RE
KA DUMELA MO BAEBELENG
Batlhasedi
ba ba itsegeng thata ba ba neng ba nwedisa sekepe sa Britain sa Bounty
ba ne ba felela ba thibelela le basadi ba segabone mo setlhaketlhakeng
se se bodutu sa Pitcairn kwa borwa jwa Pacific. Setlhopha se se ne se
na le bafetlha sekepe ba Britain ba fera bongwe, banna ba Tahiti ba
le barataro le mosetsana wa dingwaga tse di lesome le botlhano. Mongwe
wa bafetlha sekepe o ne a lemoga tsela ya go tlhotlha tagi mo bojalweng,
mme kgaolo ya setlhaketlhake ya tloga ya leswefadiwa ke botagwe. Go
lwa ga banna le basadi ga golela godimo.
Morago
ga lobaka ga sala monna a le mongwe fela mo go ba ba neng ba gorogile
kwa setlhaketlhakeng. Mme monna yo, Alexander Smith, o ne a bona Baebele
mo go nngwe ya dikesi tse di neng di dule mo sekepeng. O ne a simolola
go e bala le go ruta ba bangwe se e neng e se bolela. E ne ya re a ntse
a dira jalo botshelo jwa gagwe jwa fetoga, kgabagare ga fetoga matshelo
a botlhe mo setlhaketlhakeng.
Banni
ba setlhaketlhake ba ne ba le kgakala thata le batho ba bangwe go fitlhela
go tla sekepe sa United States sa Topaz ka 1808. Bapagami ba sone ba
ne ba fitlhela setlhaketlhake se le motse o o atlegileng o o senang
bojalwa, kgolegelo, le borukutlhi. Baebele e ne e fetotse setlhaketlhake
go tswa mo go nneng bobipo mo lefatshing mo nna sekao sa se Modimo O
batlang lefatshe le nna sone. Mme se santse se ntse jalo le gompieno.
A Modimo
O santse A bua le batho ke mekwalo ya Baebele? E le ruri go ntse jalo.
Jaaka fa ke kwala janna, ke lebeletse lephephe le re le romeletsweng
ke moithuti mongwe wa dithuto tsa rona e le la dikarabo. Tshetlanyana
ya ela tlhoko kwa tlase ya re, "Ke mo kgolegelong, ke emetse go
bolawa, ke atlholetswe borukutlhi. Pele ga ke tsaya dithuto tse, ke
ne ke latlhegile, mme jaanong ke na le sengwe se ke se lebeletseng,
ebile ke bonye moratwa yo mosha."
Baebele
e na le nonofo e e ka fetolang matshelo a batho e le ruri. Fa batho
ba tlhoafala ba simolola go ithuta Baebele, matshelo a fetoga go le
go golo.
1.
MODIMO O BUA JANG LE RONA KA BAEBELE
Morago
ga go tlhola Adamo le Efa, monna le mosadi wa ntlha mo lefatshing, Modimo
O ne A bua le bone difatlhogo di lebanye. Mme e rile fa Modimo A tlile
go ba etela ba sena go leofa, bobedi jo bo ne jwa dira eng?
"Monna
le mosadi wa gagwe ba ne ba utlwa mokgwasa wa ga JEHOFA Modimo fa A
ne A tsamaya mo tshimong mo botsididing jwa letsatsi mme BA IPHITLHELA
JEHOFA MODIMO mo ditlharing tsa tshimo." - Genesise 3:8.
Boleo
bo ne jwa kgoreletsa puisanyo le Modimo difatlhogo di lebanye.
Fa
boleo bo sena go tla mo lefatshing la rona, Modimo O ne A buisanya jang
le batho?
"E
le ruri Modimo O mogolo ga O dire sepe kwa ntle ga go senolela batlhanka
ba One baperofeti sephiri sa One." - Amose 3:7.
Modimo
ga A re tlogela mo lefifing kaga botshelo le tlhaloso ya jone. Ka baperofeti
ba Gagwe - batho ba Modimo O ba bileditseng go bua le go kwala mo boemong
jwa Gagwe - O senotse dikarabo tsa dipotso tse dikgolo tsa botshelo.
2.
KE MANG YO O KWADILENG BAEBELE?
Baperofeti
ba ne ba naya molaetsa wa Modimo ka go o bolela le ka go o kwala fa
ba ne ba tshedile, mme e ne ya re fa ba sena go swa, mekwalo ya bone
e sale e tshela morago ga bone. Melaetsa e ya seperofeto e ne ya tsewa
ya phuthwa, ka kaelo ya Modimo mo lokwalong lo re lo bitsang Baebele.
Mme
tota mekwalo e e ikanyega go le kae?
"Lo
tshwanetse lwa tlhaloganya gore ga go perofeso epe ya Dikwalo e e tlileng
ka tlhaloso fela ya baperofeti. Kana perofeso ga e ise e ke e simologe
mo thatong ya motho, mme batho ba ne ba bua go tswa kwa Modimong kaga
ba neng ba sutisiwa ke Moya o o Boitshepo ka teng." - 1 Petere
1:20, 21.
Bakwadi
ba Baebele ba ne ba sa kwale kafa thatong ya bone kgotsa keletso ya
bone, fa e se kafa Moya wa Modimo O neng O ba tlhotlheletsa ka teng.
Baebele ke lokwalo lwa Modimo tota!
Mo
Baebeleng Modimo O re bolelela kaga Gagwe A bo A senola maikaelelo a
Gagwe ka botshelo jwa setho. E supa kafa Modimo A lebang ka teng nako
e e fetileng, e bo e bula isago, e re bolelela kafa mathata a boikepo
a tla reng kgabagare a rarabololwe ka teng le kafa kagiso e tla tlang
ka teng mo lefatshing la rona.
A mme
Baebele yotlhe ke molaetsa wa Modimo?
"Dikwalo
tsotlhe di tlhotlheleditswe ke Modimo ebile di mosola mo thutong, go
kgalema, go baakanya le go katisa mo tshiamong, gore motho wa Modimo
a baakanyediwe tiro nngwe le nngwe e e molemo." - 2 Timotheo 3:16,
17.
Baebele
e e Boitshepo e ama batho segolo ka go bo Baebele "yotlhe"
e "tlhotlheleditswe ke Modimo, lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng,
lokwalo lwa Modimo ka sebele. Baperofeti ba ne ba bolela se ba neng
ba se lona ba bo ba se ntlwa mo puong ya setho, mme molaetsa wa bone
o ne o tswa kwa Modimong sebele. Go raya gore fa o batla go itse gore
botshelo bo kaga eng, bala Dikwalo tse di Boitshepo. Go bala Baebele
go tla fetola botshelo jwa gago. Fa o tswelela o e bala ka go rapela,
o tla tswelela ka go nna le kagiso mo moyeng.
Moya
O O tshwanang O O Boitshepo O O neng wa tlhotlheletsa baperofeti go
kwala Baebele, o tla dira gore dithuto tsa Baebele, mafoko a yone a
a molemo, di dire segolo mo go fetoleng botshelo jwa gago fa o laletsa
Moya go nna teng fa o bala Baebele.
3.
TSHWARAGANO YA BAEBELE
Baebele
tota ke motlobo wa dikwalo tse 66. Dikwalo tsa 39 tse Kgolagano e Kgologolo
di ne tsa thamiwa go tswa ka 1450 B.C. go ya go 400 B.C., tse 27 tsa
Kgolagano e Ntsha fa gare ga A.D. 50 le A.D. 100.
Moperofeti
Moshe o ne a simolola dikwalo tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele golo
gongwe pele ga 1400 B.C. Moaposetoloi Johane o ne a kwala lokwalo lwa
bofelo lwa Baebele, Tshenolo, e ka nna ka A.D. 95. E rile mo dingwageng
tse 1500 tse di fa gare ga go kwalwa ga lokwalo lwa ntlha le lwa bofelo,
bakwadi ba bangwe ba ka nna 38 ba ba tlhotlheleditsweng ba nna le diabe
tsa bone. Bangwe e ne e le bagwebi, bangwe e le badisa, batshwari ba
ditlhapi, masole, dingaka, bareri, dikgosi - batho ba maemo otlhe mo
botshelong. Ba ne ba tshela mo dingwaong le dithuto tse di farologanyeng.
Mme
kgakgamatso ya mo gotlhe ke e: Fa dikwalo tse 66 tsa Baebele ka dikgaolo
tsa tsone tse 1,189 tse di dirwang ke ditemana tse 31,173 di leriwe
mmogo, re bona kutlwano le tshwaragano mo molaetseng o di o nayang.
A
re re motho o ka kgwanyakgwanya fa setswalong sa gago, mme e re fa a
lalediwa go tsena, a bo a tsena a baya papetlana ya bodilo ya popo e
e sa tlwaelesegang mo bodilong jwa ntlo ya gago a bo a tswa kwa ntle
ga go bua sepe. Go bo go tsena baeng ba bangwe ba ba 40 ka go latelana,
go fitlhela mongwe le mongwe a beile papetlana e e kwadilweng palo mo
maemong a yone.
Fa
wa bofelo a dule, o bona ka kgakgamatso gore go eme fa pele ga gago
sehikantswe se sentle thata. O bo o utlwa gore "babopi" ba
ga ba ise ba ke ba kopane gope, ba tswa kwa Amerika Borwa, China, Russia,
le dikarolo tse dingwe tsa lefatshe. O ne o ka tsaya tshwetso efe? Gore
mongwe o ne a baakanyetsa sehikantswe se, mme a romelela mongwe le mongwe
molaetsa wa gore papetlana ya gagwe a e dire jang.
Baebele
ka kakaretso e bolela molaetsa o mongwe fela o o tshwaraganyeng - fela
jaaka sehikantswe se se itekanetseng sa lentswe le lentle. Tlhaloganyo
e le nngwe fela e logile maano, tlaloganyo ya Modimo. Tshwaragano e
e gakgamatsang ya Dikwalo e naya bosupi jwa gore lefa etswa batho ba
kwadile megopolo e, ba ne ba tlhotlhelediwa ke Modimo.
4.
O KA IKANYA BAEBELE
(1)
Go babalesega ga Baebele go a gakgamatsa. Mekwalo yotlhe ya pele ya
Baebele e ne e kopololwa ka seatla - e le pele ga go nna le mechine
ya kgatiso. Bakwadi ba ne ba kopolola mo mekwalong ya pele mme ba e
anamisa. Diketekete tsa mekwalo e, kgotsa dikarolo tsa tsone di santse
di le teng.
Mekwalo
ya Sehebera ya Kgolagano e Kgologolo e e tswang kwa dingwageng tse di
bo 160 go ya kwa go 200 pele ga ga Keresete e ne ya bonwa kwa Dead Sea
ka 1947. Go a gakgamatsa gore mekwalo e e dingwaga di fetang 2000 e
e na le boammaaruri fela jaaka re bo bona mo Kgolaganong e Kgologolo
ya Dibaebele tse di gatisiwang gompieno. Jo ke boammaaruri jo bo nonofileng
jwa kafa Lefoko la Modimo le leng boikanyego ka teng.
Baaposetoloi
ba ne ba simolola ka go kwala bontsi jwa kgolagano e Ntsha e le dikwalo
tse ba neng ba di romela kwa diphuthegong tsa Sekeresete tse di neng
tsa tlhongwa morago ga loso le tsogo ya ga Keresete. Mekwalo e ka nna
4,500 ya Kgolagano e Ntsha kgotsa karolo ya yone e supilwe mo matlong
a ditso a magolo le metlobo ya dibuka kwa Europa le Amerika. Mengwe
ya yone e tswa kwa dingwageng tsa bolekgolo le bobedi morago ga go tsalwa
go Morena. Ka go tshwantsha mekwalo e ya bogologolo le Baebele ya gompieno,
re ka bona sentle gore Kgolagano e Ntsha e ntse e sa fetolwa mo go kalo
fa e sale ka e ne e kwadilwe la ntlha.
Gompieno
Baebele kgotsa dikarolo tsa yone e ranoletswe mo dipuong tse 2060 le
diteme. Ke lokwalo lo lo nosi lo lo rekisiwang go feta tse dingwe mo
lefatshing: Dibaebele tse di fetang didikadike tse 150 le dikarolo tsa
Baebele di rekisiwa ngwaga le ngwaga.
(2)
Go nepafala ga Baebele go a gakgamatsa. Dingwe tse di bonyweng ka go
epololwa di tlhomamisitse bonnete jwa Baebele. Baithuti ba ditso ba
bonye dipapetlana tsa mantswe tse di nang le maina, mafelo, le ditirafalo
tse pele di neng di itsewe fela mo Baebeleng.
Sekai,
go ya ka Genesise 11:31, Aberahame le ba ntlo ya gagwe "ba ne ba
tswa kwa Ura wa Bakaladea go ya kwa (lefatshing la) Kanana." Ka
go bo Baebele e le yone fela e buang ka Ura, baithuti bangwe ba ne ba
bolela gore ga go ise go ke go nne le motse wa mokgwa oo. Baepi ba ba
tlhotlhomisang ditso ba tloga ba epolola tora ya tempele kwa borwa jwa
Iraq e na le mokwalo mongwe kwa tlase wa cuneiform o o neng o na le
leina le la Ura. Tse di bonyweng morago di ne tsa supa Ura e le motse
o o neng o le mogolo o tsweletse sentle mo tlhabologong. Motse oo o
ne o lebetswe, Baebele e le yone fela e bolokileng leina la one - go
fitlhela kepu ya baepi e tlhomamisa boammaaruri jwa boleyong jwa one.
Mme Ura e ne e le sengwe sa dikai tse dintsi tsa dikepo tse dineng di
tlhomamisa boaammaaruri jwa Baebele.
(3)
Go rurifadiwa mo go nepafetseng ga Baebele mo dipolelopeleng tsa yone
go supa fa o ka ikanya Baebele. Dikwalo di na le dipolelopele tse dintsi
tse di gakgamatsang tsa ditirafalo tsa isago tse jaanong di rurifadiwang
fa pele ga rona. Re sekaseka dingwe tsa dipolelopele tse mo dithutong
tse di tlang.
5.
KAFA BAEBELE E KA TLHALOGANNGWANG KA TENG
Fa
o hukutsa Lefoko la Moidmo, o boloke melwana e mo tlhaloganyong
(1)
Ithute Baebele ka pelo ya thapelo. Fa o tla mo Dikwalong ka pelo le
tlhaloganyo e e butsweng ke thapelo, e nna kopano ya sebele le Jesu
(Johane 16:13-14).
(2)
Bala Baebele malatsi otlhe. Go ithuta Baebele malatsi otlhe ke sekopololo
sa nonofo mo matshelong a rona, go kopana le tlhaloganyo ya Modimo (Baroma
1:16).
(3)
Fa o bala Baebele, e letle gore e ipuelele. Botsa: mokwadi wa Baebele
gore o ne a ikaelela go reng? Ka go tshwara se temana e se rayang re
ka e dirisa ka botlhale mo matshelong a rona gompieno.
(4)
Ithute Baebele go ya ka thuto e e rileng. Tshwantsha temana le temana.
Jesu O ne A dirisa mothale o go supa fa A le Mesia:
"Mme
go tswa kwa go Moshe le Baperofeti botlhe, o ne a ba tlhalosetsa se
se builweng mo Dikwalong tsotlhe kaga Gagwe." - Luke 24:27.
Ka
go kopanya sotlhe se Baebele e se buang ka kgang nngwe re tlhaloganya
botoka.
(5)
Ithute Baebele go amogela nonofo ya go tshelela Keresete. Lefoko la
Modimo le tlhalosiwa mo go Bahebera 4:12 e le tshaka e e bogale, e e
ntlha pedi. Le feta mafoko fela a a kwadilweng mo lephepheng, ke sebetsa
se se tshedileng mo diatleng tsa rona go tlhabantsha thaelesego ya go
leofa.
(6)
Reetsa Modimo fa A bua le wena ka Lefoko la Gagwe. Fa motho a tshwanelwa
ke go itse boammaaruri jwa Baebele kaga thuto nngwe, o tshwanetse go
itelta go tshela kafa e rutlang ka teng (Johane 7:17), e seng se motho
mongwe o se akanyang, kgotsa se se gatelelwang ke thuto nngwe ya phuthego.
6.
BAEBELE E KA FETOLA BOTSHELO JA GAGO
"Go
phuthologa ga mafoko (a Modimo) go naya lesedi: go naya tlhaloganyo
mo go ba ba dieleele." - Paselema 119:130.
Go
ithuta Baebele go tla nonotsha go "tlhaloganya" ga gago, go
go naya nonofo ya go fenya mekgwa e e senyang, go bo go go thusa go
gola mmele. tlhaloganyo, boitshwaro, le semoya.
Baebele
e bua le pelo. E dirana le maitemogelo a setho - matsalo, lorato, nyalo,
botsadi, le loso. E fodisa ntho e e boteng segolo mo popegong ya setho,
boleo le maswabi a a tswang mo go jone.
Lefoko
la Modimo ga se lokwalo lwa tshaba nngwe, paka nngwe, morafe mongwe,
kgotsa ngwao nngwe. Lefa le kwadilwe kwa Botlhabatsatsi, le ikuela mo
banneng le basadi ba kwa Bophirima. Le tsena mo magaeng a bahumanegi
le mo manobonobong a bahumi. Bana ba rata dipolelo tsa lone tse di kgatlhang.
Bagaka ba lone ba tlhotlheletsa banana. Balwetse, ba ba mo bodutung,
le bagodi ba le lemoga mo nametsong le tsholofelo ya botshelo jo bo
botoka.
Ka
gobo Modimo A dira ka Baebele, e na le nonofo e kgolo. E thuba le dipelo
tse di thatafaditsweng go tswalela maikutlo otlhe a setho, e di nolofatsa
e bo e di tlatsa ka lorato. Re bonye Baebele e fetola serorobi le mogogi
wa ditagi go nna moreri yo o kgothetseng. Re bonye Baebele e fetola
moaki le motsietsi go nna morutintshi yo o thokgameng yo o boammaaruri.
Gape re bonye lokwalo lo lo swapola batho mo kgoleng ba re ba a ipolaya
e bo e ba naya tshimologo e ntsha ya tsholofelo. Baebele e tsosa lorato
fa gare ga baba. E dira gore baikgogomosi ba nne bonolo le ba ba dipelotshetlha
ba tswe lebogo le le abang. Baebele e re nonotsha mo bokoeng, e re kgothatsa
re kgobegile marapo, e re gomotsa mo kutlobotlhokong, e re kaela mo
ketsaetsegong, e re nametsa fa re lapile. E re supegetsa kafa re ka
tshelang ka teng ka bopelo - kgale le go swa kwa ntle ga poifo.
Lokwalo
lwa Modimo, Baebele, e ka fetola botshelo jwa gago! O tla lemoga se
thata fa o ntse o ithuta dikaelo tsa TLHOTLHOMISA.
Ke
eng fa re ne ra kwalelwa Baebele? Jesu O araba jaana:
"Mme
one (maammaaruri a Baebele a kwaletswe gore lo dumele fa Jesu A le Keresete,
Morwa Modimo; le gore ka go dumela lo nne le botshelo mo leineng la
Gagwe." - Johane 20:31.
Lebaka
le legolo la gore re tlwaele Dikwalo tse di Boitshepo ke gore di tletse
ditshwantsho tse di supang Jesu Keresete di bo di re tlhomamisetsa botshelo
jo bo sa khutleng. Ka go leba Keresete mo Baebeleng yotlhe, re fetolwa
re bo re tshwana le Ene. Mme ke eng o se ka ke wa simolola gone jaanong
go itemogela nonofo ya Lefoko la Modimo e e tla go dirang gore o tshwane
le Jesu?