ka ntlha ya phatshimo ya gago; ke go digetse fa fatshe, ke go beile fa pele ga dikgosi gore di go bone." - Esekiele 28:17.

Boikgodiso bo fetotse moengele yo mogolo go nna Diabolo kgotsa Saatane. Mme go sireletsa kagiso ya legodimo, e ne le bongwe mo borarong jwa baengele ba legodimo ba ba mo dumelang ba ne ba tshwanelwa ke go kobiwa kwa legodimong. (Tshenolo 12:4, 7-9)

7. KE MANG YO O NANG LE BOIKARABELO KA BOLEO?

Ke eng Modimo a ne a sa tlhole batho ba ba sa kgoneng go leofa? Fa a ne a dirile jalo go ka bo go sena mathata a bosula mo lefatsheng la rona. Mme Modimo o ne a batla batho ba ba kgonang go nna le tirisanyo mmogo e e mosola. Ka jalo "Modimo wa tlhola motho mo tshwanong ya one tota" (Genesise 1:27). Se se raya gore re gololesegile e bile re na le boikarabelo. Re ka tlhopha go rata Modmo kgotsa go mo itlhokomolosa.

Modimo o file baengele le batho ba kokomana nngwe le nngwe popego ya semoya le thata ya go dira ditshwetso tse di lolameng.

"Tlhophang gompieno gore ke mang yo lo tla mo direlang." - Joshua 24:15.

Modimo O gwetlha dibopiwa tse A di tlhodileng mo tshwanong ya Gagwe go dira tshiamo ka gobo nonofo ya bone ya go akantshanya e ba bolelela gore "tsela ya Modimo ke yone e e siameng segolo." Le go tlogela bosula ka gore nonofo ya bone ya go akanya e ba tlhagisa kgatlhanong le maduo a go tlhoka kutlo le boleo.

Ke dibopiwa tse di nang le nonofo ya go akanya le go itlhophela fela tse di ka itemogelang lorato lwa boammaaruri. Modimo O ne A tlhologeletswe go tlhola batho ba ba ka tlhaloganyang ba bo ba itumelela popego ya Gagwe, ba Mo araba ka kgololesego mo loratong, mme ba tlala lorato mo go ba bangwe. Modmo O ne A batla go abalana lorato lwa Gagwe mo A neng A iketleeleditse go tsaya diphatsa tse dikgolo tsa go tlhola baengele le batho ba na le nonofo ya go itlhophela. O ne A itse fa go ne go kgonega gore lengwe letsatsi sengwe sa dibopiwa tse A di tlhodileng se tlhophe go tlhoka go Mo direla. Diabolo e ne e le ene sebopiwa sa ntlha mo lobopong go dira itlhophelo e e masisi eo. Botlhoko jwa boleo bo ne jwa simologa ka ene (Joahne 8:44, 1 Johane 3:8).

8. MOKGORO O DIRA GORE GO SENNGWA GA BOLEO GO KGONEGE

Ke eng fa Modimo A ne A sa nyeletse Lucifera pele ga bolwetse jwa gagwe jwa boleo bo anama? Lucifera o ne a gwetlhile tshiamo ya puso ya Modimo. O ne a bua maaka kaga Modimo. Fa Modimo A ne A nyeleditse Lucifera fela gone foo, baengele ba ka bo ba ne ba Mo direla ka ntlha ya poifo e seng ka lorato. Se se ka bo se paledisitse maikaelelo a Modimo mo go direng dibopiwa tse di nang le nonofo ya go itlhophela.

Motho o ne a ka itse jang gore tsela ya Modimo ke yone e e molemo segolo? Modimo O ne A naya Satane sebaka sa go supa tsamaiso ya gagwe e e farologanyeng. Ke gone a ne a neilwe sebaka sa go raela Adamo le Efa.

Lefatshe le le dule felo ga teko fa popego ya ga Satane le mofuta wa bogosi jwa gagwe di farologanngwang le popego ya Modimo le mofuta wa bogosi jwa Gagwe. Ke mang yo o siameng? Ke mang yo re ka felang re mo ikanya? Lucifera o ne a le tsietso, mo go tsereng lobaka gore dibopiwa tsa bolopo lotlhe di dumele sentle gora go diphatsa thata jang go tsaya tsela ya ga Satane. Mme kwa bofelong mongwe le mongwe o tla bona gore "maduo o boleo ke loso" le gore "mpho ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng mo go Keresete Jesu Morena wa rona" (Baroma 6:23).

Sebopiwa sengwe le sengwe mo lobopong se tla dumalana gore:

"Ditiro tsa Gago di dikgolo ebile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo Mothatayotlhe. Ditsela tsa gago di siame ebile di boammaaruri, Kgosi ya ka metlha .... Ditshaba tsotlhe di tla tla go obama fa pele ga gago, ka gobo ditiro tsa gago tsa tshiamo di senotswe." - Tshenolo 15:3, 4.

Fa mongwe le mongwe a sena go lemoga popego e e bolayang ya boleo le popego e e senyang ya thuto ya ga Satane, ke gone Modimo A tla nyeletsang Satane le boleo. Gape O tla tshwanelwa ke go nyeletsa ba ba ganang tshegofatso ya Gagwe ka bogoma ba itshwarelela ka itlhophelo ya ga Satane.

Modimo le Ene O tlhologeletswe go rarabolola mathata a boleo le go boga fela jaaka le rona re tlhologeletswe gore A dire jalo. Mme O letile go fitlhela A ka dira jalo ka tsela e e nang le bofelelo, le go fitlhela A ka babolela itlhophelo ya rona le o kganela boleo go ka tlhola bo bonala gape.

Modimo O solofeditse go nyeletsa boleo ka bosakhutleng ka go phepafatsa legodimo le lefatshe le ka molelo. "Mo go bolokeng tsholofetso ya Gagwe" re ka "lebelela legodimo le lesha le lefatshe le lesha, legae la basiami" (2 Petere 3:10, 13 - NIV). Boleo ga bo ke tla bo tlhola bo tsena mo lobopong gape. Maduo a a mafefe a boleo a tla itshupa sentle mo go tlhoka kutlo mo Modimong go tla ferosang sebete ka bosakhutleng.

Ke mang yo o dirang gore tshenyo ya bofelo ya ga Diabolo le boleo e nne teng?

"E re ka bana ba na le nama le madi, le ene (Keresete) o nnile le botho jwa bone gore ka loso lwa gagwe a kgone go senya yo o tshwereng nonofo ya loso - ke gore, diabolo - mme a golola ba mo matshelong a bone otlhe ba neng ba le mo botshwarong jwa go boifa loso ga bone." - Bahebera 2:14, 15.

Kwa mokgorong baengele le mafatshe a a sa wang ba ne ba bona Satane se a leng sone - motsietsi, moaki, mmolai. Foo o ne a senola popego ya gagwe ya boammaaruri ka go patelela batho go bolaya Morwa Modimo Yo O senang molato. Banni ba lobopo lotlhe ba ne ba bona kafa boleo bo senang tlhaloganyo ya tshiamo ebile bo le setlhogo ka teng. Mokgoro o ne wa bipolola ka botlalo maikaelelo a ga Satane, mme fa Modimo A nyeletsa Diabolo le ba ba ganelelang mo boleong, botlhe ba tla bolela fa Modimo A le tshiamo.

Loso lwa ga Jesu mo mokgorong lo ne lwa supa maikaelelo a boammaaruri a ga Satane fa pele ga dibopiwa tsotlhe tse di tlhodilweng (Johane 12:31, 32). Gape mokgoro o ne wa senola se Keresete A leng sone - Mmoloki wa lefatshe. Kwa Gologotha nonofo ya lorato e ne ya ema ya tsepama e farologanye thata le lorato lwa nonofo (go rata nonofo bobe). Mokgoro o ne wa tlhoma kwa ntle ga potso epe gore ke lorato lo lo intshang setlhabelo fela lo lo rotloetsang Modimo mo go direng gotlhe g Gagwe le Satane, boleo, le banna le basadi ba ba leofang.

Kwa mokgorong tshupo e e papametseng ya ga Keresete ya lorato lwa Modimo lo lo sa ikaegang ka diemo lo ne lwa fenya Diabolo segolo. Ntwa e ne e le ya gore ke mang yo o tshwanetseng go busa lefatshe fa gare ga ga Keresete le Satane. Mme mokgoro o ne wa fetsa kgang e ga dipaka tsotlhe. Keresete O tshwanetse go nna kwa godimo ga tsotlhe!

A o itemogetse botsalano le Mmokoki Yo O suleng go senola lorato lwa Gagwe lo lo se kakeng lwa tshwantshewa le sepe kgotsa lwa fetoga? O ikutlwa jang ka ga Yo O tlileng mo lefatshing la rona jaaka motho mme a swa mo beomong jwa gago go go boloka mo maduong a boleo? A o ka oba tlhogo gone jaanong wa leboga Jesu, o bo o Mo kopa go tsena A tla go laola botshelo jwa gago?

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy