SEPHIRI SA THAPELO E E ARABILWENG

Anatoli Levitin, mokwadi le moitse wa ditso wa Morashia, o ne a senya dingwaga kwa Siberian Gulag kwa mekokotlelo e e yang Modimong eketeng e ne e gatseletse fa fatshe. Mme o ne a boa a nonofile mo semoyeng. O ne a kwala gore "Kgakgamatso e kgolo mo go tsotlhe ke thapelo. Sa me fela ke go leba kwa Modimong ka thapelo mme gone foo fela ke utlwe nonofo e e tshelegelang mo go nna e tswa golo gongwe, e tsena mo moyeng wa me le mo boleyong ja me jotlhe. Ke eng? Ke ne ke ka tsaya kae nonofo e e ntshafatsang e bo e mpoloka, e ntsholeletsa kwa godimo ga lefatshe, nna ke le monna-mogolwana yo o senang mosola yo o lapisitsweng ke botshelo? E tswa ka kwa ntle ga me - mme ga go nonofo epe mo lefatshing e e ka e itshokelang."

Mo kaelong e re tla bona kafa thapelo e ka re thusang ka teng go nna le botsalano jo bo nonofileng le Modimo, ra bo ra nna le botshelo jo bo godileng thata jwa Sekeresete.

1. POISANYO LE MODIMO

Re ka tlhomamisa jang gore Modimo O A re utlwa fa re rapela?

"Mme o tla mpitsa o bo o tla go NTHAPELA, mme KE TLA GO REETSA. O tla mpatla mme o tla mpona fa o mpatla ka pelo yotlhe ya gago." - Jeremia 29:12, 13.

Jesu O ne A naya tlhomamiso efe ya gore O tla utlwa A bo A araba dithapelo tsa rona?

"Ke gone ke lo rayang, ke re: Lopang mme lo tla newa; batlang mme lo tla bona; kgwanya-kgwanyang mme lo tla bulelwa." - Luke 11:9.

Thapelo ke puisanyo e e nayang ntlheng tsotlhe. Ke sone se Jesu A se solofetsang:

"Ke eme fa mojako ke kgwanyakgwanya. Fa motho (lefa e le mang) a utlwa lentswe ja me mme a bula kgoro, ke tla tsena kwa go ene ke ja le ene, le ene le Nna." - Tshenolo 3:20.

Go ka kgonega jang go nna fa lomating re bo re nna le nako e ntle ya maitseboa ya go ja mo puisanyong le Keresete? Sa ntlha, ke fa re mmolelela tsotlhe tse di mo dipelong tsa rona ka thapelo. Sa bobedi, ke fa re Mo reetsa ka kelotlhoko. Fa re tlhatlhanya mo thapelong, Modimo O ka bua le rona sebele. Fa re bala Lefoko la Modimo ka boineelo, O tla bua le rona ka ditsebe tsa lone.

Thapelo e ka nna tsela ya go tshela mo Mokereseteng.

"LO RAPELE KA DINAKO TSOTLHE; lo neye malebogo mo dipakeng tsotlhe, ka gonne mo ke go rata ga Modimo ka ga lona mo go Keresete Jesu." - 1 Bathesalonia 5:16-18.

Re ka "rapela" jang "ka dinako tsotlhe" (ka go bisa go khutla)? A re tshwanetse go nnela ruri ka mangole kgotsa re ntse re boaboela mela mengwe ya pako le mokokotelof? Ga go a nna jalo. Mme re tshwanetse go tshela re le gaufi thata le Jesu mo re ka ikutlwang re gololesegile go bua Nae nako nngwe le nngwe le gongwe le gongwe.

"Mo boidiiding ja mebila, fa gare ga puisanyo ya kgwebo, re ka romela mokokotelo kwa Modimong re kopa kaelo e e boitshepo… Re tshwanetse go nna le kgoro e e bulegileng ya pelo ka dinako tsotlhe mme taletso ya rona ya ya kwa godimo gore Jesu A tle A nne jaaka moeng wa selegodimo mo moyeng." - Steps to Christ, tsebe 99.

Nngwe ya ditsela tse di molemo segolo tsa go nna le botsalano jo bo boteng jo, ke go ithuta go tlhatlhanya fa re rapela.

"A go tlhatlhanya ga me go a lebosega mo go Ene, ka ke ipela mo go JEHOFA." - Peselema 104:34.

O se ka wa ralala fela thulaganyo ya dikopo fa o rapela. Leta. Reetsa. Tebelelo lefa e le nnye ya thapelo e ka nonotsha botsalano ja gago le Modimo go le go golo.

"Tlang gaufi le Modimo mme le Ene O tla nna gaufi le lona." - Jakobe 4:8.

Fa re atamela Jesu thata, re tla itemogela go le go golo mo boleyong ja Gagwe. Ka jalo, nnang gaufi le Jesu fa lo ka buisanyang teng, lo bo lo sa tshwenyege ka gore lo no lo bua mafoko a a tshwanetseng. Buang fela ka boammaaruri lo sa boife sepe. Buang kaga sengwe le sengwe. O raletse botlhoko ja loso sebele gore A nne tsala ya gago ya botlhokwa.

2. KAFA RE KA RAPELANG KA TENG

Fa re tsena mo thapelong, re ka eletsa go sala morago Thapelo ya Morena, thapelo ya sekao e Jesu O e rutileng barutwa ba Gagwe A tsibogela kopo ya bone: "Re rute go rapela."

"Rraetsho yo o kwa legodimong, leina ja Gago a le itshepisiwe, bogosi ja gago a bo tle, go rata ga Gago a go dirwe mo lefatshing jaaka kwa legodimong. Re neele gompieno sejo sa rona sa letsatsi. O re itshwarele melato ya rona, jaaka re itshwaretse ba ba molato le rona. Mme o se re gogele mo thaelong, o re golole mo go yo o bosula, gonne puso ke ya gago le thata le kgalalelo ka bosenabokhutlo. Amen." - Mathaio 6:9-13.

Go ya ka sekao se Jesu O se neileng mo thapelong ya Gagwe, re tshwanetse go tla kwa Modimong jaaka Rraetsho yo O kwa legodimong. Re kope gore A laole mo dipelong tsa rona fela jaaka go rata ga Gagwe go totile mo legodimong lotlhe. Re mmatla mo ditlhokong tsa rona tsa senama, boitshwarelo, le maikutlo a go itshwarela. Gakologelwa gore go kgona go itshokela boleo ga rona go tswa mo Modimong. Thapelo ya ga Keresete e felela ka ditshupo tsa pako.

Mo kgannye e nngwe, Jesu O ne A laela barutwa ba Gagwe go rapela Rara "mo leineng la Me" (Johane 16:23) - ke gore go rapela mo go tsamaelanang le melawana ya ga Jesu. Ke gone Bakeresete ba tle ba tswale thapelo ya bone ka mafoko a a reng: "Mo leineng la ga Jesu, Amen." Amen ke lefoko la Sehebera le le rayang gore "A go nne jalo."

Lefa Thapelo ya Morena e naya dikaelo tsa se se rapelelwang le kafa thapelo e ka bewang ka teng, puisanyo ya rona le Modimo e dira botoka fa e le e e tswang mo pelong fela ka nako e e rileng.

Re ka rapelela sengwe le sengwe. Modimo O re laleletsa go rapelela boitshwarelo ja dibe tsa rona (1 Johane 1:9), tumelo e e oketsegileng (Mareko 9:24), tse re di tlhokang mo botshelong (Mathaio 6:11), go fodisiwa mo go bogeng le bolwetse (Jakobe 5:15), le go tshololelwa Moya (O O Boitshepo) (Sekaria 10:1). Jesu O re tlhomamisetsa gore re ka isa tsotlhe tse re di tlhokang le ditlhobaelo kwa go Ene; ga go sepe se sennye thata mo re se kakeng ra rapela kaga sone.

"Latlhelang ditlhobaelo tsotlhe tsa lona mo go Ene, gonne O A lo tlhokomela." - 1 Petere 5:7.

Mmoloki wa rona O kgatlhegela tshetla nngwe le nngwe ya matshelo a rona. Pelo ya Gagwe e a thuthafala fa dipelo tsa rona di otlologela kwa go Ene ka lorato le tumelo.

3. THAPELO YA SEPHIRI

Bontsi ja rona re na le dilo tse re etsaetsegang go di abelana tota e leng le ditsala tsa rona tse dikgolo. Ka jalo Modimo O re laletsa go rola merwalo ya rona ka thapelo ya sephiri re lebagana le Ene ka sebele ka bongwe mo bojosing. Ga se gore Ene O tlhoka polelelo epe. Mogodimodimo O itse dipoifo tsa rona tsa sephiri, maikaelelo a a fitlhilweng le dikilo tse di kwa teng teng go feta jaaka rona re di itse. Mme re tlhoka go bulela dipelo tsa rona Ene Yo o re itseng ka boteng ebile A re rata mo go senang bolekanngo. Phodiso e ka simologa fa Jesu A ka ama dintho tsa rona.

Fa re rapela, Jesu, Moperisiti wa rona yo Mogolo, O gaufi go re thusa.

"Re na le mongwe yo o kileng A RAELWA KA DITSELA TSOTLHE, FELA JAAKA RONA - mme a bo a sena boleo. A jaanong re atamele setulo sa bogosi sa tshegofatso ka ikanyo, gore re amogele boutlwelobotlhoko re bo re bone tshegofatso ya go re thusa mo nakong ya letlhoko." - Bahebera 4:15, 16.

A lo ikutlwa lo tlhobaetse, lo lapile, lo rwele molato? Bayang tsotlhe fa pele ga Morena. O tla re naya tsotlhe tse re di tlhokang.

A re na le lefelo le le faphegileng la thapelo ya sephiri?

"Fa o rapela, tsena kwa ntlwaneng ya gago, tswala setswalo o rapele Rrago - yo O tla go duelang." - Mathaio 6:6.

Mmogo le go rapela fa o tsamaya mo mokgwatheng, o dira mo tirong, kgotsa o le mo moletlong wa boitumelo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le nako e e beetsweng kwa thoko letsatsi lengwe le lengwe ya thapelo ya sebele le go ithuta Baebele. Dira nako ya go bua le Modimo letsatsi le letsatsi ka nako e o ikutlwang o le pudimatseba ebile o ka tsena mo go yone sentle.

4. THAPELO YA MO PONTSHENG

Go tlhakanela le ba bangwe thapelo go dira tshwaragano e e faphegileng ebile go laletsa boleyong ja Modimo ka tsela e e faphegileng.

"Gonne fa ba babedi kgotsa bararo ba tlang mmogo mo leineng la Me, Ke tla nna nabo." - Mathaio 18:20.

Sengwe sa dilo tse dikgolo thata tse re ka di dirang jaaka lelapa ke go nna le botshelo jwa thapelo mmogo. Re supegetse bana ba rona go re re ka isa ditlhoko tsa rona kwa go Ene sebele. Ba tla kgatlhegela Modimo fa ba Mmona A araba thapelo ka dilo tsa malatsi otlhe mo botshelong. Dirang kobamo ya lelapa go nna nako e e iketlileng ya go abelana.

5. DIPHIRI TSE SUPA TSA THAPELO E E ARABILWENG

E ne ya re Moshe a rapela, Lewatle le le Hubidu la kgaogana. E ne ya re Elija a rapela, molelo wa fologa kwa legodimong. E ne ya re Daniele a rapela, moengele a tswala melomo ya ditau tse di tshwerwenng ke tlala. Baebele e re naya dipego tse di ntsi tse di ntseng jalo tsa thapelo e e arabilweng. Gape e rotloetsa thapelo e le tsela ya go ipiletsa nonofo e kgolo ya Modimo. Jesu O A solofetsa:

"Lo ka kopa sengwe le sengwe mo leineng la Me, mme ke tla se dira." - Johane 14:14.

Mme dithapelo tse dingwe ekete ga di arabiwe. Ka go reng? Go na le melawana e supa e e ka go thusang go rapela sentle:

(1) Nna gaufi le Keresete.
"FA LO NNA MO GO NNA, mme mafoko a Me a nna mo go lona, loopang lefa e le eng se lo se eletsang, mme lo tla se newa." - Johane 15:7.
Fa re dira botsalano ja rona le Modimo go nna selo sa ntlha mo matshelong a rona re bo re nna re tshwaraganye le Ene, re tla bo re reeditse ebile re lebeletse dikarabo tsa dithapelo tsa rona tse gongwe di neng di tla tlhoka go arabiwa.

(2) Tswelela ka go ikanya Modimo.
"Fa o DUMELA, o tla bona tsotlhe tse o di lopang ka thapelo." - Mathaio 21:22.
Go dumela, kgotsa go nna le tumelo, go raya gore re lebeletse Rraetsho wa legodimo go re naya tse re di tlhokang. Fa o tshwenngwa ke go tlhoka tumelo gakologelwa gore Mmoloki wa rona O ne A direla monna yo o neng a kopa ka boitlhobogo- kgakgamatso:
"Ke a dumela, thusa go tlhoka go dumela ga me." - Mareko 9:24.
Tlhokomela fela go dirisa tumelo e o NANG nayo; o se ka wa tshwenyega ka tumelo e o SENANG nayo.

(3) Ineele ka bonolo mo go rateng ga Modimo.
"E ke yone tshepo e re nayang nayo mo go tleng kwa Modimong, gore fa re lopa sengwe KAFA GO RATENG ga Gagwe, O A re utlwa."- Johane 5:14.
Gakologelwa gore Modimo O batla go re ruta, mmogo le go re naya dilo, ka thapelo. Ka jalo fa gongwe O A re, "Nnyaa"; fa gongwe A re lebise ntlheng e nngwe. Thapelo ke tsela ya go amana thata le go rata ga Modimo. Re tlhoka go tsibogela dikarabo tsa Modimo ra bo ra ithuta mo go tsone. Go latela se se dirafalang le maduo a sone go na le thuso e kgolo.

Moya O O Boitshepo O tla go thusa go tshwara se se lebanyeng: "Moya O tsereganya baitshepi go ya kafa go rateng ga Modimo." (Bona Baroma 8:27). Gakologelwa gore go rata ga rona go ka aga go tsalana le go rata ga Modimo fa re ne re ka bona kafa A bonang ka teng.

(4) Leta ka pelotelele mo Modimong.
"KE NE KA LETA MO GO JEHOFA ka PELOTELELE; A leba kwa go nna A utlwa selelo sa me." - Pesalema 40:1.
Ntlha ya botlhokwa fano ke go tsepega tebo ya gago mo Modimong, tsepega tebo ya gago mo karabong ya Gagwe. Gape o se ka wa kopa Modimo kemo nokeng motsotso o, e bo e re o o latelang wa leka go itebatsa mathata ka go ipatlela menate. Leta ka pelotelele mo go Jehofa; re tlhoka tlwaelo e go le go golo.

(5) O se ka wa ngaparela boleo bope.
"Fa ke ne ke RATILE BOLEO MO PELONG YA ME, Jehofa O ka bo A ne A sa reetsa." - Pesalema 66:18.
Boleo jo bo itsiweng bo kgaola nonofo ya Modimo mo matshelong a rona; bo re kgaoganya le Modimo (Isaia 59:1-2). Ga o kake wa huparela boleo ka letsogo le lengwe mme o bo o leka go tshwara thuso e e boitshepo ka le lengwe. Boipolelo le boikwatlhao ja boammaaruri bo rarabolola mathata.
"Fa lo lopa, ga lo newe, ka lo kopa ka maikaelelo a a kgopo, gore se lo se amogelang lo se senyetse mo dikgatlhegong tsa lona." - Jakobe 4:3.
Modimo ga A kake A araba A re "ee" mo dithapelong tsa bopelotshetlha.
A ditsebe tsa gago di age di bulegetse molao wa Modimo, go rata ga Gagwe, mme ditsebe tsa Gagwe di tla aga di bulegetse mekokotelo ya gago.
"Fa motho lefa e le mang a ipaya tsebe-se-utlwe mo molaong, le dithapelo tsa gagwe ke sefedisa pelo." - Diane 28:9.

(6) Ikutlwe o tlhoka Modimo.
Modimo O tsibogela ba ba lopang boleyong jwa Gagwe le nonofo ya Gagwe mo matshelong a bone.
"Go sego ba ba bolaetsweng ke tlala le lenyora tshiamo, gonne ba tla kgorisiwa." - Mathaio 5:6.

(7) Tlhwaafala mo Thapelong.
Jesu O ne A supa botlhokwa ja go tlhwaafalela mekokotelo ya rona ka go bolela polelo ya motlholagadi yo o neng a tlhwaafaletse go nna a tla kwa moatlhoding ka kopo ya gagwe. La bofelo moatlhodi o ne a bua ka go felelwa ke maatla, a re, "Ka mosadi yo o tsweletse ka go ntshwenya, ke tla tlhomamisa gore a bone tshiamo." Jesu A fetsa ka go re: "A Modimo ga a ketla a lere tshiamo mo baitshenkedwing ba Gagwe, ba ba goeletsang kwa go Ene bosigo le motshegare? A o tla tswelela ka go ba tlhokomologa?" (Luke 18:5-7).

Buisanya ditlhoko tsotlhe, ditsholofelo, le ditoro le Modimo. Lopa masego a a rileng, le thuso mo nakong ya letlhoko. Tswelela ka go batla, le go reetsa, go fitlhela o ithuta sengwe mo karabong ya Modimo.

6. BAENGELE BA DIRELA MO DITLHOKONG TSA BA BA RAPELANG

Mopesalema o ne a itumelela gore mo bodireding ja moengele wa ga Jehofa dithapelo tsa gagwe di ne tsa arabiwa.

"Ke ne ka batla JEHOFA, mme a nkaraba; a nkgolola mo dipoifong tsotlhe tsa me… Moengele wa ga JEHOFA, o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola." - Pesalema 34:4-7.

Fa re rapela, Modimo O romela baengele go araba dithapelo tsa rona (Bahebera 1:14). Mokeresete mongwe le mongwe o na le moengele yo o mo patileng yo o mo disang:

"Lo bone gore lo se ka lwa nyatsa ope wa ba ba botlana ba. Ka gonne ke lo raya ke re BAENGELE BA BONE kwa legodimong ba bona sefatlhogo sa ga Rre kwa legodimong ka dinako tsotlhe." - Mathaio 18:10.

Ka ntlha ya dithapelo tsa rona:

"Jehofa O gaufi. Se tlhobaeleleng sepe, mme mo go tsotlhe, ka thapelo le mokokotelo, ka malebogo, lo neye Modimo dikopo tsa lona. Mme kagiso ya Modimo, e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tla disa dipelo tsa lona le ditlhaloganyo tsa lona mo go Keresete Jesu." - Bafilipi 4:5-7.

7. BOTSHELO JA SEKERESETE

Baebele e tlhalosa botshelo jo bo tlhalosegileng ja Sekeresete. Go ya ka Baefesia 4:22-24, Mokeresete o tshwanetse "go apola" botshelo jo bogologolo jo bo neng bo ntse ka ntlha ya "dikeletso tsa tsietso," mme a "apare" botshelo jo bosha jo bo tlholetsweng go nna jaaka Modimo. Mo temaneng e le mo Kaelo 6 re fitlhela gore kwa go tswalweng sesha re tla "tlholwa sesha" go nna batho ba ba farologanyeng mo go Keresete.

Kaelo e le tse thataro tse di latelang, di supa sentle botshelo ja Sekeresete; di senola diphiri tsa botshelo ja Sekeresete ja boitumelo. Ka jalo tsepega matlho a gago mo go Jesu gompieno mme o ka nna bontlhabongwe ja phenyo ya moletlo wa bofelo fa kagiso ya ga Keresete e tla a busa e sa gwetlhiwe ke sepe.

 

copyright © 2002 The Voice of Prophecy