RE KA DUMELA MO MODIMONG

Jim o kile a botsa motho yo o sa dumeleng mo Modimong gore a o kile a sukasukana le mogopolo wa gore a Modimo O teng, lefa e ka nna ka metsotswana e se kae.

Yo o sa dumeleng a re, "Ka botlalo!" mo go neng ga gakgamatsa Jim. "Dingwaga tse dintsi tse di fetileng fa go ne go tsholwa ngwana wa rona wa ntlha ke ne ka batla ke nna modumedi mo Modimong. Fa ke ne ke leba mothonyana yo monnyennye yo o senang molato yoo mo bolawaneng jwa gagwe, fa ke ne ke lebeletse menwananyana e ntse e phuthologa le tebo ya temogo mo matlhonyaneng ao, ke ne ka ralala lobaka lwa dikgwedi tse di mmalwa fa ke neng ka batla ke dumela mo Modimong. Go leba losea loo go ne ga batla gonkgona gore ke dumele fa go na le Modimo."

1. SENGWE LE SENGWE SE SE TLHODILWENG SE NA LE MOTLHODI

Go dirwa ga mmele wa motho go lopa boleyong jwa modiri. Boramaranyane ba re bolelela gore boboko bo boloka bo ba bo gakologelwa diketekete tsa ditshwantsho tsa tlhaloganyo, bo sekaseka bo ba bo rarabolola mathata, bo lemoga bontle, bo a itlhaloganya, bo eletsa go dira se se molemo fela mo mothong mongwe le mongwe. Metlakase e e simololang kwa bobokong e laola tiro yotlhe ya dinama tsa mebele ya rona.

Dibalamakgolo le tsone di dirisa motlakase. Mme go ne ga tsaya tlhaloganyo ya motho go dira sebalamakgolo mmogo le motho go se aga le go se bolelela gore se dire eng.

Ga go gakgamatse fa mopesalema a ne a swetsa gore mmele wa motho o bolela go le go golo ka Motlhodi Yo O gakgamatsang:

"Ke tla go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang: di a gakgamatsa ditiro tsa gago: mme golo mo, moya wa me oa go itse sentle." - Pesalema 139:14.

Ga re tlhoke go ya kgakala go bona "ditiro" tsa Modimo. Go dirwa mo go ntle segolo ga boboko jwa motho le dikarolo tse dingwe tsa mmele wa rona ke "ditiro" tsa Modimo, mme di supa modiri yo o boitseanape jo bo senang bolekanngo. Ga go pompo epe e e dirilweng ke motho e e ka tshwanang le pelo ya motho. Ga go tshwaragano epe ya dibalamakgolo e e ka lekanang le mogolaganyane wa ditshika tsa rona tse di tshwaraganyeng le monyetsane. Ga go tiro epe ya ditshwantsho tsa motshikinyego e e ka tshwanang le lentswe la motho, tsebe, le leitlho. Ga go sefetlha phefo kgotsa sethuthafatsi sa ntlo se se ka lekanang le tiro e e dirwang ke nko, makgwafo, le letlalo. Bontle jwa mmele wa motho bo supa gore mongwe o o dirile, mme Mongwe yoo ke Modimo.

Mmele wa motho ke dikarolo tse di feletseng - tsotlhe di tshwaraganye, tsotlhe di dirilwe ka botlalo. Makgwafo le pelo, ditshika le disuma, tsotlhe di dira ditiro tse di thata. Fa o ne o ka tshwaya dipapetlana tsa madi tse some tse di farologanyeng, wa di kwala 1 go ema ka 10, o bo o di tsenya mo pateng ya gago, o di tlhakatlhakanya, o bo o di ntsha o tloga o di busetsa mo pateng ya gago ka bongwe ka bongwe, go ka kgonega go le kae gore o tla di busetsa ka go tlhomagana ga tsone? Ka molao wa dipalo go ka dirafala gangwe fela mo didikadikeng tse di menaganyeng go di tsenya ka go tlhomagana ka tsone go tswa go 1 go ya go 10.

Jaanong akanya ka mogodu, boboko, pelo, sebete, ditshika tse di kgolo tsa madi a a phepa, ditshika tse di kgolo tsa madi a a leswe, diphilo, ditsebe, matlho, le meno, e le dikarolo tse di golang mmogo di bo di simolola go dira ka motsotswana o le mongwe fela mo lobakeng.

Tlhaloso e e lebanyeng segolo e ka nna eng kaga go dirwa ga mmele wa motho?

"Mme Modimo wa re, 'A re direng motho mo tshwanong ya rona,' .... MME MODIMO WA TLHOLA MOTHO MO TSHWANONG YA RONA ONE TOTA, ... wa ba tlhola nona le tshadi." - Genesise 1:26, 27.

Monna wa ntlha le mosadi wa ntlha ga ba ka ke ba tswa ba nnile teng felafela. Baebele e tlhomamisa gore Modimo O re dirile mo tshwanong ya One. O ne A akanya ka rona mme A dira gore re nne teng.

2. SENGWE LE SENGWE SE SE DIRILWENG SE NA LE MODIRI

Mme bosupi kaga Modimo ga bo a ikaega fela ka go dirwa ga mebele ya rona; bo aname le magodimo. Tswa mo diponeng tsa motse o mogolo, o bo o leba kwa godimo kwa loaping la bosigo. Leru le le bonalang ka kwa morago le re le bitsang Mola wa Godimo tota ke kokoano ya dinaledi tse di didikadike le matsatsi a a tshwanang letsatsi la rona. Tota fela, letsatsi la rona le mafatshe a a leng dikologang ke bontlhabongwe jwa Mola wa Godimo. Mme Mola wa Godimo wa rona ke nngwe ya dikokoano tse di didikadike tsa dinaledi, matsatsi, le mafatshe tse re di bonang ka di bonela-kgakala mo lefatshing le ka sebonela-kgakala sa Hubble se se mo lefaufaung.

Ga go gakgamatse fa mopesalema a sweditse gore dinaledi di bua ka Modiri Yo O gakgamatsang:

"Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa One." - Paselema 19:1-3.

Ke eng se re ka se swetsang ka tlhaloganyo ka go lebelela thulaganyo e e gakgamatsang le selekanyo se segolo sa lobopo?

"E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe." - Genesise 1:1.

"Ebile ene o ntse pele ga dilo tsotlhe, dilo tsotlhe di bile di tshwaraganye mo go Ene." - Bakolosa 1:17.

Tlholo yotlhe e supa kaga Modimo Morulaganyi yo Mogolo le Motlhodi Yo O senang bolekanngo. Mo mafokong a a motlhofo a a reng, "Erile mo tshimologong Modimo" re bona karabo ya bosaitsiweng jwa botshelo. Go na le Modimo O O tlhodileng sengwe le sengwe.

Ditlhaloganyo tse dintsi tsa maranyane gompieno di dumela mo Modimong. Dr. Arthur Crompton, ramaranyane yo o neng a gape seetsela se segolo sa Nobel, e kile ya re a akgela ka temana, e a re: "Mo go nna, tumelo e simologa ka go lemoga gore motlhale yo mogolo o ne a lere lobopo mo bolehyone a bo a tlhola motho. Ga go thata mo go nna gore ke nne le tumelo, ka gobo go itlhalositse gore fa go nang le leano go na le botlhale jo bo boitshepo. Lobopo lo lo phuthologang lo rulagantswe sentle lo supa boammaaruri jwa mafoko a magolo segolo a a kileng a buiwa - "E rile mo tshimologong Modimo."

Baebele ga e leke go supa kaga Modimo - e bolela boleyong jwa Gagwe. Dr. Arthur Conklin, ramaranyane yo o itsegeng wa tsa mmele, o kile a kwala jaana: "Gore botshelo bo ka tswa bo tlile ka kotsi go ka tshwantshiwa le gore lokwalo lo lo tlhalosang mafoko lo ka tswa lo dirilwe ke go thunya mo tlung ya kgatiso."

Re itse gore batho ga ba ka ke ba dira sengwe ba sa dirise sepe. Re ka aga dilo, ra thama dilo, ra kopanya dilo, mme ga re ise re ke re lere sepe mo botshelong ka go se simolola, lefa e ka ne e le sengwagwane kgotsa sethunya. Dilo tse di re dikanyeditseng di bolela gore Modimo O rulagantse, Modimo O tlhodile, Modimo O A tshegetsa. Karabo e e nosi e e ka dumelwang kaga tshimologo ya lobopo, lefatshe le, le batho - Modimo.

3. MODIMO O TSENA MO BOTSALANONG JWA SEBELE LE BATHO

Modimo O O dirileng magodimo a dinaledi, O O tlhodileng lobopo, O batla botsalano jwa sebele le rona. O ne A na le botsalano jwa sebele le Moshe: "Mme Jehofa o na a tle a bue le Moshe .... jaaka motho a tle a bue le tsala ya gagwe" (Ekesodo 33:11).

Mme Modimo O batla go tsena mo botsalanong jwa sebele le wena mme A nna Tsala ya gago. Jesu O ne A solofetsa ba ba neng ba Mo sala morago: "Lo ditsala tsa me" (Johane 15:14).

Rotlhe re kile ra sukasukana le mogopolo kaga Modimo, e seng jalo batho botlhe ba na le tshekamelo ya tumelo. Ga go na phologolo epe e e tleng e tlhome sebeso sa kobamelo. Mme gongwe le gonwe kwa o fitlhelang banna le basadi teng, o ba fitlhela ba obama. Mo teng ga pelo nngwe le nngwe ya motho go na le keletso ya tlholego ya go obama, temogo kaga Modimo, keletso ya go nna tsala ya Modimo, Fa re tsibogela tlhologelelo ya rona ya go batla Modimo, ga go tlhole go na le pelaelo epe kaga boleyong jwa Gagwe le letlhoko la rona.

Mo dingwageng tsa bo 1990 didikadike tsa batho ba ba sa dumeleng mo Modimong kwa Russia di ne tsa latlha mogopolo wa gore ga go na Modimo mme tsa tla kwa Modimong. Motlhatlheledi mongwe wa university kwa St. Petersburg o ne a bua mafoko a a tshwanang le dikakgelo tse di neng tsa dirwa ke ba le bantsi ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ba neng ba sokologile kwa Soviet Union wa pele: "Ke hukuditse tlhaloso ya botshelo mo tshekatshekong ya maranyane, mme ka se ka ka bona sepe se ke ka se tshephang. Boramaranyane ba ba ntikanyeditseng le bone ba na le maikutlo ao a gore sengwe se a tlhaela. E ne ya re fa ke leba boatlhamo jwa lobopo mo dithutong tsa me tsa dinaledi, le bosenangsepe jwa moya wa me, ka lemoga fa go tshwanetse go bo go na le tllhaloso nngwe. Go tswa foo, fa ke ne ke amogela Baebele e o neng wa e mpha ka bo ke simolola go e bala, phatlha e e neng e sena sepe mo botshelong jwa me e ne ya tladiwa. Ke lemogile fa Baebele e le yone yosi motswedi wa tshepho mo moyeng wa me. Ke amogetse Jesu jaaka Mmoloki wa me mme ke bonye kagiso ya boammaaruri le kgotsofalo mo botshelong."

Mokeresete o dumela mo Modimong ka gobo ga a ise a ke a kopane le Modimo mme a lemoga fa A kgotsofatsa ditlhoko tse di bonteng tsa pelo. Modimo O Bakeresete ka boitumelo ba lemogileng fa O le teng, O re naya tebo e ntsha, tlhaloso e ntsha, maikaelelo a masha le ditirotse tse disha.

Modimo ga A solofetse botshelo jo bo senang mathata le pitlagano, mme O re tlhomamisetsa gore O tla re kaela A bo A re tshegetsa fa re ka tsena mo botsalanong jwa sebele le Ene. Mme didikadike tsa Bakeresete di tla supa fa di ka tlogela sengwe le sengwe go na le go boela kwa botshelong jo bo senang Modimo.

E ke kgakgamatso e kgolo go feta tsotlhe - gore Modimo Mothatayotlhe Yo O neng A rulaganya, A tlhola, le go tshegetsa lobopo gape O batla botsalano jwa sebele le monna le mosadi mongwe le mongwe, mosimane le mosetsana mongwe le mongwe. Dafide o ne a gakgamaletse selo se, fa a tla kwala a re:
"E a re fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng; kana motho e be e le eng, fa e bo nene o mo lekola?" - Dipesalema 8:3, 4.

Motlhodi wa rona o "lekola" mongwe le mongwe wa rona. O go kgatlhegela jaaka ekete ke wena fela motho yo A mo tlhodileng.

Ka jalo re ka dumela mo Modimong:

1) Ka ntlha ya go dirwa mo go gakgamatsang ga sengwe le sengwe se se re dikanyetditseng se se tlhodilweng. 2) Ka ntlha ya tlhologelelo ya Modimo e e mo teng ga rona e e re tlogelang re sa iketla go fitlhela re bona boitapoloso jwa rona mo go Ene. Le 3) Ka gobo fa re Mmatha re bo re Mmona, Modimo O kgotsofatsa ditlhoko tsotlhe le ditlhologelelo tsa rona - ka botlalo!

4. KE MODIMO WA MOFUTA OFE?

Go naya tlhaloganyo fela gore ke Modimo wa motho ka sebele fela O O neng O ka rata go mo thusa go itshenola mo dibopiweng tse A di tlhodileng fela jaaka rre a eletsa gore bana ba gagwe ba mo itse. Mme mo Baebeleng Modimo O re bolelela gore ke Ene mang ebile O ntse jang.

Modimo O ne A dirisa sekao sefe mo go tlholeng banna le basadi?

"Mme Modimo wa tlhola motho mo tshwanong ya One tota, wa mo tlhola mo tshwanong ya Modimo." - Genesise 1:27.

Ka re dirilwe mo tshwanong ya Modimo, bokgoni jwa rona jwa go tlhatlhanya le go ikutlwa, go gakologelwa le go solofela, go akanya le go sekaseka - tsotlhe di tswa mo go Ene.

Ke efe pepego ya Modimo e e leng teng ka letlotlo?

"Modimo O lorato." - 1 Johane 4:8.

Modimo O tsalana le batho ka ntlha ya pelo ya Gagwe ya lorato. Ga go na sepe se A se dirileng kgotsa se A tla se dirang se se sa rotloediwang ke lorato lo lo intshang setlhabelo.

5. KAFA JESU A SUPANG KA TENG GORE MODIMO O NTSE JANG

Mo Baebeleng Modimo O ipolela gantsi fa A le Rara.

"A rra wa rona rotlhe ga a mongwe fela? A Modimo O le mongwe fela ga oa re tlhola?" - Malaki 2:10.

Dingwe tsa ditshwantsho tsa borre ga se sepe se se eletsegang. Go na le borre ba ba tlhokomologang, ba ba tshwaro e bosutlha. Modimo ga A nna jalo. Ke rre yo o tsibogang yo o amegang. Ke Rre wa mofuta o o ratang go tshameka le morwawe kgotsa morwadie, Rre yo o kgatlhang bana ba gagwe ka go ba balela dipolelo fa ba robala.

Rraetsho yo o lorato O ne A batla go dira go feta go itshupa ka lefoko la Dikwalo. O ne A itse gore motho yo re tshelang le ene o boammaaruri mo go rona go feta mongwe yo re mo ntlwalelang fela kgotsa re bala kaga gagwe mo lokwalong. Ke gone mo A neng A tla mo lefatshing la rona - motho yo E leng Jesu.

"Ene Yo O leng setshwano sa Modimo o o sa bonweng." - Bakolosa 1:15.

Go raya gore fa o bonye Jesu, O bonye Modimo. O ne A tla A lekana le rona - A nna jaaka rona - gore a kgone go re ruta kafa re ka tshelang ka teng ra itumela. Jesu ke Modimo sebele. Jesu ke Modimo A senotswe. Ene ka sebele O buile, jaana:"Yo o Mponyeng O bonye Rara" (1 Johane 14:9).

Fa o bala polelo ya ga Jesu mo Dikwalong tsa ntlha tse nne tsa Kgolagano e Ntsha, o tla lemoga setshwano se se gakgamatsang sa ga Rara wa legodimo Batshwari ba ditlhapi ba ne ba tlogela matloa gore ba sale Keresete morago, le bana ba bannye ba ne ba tabogela go ya go amogela masego. O ne A gomotsa moleofi yo o maswe e bile A tlosa bopelotshetlha mo moitimokanying. Mo ditirong tsa Gagwe tsotlhe, Jesu O ne A supa gore Modimo O lorato! O ne A kgotsofatsa ditlhoko tsa setho ka tsela e e neng e ise e ko e nne teng pele ga Gagwe - lefa e le morago ga Gagwe!

Tshenolo ya bofelo ya kgalalelo ya gore Modimo O ntse jang e ne ya supiwa kwa mokgorong.

"Gonne Modimo O ratile lefatshe mo go kalo kalo, wa ntsha Morwa One Yo o tsetsweng a le Esi, gore lefa e le mang yo o dumelang mo go Ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng." - Johane 3:16.

Jesu O ne A sa swela go re fa botshelo jwa boitumelo fela gompieno, mme gape O ne A swela go re fa botshelo jo bo sa khutleng. Ka dingwaga tse dintsi batho ba ne ba gakgamala, ba solofela, ba bo ba lora kaga Modimo. Ba ne ba bona tiro ya diatla tsa Gagwe mo loaping le mo bontleng jwa tlholego. Mme kwa mokgorong, Jesu O ne A fedisa tuulalo ya metlha, mme batho botlhe ba iphitlhela ba lebile mo sefatlhogong sa Modimo, ba Mmona jaaka A ntse - lorato, lo lo sa khutleng, lo lo sa bonweng ebile lo lo sa boleng!

O ka itemogela Modimo fela jaanong jaaka Jesu A Mo senola. Itemogelo eo e tla go thusa go itirela tlhomamiso: "Rara, ke a go rata!"

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy